LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 9/1 ts. 31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Isake o Bona Mosadi yo o Molemo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Rebeka—Mosadi wa Senatla yo o Neng a Boifa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Rebeka O ne A Ikemiseditse go Itumedisa Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • “Ke Iketleeleditse go Tsamaya”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 9/1 ts. 31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Fa Aberahame (mme moragonyana Isake) a kaya gore mosadi wa gagwe ke kgaitsadie, a seno e ne e le sekai sa batho ba ba neng ba nyala bokgaitsadiabone mo go kileng ga ne go dirwa kwa Botlhaba-Gare?

Batlhotlhomisi ba segompieno ba ile ba otlelela kgopolo eo, mme go bonala go na le mabaka mangwe kwantle ga seo a a dirileng gore Aberahame le Isake ba itshware ka tsela eo.

Moporofesa E. A. Speiser o ne a tlhagisa mogopolo ono wa batho ba ba nyalang bokgaitsadiabone go The Anchor Bible. O ne a tlhalosa ka dilo dingwe tse di neng tsa lemogiwa kaga ba-Hura ba go bonalang ba ne ba nna kwa bokone jwa Mesopotamia, go akareletsa le Harana kwa Aberahame a neng a nna gone ka lobakanyana le koo Rebeka a ka neng a bo a ne a nna teng. Speiser o ne a kwala jaana:

“Mo morafeng wa ba-Hura dibofo tsa lenyalo di ne di tiile thata ebile di na le maikano a a nonofileng thata thata fa mosadi le ene ka tsela e e tshwanang a na le boemo jo bo kafa molaong jwa go nna kgaitsadia-motho, go sa kgathalesege kamano epe ya bolosika kana nnyaa. Ke sone se ka dinako tse dingwe monna a neng a ka kgona go nyala mosetsana mme ka nako e e tshwanang a mo tseye jaaka kgaitsadie, mo dikarolong tse pedi tse di farologaneng tse di kwadilweng mo makwalong a semolao a a sa tshwaneng. Ditlolo dipe tsa dikamano tse di ntseng jalo tsa kgaitsadia-motho di ne di otlhaelwa mo go botlhoko thata go gaisa melato e e amang ditlamo dipe tsa manyalo . . . Kamano eno ya mosadi wa motho ebile e le kgaitsadie e ne e fitlhelwa thata thata mo setlhopheng sa batho ba maemo a a kwa godimo sa ba-Hura . . . Rebeka o ne a se moagi fela wa Har(r)rana eo e neng e laolwa ke ba-Hura, mme tota ebile o ne a fiwa Isake go nna mosadi wa gagwe, ke kgaitsadie ebong Labane . . . Ka gone, go na le mabaka a a nonofileng a go tsaya manyalo a mabedi a ga Aberahame le Sara le Isake le Rebeka, gore e ne e le a batho ba ba nyetseng bokgaitsadiabone.”

Polelo ya Genesise e re bolelela gore go ne ga nna gabedi Aberahame a ntse a kaya mosadi wa gagwe Sara (yo tota tota e neng e le kgaitsadie ka bontlhanngwe) gore ke kgaitsadie, a sa re ke mosadi wa gagwe. Seno se ne sa diragala fa ba ne ba le kwa Egepeto le fa ba ne ba le kwa Filisitia. (Genesise 12:10-20; 20:1-7) Isake o ne a tsaya tsela e e tshwanang fa a ne a na le Rebeka. Ereka Isake le Rebeka ba ne ba le masika, o ne a ka kgona go mmitsa kgaitsadie.​—Genesise 26:6-11.

Mo maemong ano Aberahame le Isake ba ne ba batla gore basadi ba bone ba tsewe jaaka bokgaitsadiabone ka ntlha ya kotsi e e neng e bonala e ka tlhagela banna ba bone fa go ne go ka itsege gore basadi ba bantle bao ba ne ba nyetswe. (Genesise 12:12; 26:9) Jalo ga go bonale ekete banna bao ba ne ba dirisa maemo a bone jaaka batho ba ba nyetseng bokgaitsadiabone gore ba tle ba itshireletse ka gone; boikaelelo jwa bone e ne e le go loba gore ba nyalane le Sara le Rebeka.

Aberahame o ne a nyala kgaitsadie wa losika pele ga Modimo a ntshetsa Iseraele melao e e kgatlhanong le manyalo a losika lo lo gaufi. Mme go santse go na le bangwe ba ba nyatsang go bo a (le Isake) ile a kaya mosadi wa gagwe jaaka kgaitsadie. Legale, ga re a tshwanela go lebala gore Bibela ka dinako tse dingwe e tlhalosa ditiragalo kwantle ga go supa gore e dumalana le boitshwaro jo bo kopanyelediwang. (Genesise 9:20, 21; 19:30-38) Lefa go le jalo go na le ditsela tseo go ka lejwang ka tsone seo se dirilweng ke Aberahame/Sara le Isake/Rebeka tseo di dumalanang le maemo a bone a a neng a le molemo fapele ga ga Jehofa.

Pele ga ditiragalo tseno di diragala, Modimo o ne a reile Aberahame a re: “Ke tla diha morahe o mogolo ka wèna, ke tla gu segohatsa, ke diha leina ya gago le nna legolo; me wèna, u nnè tshegohacō. Le gōna ke tla segohatsa bōnè ba ba gu segohatsañ, le èna eo o gu hutsañ ke tla mo hutsa: me mo go wèna, ditshika cotlhe tsa lehatshe di tla segōhala.” (Genesise 12:2, 3) Jehofa o ne a supa gape gore tshegofatso e ne e ikaegile gape ka losika lwa ga Aberahame. (Genesise 12:7; bapisa Genesise 15:4, 5; 17:4-8; 22:15-18.) Jalo he, Aberahame (mme moragonyana Isake) o ne a tshwanetse go nna a ntse a tshela gore a tle a tlhagise lotsalo.

Seno se ka nna sa bo se ile sa tlhotlheletsa Aberahame le Isake gore ba bitse basadi ba bone ba ba ikanyegang ba re ke bokgaitsadiabone. Fa e le gore mongwe le mongwe o ne a ka itse gore Aberahame o ne a le monna wa mosadi yo o kgatlhang ebong Sara, le gore Isake e ne e le wa ga Rebeka, go ne go tla baya moralo wa losika mo kotsing, banna bano ba tumelo ba ka nna ba bo ba ile ba tlhomamisa gore go ne go tla bo go le botlhale gore ba seka ba itsise dikamano tsa bone fa ba ne ba le mo dikgaolong tse di kotsi.

Sara o tlhaolwa jaaka sekao mo tumelong le mosadi yo o neng a ‘solofela mo Modimong.’ (1 Petere 3:5, 6; Bahebera 11:11) O ne a kgetha go amogela boemo jo bo neng bo tserwe ke tlhogo ya gagwe ya lelapa gore ka lobakanyana a lobe seemo sa gagwe jaaka motho yo o nyetsweng. Go tla bo go le tshiamo go leba seno jaaka selo se se neng se dirwa ka bopelontle, go gatelela maikutlo a botho le dikgatlhego gore setho sotlhe se tle se amogele tshegofatso. Mme, ka go lemoga gore Jehofa o ne a mo femela mo go Faro mme moragonyana mo go Abimeleke, kgosi ya Gerara, ga se selo se se gakgamatsang go bo Rebeka a ne a latela tsela e e tshwanang ya go dirisanya ka ikanyo le Isake, yo le ene e neng e le monna wa tumelo e e tshwaegang.​—Bahebera 11:20.

Jalo he, e kane batho ba kwa Kanana le Egepeto ba ne ba itse kaga maemo a motho gore o ka nyala kgaitsadie moo go bonalang go kile ga nna gone kwa Harana kana nnyaa, tsela e e neng ya tsewa ke Aberahame/Sara le Isake/Rebeka e ne e tsamaisanya le dilo tse di neng di kopanyelediwa, tseo di neng di tlhotlhelediwa ke melao-metheo e e kwagodimo le maitlhomo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela