Go Itumela Bao Modimo o ba Otlhayang
“Go segō monna eo u mo oatlhaeañ, Yehofa, u mo ruta ka molaō oa gago.”—Pes. 94:12.
1, 2. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka kotlhao ya bomodimo?
KE LENG labofelo wena, ka lefoko kana ka tiro, o neng wa tlhaela ditsela le maemo a Modimo a tshiamo? Ka gongwe ga go tlhokege gore o ngwae tlhogo ka go akanya, gongwe ke dioura kana malatsi a se kae fela, gonne rotlhe rea leofa, re retelelwa ke go bontsha kgalalelo ya Modimo ka tshwanelo.—1 Dikg. 8:46; 1 Yoh. 1:8-10.
2 Re ka itumelela go bo Jehofa ka lorato lwa gagwe o eletsa go re otlhaya ebile a kgona go dira jalo. “Èna eo o oatlhaeañ merahe, a ga a ketla a siamisa, eboñ èna eo o rutañ motho kicō? Go segō monna eo u mo oatlhaeañ, Yehofa, u mo ruta ka molaō oa gago.” Fa re ‘mma re otlhaiwa’ ke Jehofa, re tla itumela, ka gonne re tla dumalana nae.—Pes. 94:10, 12.
3. Ke ditlhogo dife tse ka tshwanelo di tla sekasekiwang?
3 Bakeresete ba ka ikanya tlhomamisetso ya Bibela e e reng, “Gonne eo Yehofa o mo ratañ oa tla a mo oatlhaee.” (Baheb. 12:6) Ka jalo, re itumelela go neelana ka tsheka-tsheko e e theilweng mo Bibeleng ya dikgang tse di amanang le kgalemelo, boikwatlhao le go kgaolwa. Ditlhogo di le pedi mo tatelanong eno di mo tokololong e ya Tora ya Tebelo, mme tse di setseng tse tharo di tla gatisiswa mo tokololong e e latelang. Ditlhogo tse tlhano tseno di tshwanetse go thusa botlhe go nna le kutlwisiso e e phepafetseng ya melao-metheo e e kopanyelediwang, le go ‘itekanediwa; go gomodiwa; go nna pelo nngwefela; go tshela mo kagisong.’—2 Bakor. 13:11.
4, 5. Jehofa Modimo o re otlhaya jang?
4 Modimo gantsi o re otlhaya ka tsela ya go neneketsa le ya bonolo mo e leng gore re ka nna ra ba ra seka ra e lemoga e le kotlhao. Gongwe re bala sengwe mo Lefokong la gagwe se se re tlosang mo tseleng e e sa rategeng kana se siamisa go akanya ga rona. Ka dinako tse dingwe kotlhao e e tswang go Modimo e ka nna e e tlhabang go gaisa le e leng e e botlhoko ka tsela nngwe. Lefa go ntse jalo o itse bogolo le mofuta wa kotlhao o o ka re tokafalelang. (Yer. 30:11) Ana go molemo jang fa re amogela kotlhao eno ka go rata, gonne Modimo o otlhaya ka lorato jaaka rre a otlhaya morwa wa gagwe yo o rategang! Gape go botlhale gore re amogele kotlhao epe e e lekanyeditsweng eo Jehofa Modimo a e neelang go na le gore re gamolwe go ya ntlheng ya go senngwa.—Yer. 10:24: Baheb. 12:5.
5 Fa gongwe Modimo o neela kotlhao ka batho. O ne a romela baperofeti le baatlhodi kwa morafeng wa Iseraele. Mme o ka neelana ka tshiamiso e e botlhale le e leng go motho-ka-bongwe. Mongwe wa “bagomotsi” ba ga Jobe o ne a tlhotlheletsega go bolela gore Jobe o ne a “rutile batho ba bantsi.” (Yobe 4:3; 16:2) Ana e tshwanetse ya bo e ne e le lesego jang go amogela tshiamiso e e botlhale go tswa go Jobe, monna yo o tlhomologileng mo boineelong jwa bomodimo! Lefa go ntse jalo, re ka ipotsa jaana, ‘A ke bulegetse tshiamiso e e thusang ya mofuta o, tshiamiso e e tswang mo mothong mme e theilwe mo botlhaleng jo bo itekanetseng jwa Modimo?’
GO SOKOLOLANA KA LORATO
6. Re ka amogela tshiamiso go tswa mo mokaulengweng mo motheong ofe?
6 Jesu o beile motheo wa gore re solofele go amogela le go neela tshiamiso e e lorato. Ka mafoko a a akaretsang dikgang tsa molato o o masisi wa botho, mme ao ka motheo a ka dirisiwang mo mabakeng a le mantsi, Jesu o ne a re: “E re ha oa ga eno a gu leohèla, u mo ōmanye; me ha a ikwatlhaea, u mo ichwarele.” (Luke 17:3) Gape, moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore “motlhanka oa Morèna” o tshwanetse a bo “a le boikokobeco, a shokolola” ba bangwe.—2 Tim. 2:24, 25.
7. Go tshwanetse ga diragala eng fa sebe se le masisi?
7 Badisa, kana balebedi ba ba tlhophilweng, ba ba mo phuthegong ba kgatlhegela Mokeresete mongwe le mongwe, mme gape ba kgatlhegela le go sireletsa letsomane lotlhe. (Baheb. 13:17; 1 Pet. 5:2, 3) Ka gone, fa mongwe a wela mo sebeng se se masisi, ba tshwanetse go itse. Moleofi ka boena o tshwanetse a “bitsè bagolwane ba phuthègō.” Kana, Mokeresete mongwe yo o itseng kaga sebe se se masisi o tshwanetse go tlhagisa bagolwane, ka ntlha ya go amega ka modira-phoso le ka bophepa jwa phuthego. (Lefi. 5:1) Bagolwane bano bone ba ka kgona go thusa motho yo o wetseng mo phosong, ba mo sokolola mme ka gone ba ‘boloka moya wa gagwe mo losong.’—Yak. 5:14, 16, 19, 20.
8. Re tshwanetse go leba diphoso tse dinnye tsa bakaulengwe ba rona jang?
8 Go na le ditlhaelo kana diphoso tse di seng masisi thata tseo mo go tsone Bakeresete ba ba godileng ba ka kgonang go neela tshiamiso le thuso tse di thailweng mo Bibeleng. Legale, re tshwanetse go itisa mo go kgaleng melato e e seng metona ya yo mongwe, gonne Modimo o re kgotheletsa go nna pelotele le go itshokelana. (Bakol. 3:12, 13) Re tshwanetse go nna le “boikokobeco yoa pelo, moñwe le moñwe a kaeè eo moñwe ha a mo gaisa ka molemō; Moñwe le moñwe a sa tlhokomèlè dilō tse e leñ tsa gagwè hèla, ha e se go re, moñwe le moñwe go tlhokomèla le tse e leñ tsa ba bañwe.” (Bafil. 2:3, 4) Modimo o re tlhomamisetsa gore “ke kgalalèlō ea [rona] go tlhokomologa tlolō.”—Dia. 19:11.
9, 10. Go ne go ka dirwa eng fa go lebega ekete mokaulengwe o tsaya kgato e e seng yone?
9 Lefa go ntse jalo, go ka ne go na le dipaka tse re bonang Mokeresete-ka-rona a tsaya kgato e e fosagetseng kana a lebile kotsing ka baka la mokgwa o o maswe. Ka sekai, fa re ntse re itisa le mokaulengwe re ka lemoga gore o sekametse mo go nweng thata. Gaa lebege a le letagwa, mme ka mo go phepafetseng ‘o lemaletse bojalwa.’ (1 Tim. 3:8) Ka jalo tshiamiso e e thusang e ka neelwa. Mme ka mang?
10 Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Galatia a re: “Leha motho a cwerwe mo tloloñ ñwe, Iona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō.” (Bagal. 6:1) Mokeresete yo o nang le ditshwanelego tsa semoya o ka neela tshiamiso ka bopelonomi le ka botlhale ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, o ka bua sengwe mo motlotlong wa kakaretso mo e leng gore ga e na go lebega e le kgakololo e e ikaeletsweng. (Dia. 15:23) Kana, kwa sephiring o ka neela mafoko a tlhagiso. Lefa go ntse jalo—ebile se se botlhokwa—boiteko jwa gagwe ga bo a tshwanelwa go tlhotlhelediwa ke moya wa go kgala, mme bo tshwanetse go tswa kamegong ya lorato.—1 Bakor. 13:4, 5.
11. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba Filipi ba ka bo ba thusitse jang ka bothata jo bangwe ba ka neng ba nnile najo koo?
11 Gape go na le maemo a mangwe ao bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ka thusang mo go one. Paulo o ne a kwala seno kaga bothata jo bo neng bo le mo Filipi:
“Ke laea Eudia, ke laea Sentuke, gore ba nnè pelo ñwe hèla mo Moreneñ. E, le wèna kea gu rapèla, mmelegayokwe ka nna oa mmanete, ka re, thusa basadi bauō, gonne ba kile ba diha le nna mo Mahokuñ a a Molemō.” (Bafil. 4:2, 3)
Go lebega go ne go na le bothata kana kgotlhang e kgolo gareng ga basadi ba babedi bano ba Bakeresete ba ba tloditsweng. Ruri moaposetoloi o ne a sa kgothaletse Bafilipi go ema ope nokeng mo kgotlhannyeng eno. Moo go ne go tla kgobera phuthego, go dira makoko, lefufa le kgogakgogano. (1 Bakor. 1:10-13; 3:2-9) Eo ke kotsi e e masisi e e tshwanetsweng go tilwa. Lefa go ntse jalo, kwantle ga go intsha bommaseikubeng mo dingongoregong le mo diponong tsa bosadi, bakaulengwe le bokgaitsadi, fela jaaka “mmelegayokwe ka nna oa mmanete” mo Filipi, ba ne ba ka neela kgothatso e e siamisetsang go bopagana ga Bokeresete, go itshwarelelana le go dira mmogo ka lorato. (Math. 5:23-25; Baef. 4:1-6, 31, 32; Tito 2:3-5) Fa moobamedi-ka-wena a go neela tshiamiso ya boitlhomo jo bo molemo e e ntseng jaana, o tshwanetse go e leba jaaka tshupo ya bopelonomi.—Pes. 141:5.
GO THUSA KA NITAMO
12, 13. Ke mefuta efe ya diphoso tse di masisi e e ka nnang teng mo phuthegong?
12 Mo lobakeng lo longwe go ka ne go na le Mokeresete yo o tlwaelang tsela e e sa dumalaneng le dikaelo tsa Modimo mme a bile a sa fetoge go sa kgathalesege tota le thuso ya bagolwane. Se ga se kgang ya mongwe yo o nang le kgotlhang le yo mongwe fela. Le gone ga se fela gore motho o sa na le go golela mo bogoding jwa Bokeresete mme ka jalo a supa ka ditsela di le dintsi gore o tlhoka gore a tswelele a gola. Paulo o ne a bolela gore go tla nna le Bakeresete ba ba sa golang ba ba tshwanetsweng go thusiwa ka bopelotelele, lorato le keletso ya go ba bona ba tswelela. (Bar. 14:1; 15:1; 1 Bakor. 13:11; Bafil. 3:15, 16) Mme, kwantle ga moo, go ka nna le mongwe yo o kgethang go tswelela ka tsela eo e bonalang sentle fa e thulana le kgakololo ya Modimo, lefa e ise e nne sebe se se masisi.
13 Ga go a tshwanela go tshosa gore go ka nna ga bo go na le Bakeresete ba mofuta o ka makgetlo mangwe. Bibela e re: “me yana mo tluñ e kgolo go bo go se diyana tsa gouda le tsa selefera di le cosi; me le gōna go na le tsa logoñ le tsa lecopa; me diñwe ke tsa tlotlō, tse diñwe ke diyana hèla.” (2 Tim. 2:20, 21) Phuthego e ne ya tshwantshiwa le ntlo eo mo go yone go ka neng go na le batho bangwe ba ba neng ba tshwana le dijana tse di sa tlotlegeng, bao ditsela le ditlhotlheletso tsa bone di seng molemo thata. Timotheo le Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba tlhagisiwa go ‘baya leitlho’ mo dijaneng tse di sa tlotlegeng tse.—Bapisa le Baroma 16:17.
14, 15. Go ne ga tsoga bothata bofe mo phuthegong ya kwa Thesalonika, mme Bakeresete ba ka ikutlwa jang ka bothata jo?
14 Mo tumalanong le khutlwisiso eno gammogo le tiriso ya mafoko a ga Paulo, re ela tlhoko gore go ne go na le kgang ya mofuta ono kwa Thesalonika wa bogologolo. Phuthego yotlhe e ne ya gakololwa kaga gore ba bangwe, bao ka mo go bonalang ba neng ba itekanetse ba bile ba kgona, ba ne ba sa bereke. Batho ba ba mmalwa bano ba ne ba batla go tshela ka ba bangwe, ba tlola kgakololo ya Modimo kaga botshwakga. Jalo Paulo o ne a kwala jaana: “Me yana rea lo laola, ba ga echo, mo inèñ ya Morèna oa rona Yesu Keresete, gore lo ikgōgè mo go mokauleñwe moñwe le moñwe eo o tsamaeañ ka go tlhokomologa molao, a sa tsamaee kaha dipoleloñ tse ba di amogetseñ mo go rona.”—2 Bathes. 3:6; Dia. 20:4; 24:30; Mor. 5:12, 18; 10:18.
15 Ee, go ka bo go na le mongwe yo o “tla a gane go siamisiwa ka puō hèla,” go kopanyeletsa le kgakololo ya Dikwalo e e tswang mo bagolwaneng ba e neela phuthego, mme a tswelela ka go tsamaya kgatlhanong le melao-metheo ya Modimo. He, Bakeresete ba ka patelesega gore ba “ikgōgè” mo go ene, jaaka Paulo a gakolotse.—Dia. 10:17; 29:19.
“LO ÈLÈ MOTHO EOUŌ TLHŌKŌ”
16. Paulo o ne a neela Bathesalonika kgakololo efe?
16 Fa Paulo a tswelela ka go gakolola Bathesalonika kaga ba ba botshwakga, ba ba botlhaswa, o ne a kwala jaana: “Ha motho moñwe a sa utlwe lehoko ya rona ka lokwalō lo, lo èlè motho eouō tlhōkō, gore lo se nnè bokopanō naè, gore a tlhaywè ke ditlhoñ. Leha go nntse yalo lo se ka loa mo kaea mmaba, me lo mo tlhagisè yaka mokauleñwe.” (2 Bathes. 3:14, 15) Ka gone, Bakeresete ba ka ‘ela tlhoko’ mongwe yo o tswelelang a tlhokomologa melao-metheo ya Modimo.
17. (a) Ke ka ntlhayang fa go tlhokega go itisa mo go diriseng kgakololo eo? (b) Jesu o ne a reng malebana le se?
17 Lefa go ntse jalo, re tlhoka go itisa thata mo go diriseng kgakololo eno ya bomodimo. Ka bosaitekanelang jwa rona, re ka sekamela mo go direng dikatlholo tsa botho tse di thailweng mo dithatong le mo go sa rateng ga motho ka bongwe, tse di etsang mokgwa wa go apara kana go ikgabisa. Mme fa moaparo wa kgaitsadi, ka sekai, e se o o seng bori, o o seng o o sa tlotlegeng, kana o o sa tsitsibanyeng bakaulengwe ka kakaretso, re tshwanetse go lemoga gore kgaitsadi yoo o ithatela moaparo o o farologaneng fela. (Gen. 37:3, 4; Yoh. 19:23; 1 Tim. 2:9, 10) Ga re a dirwa baatlhodi ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo dikgannyeng tsa dipono tse di sa reng sepe, dilo tse ba di ratang kana go sa tshwane ga segakolodi. (Bar. 14:4, 10-12) Kana, lefa mongwe a fositse mo go se tota e leng ntlha e e potlana, re tshwanetse go gakologelwa kgakololo ya ga Jesu:
“Lo se ka loa sekisa, gore lo se sekisiwe. Gonne tshekishō e lo sekisañ ka eōna, lo tla sekisiwa ka eōna. . . . Me u lebèlañ selabe se se mo leitlhoñ ya oa ga eno, me u sa tlhokomela mosipuri o o mo leitlhoñ ye e leñ ya gago?”—Math. 7:1-3.
18. Go tshwanetse go dirweng fa mongwe ka mo go bonalang a tlola kgakololo ya Modimo?
18 Lefa go ntse jalo, go tweng fa go na le mongwe yo o fapogang melao-metheo ya Modimo mo go masisi, gongwe a le sebodu kana a kgala thata, a le ‘mmalabadi’ le yo o ‘lotlhanyang’ ka metlha? (2 Bathes. 3:11) Kana, bothata e ka nna jwa go loga maano a go amoga ba bangwe dithoto, go tsenelela mo boitloso-bodutung jo ka mo go bonalang bo sa tlhamalalang, kana go tsenelela mo boitshwarong jo bo sa kgotsofatseng jo bo iseng bo tlhoke kgato ya katlholo.a Bagolwane ba ka buisana ka kgang eno mme gongwe ba ka abela mongwe wa bone go neela phuthego puo ya Dikwalo e e tiileng, e e tlhamaletseng kaga kgang eno. Kwantle ga go umaka yo o ‘tlhokomologang molao’ ka leina, bagolwane ka gone ba ka kgona go ‘thiba molomo’ wa moitaodi yoo.—Tito 1:10-13.
19. Ba bangwe mo phuthegong ba ka itshwara jang fa bothata bo tswelela?
19 Fa boemo jo bo ntseng jaana bo ka nna teng mo phuthegong, Bakeresete ka bongwe ba ka bona ba patelesega go ‘ela tlhoko’ motho yoo.b Paulo o tlhalosa gore seno se kopanyeletsang ka bontlha bongwe, ka go re: “Lo se nne bokopano nae, gore a tlhaywè ke ditlhoñ.” (2 Bathes. 3:14) Seo se tla raya go ngotla bokopano jwa gago jwa maitiso le motho yo o ‘etsweng tlhoko.’ Ga wa tshwanela go itsise kana go phatlalatsa phetso ya gago ya sephiri, lefa e le go leka go tlhotlheletsa ba bangwe. Mme wena ka bowena o tla tila bokopano le motho yo o ‘etsweng tlhoko,’ mo tumalanong le kgakololo e e siameng e e neetsweng ke bagolwane ba phuthego. Lefa go ntse jalo, ga o kitla o mo gana gotlhelele, gonne e santse e le mokaulengwe wa gago, Mokeresete ka wena yo Keresete a mo swetseng. Go na le go letlelela gore dipeo dingwe tsa ‘kilo’ di gole, o tshwanetse go mo “kgalemèla.” Jang? Mo godimo ga gore wena o nne sekao se se molemo, go utlwa taelo ya go “se nne bokopano naè” ka bopelonomi mme ka nitamo ke mofuta mongwe wa tshiamiso. Mme o ka thusa ka mo gontsi.—Lefi. 19:17; Tito 2:7, 8.
20. Fa o ‘etse tlhoko’ mongwe yo o tlhokomologang molao, o na le boikarabelo bofe?
20 O tla bo o ntse o na le Mokeresete yo o ‘etsweng tlhoko’ kwa dipokanong tsa phuthego le mo tirelong ya tshimo. Ka gone, o ka nna le dipaka tsa go diragatsa tshwanelo e nngwe ya gago e e kopanyelediwang mo go mo ‘eleng tlhoko’: “Lo se ka loa mo kaea mmaba, me Io mo tlhagisè yaka mokauleñwe.” (2 Bathes. 3:14, 15) Fa o sa diragatsa boikarabelo jwa gago mo ntlheng eno ya kgakololo ya Modimo, mme o tshwere motho yo o ‘etsweng tlhoko’ jaaka mmaba, tsela ya gago e ka nna e e seng ya lorato jaaka ya gagwe.
21. Boikaelelo jwa thulaganyo e ya Bibela ke bofe?
21 Go tshwanetswe go solofelwa gore motho yo o ‘etsweng tlhoko’ o tla tlhajwa ke ditlhong. A ka lemoga gore ke ka kaelo ya Dikwalo go bo o tila bokopano jwa gagwe jwa maitiso. Kotlhao e e ka mo thusa go ‘tsholetsa mabogo a a lepeletseng, le mangole a a reketlang; . . . gore se se tlhotsang se se ka sa lokologa, mme bogolo se tle se sidilege.’ Ereka go na le palo e kgolo ya bakaulengwe ba ba ikanyegang ba ba kopanelang le phuthego ya Modimo gompieno, gongwe e ka nna ka sewelo gore Bakeresete ba ka patelesega go ‘ela tlhoko’ mokaulengwe yo o tlhokomologang molao. Mme fa seno se diragala, ka gongwe tshiamiso, e kopantswe le tlhagiso ya ka metlha, di tla ‘ungwisa leungo la kagiso, ebong tshiamo.’—Baheb. 12:11-13.
GO KOPANA LE KOMITI YA BAGOLWANE
22, 23. Dikgetsi tsa sebe se se masisi di tshwanetswe go tshwariwa jang? (Dipa. 35:12; Dute. 19:11, 12)
22 Jaaka re etse tlhoko (mo serapeng sa 7), motho yo o ‘dirileng sebe se se masisi’ o tshwanetswe go bonwa ke “bagolwane ba phuthègō.” (Yak. 5:14, 15) Banna bano ba mo boemong jo bo molemo jwa go ka neela tshiamiso ya bomodimo go motho yo o fenyegileng mme a wetse mo sebeng se se masisi. Ba ka mo neela thuso ya semoya e a e tlhokang.—Dia. 6:23.
23 Gantsi go tlhophiwa komiti ya bagolwane ba bararo go dirisana le kgetsi ya go dira phoso mo go masisi. Ga ba dire jaaka baatlhodi fela kana ‘mapodise a semoya.’ Ke badisa ba letsomane, ba bile ba itshupa go nna bone fa ba dirisana le motho yo o dirileng phoso. Modisa wa dinku tsa mmatota gaa bontshe moya wa go ipusolosetsa, wa bogale kana wa go bona molato. Le bagolwane ga baa tshwanela. Ba foo go thusa, e seng go nyatsa. (Yude 23) Mokgele wa bone ke go sokolola moleofi mo tseleng ya gagwe, fa moo go kgonega.—Yak. 5:19, 20.
24. Bagolwane ba ikaelela go direla moleofi eng?
24 Lefa go ntse jalo, fa ba dirisana le sebe se se masisi, bagolwane ba tshwanetse go ‘ngaparela lefoko le le ikanyegang,’ ba nonofetse “go laea ka thutō e e itekanetseñ, le go henya baganetsi.” (Tito 1:9) Ka jalo ga baa tshwanela go ikgogona mo go bontsheng modira-phoso ka tlhamalalo go tswa mo Dikwalong bophoso jwa tsela ya gagwe le lebaka la go bo a tshwanetse go siamisa tsela ya gagwe. Ba batla gore a ikotlhae mme a agisane le Modimo gape.—1 Pet. 3:10-12.
25. Ke dikgang dife tse di santseng di tshwanetswe go ithutiwa?
25 Lefa go ntse jalo, bagolwane ba tshwanetse go kgalemela badira-phoso jang? Boikwatlhao jwa bomodimo ke eng? Bo bontshiwa jang? Bogolwane ba tshwanetse go dirisana le dikgetsi tsa sebe se se masisi jang fa go na le boikwatlhao? A modira-phoso o tshwanetse go kgalemelwa fa pele ga phuthego? Dikgang tse di tla seka-sekwa mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Sekai se se kopanyeletsang lefereo fa motho a sa gololesega go nyala gape go ya ka Dikwalo se ne sa tlotliwa mo “Dipotsong tse di Tswang go Babadi” go The Watchtower ya August 1, 1980.
b Go ‘ela tlhoko’ motho go raya go tshwaya motho yoo. Bapisa go lepa mo go siameng mo go umakiwang go Dipesalema 37:37; Bafilipi 3:17 le Bahebera 13:7.
[Lebokoso mo go tsebe 24]
RE TSENELELA JANG MO TSHIAMISONG YA BOMODIMO?
Fa gongwe Modimo o re siamisa ka Bibela kana ka dithuso tsa go ithuta Bibela.
Kana Mokeresete, bogolo jang mogolwane, ka lorato o ka re lemotsha phoso.
Fa bangwe ba gana go tlogela tsela e e sa siamang, bagolwane ba ka tshwanelwa ke go tlhagisa le go lemotsha phuthego kaga tsela kana mokgwa oo.
Morago re tshwanetse go bona gore rona motho-ka-bongwe re tshwanetse go ‘ela tlhoko’ (2 Bathes. 3:14, 15) bape bao ba sa siamang jalo.
Fa re dira jalo, re tla tila bokopano jwa maitiso le bone, MME gape re tshwanetse go diragatsa boikarabelo jwa rona jwa go thusa le go tlhagisa ba ba sa siamang bano, gonne e santse e le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Fa o bona Mokeresete-ka-wena a lebile mo kotsing, a o ka mo gakolola ka bopelonomi?
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
‘Thusang’ bao ba tlhokang kgothatso e e siamisang, go ne ga gakolola Paulo jalo