Bosupi Jwa go Repa ga Boitshwaro
BORASOSIOLOJI ba kaya gore go repa goo go etegelang pele ga boitshwaro ga segompieno go bakiwa ke dilo tse di farologaneng. Lefa go ntse jalo, seithuti sengwe sa Bibela sa lekgolo la bo-19 la dingwaga, ebong Cunningham Geikie, o supile ka nepo gore matsapa di a tsaya kae. O ne a akgela ka bonokopela gore “ke boammaaruri gore mofuta wa bodumedi jwa morafe bo bontsha gore boitekanelo le maikatlapelo tsa one tsa semorafe di ntse jang.” Ka mo go kgatlhisang, Bibela e e Boitshepo e tshwantsha bodumedi jwa maaka bo tshwana le seaka se se nang le leina le le se kgethololang mo phatleng ya sone—“Babelona o Mogolo.” Mo seatleng sa sone go na le senwelo sa gauta seo se tletseng ka dilo tse di makgapha le dilo tse di leswe tsa kgokafalo ya gagwe. Kwantle ga pelaelo, letshwao leo le kgethololang bodumedi jono jwa maaka jwa Babelona ke lone leo eleng bosupi jwa boitsholo jo bo diphatsa le boikepo jo bo makgapha tsa gompieno.—Tshenolō 17:1, 2, 4, 5, 15.