Hara-Magedona—Seo E Sa Se Reyeng
Kwa o yang teng go sekgalanyana fela go tswa Haifa. Mo letsatsing le le bogale la Botlhaba Gare, o fologela ka sepalamo sa gago kwa borwa jwa Noka ya Kishon e e ntseng e itsoketsa go fitlhelela fa bofelong jwa mokgatšha. Fa o ntse o tla o raletse phatana e tshesane magareng ga thaba e e godileng ya Carmel le makhujana a Galalia, o nna o ntse o tsamaya go fitlhelela mokgatšha o apoga fa pele ga gago jaaka mogotswana o o atlhamologileng o o sephara—Dipoa tsa Esdraelon. O ntse o tsamaela kwa borwa jwa dipoa tseo ka sepalamo sa gago fa leitlho la gago le kgatlhantshiwa ke go bona thota nngwe e e nang le sebatla se se lekalekanang mo godimo ka mo go sa tlwaelegang Se ke sone se o ntseng o se senka! Lekhubu, kana thotana ya Megiddo, motswedi wa lefoko Hara-Magedona.
HARA-MAGEDONA e hupeditswe ke go sa tlhaloganngwe le go akanngwa ka tsela e e seng yone. Go na le megopolo e le mentsi thata ya gore e ka ne e rayang. Lefoko Hara-Magedona, lefa go le jalo, le tswa go Hara-Magedona, kana Thaba ya Megiddo.a Ke lefoko le le mo Bibeleng leo le fitlhelwang go Tshenolō 16:16, eo e tlhalosang ka go re: “Me ea di phuthèla mo heloñ ha go bidiwañ Hara-Magedona, [kana Aramagedona] mo puoñ ea Sehebera.”
Ke bomang ba ba phuthelwang kwa Hara-Magedona mme ka baka lang? Tshenolō 16:14 ea araba: ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe’ di ya kwa “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.”
Dikarabo tseo di tsosa bontsintsi jo bongwe jwa dipotso. Tsone ‘dikgosi’ tseo di tlhabana le mang, mme di tlhabanela kgang-kgolo efe? Di tla tlhabanela kae? A di tla dirisa dibolao tsa nuklea? A ntwa e ka kganelwa? Tota, Hara-Magedona ke eng?
Ga se Lefelo Lengwe mo Lefatsheng
Hara-Magedona e ka se nne lefelo lengwe mo lefatsheng. Ga go na thaba epe e e bidiwang ka leina leo e tota tota e leng gone—lefa thota e e bidiwang Megiddo e santse e le teng le gompieno. Lefa go le jalo, seo tota se kaiwang ke Hara-Magedona ke seo se re gopotsang ka ditiragalo tsa tlhabantshano eo e neng e diragala mo lefelong leo la Megiddo.
Megiddo e ile ya nna lefelo leo go lone go ileng ga tlhabanwa dintwa tse di boitshegang le tsa makgaola-kgang mo ditiragalong tsa Botlhaba Gare. Gotlhe go ne ga simologa ka sekete sa bobedi sa dingwaga B.C.E. fa mmusi wa Moegepeto Thutmose III a ne a phatlakanya babusi ba Palesetina le Siria ka phenyo, mme go ralala makgolo a dingwaga go ya go fitlha ka ngwaga wa 1918 fa ra-masole-mogolo wa Britane Viscount Allenby a ne a fenya ba Turkey ka phenyo e e botlhoko.
Mme se se leng botlhokwa segolo go baithuti ba Bibela, ke fa go ne ga nna le phenyo e e maatla ya batlhabani ba Baiseraele ba ba neng ba gogwa ke Moatlhodi Barake mo masoleng a a nonofileng thata a Bakanana a ga Kgosi Jabine a a neng a gogwa ke ra-masole Sisera mo Megiddo. Jehofa Modimo o ne a tsenelela a bo a dira gore Baiseraele ba fenye ka phenyo e e maatla.—Baatlhodi 4:7, 12-16, 23; 5:19-21.
Ka gone, Hara-Magedona e kaega jaanong e le tlhabano ya makgaola-kgang, eo go leng mofenyi a le mongwe fela yo o tlhamaletseng.
Ga Se Ntwa Magareng ga Merafe ya Lefatshe
Kgang-kgolo kaga tlhabano ya Hara-Magedona—bobusi jwa lefatshe lotlhe—ke yone kgang e kgolo gompieno. Mme, lefa gone merafe e mebedi e e nonofileng thata e e ganetsanang e ntse e suka-sukanela go ka okamela lefatshe lotlhe, Hara-Magedona ga e ne e nna ntwa ya lefatshe lotlhe, e e dirang gore eno e tlhabantshanye mmogo. Gone go ntse jalo, lefatshe le ntse le tseneletse mo lobelong lo logolo lo lo jang madi a le mantsi le lwa botsenwa lwa dibetsa mo ditiragalong tsotlhe, lo lo dirileng gore go bo go tswe tlhaloso eno go India Today: “Gotlhe mono go kgarameletsa polanete eno gaufi-ufi le Hara-Magedona—ntwa ya bofelo-felo gareng ga merafe.” Mme Tshenolō 16:14 e supa gore ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe’ di ipaakanyetsa tlhaselo e e kopanyeng kwa “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.”
Ka gone, Hara-Magedona ga se ntwa ya batho. Ke ntwa ya Modimo. Hara-Magedona e tla fitlhela merafe yotlhe ya lefatshe e le seoposengwe mo go tlhabantsheng ‘dintwa tsa legodimo’ tseo di tla bong di gogwa sesole ke “Kgosi ea dikgosi le Morèna oa barèna,” Keresete Jesu. Ke ene mmusi yo o tshwanetseng wa lefatshe ka jaana Modimo ‘o beile dilo tsotlhe mo taolong ha tlase ga dinao tsa gagwe [Keresete].’—Tshenolō 19:14, 16; Baefesia 1:22.
E Seng Mahuma-pelo a Nuklea
Mo bathong ba le bantsi, ntwa ya nuklea ke selo se se tsitlisang marapo fa se akanngwa. Patlisiso e e neng e kopanetswe ke baitseanape ba le 40 ka 1983 e ne ya hopholetsa gore ntwa e e feletseng ya nuklea e ka bolaya gone fela foo batho ba ba mo lefatsheng ba ba ka tshwarang bongwe mo borarong go ya go halofo. Pego ya bone eo e ileng ya gatisiwa mo makasineng wa Science, e ne ya bolelela-pele ka isagwe e e setlhogo mo bafaloding. E ne ya tlhagisa ka gore: “Mo tlhabantshanong lefa e ka nna efe fela e kgolo ya nuklea magareng ga merafe e e nonofileng thata kafa dibetseng, namane e tona ya diphetogo tsa kgolokwe mo maemong a botshelo tseo di lekaneng go ka nyeletsa selekanyo se segolo sa ditlhatshana le diphologolo mo lefatsheng di ka nna tsa nna gone. Jalo he, go ka nyelela ga losika loo-motho go tshwanetswe ga akarediwa.”
A Modimo Mothatayotlhe o tla dumelela bosetlhogo jo bo ntseng jalo? Nnya! O ne a se ka a tlholela lefatshe “lehèla,” mme jaaka a re tlhomamisetsa, “oa le bopèla go uñwa.” (Isaia 45:18) Ka Hara-Magedona Modimo o tla “senya ba ba senyañ lehatshe,” eseng go le kwakwalatsa ka mahuma-pelo a nuklea.—Tshenolō 11:18.
Ga Se Tlhabano ya Go ya Go Ile ya Molemo le Bosula
Baetapele bangwe ba bodumedi ba dumela gore Hara-Magedona ke kampano e e sa feleng magareng ga maatla a molemo le bosula, e ka ne e le ka lefatshe lotlhe kana mo mogopolong. “Hara-Magedona e ntse e diragala mo karolong nngwe ya lefatshe letsatsi le letsatsi,” go akgela jalo tlhaloso nngwe ya Bibela. Seno se ka nna Hara-Magedona jang ntswa Bibela e solofetsa gore e tla lere phediso e e bofefo mo merafeng yotlhe e e bosula le batho? Keresete, jaaka Kgosi e e tloditsweng ya Modimo kwa Hara-Magedona, “u tla ba thubakanya ka tsamma ea tshipi; u tla ba phatlakanya yaka seyana sa mmopi.”—Pesalema 2:9; bona gape le Diane 2:21, 22; Tshenolō 19:11-21.
E Seng Kgautlhano ya Itsholelo ya Lefatshe
Mebuso e e nonofileng thata ya lefatshe e mo poifong ya gore go tlhoka go duela dikoloto ga Mafatshe a a Tlhabologang go tla kgarameletsa seemo sa lefatshe lotlhe sa itsholelo mo go seo makasine wa Business Life o se biditseng “Hara-Magedona ya Itsholelo.” Ee, go wa ga metheo ya dibanka ruri go tla bo go le kotsi thata, mme e tla bo e se Hara-Magedona. Hara-Magedona ya Bibela ke boemo jwa lefatshe ka bophara jo bo kopanyeletsang ntwa e seng itsholelo. Moperofeti Jeremia o e tlhalosa ka tsela eno: “Yehofa o na le kgañ le merahe, o tla sèka le batho botlhe; me kaga baikepi, o tla ba neèla chaka.”—Yeremia 25:31.
Ga Se Ntwa Mo Botlhaba Gare
“E tla re fela nako nngwe, thulano ya bofelo-felo e nnele kwa Botlhaba Gare,” go rera jalo moefangele yo o itsegeng thata mo lefatsheng ebong Billy Graham. Mo kgannyeng eno he, o bua fela jaaka bontsi jwa balekane ba gagwe ba bodumedi. Graham gape o dumela gore Hara-Magedona e ka nna ya nama e santse e diegisitswe. “Nna ke akanya gore lefatshe le le ntse le tsamaela kwa Hara-Magedona gone jaanong,” o a bolela, “mme fa e se fela go ka nna le tsosoloso ya semoya re bo re sokologela kwa Modimong, lefatshe le ka nna la lebana le Hara-Magedona ya lone mo lesomeng leno la dingwaga.”
Kgaolo ya Megiddo e ka se ke e simolole go ka tshegetsa “dikgosi tsa lehatshe, le dintwa tsa cōna.” (Tshenolō 19:19) Ka gone, a seno ga se latofatse thuto lefa e ka nna efe ya motheo ya gore Hara-Magedona e tla bo e le fa lefatshe le patikeletswe mo dipoeng tsa sebele tsa Megiddo? Moperofeti Jeremia o supa gore Hara-Magedona e tla apesa le kwa “dikhutlo tsa lehatshe” le gore babolaiwa ba tla fitlhelwa “mo sekhutloñ se señwe sa lehatshe go ea sekhutloñ se señwe sa lehatshe.”—Yeremia 25:32, 33.
Mme ereka Hara-Magedona e raya ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ ga go ope yo o ka e kganelang. Ga go sepe seo batho ba ka se dirang seo se tla e emang pele. Jehofa o tlhomile “lobaka lo lo laocweñ” lwa gore tlhabano e simologe. “Ga e ketla e dièga.”—Tshenolō 16:14; 11:18; Habakuke 2:3.
Motheo wa Tsholofelo
Hara-Magedona ga e a tshwanelwa go boifiwa ke batho ba ba ratang tshiamo. Go na le moo, e ka nna motheo wa tsholofelo. Bibela e re: “Me ka bōna legodimo le atlhamologile; me bōnañ, ga bo go le pitse e le chweu, le eo o e pagameñ, ga twe, Boikañō le Boamarure; me oa atlhola, o bile o diha ntwa mo tshiamoñ.” (Tshenolō 19:11) Ntwa ya Hara-Magedona e tla phimola boikepo jotlhe jo bo mo lefatsheng go sutela tsosoloso ya maemo a tshiamo.—Isaia 11:4, 5.
Mo go fetang dingwaga di le lekgolo, mantswe a Basupi ba ga Jehofa a ile a utlwiwa a bolela kaga phenyo ya isagwe ya Modimo mo babusing ba tsamaiso eno ba ba sa ineeleng ba ba bodileng. Basupi ba na le pono e e phepafetseng ka seo Hara-Magedona e leng sone, segolo-bogolo fa e sale ka ngwaga wa 1925 mme ba gana go didimala kaga yone. Keletso ya bone ke go thusa batho go nna bafalodi ba Hara-Magedona, eseng babolaiwa ba yone. Jalo ba kgothaletsa botlhe ba ba utlwang go latela kgakololo ya Yoele 2:31, 32, e e buang ka “pele motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa o e se o tle,” mme ya oketsa ka go re: “Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya ga Yehofa o tla gololwa.”
Lefa go le jalo, bangwe ba santse ba ka nna ba ipotsa ba re: Lemororo Hara-Magedona e tla bo e le ka selekanyo sa kgolokwe yotlhe, a e tla simolola kwa Botlhaba Gare? Modimo o o lorato o ka dumelela Hara-Magedona jang? A kagiso ya boammaaruri e tla latela Hara-Magedona? Bala ditokololo tse dingwe tse tharo tse di latelang tsa Tora ya Tebelo ka jaana di tla tlhalosa tsone dipotso tseo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Baithuti ba puo ya Bibela ebong Kittel, mme gape le McClintock le Strong, ga ba tlhomamise sentle gore tota lefoko “Megiddo” le rayang, mme ba lebisa lebakeng la gore lefoko leo le kane le raya “kopano” kana “lefelo la masole.”
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Hara-Magedona Ke Eng?
Hara-Magedona GA SE. . .
◆ lefelo lengwe mo lefatsheng
◆ tlhabano magareng ga merafe
◆ mahuma-pelo a nuklea
◆ kgautlhano ya lefatshe lotlhe ya itsholelo
◆ kgaratlho magareng ga molemo le bosula
◆ thulano ya kwa Botlhaba Gare
Hara-Magedona KE. . .
◆ seemo sa lefatshe ka bophara koo merafe yotlhe ya lefatshe e tla tlhabanang le Morwa Modimo, Keresete Jesu, le batlhabani ba gagwe ba baengele mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” gone
[Setshwantso mo go tsebe 7]
Ka Hara-Magedona Kgosi ya Modimo, Keresete Jesu, ‘e tla thubakanya merafe yotlhe e e bosula ka tsamma ya tshipi, a e phatlakanya jaaka sejana sa mmopi.’—Pesalema 2:9.