Dipotso tse di Tswang Go Babadi
◼ A Dina, morwadia Jakobe, o ne a betelelwa ke Shekeme, a mme e ne e le kgato fela ya thubakanyo, kana o ne a batla go mo nyala?
Go bonala fa Shekeme a ne a tlhakanela dikobo le Dina kgatlhanong le keletso ya gagwe. O ne a mmetelela. Lefa go ntse jalo, go etela ga gagwe ga gangwe le gape, le ga botsalano kwa Bakananeng go ne ga mmaya mo seemong sa go ineela mme go bonala go ne ga gogela mo go kgomaraganeng ga gagwe le ene le keletso ya gagwe gore e nne mosadi wa gagwe.
Pego ya ga Genesise 34:1-3 e balega ka gore: “Me Dina . . . a cwa a ea go bōna bomorwadia lehatshe Me Shekeme morwa Hamore oa Mohifa, kgōsana ea lehatshe yeuō, a mmōna: me a mo tsaea a lala naè, a mo senya Me pelo ea gagwe ea ñaparèla Dina morwadia Yakobe, a rata morweetsana eo.” Go sa kgathalege maiteko a ga rragwe go mo kgoba marapo mo go kopaneleng le batho ba boitsholo jo bo maswe ba Kanana ka go baya tante ya gagwe kwantle ga motse oora-Shekeme le go ikepela metsi a farologaneng le a bone, Dina o ne a sa ntse a “cwa a ea go bōna bomorwadia lehatshe.” (Genesise 33:18; Yohane 4:12) Lediri la Sehebera le le ranoletsweng “a owa” le mo pakeng ya tsweletso, eo e supang kgato ya go tswelela ka metlha Lediri leno le Ie mo pakeng e e tshwanang gape le fetoletswe, go ya ka seemo, “a nna a cwa” le ‘a tswa ka tlwaelo.’ (1 Samuele 18:13; 1 Dikgosi 10:29) Jalo loeto lwa ga Dina e ne e se go tswa ga ntlha Go bonala a ne a batla go “bona,” a tlwaelane botoka le, baagelani ba gagwe mo motsing oo.
Mo pakeng nngwe mo maetong a gagwe a ka metlha, Shekeme “a . . . tsaea [Dina], a lala nae, a mo senya.” Malebana le lefoko la Sehebera le le fetoletsweng “a mo senya,” A Hebrew and English Lexicon ka William Gesenius e re: “Go senyetsa mosadi bokgarebe, gantsi e le ka dikgoka.” Lefoko le le tshwanang mo go Baatlhodi 19:24 le Baa 20:5 le fetoletswe ‘go betelela.’ Lefa go ntse jalo, mo go Duteronome 22:24 go supiwa tumalano e e rileng mo letlhakoreng la mosadi koo lefoko leno le le tshwanang la Sehebera le dirisiwang teng. Ka gongwe fela kwa tshimologong ka bobedi Shekeme kana Dina ga go ope wa bone yo o neng a gopotse go tlhakanela dikobo, mme jaaka kgotelo ya gagwe e ne e tsoga ka bontlenyane jwa lekgarejwana leno le le botlanyana le le matseba ka go tlhoka dithibelo tsa boitsholo tsa bomodimo, o ne a dira seo bontsi jwa Bakanana ba neng ba se tsaya e le sa tlholego. Kana ebu, o ne a tsile mo maagong a gagwe! Fa Dina go bonala a ne a gana go ya “bokgakaleng joo,” o ne a mo tenya motlhoto.
Lemororo go ka tswa go ne go sena tumalano epe e e rileng ka Dina, o ne a ntse a na le seabe sa boikarabelo mo go latlhegelweng ga gagwe ke bokgarejwana Lefa gone a ne a etela fela “bomorwadia lehatshe,” a ke o akanye fela maitsholo a bano. Lebaka la go bo basadi ba ga Esawe ba Bahita (kana, Bakanana) e ne e le “kutlwishō botlhoko mo peduñ” ya ga Isake le Rebeka ba ba boifang Modimo eleruri ke tshupo ya bosula jo bo neng bo setse bo itshupa gareng ga “bomorwadia lehatshe.” (Genesise 26:34, 35; 27:46) Boitsholo jo bo maswe jwa dikobo, go tlhakanela dikobo le balosika matanyola, bosodoma le go robala le diphologolo eleruri e ne e le karolo ya ditiro “tsa lehatshe ya Kanana” tse ba neng ba di dira (Lefitiko 18:2-25) Ka jalo Dina o ne a bua kaga eng ka nako ya maeto a a ntseng jalo? A eleruri o ne a dumela gore o ne a ka tila bolekane le bomorwa rra basetsanyana bao le dinyatsi tsa bone? Bakeng sa mosadi go kopakopana go bonala a sena mopati, gareng ga batho ba boitsholo jo bo maswe e ne e le go ipiletsa matshwenyego Dina o ne a itse seo se neng sa diragalela bonkoko-a-gwe Sara le Rebeka fa ba ne ba le kwa Kanana. Mo matlhong a banna ba boitsholo jo bo bodileng ba Kanana, Dina e ne e le mojo wa manong tota. O ne a ipaya mo seemong sa go ineela mme o ne a duela ka go latlhegelwa ga gagwe ke bokgarejwana, go sa kgathalege go gana ga gope ga bofelo.—Genesise 20:2, 3; 26:7.
Morago ga tiragalo Shekeme o ne a tswalela Dina mo ntlong ya gagwe le ‘go bua ka go mo kgona,’ jaaka gontse mo ‘pedung ya gagwe.’ Rraagwe o ne a re: “Pelo ea ga morwaake . . . e tlhōahaletse [Dina].” Ga go bonale gore tlhoafalelo e e ntseng jalo ya go kgomaragana e ka bo e ile ya itlela fela mo thulanong ya ntlha. Go bonala a ne a lemoga dinonofo tsa gagwe tse di molemo tsa go le pele, ka gongwe ka nako ya maeto a go boaboa. Jaanong o ne a batla go mo nyala. Ene le rraagwe gape ba ne ba ikutlwa gore dipuisano tsa lenyalo ka tsela nngwe di ne di tla kokobetsa tiro ya morwawe le go baakanya seemo, le go boloka dikamano tse di kagiso le bantlo e e humileng ya ga Jakobe.—Genesise 34:3, 8.
Tiragalo eo yotlhe e ne ya gogela kgatlampolong ya ga Shekeme, rraagwe, le banna botlhe ba motse. Seno se ne sa kgaphela bantlo ya ga Jakobe kwantle le go gogela mo tatofatsong e e nonofileng ya bogale jwa bomorwawe dingwaga tse dintsi moragonyana (Genesise 34:30; 49:5-7) A poitshego ya ditiragalo tse di lomaganang, mme tsotlhe e le ka ntlha ya go palelwa ga ga Dina ke go tila bokopano jwa gagwe Tiragalo eno mo pegong e e tlhotlheleditsweng ke tlhagiso go makgarejwana a Bokeresete gompieno ao a ka, ka ntlha ya go eletsa, raelesegang go kopakopana mo matshelong le bao eseng batlhanka ba Modimo.—Diane 13:20.