Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Tshimologo ya Botshelo jwa Lelapa jwa ga Jesu
MOTSE wa Nasaretha o Jesu a golelang mo go one ke o monnyenyane mme o se botlhokwa. O mo gare ga naga e e dithaba mo kgaolong e e bidiwang Galalea, e seng kgakala le Mokgatšha wa Jeseriele o montle.
Fa Jesu, ka gongwe a le dingwaga tse pedi, o tlisiwa fano ke Josefa le Maria go tswa Egepeto, go bonala e le ene ngwana fela wa ga Maria. Mme ga go a tsaya lobaka. Fa nako e ya, Jakobe, Josefa, Simone, le Judase ba ne ba tsalwa, mme Maria le Josefa ba nna batsadi ba basetsanyana gape. Kgabagare Jesu o nna, le bo-monnawe le bokgaitsadie, ba ka nna barataro.
Jesu o na le balosika ba bangwe gape. Re setse re itse kaga ntsalae yo motonna eleng Johane yo o nnang dimmaele tse dintsi kgakala le mo Judea. Mme yo o nnang gaufi-ufi mo Galalea ke Salome yo go bonalang e le mogolowa Maria. Salome o nyetswe ke Sebede jalo basimane ba bone ba babedi, Jakobe le Johane ba ne ba tla go nna bontsalaa Jesu. Ga re itse gore a fa, a ne a gola a Jesu o ne a tshameka le basimane bano, mme moragonyana ba ne ba nna balekane ba ba atamalaneng, jaaka re tla bona.
Josefa o tshwanelwa ke go dira ka natla go tshedisa lelapa la gagwe le le golang. Ke mmetli. Josefa o godisa Jesu jaaka morwawe, Jesu o bidiwa ‘morwa mmetli.’ Josefa o ruta Jesu go nna mmetli le ene, mme o ithuta sentle. Ke ka gone batho ereng morago ba rayang Jesu ba re, ‘Yono ke mmetli.’
Botshelo jwa lelapa la ga Josefa bo ageletswe go dikologa kobamelo ya ga Jehofa Modimo. Go itepatepanya le molao wa Modimo. Josefa le Maria ba neela bana ba bone taelo ya semoya ‘fa ba dutse mo matlong a bone, fa ba tsamaya mo tseleng, fa ba rapame, le fa ba rapamologa.’ Go na le sinagoge mo Nasaretha, mme re ka tlhomamisega gore Josefa o isa lelapa la gagwe koo ka metlha le ene go re ba ye go rapela koo. Mme ga go na pelaelo epe gore ba bona boipelo jwa bone jo bogolo mo maetong a ka metlha go ya tempeleng ya ga Jehofa mo Jerusalema, jaaka re tla bona mo setlhogong se se tlang. Mathaio 13:55, 56; 27:56; Mareko 15:40; 6:3; Duteronome 6:6-9.
◆ Jesu o ne a na le bomonnawe le bokgaitsadie ba le kae, mme maina a bangwe ba bone e ne e le afe?
◆ Bontsalaa Jesu ba bararo ba ba neng ba itsege sentle e ne e le bomang?
◆ Tiro ya boitshediso ya ga Jesu e ne e le eng?