Buka e e Kgatlhang Tota!
“Ke sa tswa go fetsa go bala O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise,” go kwadile jalo mosadi mongwe mo Illinois, Chicago, bosheng jaana. “Kwantle le Bibela ka bo yone ke bone gore buka eno ke kgatiso e e opang kgomo lonaka, e a kgatlhisa, le go gogela go na le tse ke di badileng.” O ne a tswelela ka go tlhalosa ka go re:
“Go kopana ga me ga ntlha le Basupi ba ga Jehofa e ne e le ga go itsemeletsa. Pele pele ke ne ka bona go swabisa fa ba ne ba etela lelapa la me gangwe le gape go mpolelela ka Dikwalo. Bangwe ba maloko a lelapa la me ba ne ba gopola gore ke ne ke tshereane ka go ba reetsa ka metlha. . . . Jaanong ke na le sebaka sa go supela se boammaaruri e leng sone ka go bala buka eno . . . Ke ka itumela tota fa ke ka bona thuto ya ka metlha ya Bibela le mongwe mo phuthegong.”
Buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise e tlotla ka botlalo kgang nngwe le nngwe ya thuto ya Bibela, e kokoanya bosupi mmogo ka tsela e e popota le e e tlhaloganyesegang moo karabo e phepafalelang mmadi sentle. Ditsebe tse 256 tsa kgatiso eno, tsa tsebe e e lekanang le ya makasine eno, e tshotse ditshwantsho tse di rutang tse di fetang 150, bontsi jwa tsone ka mmala o montle. E otore jaanong. Ke R3,50 fela.
Tlhopha e le nngwe kana ka bobedi: Tswee tswee nthomelelang buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. [ ] Ke romela R3,50.
[ ] Ke ka eletsa fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gape, a ka tla go tlotla Bibela le nna mahala.