Botshelo jwa Gago, Bothokgami jwa Gago Le Karata
FA bosula bo atamela, motho yo o botlhale oa iphitlha: mme bao e leng dieleele ba feta fela mme ba utlwisiwe botlhoko ke gone.”—Diane 27:12, Septuagint, ka Charles Thomson.
Seane se se tlhotlheleditsweng seo se bontsha mosola wa go akanyetsa kwa pele. ‘Bosula’ bo le bongwe, kana tlalelo, jo batlhanka ba Modimo ba batlang go bo tila ke jwa go senya bothokgami jwa bone. Ka dingwaga tse di rileng Basupi ba ga Jehofa ba dirile seo mabapi le taolo ya Modimo ya gore Bakeresete ‘ba ithibe mo mading’ ka tlhoafalo.—Ditihō 15:28, 29.
Bakeresete ba lemoga gore morago ga kotsi ba ka idibala kana ba se kgone go tlhalosa gore ke ka ntlha ya eng fa ba ka se amogele tshelo ya madi ka botlalo. Lefa gone Mosupi yo o gobetseng a kgona go bua le go bolela seo—go dumalana le molao-motheo o re o itseng ka seno—o ne a sa batle go tshelwa madi, dingaka kana bao ba dirang mo kokelong ba ka tshwenyega ka gore ba ka bonwa molato fa ba ka se latele tekanyetso ya go alafa. Jalo, ka dingwaga tse di rileng Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba tshotse karata ya Medical Alert. Leno ke lokwalo lo lo saenilweng, lo lo supilweng lo lo gololang dingaka kana balaodi ba kokelo mo mathateng ape ao a ka bonalang a tlhagisitswe ke go itse ka go gana tshelo ya madi. Ngwaga mongwe le mongwe karata e ntšha ea saenwa le go kwalwa letsatsi; ka gone, lokwalo lono lo nna lo le mo nakong ebile lo amogelesega ka metlha.
Fa e le gore o batla go ikobela molao wa Modimo ka madi, a o tshola nngwe ya makwalo ano ka metlha? A o tlhomamisega gore lo ntšhafaditswe mme fa go kgonega, lo saenilwe ke mongwe wa losika? Tlhokomela mo lekwalong leno le le latelang gore ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go dira seno:
“Nna le monna wa me re batla go le leboga thata ka go re tlamela ka dijo tsa semoya ka nako ya teng le sengwe se se kaelang go re thusa. Ke rata go lo bolelela ka moo karata eo e bolokileng matshelo a rona ka gone.
“E ne e le ka June 6, 1983, mme e le maitsiboa ao pula e neng e na ka one jaaka re ne re lebile gae go tswa tirong. Re ne re dira jaaka baagi mo tlhabololong e ntšha ya matlo [dikilometara di le 50] go tswa mo gae mme re sa tswa tsaya bana ba rona ba bararo ba bannyane kwa sekolong. Jaaka fa monna wa me, John, a ne a kgweetsa go ya botsheka mo tseleng e kgolo mo loring ya rona e nnye, re ne re ntse re buisana ka kopano ya kgaolo e e tlang. Ka bona lori e kgolo e e gogang kolotsana e e neng e ya ntlheng ya borwa, e retologa mme ya thula lobotana lo lo kgaoganyang tsela ka maatla gore seretse le tlhaga di fofe mo moweng. Ka ponyo ya leitlho lori e be e kgabagantse lobotana mme ya ema fa pele ga rona ekete lobota lo logolo lwa ditena.
“Re ne re tle re ipotse gore ke eng seo se tla diragalang fa re ka tlhagelwa ke kotsi. Re ne re latetse kaelo e e mabapi le go bua le ngaka ya rona ya lelapa le kokelo ya lefelo la rona kaga tiriso ya ditshelo tsa madi. Mme go tweng fa re ka bo re idibetse, kgakala le toropo mme re sa kgone go gana tshelo ya madi? Ke moo nngwe ya dithuso tseo le (Mokgatlho wa Watchtower) re di neileng ka lorato tota e dirileng gone: karata ya Medical Alert, Re tshola tsa rona ka dinako tsotlhe. Di tladitswe sentle, di kwadilwe letsatsi mme ebile di saenilwe.
“Fa ke santse ke idibetse mo thubaganyong eo e e kopakopaneng, mosadi mongwe yo e neng e le mooki wa molao o ne a ema. O ne a batla go tsaya bana ba babedi bao a neng a ka kgona go ba fitlhelela, gonne yo mongwe wa bone o ne a tswa madi mo go maswe go tswa mo kgobalong eo e neng e le mo tlhogong, mme John a mo letlelela. Mosetsana yo mongwe yo monnye gammogo le nna re ne re patisegile mo loring go fitlhela fa kgoro e ka kgonwa go bulwa.
“Fa ba Tirelo ya Thuso ya Potlako ba fitlha, John o ne a kopa molebedi wa bone go tlhaeleletsa kwa kokelong go ba bolelela gore ba se neele bana bao madi tlase ga mabaka ape. Molebedi o ne a gana, go fitlhela John a mmadisa karata ya Medical Alert, E ne ya mo tlhatswa pelo gore a fetisetse molaetsa kwa kokelong.
“John o ne a le mo boemong jo bo maswe, ka ditshego tse di boitshegang mo tlhogong, a robegile legwejane ka matsadi a matsi-ntsi. Mme o ne a nna a rapela gore a se idibale sebaka se seleele ka mo go lekaneng gore a tle a kgone go bona gore ditlhokafalo le dikeletso tsa lelapa la gagwe di tlhokometswe.
“Ke ne ka robega dinoka tse pedi, nngwe ya tsona e ne e thubakane, le lerapo la serope sa molema le ne le robegile, go go bakileng gore madi a tswele ka mo teng. Fa re goroga kwa kokelong ke ne ke santse ke idibetse. Dingaka tsa bolelela John gore mo lobakeng Iwa dioura di le mmalwa ke tla be ke latlhegetswe ke go feta halofo ya madi a me mme ke tla swa fa ke sa tshelwe madi. Go sa kgathalesege boemo jwa ga John, o ne a tswelela go ba bolelela gore, ‘Lo se tshele madi.’ Ba nna ba mo tshwenya, ba mmolelela gore o tla nna a sena mosadi, mme ba re, ‘Ke mang yo o tla tlhokomelang bana he?’ Mo bofelong ba bona karata ya me ya Medical Alert, Ngaka e bo e dira dikaelo tsa yona mme ya di kwala. Ka go bo e le lokwalo Iwa molao, ba ne ba lo tlotla mme ba emisa go leka go mo pateletsa tshelo ya madi. Morago ga dioura di le thataro ke ne ka boela mo maemong a me ka botlalo mme ka kgona go ipuelela ka bonna. Mme karata e nnyane e e gakgamatsang—lemororo bangwe ba ka akanya gore ga e botlhokwa,—e mpolokile mo go tshelweng madi ao ke neng ke a patelediwa fa ke ne ke santse ke idibetse.
“Ke ne ka nna mo kokelong mo e ka nnang dibeke di le supa, mme ke na le boikutlo jwa gore ke fodile ka pele ka ntlha ya go se nne le madi ao e seng a me, ka malwetsi a one, a tsenngwa mo go nna. Re kopane rotlhe jaaka lelapa mme re fola sentle. Re leboga Jehofa ka go re tlamela ka dithuso tse di gakgamatsang jaana tse di jaaka karata ya Medical Alert, Ruri e ya dira!”
Basupi ba ga Jehofa ba bona lokwalo lo lo mosola lono go tswa go bagolwane mo diphuthegong tsa bone. Boitemogelo jo bo fa godimo bo bontsha gore ke ka ntlhayang fa wena le lelapa la gago le tshwanetse go nna “botlhale” mme ka metlha le tshole karata e e tladitsweng sentle le e e ntšhafaditsweng ya Medical Alert,—Diane 22:3.