LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 7/1 ts. 16-17
  • Jesu le Balepa-dinaledi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu le Balepa-dinaledi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu le Balepadinaledi
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Balepadinaledi ba Etela Jesu
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ke Mang yo o Neng a Romela “Naledi”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Ke Mofuta Ofe wa Naledi o o Neng wa Isa “Banna ba ba Botlhale” Kwa go Jesu?
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 7/1 ts. 16-17

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Jesu le Balepa-dinaledi

GO TSWA banna ba le mmalwa kwa Botlhabatsatsi. Ke balepa-dinaledi​—batho ba ba neng ba ka tlhalosa seemo sa dinaledi. E ne ya re ba sa ntse ba le kwa gae kwa Botlhabatsatsi, ba bona naledi e ntšha, mme ba e sala morago dimmaele di le makgolo go ya Jerusalema.

Fa balepa-dinaledi ba goroga kwa Jerusalema, ba a botsa: ‘O fa kae ngwana yo o tsetsweng go nna kgosi ya bajuda? Re ne ra bona naledi ya gagwe mme ra tla go mo obamela.’

Fa Kgosi Herode kwa Jerusalema a ne a utlwa kaga se, o ne a kgopega thata. Ka jalo a bitsa ditlhogo tsa baperisiti le go ba botsa: ‘O kae Keresete yo gotweng o tla tsalwa?’ Fa ba araba go ya kafa Dikwalong, ba araba ka gore: ‘Mo Bethelehema.’ Ya re a utlwa seo Herode a re balepa-dinaledi ba tlisiwe kwa go ene mme a ba bolelela: ‘Yang lo batle ngwana, mme fa lo mmone, lo tle ka nna lo mpolelele gore le nna ke tle ke ye koo ke mo obamele.’ Mme, mo pelong, Herode o batla go bona ngwana gore a tle a mmolae!

Morago ga gore ba tsamaye, go diragala sengwe se se gakgamatsang, naledi e ba neng ba e bona kwa Botlhabatsatsi e ba etelela pele. Ka mo go phepafetseng, eno ga se naledi fela, mme e ile ya baakanyediwa ka mo go kgethegileng go ba kaela. Balepa-dinaledi ba tswelela go e sala morago go fitlhelela e ema mo godimo ga ntlo koo Josefe le Maria ba leng gone.

Fa balepa-dinaledi ba tsena mo ntlong ba fitlhela Maria le losea lwa gagwe, Jesu. Mme ba mo obamela botlhe. Mme ba ntsha mo dikgetsing tsa bone dimpho tsa gouta, lebano, le mera. Morago ga moo, fa ba ne ba le gaufi le go boa le go ya go bolelela Herode kwa ngwana a leng gone, ba ne ba tlhagisiwa ke Modimo mo torong gore ba se dire jalo. Ka jalo ba ya kwa nageng ya bone ka tsela e sele.

O akanya gore ke mang yo o neng a baakanyetsa ka naledi e e neng ya tswelela mo marung go kaela balepa-dinaledi? Gakologelwa, gore naledi e ne ya se ka ya ba kaela kwa go Jesu kwa Bethelehema. Go na le moo, ba ne ba isiwa kwa Jerusalema kwa ba neng ba kopana le Kgosi Herode, yo o neng a batla go bolaya Jesu. Mme o ka bo a ile a dira jalo fa e ne e se gore Modimo o ne a tsenelela kgang mme a tlhagisa balepa-dinaledi go se bolelele Herode. E ne e le mmaba wa Modimo, Satane Diabolo, yo o neng a batla gore Jesu a bolawe, mme o ne a dirisa naledi, go leka go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe. Mathaio 2:1-12; Mika 5:2.

◆ Ke eng se se bontshang gore naledi e balepa-dinaledi ba neng ba e bona e ne e se naledi fela?

◆ Jesu o ne a le kae fa balepa-dinaledi ba ne ba mmona?

◆ Re itse jang gore Satane o ne a baakanyetsa ka naledi go kaela balepa-dinaledi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela