Batho ba ba Kagiso Ba Tlhokwa Eleruri!
SETLHOGO se ne se solofetsa: “Phuthego ya Dibuka ya Merafe-rafe—Bakwadi ba Kagiso.” Lefelo la teng e ne e le motse o mogologolo wa ditshwantsho tse dintle-ntle wa Jeremane: wa Cologne, o o tlhodumetseng Noka ya Rhine. Moya wa phuthego o ne o le tidimalo go fitlhelela fela fa o ne o phatlakanngwa ke leratla la komano magareng ga baemedi. Go ya ka dipego tsa dikgang tsa phuthego eo ya 1982, bangwe ba ba neng ba le koo ba ne ba goagoana, ba kgarametsana, le eleng go gogagogana—le eleng go mekamekanela go laola serala. Kgaruru e tsogile fa go tla mo goreng ke goromente wa ga mang yo eleng morumolani fa go tliwa mo ditshukatshukanong tsa lefatshe.
E ka tswa lefelo la botlhabanelo le kgakala mo lefatsheng lengwe, e le serala sa phuthego, kana ntlo ya moagelani ka wena, ke ka baka lang fa batho ba ka se nne mmogo ka kagiso? Karabo e motlhofo: Kagiso ya mmatota ga e ka ke ya nna gone fa Modimo wa kagiso Jehofa a kgaphelwa ntle mo matshelong a batho.—1 Bathesalonia 5:23.
Mo go Bagalatia 5:22, 23, Bibela e umaka kagiso mo lenaneong jaaka nngwe ya maungo a moya o o boitshepo wa Modimo. Kagiso ya boammaaruri le e e nnetseng ruri e ka nna mo matshelong a rona fela fa e le gore moya wa Modimo o dira gore e gole mo dipelong tsa rona. Seno se dirwa jang? Sa ntlha re tshwanetse go itse Jehofa Modimo le Morwawe Jesu Keresete, mme go tswa foo re supe tumelo mo go bone. (Yohane 17:3) Ka gone, go tla nna le gore go diragadiwe malebana le rona topo e e mahehe ya ga moaposetoloi Paulo: “Me yana a Modimo oa cholohèlō o lo tlatsè boitumèlō le kagishō mo go dumeleñ, gore lo totahalèlè mo choloheloñ, ka thata ea Mōea o o Boitshèpō.” Mme tlhokomela gore Paulo o feleletsa kgakololo ya gagwe e e tshwanang ka topo eno e nngwe gape: “Me yana a Modimo oa kagishō o nnè le lona lotlhe.”—Baroma 15:13, 33.
Kagiso e moya o o boitshepo wa Modimo o e tlhagisang e farologane le kagiso e lefatshe le e senkang. Ka tsela efe?
Kagiso ya Mofuta O Sele
Mo merafing yotlhe modira kagiso ke mongwe yo o mafoko a botswerere le ramaemo; mongwe yo o ka go boka-boka a ka dirang mo go tweng a e ne modiga gareng ga ditšhaba tse pedi tse di ganetsanyang kwa ntle ga go re a fetole maikutlo le mekgwa ya bone. Ka gone lekomanisi le ka tla mo kagisong le wa puso ya batho ka batho kwa ntle ga gore mongwe wa bone a fetole morero wa ope wa bone. Legale, go nna mo kagisong le Modimo go farologane Modimo o tlhoma maemo a kagiso. O a tlhalosa le go bontsha kafa a ka dirisiwang ka teng. Mo go Jehofa Modimo ga se go boka-boka mme ke go latlha gotlhelele mekgwa ya rona, maikutlo, tsela ya botshelo—botho jotlhe jwa rona.—Mathaio 22:37.
Ka gone seo se tlhokafalang gompieno ke kagiso e e itsetsepetseng mo botlhaleng jwa bomodimo, eseng mo botlhaleng jwa batho. Mo go baleng Yakobe 3:13-18, re elatlhoko melemo e botlhale jwa selegodimo bo e tlisang:
“E mañ eo botlhale le tlhaloganyō mo go lona? a a kè a shupè ditihō tsa gagwè ka bonōlō yoa botlhale, ka go tshela ga gagwè mo go molemō. Me ha lo na le lehuha ye le galakañ, le kgañ mo peduñ tsa lona, lo se ka loa ipelahatsa, lo se ka loa aketsa boamarure. Botlhale yo, ga se yo bo hologañ kwa godimo, ke yoa selehatshe, yoa senama, yoa sebadimo. . . . Me botlhale yo bo cwañ kwa godimo bo simologa bo le boitshèkō, hoñ bo nne kagishō, bo bonōlō, bo rapèlèsège ka boheho, bo tletse kutlwèlō botlhoko le mauñō a a molemō, bo sena kakabalō, bo sena boitimokanyō. Me louñō loa tshiamō lo yalwa mo kagishoñ, lo yalèlwe ba ba ratañ kagishō.”
Kagiso e e tlang ka botlhale jwa Modimo e dira mo gogolo thata go na le go thibela kgotlhang fela; ka tlhagafalo le ka tlhoafalo e lekela kamano e e molemo le ba bangwe.
Mo godimo ga moo, ka go nna kagiso ka tsela ya bomodimo go thusa go kgoreletsa ditshekamelo tse di kotsi, tse di jadilweng mo pelong ya motho fa e sale nako ya botsoulodi mo Edena, mo goreng di golele mo bodiphatseng, ditirong tse di boleo. (Genesise 8:21; Mathaio 15:19; Baroma 5:12) Ka go lebisa mo nonofong ya thebe eno e e sireletsang, moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore “me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:7.
Seno se supa gore “kagishō ea Modimo” e tlisiwa ke ene ka Morwa. Jesu o ne a re: “Kagishō ea me kea e lo naea: ga ke lo nee yaka lehatshe le tle le nee batho.” (Yohane 14:27) Kagiso ya boammaaruri ga se phelelo ya phetogo ya botshelo jwa batho, tsa itsholelo, tsa sepolotiki, le tsa tikologo mme, go na le moo, ke phelelo ya kobamelo ya ga Jehofa mo go etseng Morwawe Jesu Keresete. Ka gone he, ka mo go tshwanelang, moaposetoloi Paulo o simolola tse dintsi tsa dikwalo tsa gagwe ka mafoko a a nntseng jaana: “A tshegōhaco e nnè le lona, le kagishō e e cwañ Modimoñ Rra oa rona, le Morèna Yesu Keresete.”—Baroma 1:7; 1 Bakorintha 1:3; 2 Bakorintha 1:2.
A O Motho Yo O Kagiso?
Bakeresete ba ba kagiso ba lemoga gore kwa ntle ga ga Jehofa ga ba na kgono ya go dira kagiso e e nnetseng ruri. Nama ya motho e bokoa. E tlhoka go tshegelediwa ke moya wa Modimo. Paulo o ne a gakolola Bakeresete: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” Go tswa foo o ne a oketsa ka gore: “Me ha lo lomana, lo yaana, lo itisè gore lo se nyeletsane. Me ka re, sepelañ ka Mōea, me ga lo ketla lo dihatsa thatō ea nama. Gonne dithatō tsa nama di tlhabana le Mōea, le Mōea o tlhabana le nama; gonne dilō tse dia tlhabana; e le gore lo se ka loa diha dilō tse lo di ratañ hèla.”—Bagalatia 5:14-17.
Fa di tlhabantshiwa ke mongwe, ‘dikeletso tsa nama’ tsa motho di ka mo tsieletsa mo go dumeleng gore o siame fa, gone tota, a le phoso. Ditshekamelo tse di maswe tsa boikgogomoso, le lefufa, le kgaisano e e sa laolesegeng di ngananganelwa mo godimo. Mo tlhaloganyong ya motho, tseno di tla ka sebopego sa kgaisano le tlhagafalo, tseo go ene e leng dikopololo tsa go nna mofenyi, kana yo o atlegang. Se ke se se neng sa diragalela Bakeresete bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ba neng ba nna mo kgaolong ya Galatia. Ba ne ba dumelela ‘dikeletso tsa nama’ tsa bone go kgotlela bontle jwa kagiso, eseng fela mo matshelong a bone mme le mo phuthegong “Dikilanō, le kgañ, le mahuha, le dikgakalō, le ditomologanō” di ne tsa nna setshubaba mo ponalong ya bomoya jwa phuthego ya bone, mme ba ne ba tshwanelwa ke go tlosa ditshubaba tseo e le gore kagiso e tle e busediwe.—Bagalatia 5:20, 22.
Gompieno, mekgwanyana e e seng ya bokeresete ka mo go tshwanang e ka thukutha paradaise ya rona ya semoya kagiso ya yone. Kgwebo, mmereko, sekolo, tsa botshelo, le ditiro tsa phuthego di neela ka maemo a a ka lekeletsang go bona gore a re ngaparetse ka natla lohumo lwa kagiso kana nnyaa. Go tlhomamisa gore a o modira kagiso go na le go thukhutha kagiso, ipotse dipotso tseno:
◻ A ke lwela bothwadi le go tseelwa kwa godimo, kana ke boikokobetso le boikobo?—Diane 11:2; Mathaio 18:1-4.
◻ A ke gwalaleletse thata-thata dithoto tsa dilo tse di bonalang, kana ke ritibetse ka dijo le diaparo?—1 Timotheo 6:4-10; Bahebera 13:5.
◻ A ke bontsha go rata ba ba tlotlegang thata kana ba ba humileng mo phuthegong, kana ke amogela botlhe mo tumelong?—Baroma 15:7; Yakobe 2:1-4.
Emisetsa Botlhale jwa Batho Ka Botlhale jwa Bomodimo
Moya o o letlhoo o o kgoromeletsang bathukhuthi ba kagiso ba ba maswe o tswa mo dikeletsong tse di bogagapa. Elatlhoko kafa morutwa Jakobe a papamatsang tshimologo ya loungo lo lo bosula mo go Yakobe 4:1, koo a kwalang ka gore: “Ana dintwa di cwa kae, le ditlhabanō di cwa kae mo go lona? a ga di cwe mo, eboñ mo dikgatlhegoñ tse di lwañ mo ditokololoñ tsa lona?” Bakgoberi ba tirisano-mmogo ya phuthego ba ganana le go nna kagiso ka go bo ba letlelela dikeletso tse di bogagapa go ‘tlhabantshanya moteng ga bone.’ Ba dumelela moya wa ntwa go aga moteng ga mebele ya bone. Ka jalo, dikeletso tsa bone tsa bogagapa, jaaka masole a a tlhaselang, di tswelela mo tseleng ya ntwa, di tlhabanela bothwadi, go nna le tlhotlheletso e kgolo, mahumo, le tse di tshwanang, fa gone ba phamola kagiso mo kamanong ya bone le Modimo le badumedi ka bone.
Go bonala e le gore letsatsi lengwe le lengwe re lebana le boemo bongwe kana mongwe yoo re sa dumalaneng le ene. Re lebana le kgang eo jang? Bangwe ba goela kwa godimo le ka tenego go supa kganano ya bone, ba ithaya ba re seno se tla dira gore bothata bo boe ka morago le go fetoga. Ba bangwe ka go eletsa go sireletsa boemo jwa bone le maemo a bone mo botshelong, ba ka tlhabantshanya ka tlhagafalo le mekgwa epe fela e e tokafaditsweng. Ditiro tse di ntseng jalo di ka senya kagiso. Ka iketlo di nyafatsa tswelelo pele le se se ka fitlhelelwang mo lapeng, kwa tirong, kana mo phuthegong. Mo letlhakoreng le lengwe, “botlhale yo bo cwañ kwa godimo bo . . . kagishō.” (Yakobe 3:17) Mme kagiso e e dirang e kitlanya batho le batho bangwe, mme batho e ba kitlanye le Modimo. (Baefesia 4:3) Ke ka baka leo botlhale jwa bomodimo bo tswelelang pele go re laya:
◻ “Me ke gōna, ha u isa nèō ea gago u le ha sebeshoñ, me u gakologèlwa gōna ha oa ga eno a na le señwe nau, Tlogèla nèō ea gago gōna ha pele ga sebesho, me u eè u letlanè le oa ga eno pele, me hoñ u itse go tla u isa nèō ea gago.”—Mathaio 5:23, 24.
◻ “Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona.”—Baroma 12:18.
◻ “Me yalo a re lateleñ dilō tse di dihanañ le kagishō, le dilō tse re ka agèlèlanañ ka cōna.”—Baroma 14:19.
Baefangedi Ke Badira Kagiso
Moaposetoloi Petere, fa a ne a lemoga gore Jehofa Modimo ke Mosimolodi wa molaetsa wa kagiso wa lefatshe ka bophara, o ne a re, “Lehoko ye o le rometseñ bana ba Iseraela, o bolèla Mahoko a a Molemō a kagishō ka Yesu Keresete,—ke èna Morèna oa botlhe.” (Ditihō 10:36) Jesu o ne a se ka a “tla a rèra [mafoko a a molemo a] kagishō” fela ka sebele mme gape o ne a thapisa balatedi ba gagwe go dira se se tshwanang. (Baefesia 2:17) O ne a tlhalosa gore seno e ne e tla nna ka go tsamaya ka ntlo le ntlo go ‘batlwa ba ba tshwanelang,’ mme a ba laela gore, “Me ntlo e lo tsènañ mo go eōna leha e ka nna ehe, e re pele, lo re, A kagishō e nnè le ntlo e.”—Mathaio 10:11; Luke 10:5.
Lefa go ntse jalo, jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, le gompieno, ga se botlhe ba ba anaanelang ‘mafoko a a molemo a kagiso.’ Mo go bone ga a tsose itshwaro e e kagiso, go na le moo a tsosa moya wa ntwa. Jesu o ne a lebela pele mofuta ono wa karabelo mo tirong ya boefangedi, ka go bo a ile a re: “Me e re lo tsèna mo tluñ lo e dumedisè. Me ha ntlo euō e le eōna e e chwanetseñ, a kagishō ea lona e tlè mo go eōna: me ha e le e e sa chwanèlañ, a kagishō ea lona e boèlè mo go lona.” (Mathaio 10:12, 13) Ba bangwe ba tla amogela kagiso eno e e tswang Modimong; ba bangwe ga ba ketla. Mme, e ka tswa seemo ke sefe, Mokeresete ga a ketla a latlhegelwa ke kagiso ya gagwe le Modimo kana le batho.
Batho ba ba ganang ka lonyatso kagiso ya Modimo eleruri ba tlhabantshanya le ene. Mo lenaneong la ditiragalo tsa boperofeti jwa ga Jesu tseo di tshwayang sesupo sa go nna gone ga gagwe mo nonofong ya Bogosi jwa Bomesia go na le tlhagiso eno ya setshwantsho: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, . . . o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi.” (Mathaio 25:31-33) Kgang kgolo e e dirang kgaogano e ikgarile mo Bogosing jwa Modimo ka Keresete. Tsela eo batho ka bongwe ba arabelang “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” a ba a tlisediwang ke ‘bonnake ba ba botlana ba ga Keresete’ ke sone se se tshotseng kgang e e bokete ya katlholo ya bone. (Mathaio 24:14; 25:34-46) Mo tirong ya gagwe ya go kgaoganya, Keresete o dirisa batho ba ba kagiso fela go isa molaetsa wa mafoko a a molemo. Ka tsela eno ga go ketla go nna le moganetsi ope yo o tla nnang le mabaka a gore: ‘Ba ne ba ntena tota mo ke neng ka se ka ka tlhaloganya “molaetsa wa kagiso.”’
Ka gone, mo lefatsheng le le lokwang ka dikgaruru tsa letsatsi le letsatsi mo motheong wa botho le wa merafe-rafe, batho ba ba kagiso ba tlhokwa eleruri. O tla fitlhela batho ba ba ntseng jalo mo phuthegong ya boammaaruri ya Bokeresete. A “Modimo oa kagishō” o lo neele moya wa gagwe o o boitshepo. Thetibalo, tshisibalo, le tidimalo, ga mmogo le go gololesega mo tshukatshukanong, mo kgakalong, mo pelaelong, le mo poifong, e tla nna boitumelo jwa lona. (Isaia 32:17, 18) Mo godimo ga moo, ka go anamisa ‘mafoko a a molemo a kagiso’ o tla ipelela tshiamelo e kgolo ya go thusa ba bangwe go nna kagiso.—Baefesia 2:17; Mathaio 28:19, 20.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 15]
Kagiso e e tswang mo botlhaleng jwa Modimo e dira mo go golo go na le go thibela fela dikgaruru; mme e le kela ka tlhagafalo le ka tlhoafalo kamano e e molemo le ba bangwe
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Kagiso e moya o o boitshepo wa Modimo o e tlhagisang e farologane le kagiso e lefatshe le e senkang