Go Inonotsha ka Tiragatso ya Mafoko a ga Jehofa
“Motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa [ga Jehofa].”—MATHAIO 4:4.
1. Jehofa ke Mmaakanyetsi yo Mogolo wa Dijo jang, mme ke polelo efe e Jesu a neng a e dira kaga ditlhokafalo tsa motho?
JEHOFA ke Mmaakanyetsi yo Mogolo wa Dijo. O ne a itshupa a ntse jalo go motho mo kgaolong ya ntlha fela ya Bibela. (Genesise 1:29, 30) Mme moragonyaneng, mopesalema Dafide ka boitumelo o ne a raya Jehofa a re: “Matlhō a dilō cotlhe a lebeletse wèna: me u tlu u di he diyō tsa cōna mo metlheñ e e lebanyeñ. U huporolola seatla sa gago, me u kgorise keleco ea ditshedi cotlhe hèla.” (Pesalema 145:15, 16) Ee, Jehofa o baakanyeditse ka letlotlo la dijo ka bobedi go batho le diphologolo. Lefa go le jalo go na le pharologanyo E re ntswa diphologolo di tlhoka fela dijo tsa mmele, Jesu o ne a bontsha gore motho o tlhoka mo go fetang senkgwe sa nama fela, kana dijo. O ‘tshwanetse go tshela gape ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa ga Jehofa.’—Mathaio 4:4.
2. Re tshwanetse go itse eng malebana le bokao jwa mantswe a ga Jesu mo go Mathaio 4:4?
2 Jesu o ne a bua polelo eno fa a ne a fetola Satane, yo o neng a leka go Mo raela mo goreng a fetole maje senkgwe ka dikgakgamatso. Diabolo o ne a ’se ka a ganelela mo ntlheng eo mme ka bofefo a fetela mo thaelong e nngwe. Re atlhola go ya ka tsela e e phoso e ka yone a neng a dirisa Pesalema 91:11, 12, ka gongwe Satane ga a ka a tlhaloganya le eleng seo Jesu a neng a se raya mo phetolong ya Gagwe ya thaelo ya ntlha. (Mathaio 4:3-7) Mme rona batlhanka ba ga Jehofa re kgatlhegela thata seo Jesu a neng a se raya. Rona bao re natefelwang ke go epela kwa teng teng mo Bibeleng e le gore re tle re kgone go bona mosola wa semoya o o kwa godimo re a botsa: A Jesu o ne a raya gore e le gore re tle re tshele botshelo jo bo tletseng, motho o tshwanetse go ithuta mme ka gongwe a ikgopotse “lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa [ga Jehofa]”? Kgotsa o ne a raya eng?
Mafoko a ga Jehofa
3, 4. Mantswe a mabedi a Segerika le Sehebera a nale bokao bofe kaga “lehoko”? Tshwantsha.
3 Mo go latofatseng Satane, Jesu o tsopotse Duteronome 8:3 go ya ka phetolelo ya Segerika ya Septuagint mo mokwalong ono wa Sehebera. Lefoko la Segerika le le ranoletsweng “lehoko” (rheʹma) le na le bokao jo bo sebedi. Ka dinako tse dingwe le ranolelwa go raya “lentswe,” “puo,” kana “lefoko.” Mme, fela jaaka molekane wa lone wa Sehebera (da·varʹ), gape le ka raya “selō.”
4 Mo go Luke 1:37 re bala ka gore: “Ka gonne ga go na lehoko [“polelo,” NW] [rheʹma] lepè ye le cwañ Modimoñ ye le tlhōkañ nonohō.” Luke 2:15 e balega ka gore: “Badisa ba raana, ba re, A re eeñ hèla yana kwa Bethelehema, re bōnè selō [rheʹma] se, se se dihetseñ, se [Jehofa] o se re itsisitseñ.” Jalo, segolo bogolo jaaka le dirisiwa malebana le Jehofa, lefoko leno la Segerika le ka akantsha “lentswe,” “polelo,” kana “lehoko” ja Modimo. Kana le ka kaya “selō,” boo le lebisitse go “tiragalo” nngwe, kana “kgato” e e tlhalosiwang, matswela a seo se buiwang, lefoko le a diragadiwa.
5. Luke 1:37 e raya eng?
5 Ka gone fa e tlhaloganngwa sentle, Luke 1:37 ga e reye gore Modimo o ipuela sengwe le sengwe fela. Go ka tswa go le boammaaruri jalo ka motho, le eleng fa seo a se buang se ka tswa se ka se ka sa diragala kana e le malele fela. Mme mabapi le dipolelo tsa Modimo, bokao jwa ga Luke 1:37 ke gore ga go lefoko lepe kana polelo epe ya ga Jehofa e e ka yang e sa diragadiwa. Polelo eo moengele a neng a e raya Maria e ne e tlamega ka gone gore e tle e diragale. Kgopolo e e morago ga mafoko a Sehebera le a Segerika ao a dirisediwang “lentswe” ja ga Jehofa, “lehoko,” “puo,” kana “polelo” a buiwa ka bontle thata mo bukeng ya ga Isaia. Jehofa a re: “Gonne yaka pula e tle e ne, e cwa legodimoñ, le kapōkō, me di sa boele gōna, me di kolobise lehatshe, di le tlhogise, di le kukuntse, me le nee moyadi peo, le moyi diyō: Lehoko [Sehebera, da·varʹ; Segerika, rheʹma] ya me le tla nna yalo, ye le cwañ mo molomoñ oa me; ga le ketla le boèla hèla mo go nna, me le tla dihahatsa se ke se ratañ, le tla segōhala mo seloñ se ke le isitseñ kwa go shōna.”—Isaia 55:10, 11.
‘Eseng ka Senkgwe Se Le Sosi’
6, 7. Mokgwa wa go kwalwa ga ditiragalo le wa lefelo wa ga Duteronome 8:2, 3 e ne e le eng?
6 Jaanong, fa re boela mo kgannyeng, desu o ne a raya eng fa, a ne a tsopola Duteronome 8:3, a bo a re “motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe le le cwañ mo molomuñ oa [ga Jehofa]”? (Mathaio 4:4) A o ne a raya gore motho yo o boifang Modimo o nonotshiwa ke mafoko fela, mantswe, kana dipolelo? A kitso ya tlhogo ya dipuo tse di ntseng jalo tsa Modimo e tla bo e lekanetse? A re tlhatlhobeng ditemana tse di dikologileng tseo tsa mafoko a ga Jesu a a tsopotsweng go tswa go Duteronome.
7 Thuso ya go ithuta Bibela ya “All Scripture Is Inspired of God and Beneficial” e a re itsise, mo tsebeng ya 36 go re: “Buka ya Duteronome e tsholetse batho ba ga Jehofa molaetsa o o maatla. Morago ga go kgarakgatshega mo sekgweng ka dingwaga tse di masome mane, bana ba Iseraele jaanong ba ne ba eme mo losing lwa Lefatshe ja Tsholofetso.” Ngwaga e ne e le wa 1473 B.C.E. Lefelo? Magwatata a Moaba. Mo puong ya gagwe ya bobedi go Baiseraele ba ba neng ba phuthegile, Moshe o ne a bolela ka gore: “Me u ikgakololè tsela eotlhe e Jehofa Modimo oa gago o gu gogileñ ka eōna, dinyaga tse di mashomè manè tse, mo nageñ, gore a gu isè tlhatse, a gu lekè, a itse se se mo peduñ ea gago, boo u tla tshegetsa ditaolō tsa gagwè kgotsa nya. Me o na a gu isa tlhatse, a gu bolaisa tlala, me a gu otla ka mana, a u nu u sa a itse, leha e le bōnè borra eno ba ne ba sa a itse; gore a gu itsisè ha motho a sa tshele ka diyō di le cosi, ha e se go re, motho o tshela ka señwe le señwe se se cwañ mo molomuñ oa ga Jehofa.”—Duteronome 8:2, 3.
8. Seemo sa Baiseraele e ne e le eng, mme ke ka bakelang Jehofa a ile a letlelela seno?
8 A ke o akanye fela tlhe! Baiseraele ba ba dimilione tse di mmalwa—bagolo le bannye, banna, basadi, le bana—ba ile ba sepela dingwaga tse di 40 ka lobaka ba raletse “naga e kgolo le e e boitshègañ, e dinōga tse di molelō le diphepheñ di nntseñ mo go eōna, e le lehatshe ye le lokgere ye go senañ metsi mo go yeōna.” (Duteronome 8:15) Ba ne ba tlhoka metsi go re ba nwe le dijo go ja. Jehofa, ka dinako tse dingwe, o ne a ba letlelela gore ba bolawe ke lenyora le tlala. Ka baka lang? E le gore a tle a gatiseletse mo megopolong ya bone gore “motho o tshela ka señwe le señwe se se cwañ mo molomuñ oa ga Yehofa.”
9. Ditlhokafalo tsa Baiseraele di ile tsa diragadiwa ka mafoko a ga Jehofa jang?
9 Go na le nyalano efe magareng ga ditlhokafalo tsa Baiseraele le dipuo, kana dipolelo tse di tswang mo molomong wa ga Jehofa? Kana ebu, ke dilo dife tse di bonalang tse di neng tsa diragala gareng ga Baiseraele ka ntlha ya dipolelo tsa ga Jehofa? Moshe o ne a kwala ka gore: “Diaparō tsa gago ga dia ka tsa gu ōnalèla, le lonaō loa gago ga loa ka loa ruruga, ka dinyaga tse di mashomè manè tse. . . . [Jehofa] o gu [ntsheditse] metse mo lehikeñ ye le legakwa; Eo o na a gu yesa mo nageñ ka mana.” (Duteronome 8:4, 15, 16) Nyalano ke eno: Baiseraela ba ka bo ba se ka ba amogela sepe sa dilo tseno fa e le gore Jehofa o ne a se ka a laolela gore di diragale. Ka gone, Baiseraela tota tota ba ne ba tshela “ka señwe le señwe [kana, taolo] se se cwañ mo molomuñ oa ga Yehofa.”
Go Nonotshiwa Ke Mafoko a ga Jehofa
10, 11. Baiseraele ba ne ba kgona go otliwa ka mafoko a ga Jehofa ka ditsela dife tse dingwe?
10 Kwantle ga go ikaega mo go Jehofa ka melemo ya dilo tse di bonalang jaaka dijo, metsi, le diaparo, Baiseraele gape ba ne ba ka kgona go nonotshiwa jang ke mafoko a ga Jehofa? Go ne go na le melemo ya semoya gape. Moshe o ne a bolelela Baiseraele gore Jehofa o ne a dira gore ba ralale maitemogelo ano otlhe mo sekakeng ‘e le gore a ba kokobetse, go baleka e le gore a tle a itse se se mo dipelong tsa bone, boo ba ne ba tla tshegetsa ditaolo tsa gagwe kana nnyaa.’ O ne a oketsa ka gore: “U akanyè mo peduñ ea gago, go re, yaka motho a tle a oatlhaee morwawè, Jehofa Modimo oa gago oa tla a gu oatlhaee yalo . . . go gu dihèla molemō kwa bokhutloñ yoa gago.”—Duteronome 8:2, 5, 16.
11 Ee, fa Baiseraele ba ne ba ile ba sola molemo ka botlalo ka maitemogelo a bone mo sekgweng, ba ka bo ba ile ba ithuta go ‘tshela ka puo nngwe le nngwe e e tswang mo molomong wa ga Jehofa,’ eseng fela ka go ithuta go utlwa ditaolo tsa gagwe tse di kwadilweng mme tota ka go itemogela matswela a mafoko a ga Jehofa mo botshelong jwa bone jaaka morafe le mo matshelong a bone jaaka batho ka bongwe. Ba ile ba neelwa sebaka se se tletseng sa ‘gore ba leke ba bone boo Jehofa o molemo.’ (Pesalema 34:8) Maitemogelo ano a a humisang malebana le mantswe a ga Jehofa—ao a neng a buiwa le go boa a diragadiwa—a tshwanetse abo a ile a ba nonotsha semoyeng.
12, 13. Joshue o ne a itlwaelanya jang le mafoko a ga Jehofa, mme o ne a netefatsa eng?
12 Joshue, yo o neng a tlhatlhama Moshe jaaka moetapele wa Iseraele, o ne a ikitsise mafoko a ga Jehofa ka go tlatsa mogopolo wa gagwe ka one. Tumelo ya gagwe e ne ya nonotshiwa ke go elatlhoko tiragatso ya one. Morago ga loso lwa ga Moshe, Jehofa o ne a bua ka tsela eno go Joshue: “Lokwalō lo loa molaō, a lo se tloge mo molomuñ oa gago, u akanyè mo go lōna motshegare le bosigo, gore u tlhōkōmèlè go diha kaha go ootlhe tse di kwadilweñ mo go lōna: gonne tsela ea gago e tla na le letlhōgōnōlō yalo, me u tla bōna go segōhala sentlè.”—Yoshue 1:8.
13 Go ya bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe, morago ga go utlwa lentswe la ga Jehofa ka boikanyegi le go tsaya tsia tiragatso ya lona godimo ga batho ba ga Jehofa Joshue o ne a kgona go netefatsa se: “Yalo Yehofa a naea Iseraela lehatshe yeotlhe ye o ikanneñ ha a tla le naea borrabō; me ba le rua, ba aga mo go yeōna. Me Yehofa a ba naea boikhucō mo tikologoñ ea bōnè, yaka cotlhe tse o na a di ikanetsè borrabō: me ga se ka ga èma motho opè oa baba ba bōnè botlhe ha pele ga bōnè; Yehofa a tsenya baba botlhe ba bōnè mo seatleñ sa bōnè. Ga se ka ga tlhaèla sepè [tsholofetso, kana da·varʹ; Segerika, rheʹma] sa se se molemō se Yehofa o na a se buile le ntlo ea Iseraela; ga dihala gotlhe hèla.” (Yoshue 21:43-45) Joshue ka boammaaruri o ne a tshela a ba a nonotshiwa, eseng ke senkgwe sa sebele se le sosi, “ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa (ga Jehofa).”—Mathaio 4:4.
Go Tshela ka Mafoko a ga Jehofa Gompieno
14. (a) Ka go epela kwa teng mo go Mathaio 4:4, re ka tlhaloganya botoka jang seo Jesu a neng a se raya? (b) Ke eng se se neng sa nonotsha Baiseraele ba ba kanaanelo?
14 Ka re ile ra epela kwa tengnyana mo mafokong a a tsopotsweng fa godimo ke Jesu Keresete mo go fetoleng thaelo ya ga Diabolo, re ka kgona go tlhaloganya botoka seo Jesu a neng a se raya. Pego ya ga Moshe ka mabaka a a dikologileng a ditiragalo le a lefelo leo, a a tsopotsweng ke Jesu, a bontsha gore mafoko a ga Jehofa ao ka one banna le basadi ba bomodimo ba neng ba tshwanetse go tshela ga se fela mantswe a a ithutiwang ka tlhogo. Go Baiseraela bao, “señwe le señwe se se cwañ mo molomuñ oa ga Yehofa” se ne se nyalanngwa le mana, metsi, le diaparo tse di neng tsa seka tsa onala. Ee, mafoko a ne a akareletsa tiragatso ya ona, dilo tse di gakgamatsang tse Jehofa a ne a di direla batho ba gagwe. E ne e le go itemogela ga bone dilo tseno, e le tiragatsong ya mafoko a ga Jehofa mo go ileng ga nonotsha Baiseraele ba ba kanaanelo.
15. Mafoko a ga Jehofa a ka re otla jang?
15 Ka mo go tshwanang gompieno, seo se otlang batho ba ga Jehofa ga se fela go bala le go ithuta mafoko a ga Jehofa, lefa gone go tlhokafala go le kalo kalo. Ke go itemogela, jaaka setlhopha ebile le jaaka motho ka bongwe, tsela e e gakgamatsang eo ka yone Jehofa a dirisanang le rona ka yone go tsaya kgato mo boemong jwa rona. Fa re tshwenyegile thata thata ka ditirisanyo tsa ga Jehofa le rona, mafoko a a ntseng jalo a a diragadiwang a tla re otla thata, a nonotsha tumelo ya rona, bomoya jwa rona.
16. (a) Mopesalema o ne a tshwenyegile kaga eng? (b) Re tshwanetse go dira ka mo go tshwanang jang le rona, mme seno se tla re thusa jang?
16 Mopesalema o kwadile ka gore: “Ke tla nna ke umaka ditihō tsa ga Yehofa; gonne ke tla gakologèlwa dikgakgamacō tsa bogologolo. Le gōna ke tla akanya tihō ea gago eotlhe, ke kanka kaga tse u di dihañ.” (Pesalema 77:11, 12) Fa re amegile ka mekgwa ya ga Jehofa, ditiro, ditsela, le ditirisano tsa gagwe mo boemong jwa batho ba gagwe, re lemoga gore ke puo e e bonalang ya mafoko a gagwe, ditlamelo tseno tsa bomodimo di tla tshwana le senkgwe sa semoya go rona. Di tla re gogela mo kamanong ya botho e e atamalaneng thata le Jehofa. Re tla nna jaaka Jesu. O ne a gana go fetola matlapa dinkgwe tsa borotho ka taletso ya ga Satane. Ka mo go tshwanang ga re ketla re letlelela dilo tse di bonalang kana kamego e e sa tlhokafaleng kaga ditlhokafalo tse di bonalang go dira gore re wele mo seraing sa ga Diabolo le go furalela kobamelo ya ga Jehofa.
17. Jesu o ne a nna sekao se se gakgamatsang ka tsela efe?
17 Jesu o ne a bolela ka gore: “Seyō sa me ke go diha go rata ga eo o nthomileñ, le go wetsa tihō ea gagwè.” (Yohane 4:34) O ne a le sekao se se gakgamatsang, a re bontsha ka tsela e e popota gore “motho ga a tshele ka senkgwe se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa [ga Jehofa].”—Mathaio 4:4.
Go Letela Ditaelo Tse Dingwe
18. Ke lefoko lefe la bomodimo leo jaanong le diragadiwang?
18 Jehofa, ka Morwawe, o boletse gore “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe” pele bokhutlo bo tla. (Mathaio 24:14) Lefoko leo la bomodimo le mo tseleng ya go diragadiwa ka ntlha ya tiro ya go rera ya lefatshe ka bophara ya Basupi ba ga Jehofa. A o ‘tshela’ ka lefoko leo le le tswang mo molomong wa ga Jehofa ka go nna le seabe se se tletseng mo tirong ya go rera mme ka gone o amogela tshireletso ya semoya ka go bo o dira thato ya gagwe?
19, 20. Ke mafoko afe a mangwe a bomodimo ao a tla tlogang a tlisa ditiragalo tse di kgatlhang?
19 Mafoko a mangwe a ga Jehofa a tla tloga a dira gore ditiragalo e nne tse di kgatlhisang thata mo isagweng e e fa gaufi. “Dinaka tse shomè” le “sebatana” di tla tlhabantsha “seaka,” Babelona o Mogolo. Ee, tshenyo ya mmuso wa lefatshe wa bodumedi joo jwa maaka ka dikarolo tse di kgatlhanong le bodumedi moteng ga Merafe e e Kopaneng e tla nna kgato e e tlhomologileng e felela ka go diragadiwa ga a mangwe a mafoko a ga Jehofa.—Tshenolō 17:16, 17.
20 Lefoko le lengwe la bomodimo le le gakgamatsang le tla tla go diragadiwa fa Jehofa ka tshwantshetso a tsenya “dikobè” mo ditlhaeng tsa Goga, kana Satane, a mo gwetlha le “ntwa eotlhe” ya gagwe go tlhasela batho ba Gagwe mo lefatsheng. (Esekiele 38:2-4, 8-12) Lefa go le jalo lefoko la bomodimo le lengwe le tla tlisa tshenyego go masomosomo a ga Goga. (Esekiele 39:1-6)a Seno se tla raya ‘ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe’ ka Hara-Magedona. (Tshenolō 16:14, 16; 19:11-21) Abo go tla bo go kgatlhisa jang ne ka batho ba ba ikanyegang ba ga Jehofa go lebelela tiragatso ya mafoko ano a bomodimo mme, gareng ga lesukasuka le lotlhe, ba utlwe lefoko le lengwe gape leno la tshwantshetso: “Lo èmè hèla, me lo bōne poloka ea ga Yehofa e e nañ le lona.”—2 Ditihalō 20:17.
21. Go diragadiwa ga mafoko a ga Jehofa go tla tlisa ditiragalo tsa mofuta ofe?
21 Go tswa foo, a diragatsa lefoko le lengwe gape la bomodimo, Keresete o tla bofa Satane le badimona ba gagwe mme a ba latlhele mo moleting ka “dinyaga tse di sekete.” (Tshenolō 20:1-3) Dingwaga tse di sekete tseo di tla dumelela tiragatso ya mafoko a mangwe a ga Jehofa, go akareletsa le tsogo ya baswi le ‘phodiso ya merafe,’ batho ba ba kutlo. (Tshenolō 20:11-15; 22:1, 2) Ka nako ya lobaka lwa katlholo eno ya dingwaga tse di sekete, Jehofa go bonala a tla neela ditaelo tse dingwe gape, tseo di sa itsiweng gone jaana, jaaka “dikwalō” tse disha di petlekwa. (Tshenolō 20:12) Abo go tla bo go kgatlhisa jang ne ka bafalodi ba “sepitla se segolo” le baswi ba ba tsositsweng go bona tao le kaelo go tswa ditaelong tse dingwe tseno gape jaaka di tlhomiwa mo ‘memenaganong’ e e phuthololwang ya ga Jehofa le go di tsweledisa ka mo go kgatlhisang!
22. Re kgothadiwa go dira eng jaanong?
22 Ka tebelelo e e ntseng jalo e e gakgamatsang pele ga rona a re itsholeleng sebaka seno molemo se jaanong re nang le sone go itlwaelanya le mafoko a ga Jehofa mme re epele Lefoko ja gagwe kwa teng ka thuto ya botho mme re tlhakanele mo tirong ya go rera ka temogo e e oketsegelang pele ya go tsaya dikgato ga ga Jehofa mo boemong jwa rona.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona dikgaolo 19, 20 go “The Nations Shall Know That I Am Jehovah”—How? e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
A O Ka Gakologelwa?
◻ Baiseraele be ne ba ithuta jang gotshela ka “señwe le senwe se se cwañ mo molomuñ oa ga Yehofa”?
◻ Baiseraele ba ne ba ka ikotla jang semoyeng ka mafoko a ga Jehofa?
◻ Re ka tshela jang gompieno ka mafoko a ga Jehofa?
◻ Ke mafoko afe a ga Jehofa a a tshwanetseng go diragadiwa?
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Karabelo ya ga Jesu mo thaelong ya ga Satane e kayang go wena?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Go tshela ga Baiseraele ka “señwe le señwe se se cwañ mo molomuñ oa ga Yehofa,” go ne go na le melemo e e tlhamaletseng le ya botho