LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 9/1 ts. 32
  • “Mosimanyana wa Me O ne a Ntsenya Kgoro Tsotlhe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Mosimanyana wa Me O ne a Ntsenya Kgoro Tsotlhe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 9/1 ts. 32

“Mosimanyana wa Me O ne a Ntsenya Kgoro Tsotlhe”

Ke seo rre mongwe a se begileng fa a ne a tla kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Peru bosheng jaana. O ne a tlhalosa gore:

“Mosimanyana wa me ga a bolo go ntshwenya ka dibeke di le dintsi, a batla gore ke mo bonele buka ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. Fa esale ka mongwe yo o tsenang sekolo nae a nna le yone, mosimanyana wa me gaa ka a mpha lefa e le motsotso gore ke kgwe moya. Ga ke bolo go batla gongwe le gongwe go bona koo ke ka bonang sekaelo sa yone gone. Ke ne ke sena lefa e le lesedinyana la gore ke ka simolola kae. Go botsa kwa dibuka di rekisiwang gone ga go a ka ga thusa ka sepe.

“Ke ne ka bolelela mongwe wa batho bao ba mperekelang mo ofising, mme o ne a bolela gore ke tshwanetse go ya kwa Basuping ba ga Jehofa gore ke e bone. Ke ne ka re, ‘Ao, nnyaa! Eseng batho bao. Ba a ga ba tla kwa ntlong ya me, mme ka gale ke a ba leleka.’ Mme o ne a ntlhatswa pelo gore ga lo bosula go le kalo​—tota, o ne a bua sentle tota ka lona mme a bolela gore buka eo ke batlanang le yone ke e e molemo thata. Jalo ke tlile. Ke batla buka eo.”

Re akanya gore, le wena, o tla batla buka eno e e nang le ditshwantsho tse dintle, ya mokwalo o mogolo. Ditiragalo tsa yone tsa Bibela tse 116 di sedimosetsa mmadi ka seo Bibela e leng malebana le sone.

Tswee tswee nthomelelang, poso e dueletswe, buka ya khabara e e thata ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, eo ke romelang R4,50 wa yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela