LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 6/15 ts. 19
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maokelo A Batla Basupi
  • Go Ithuta go Dira Tshiamo
  • A ga go na “Boammaaruri”?
  • Kalafi le Karo Tse di sa Diriseng Madi di Batliwa Fela Thata
    Tsogang!—2000
  • Dipotso tsa Thuto tsa Boroutšhara ya Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Fedisa Diphapang tsa Dingaka le Balwetsi ba Basupi
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 6/15 ts. 19

Go Lemoga Dikgang

Maokelo A Batla Basupi

Lekwalo-dikgang lengwe le bega gore maokelo a le mmalwa a California ga jaanong a batla Basupi ba ga Jehofa e le balwetsi ka tlhoafalo. Maokelo mangwe a ne a sa batle go ara Basupi gonne ba gana ditshelo tsa madi ka ntlha ya mabaka a bodumedi. Ke ka ntlhayang fa go na le phetogo mo boikutlong joo? Ereka itsholelo ya madirelo a tsa kalafi e le mo kotsing, batsamaisi ba batla metswedi e e oketsegileng ya madi a lotseno. Mme go neetswe lebaka le lengwe gape. “Dikgatelo-pele tsa bosheng tsa kalafi tse di dirang karo kwantle ga madi​—lefoko leno le dirisediwa go tlhalosa dikaro tseo mo go tsone go sa dirisiweng ditshelo tsa madi kana dikarolo tsa madigo sa nne kotsi gape go dirile gore maokelo le dingaka tse di akarelediwang di eletse ka mo go oketsegileng go ara Basupi,” go bega jalo The Daily News ya Van Nuys, California.Van Nuys, California. “Mefuta e mentsi ya karo e ka dirwa kwantle ga go tshela madi fa o le kelotlhoko thata le go nna pelotelele le molwetsi,” go akgela jalo ra-dikaro yo mogolo Dr. Sheldon N. Lipshutz.

Lemororo Basupi ba ga Jehofa ba amogela diemisetsi tse di senang madi, tse di jaaka melemo ya metswako ya saline, ba gana go ‘kgoromeletsa tumelo le segakolodi sa bone se se molemo kong’ ka ntlha ya mokgwa mongwe wa kalafi o e seng wa dikwalo. (1 Timotheo 1:19; Ditihō 15:20) Ba lemogile gore go utlwa melao ya Modimo gape le mo go tsa kalafi go a utlwala. “Dingwaga di le some-tlhano kana tse 20 tse di fetileng, ke ne ke sa batle (Basupi) mo bookelong jwa me,” motsamaisi mongwe o boleletse Daily News jalo. “Gompieno go na le dikgetsi tse dintsi thata tsa AIDS le bolwetsi jwa sebete tse di anamang ka ditshelo tsa madi go sa umakiwe keletso ya ditshelo tsa madi tsa ka metlha. Pono ya Basupi ba ga Jehofa e utlwala ka mo go oketsegileng.”

Go Ithuta go Dira Tshiamo

Ke ka ntlhayang fa bangwe mo Nazi Germany ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing e le gore ba boloke kana ba thuse batho ba ba mo kotsing ya pogiso kana loso fa ba bangwe bao ba ka bong ba thusitse ba ne ba retologela go sele? Dr. Samuel Oliner, moithuta-loago kwa Unibesithing ya Humbolt State kwa Arcata, California, ene le badirika-ene, o leka go batlisisa The New York Times e bega gore diphitlhelelo tsa bone di setse di “dumalana mabapi le maitemogelo a kgolo ao batho ba nnang le one mo bongwaneng, ao go lebegang a ba dira gore ba sekamele mo go thuseng ba ba leng mo tlalelong go feta ba bangwe, dingwaga di le dintsi moragonyana.”

Ra-tlhaloganyo kwa Unibesithing ya Massachusetts, Ervin Staub le ene o a dumela. Dr. Staub o rile: “Batsadi bao ba fetisetsang bopelo-tshweu ka mo go nang le matswela thata, ba na le taolo e e tlhomameng mo baneng ba bone. Lemororo ba thapisa, ga ba leseletse. Ba dirisa go tlhomama, bothitho gammogo le mabaka di le mmogo. Ba tlhalosetsa bana ba bone matswela a go tlhoka boitshwaro go ba bangwe​—le a boitshwaro jo bo siameng. Mme ba kaela ngwana go dira tshiamo. go aba, go thusa ka tlhoafalo.”

Jalo ga go na pelaelo ya gore batsadi ba laelwa go godisetsa bana ba bone “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna” gonne “eo o dihañ molemō ke oa Modimo.”​—Baefesia 6:4; 3 Yohane 11.

A ga go na “Boammaaruri”?

“Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola,” Jesu o boletse jalo go Yohane 8:32. Lefa go ntse jalo mokgwa o o golang ke wa go akanya gore mokgele wa go itse boammaaruri ga o kake wa fitlhelelwa. Tlhokomela dikakgelo tsa ga Bishopo John S. Spong, jaaka di nopotswe go The Sunday Star-Ledger ya Newark, New Jersey: “Re tshwanetse . . . go tlogela go akanya gore re na le boammaaruri mme ba bangwe ba tshwanetse go dumalana le rona mo go lemogeng gore rotlhe re palelwa ke go tlhaloganya boammaaruri jwa motheo.” O okeditse ka go re: “Ngwao nngwe le nngwe ya bodumedi . . . e theilwe mo selong seo kwa bofelong go seng ope wa rona a ka iphakang sone.” Fa a ne a bua le phuthego ya baruti ba Episoopal le baemedi ba eseng baruti ba ba ka nnang 600, Bishopo yono o ne a ganetsa “maiphako a Bokeresete a dingwao, le a a sa tlwaelegang.”

Mme fa “boammaaruri jwa motheo” bo se kake jwa bonwa, ke ka ntlhayang fa Jesu a kgothaleditse gore Modimo o tshwanetse go obamelwa “ka Mōea le ka boamarure”? Kana ke ka ntlhayang fa a boletse gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla gogelwa “mo boamarureñ yotlhe”? (Yohane 4:23, 24; 16:13) Mme ke ka ntlhayang fa moaposetoloi Paulo a ne a ka bolela gore thato ya Modimo ke gore batho ba tshwanetse “ba hitlhe mo kicoñ ea boamarure”? (1 Timotheo 2:3, 4) Kana ke ka ntlhayang fa a ne a bua kaga dithuto dingwe jaaka tse di ‘fositseng boammaaruri’? (2 Timotheo 2:18; 4:3, 4) Ka tlhomamo, jaaka phuthego ya pele ya Bokeresete, setlhopha sa baobamedi ba ba nang le boammaaruri se ka lebelelwa go nna gone gompieno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela