Dipotso tse di Tswang Go Babadi
◼ Fa Mokeresete a ikutlwa gore mongwe mo phuthegong ga se tsala e e tshwanetseng ka ntlha ya boitshwaro jwa motho yoo kgotsa boikutlo, a o tshwanetse a mo ‘elatlhoko’ tumalanong le 2 Bathesalonia 3:14, 15?
Bao ba nnang karolo ya phuthego ya Bokeresete ba dira jalo ka go bo ba rata Jehofa mme ka bopelo-e-phepa ba batla go tshela ka melao-metheo ya gagwe. Go botoka go kopanela le bano go na le batho ba lefatshe Re ka tswa re ka wela dibete thata ka Bakeresete ba ba rileng, jaaka Jesu ‘segolo-bogolo a ne a rata’ moaposetoloi Johane mme a ne a atamelane thata le ba le 3 mo go ba ba 12. Lefa go le jalo, o ne a ba ikgethela, a ba kgatlhegela, le go ba rata botlhe. (Yohane 13:1, 23; 19:26; Mareko 5:37; 9:2; 14:33) Lemororo bakaulengwe botlhe ba na le makoa ao re tshwanetseng go a tlhaloganya le go ba itshwarela, re itse gore karolo e ntsi ya badumedi ka rona ke ditsala tse di molemo. (1 Petere 4:8; Mathaio 7:1-5) Go ratana ke lotshwao lo lo kgethololang phuthego ya Bokeresete—Yohane 13:34, 35; Bakolosa 3:14.
Lefa go ntse jalo, ka nako nngwe, mongwe a ka nna le boikutlo joo kgotsa tsela eo ya botshelo eo rona ka borona re sa e rateng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala kaga bangwe mo Korintha bao dipono tsa bone ka sebele ka ga tsogo di neng di sa tlhamalala mme e le bao ba neng ba na le boikutlo jwa ‘a re jeng, a re nweng, le go itumela.’ Bakeresete ba ba godileng mo phuthegong ba ne ba tlhoka go nna podi-matseba ka bao ba ntseng jalo, ka go bo Paulo o ne a tlhagisa: “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.”—1 Bakorintha 15:12, 32, 33.
Kgakololo eno e e akaretsang e a tshwanela tota gompieno. Ka sekai, banyalani ba Bakeresete ba ka fitlhela e le gore bana ba bone ba amega fela thata fa ba senya nako le bana ba bangwe ba ba rileng, bao ba ka tswang ba ise ba ke ba tsee boammaaruri ka bomasisi kgotsa ba na le kgopolo ya selefatshe. Bana bano ba bangwe ba ka solegelwa molemo moragong ke thapiso ya bomodimo. Mme go fitlhelela seno se itshupa, banyalani ba ka kganela bana ba bone mo go tshamekeng le go eteleng banana bao. Seno e tla bo ese go ‘elatlhoko’ bao ba tshwanang le bao go buiwang ka bone go 2 Bathesalonia kgaolo 3. Batsadi ke fela gore ba dirisa kgakololo ya ga Paulo ya go tila ‘bolekane jo bo bosula.’
Maemo ao a biletsang go ‘elatlhoko’ ke a a masisi thata go na le sekao se se fa godimo se se akareletsang. Gangwe le gape mongwe mo phuthegong o ka tsaya tsela e e seng ya dikwalo e e tshwenyang thata, lefa lemororo e ise e biletse kgato ya go kgaola e e umakiwang go 1 Bakorintha 5:11-13. Boitshwaro jo bo ntseng jalo bo ne jwa diragala mo phuthegong ya bogologolo ya Thesalonia, ka jalo Paulo o ne a kwala ka go re: “Gonne re utlwa kaga bañwe ba ba tsamaeañ ka go tlhokomologa molaō mo go lona, ba ba se keñ ba diha gopè, me e le balotlhanyi hèla.”—2 Bathesalonia 3:11.
Bakeresete ba bangwe mo Thesalonia ba ne ba tla dirang‘? Paulo o ne a kwala ka go re: “Me yana rea lo laola, ba ga eoho, mo ineñ ya Morèna oa rona Yesu Keresete, gore lo ikgōgè mo go mokauleñwe moñwe le moñwe eo o tsamaeañ ka go tlhokomologa molaō, a sa tsamaee kaha dipoleloñ tse ba di amogetseñ mo go rona. Me lona, ba ga echo, le se ka loa lapa mo go diheñ molemō. Me ha motho moñwe a sa utlwe lehoko ya rona ka lokwalō lo, lo ele motho eouō tlhōkō, gore lo se nne bokopanō naè, gore a tlhaywè ke ditlhoñ. Leha go nntse yalo lo se ka loa mo kaea mmaba, me lo mo tlhagise yaka mokauleñwe.”—2 Bathesalonia 3:6, 13-15.
Ka gone, kwantle ga go umaka ditshwakga tseo di tsenang mo dikganyeng tsa batho, Paulo o ne a senolela phuthego bomasisi jwa tsela ya bone. Ke gone he Bakeresete botlhe bao ba neng ba lemoga sebopego sa bao ba ganang molao ba neng ba tla ba tshwara jaaka ba ba ‘etsweng tlhoko.’ Kgakololo ya, “lo èlè motho eouō tlhōkō,” e ne e dirisa lefoko la Segerika le le rayang “go tshwaya motho yo o,” ke gore, ‘go leba metsamao ya mongwe ka mo go kgethegileng.’ (New WorId Translation Reference Bible, footnote) Paulo o ne a re “lo se nne bokopanō naè” le yo o etsweng tlhoko “gore a tlhaywè ke ditlhoñ.” Bakaulengwe ba ne ba se ketla ba mo ikogola gotlhelele, ka gobo Paulo o ne a re “me lo mo tlhagisè yaka mokauleñwe.” Lefa go le jalo ka go lekanyetsa bolekane jwa bone mo dikokoanong le ene ba ne ba ka mo gogela mo goreng a tlhajwe ke ditlhong ka gongwe a itharabologelwa a bone tlhokafalo ya go dumelana le melao-metheo ya Bibela. E tla re go sa ntse go le jalo bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla sirelediwa mo tlhotlheletsong ya gagwe e e sa siamang.—2 Timotheo 2:20, 21.
Phuthego ya Bokeresete gompieno e dirisa gape kgakololo eno.a The Watchtower ya February 1, 1982, tsebe 31, e ne ya otlelela gore go elatlhoko ga go a tshwanelwa go dirwa fela ka ntlha ya diphapang tsa botho tse e seng tsa sepe kgotsa fa Mokeresete a ikutlwa ka sebele gore o ka tila bokopano jo bo atamalaneng le mongwe. Mme jaaka go supilwe mo kgannyeng ya mo Thesalonia, go elatlhoko go kopanyeletsa ditlolo tse di masisi tsa melao-metheo ya Bibela. Sa ntlha bagolwane ba leka gangwe le gape go thusa motlodi wa molao ka go mo tlhagisa. Fa bothata bo ntse bo tswelela, ba ka ikutlwa kwantle ga go umaka leina la motho, go neela phuthego puo ya tlhagiso malebana le boitshwaro jwa go tlola molao jo bo kopanyelediwang, le eleng fela jaaka Paulo a ne a tlhagisa Bathesalonia. Morago ga moo Bakeresete ka bongwe ba ne ba tla ‘elatlhoko’ motho yo o fapogang.
Katlholo e e molemo e a tlhokatala go na le melao ya go sa le gale ka ga kgang nngwe le nngwe ya go elatlhoko. Paulo ga a ka a tlhalosa ka botlalo melao malebana le bothata joo mo Thesalonia. jaaka go bolela gore ke ka lobaka lo lo kae motho a ileng a nna a gana go bereka pele ga a ka elwatlhoko. Ka mo go tshwanang, bagolwane ba amana le letsomane mme ka gone ba ka dirisa botlhale le temogo mo go lekanyetseng gore a jaana boemo bo masisi ka mo go lekaneng le go feretlha mo bo ka batlang puo ya tlhagiso mo phuthegong.b
Boikaelelo jo bongwe jwa go elatlhoko ke go tlhabisa Mokeresete yo o tlolang molao ditlhong le gore a khutlise tsela ya gagwe e e seng ya Bokeresete. Batho ka bongwe bao ba ileng ba mo elatlhoko segolo-bogolo bagolwane, ba tla tswelela ba ntse ba mo kgothatsa le go elatlhoko boikutlo jwa gagwe jaaka ba kopana le ene kwa dipokanong le mo tirelong ya tshimo. Fa ba bona gore bothata le boikutlo tse di neng di gogela gore a elwetlhoko di ile tsa fetoga mo go botoka, ba ka khutlisa ditekanyetso tsa bone tsa go kopana le ena mo maitapolosong
Ka gone he, go elatlhoko ga go a tshwanela go tlhakanngwa le tiriso ya kgakololo ya Modimo ya botho kana ya lelapa go tila bokopano jo bo maswe. E re ntswa go elatlhoko e se sengwe seo se tlhokafalang gantsi, go tshwanetse ga phepafala gore go elatlhoko ke kgato ya Dikwalo eo e tsewang fa go tlhokafala, le eleng kgato eo e tserweng ke bakaulengwe ba rona ba Thesalonia.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona The Watchtower, May 15, 1973, ditsebe 318-20.
b Ka sekai, bagolwane ba tshwanetse go dirisa temogo mo go dirisaneng le Mokeresete yo o fereyang motho yo o seng “mo Morèneñ.”—Bona The Watchtower ya March 15, 1982, tsebe 31.