LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 12/1 ts. 24-30
  • Ba ‘Ithebotse Fela Ka Go Rata’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ‘Ithebotse Fela Ka Go Rata’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘E Neeleng Barongwa’
  • ‘Ba Ne Ba Tlhotlhelediwa Ke Dipelo tsa Bone’
  • Jehofa O Segofaditse Batho Ba Gagwe
  • Jehofa ‘O E Tsweledisa Go Ya Bowelong’
  • A O Tlotla Jehofa ka Dithoto tsa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • “Madi a Tswa Kae?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Yo O Nayang “Nèō Ñwe le Ñwe E E Molemō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Dikhumo Tsa Bopelotshweu di Lere Boipelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 12/1 ts. 24-30

Ba ‘Ithebotse Fela Ka Go Rata’

SURINAME ke naga ya makgobokgobo, lengwe la mafatshe a a fetang 200 ao Basupi ba ga Jehofa ba dirang mo go one. Bosheng jaana banyalani ba barongwa mo Suriname ba ne ba tsamaya ka koloi ya jipi dikilometara di le 320 go etela meepo mengwe ya bauxite le go bua le babereki ba koo ka maikaelelo a Modimo. Ba ne ba bona kgatlhego e kgolo fela thata.

Kwa go emeng ga bone ga ntlha, mookamedi wa kampa o ne a re: “Ke itumetse tota go bo ke na le lona fano. Eleruri re tlhoka sengwe se se tshwanang le se.” Go tswa foo, a matarisa fa bojelong kitsiso ya puo ya Bibela le di-slide gone bosigong joo ka 7:30. Fa nako e fitlha, batho ba ba 70 ba ne ba goroga mme ba reetsa ka kelotlhoko puo ya ka fa ba itseng Modimo ka popo le ka Bibela, mme go tswa foo ba ne ba lebelela ditshwantsho tse di neng di kgethilwe di bontsha tiro ya go rera ya lefatshe ka bophara.

Morago, barongwa ba ne ba supa dikgatiso tse di farologaneng tseo di neng di tla thusa bareetsi go bona boikitsiso jo bo oketsegileng. “Ke batla buka,” ga bolela jalo monnamogolo mongwe, a tsamaela kwa pele. Ya nna sesupo mo go ba bangwe. Merwalo ya dibuka ya barongwa e ne ya fela ka pele, mme monna o ne a tabogela kwa koloing ya bone ya jipi go bona dibuka tse disha, fa mosadi ene a ne a sa tshwaregile ka go kwala diaterese tsa bao ba neng ba batla gore ba etelwe gape.

Joo e ne e le bosigo jwa bone jwa ntlha jwa loeto. Banyalani ba barongwa ba ne ba fetsa beke mo kgaolong eo, ba bona katlego e e tshwanang gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya teng. Boitemogelo jwa bone ke tshupo ya keletso e e sa ntseng e le gone mo dipelong tsa batho ba bantsi go utlwa boammaaruri le go ithuta ka thato ya ga Jehofa. Ke go kgotsofatsa keletso e e ntseng jalo go bo dikete tsa Basupi ba ga Jehofa mo metlheng eno ya bofelo ba ileng ba ithebola ka go rata gore ba romelwe kwa dinageng tse di jaaka Suriname go thusa basupi ba naga eo go kgona go itepa-tepanya le kgatlhego yotlhe. Ka gone ba ile ba diragatsa tsholofetso ya ga mopesalema: “Batho ba gago ba italetsa ka pelo e e thamileñ mo letsatsiñ ya thata ea gago.” (Pesalema 110:3) Mme Jehofa o ba segofatsa ka mo go humileng mo go seno.

A o ne o ka rata go nna le seabe mo masegong a bano ba a ipelelang? Ka gongwe o ne o tla araba: ‘Mme le ka motlha ke ka se nne morongwa!’ Mme seo gongwe se ka nna boammaaruri. Lefa go ntse jalo, e ka tswa e le gore gongwe o mongwe wa bao ba setseng ba kile ba nna le seabe se se botlhokwa mo maitemogelong a a gakgamatsang ao a ipelelwang ke barongwa go dikologa lefatshe. Ka tsela efe?

‘E Neeleng Barongwa’

Ka tsela e e tshwanang fela le e mosetsanyana yo o bidiwang April a neng a dira ka yone. Nnyaa, April ga se morongwa, lefa ka gongwe a ka eletsa gore nako nngwe a bo a le ene. Mme jaanong o sa ntse a le mmotlana go ka etela kwa lefatsheng le sele mme a nna le maitemogelo a a ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, o ne a batla gore a nne le karolo mo go seno sotlhe, ka jalo o ne a kwalela ntlo-kgolo ya Watchtower Society mo Brooklyn lokwalo lo lo reng: “Mongwe o ne a mpha [R1,60] kwa kopanong ya potologo. Ke batla go lo e neela gore lo e neele barongwa go ba thusa gore ba rute batho kaga Jehofa.” Jalo, ka tsela e e botlhokwa thata, April yo mmotlana o ne a nna le seabe mo tirong ya borongwa ya lefatshe ka bophara. O ne a ntsha moneelo mo kgetsing ya gagwe go bo ntshetsa madi.

Lokwalo lo longwe lo lo tswang kwa go mongwe yo mogolwanyane thata go na le April. O ne a kwala ka gore: “Ke romela tsheke ya [R160,00] go dirisiwa mo tirong ya Bogosi. Eno ke mpho eo ke neng ka e neelwa, ka jalo ke e fetisetsa mo go lona . . . Bobulatsela e ile ya nna tsela ya me ya go tshela ka dingwaga tse 46. Lefa go ntse jalo, ke tla tloga ke tshwara 90 mme ke tla tshwanelwa ke go dira ka iketlo.” Kwa ntle le pelaelo, motlhanka yono wa lobaka lo loleele wa ga Jehofa ene ka boene o ne a ka se dire tiro ya borongwa. Mme o ne a batla go nna le seabe, mme o ne a dira jalo ka go ntsha madi.

Dikwalo tseno tse pedi di tlotlomatsa tsela e nngwe eo ka yone batho ba Modimo ba ileng ba ‘ithebola fela ka go rata mo letsatsing ja thata ya ga Jehofa.’ Ba ile ba diragatsa kgothatso ya Bibela ya ga Diane: “Tlotla Yehofa ka thoto ea gago, le ka tsa ntlha tsa totahalèlō eotlhe ea gago.” (Diane 3:9) Ka mabaka a a rileng, ga ba kgone go italetsa ka bobone go ya bokgakaleng jo ba bangwe ba ileng ba bo kgona. Lefa go ntse jalo, ba ile ba ntsha “thoto” ya bone mme ka gone ba thusa gore go kgonagale ka ba bangwe go dira jalo. Mo dinakong tse di fetileng, go fa mo go ntseng jalo mo go iketleeditsweng go ne ga supa boammaaaruri bongwe jo bo botlhokwa. A re boneng gore boammaaruri joo e ne e le eng, le go bona gore a bo sa ntse bo le mosola gompieno.

‘Ba Ne Ba Tlhotlhelediwa Ke Dipelo tsa Bone’

Mo motlheng wa ga Moshe go ne go na le tiro e e neng e tshwanelwa ke go dirwa: motlaagana o ne o tshwanelwa ke gore o agiwe e le lefelo legolo la kobamelo mo tshabeng ya Iseraele. Baiseraele ba ba tshwanelang ba ne ba lalediwa go ntsha nako le dineo tsa bone mo tirong ya kago. (Ekesodo 35:10) Mme mongwe le mongwe o ne a lalediwa go ntsha dilo tsa bone tse di bonalang e le gore e tle e agiwe. Matswela: moneelo o mogolo fela thata, o o fetang seo se neng se tlhokwa. Mme go ne go tlhokomelesega sentle gore meneelo eo e ne e dirwa ke dipelo tse di neng di rata. Pego e re bolelela gore ‘dipelo tsa bone di ne tsa ba tlhotlheletsa,’ ‘dipelo tsa bone di ne tsa ba ratisa.’ Ee, go neela ga bone e ne e le tshupo ya tumelo mo go Jehofa le sekai sa go ema boikaelelo jwa motlaagana nokeng: kobamelo ya boammaaruri.—Ekesodo 35:20-29; 36:4-7.

Mo metlheng ya ga Hesekia, tiro e nngwe e ne ya fitlhelelwa. Morago ga dingwaga tse dintsi e ntse e tlhokomologilwe, tempele e ne e tshwanelwa ke gore e phepafadiwe mme batho ba rutwe go tlotla molao wa ga Jehofa. Baiseraele ba ne ba itsisewe ka go ntsha dithoto tse di bonalang “gore ba ntshè kabèlō ea baperesiti le Balefi gore ba inèlè mo molaoñ oa ga Yehofa.” (2 Ditihalō 31:4) Karabelo ya batho e ne e tlhagafetse fela thata mo moperesiti mogolo Asaria a neng a fetsa ka gore: “Yehofa o segōhaditse Batho ba gagwè.”—2 Ditihalō 31:10.

Ka jalo, boithatelo jwa Baiseraele go neela e ne e le tshupo ya boemo jo bo molemo jwa pelo ya bone le go ema nokeng ga bone kobamelo ya boammaaruri, ga mmogo le tshegofatso ya ga Jehofa mo go bone. Gotweng ka gompieno?

Jehofa O Segofaditse Batho Ba Gagwe

Tota, gompieno go na le tiro e nngwe gape e kgethegileng e e tshwanetsweng go dirwa. Jesu o ne a bolelela pele ka gore: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Bibela gape e ne ya bolelela pele gore tiro eno ya go rera e ne e tla patwa ke tiro ya go ruta le ya go phuthwa mmogo ga baobamedi ba boammaaruri. (Isaia 2:3, 4; 54:13; Sekaria 8:23; Mathaio 28:19, 20; Tshenolō 7:9) A meneelo e na le seabe mo tirong eno?

Ammaaruri go ntse jalo. Ka sekai, go tlisa morongwa kwa Sekolong sa Bibela sa Gilead sa Watchtower le go mmaya koo ka nako ya thuto ya gagwe le go boa a romelwa kwa nageng e e tshwanang jaaka Suriname le go mo tlhokomela koo ka dingwaga tse dintsi, go ja dikete tsa diranta. Lefa go le jalo Watchtower Society e ile ya romela barongwa ba ba ntseng jalo ba ba fetang 6 000 fa e sale Sekolo sa Gilead se ne se bulwa lwa ntlha.

Tota, eno ke karolo e potlanyana ya ditshenyegelo tse di amanang le tiro ya mafoko a a molemo. Go na gape le balebedi ba potologo le ba kgaolo le basadi ba bone, le badiredi ba magae a Bethele a Mokgatlho, bao ditshiamelo tsa bone tsa tirelo di ba thibelang go ikotla ka tiro ya boitshediso. Go na gape le babulatsela ba ba kgethegileng bao ba amogelang thuso ya madi go ba kgonisa go dira masimo a a thata. Mme eo ke tshegetso ya badiredi fela!

Metšhine e mesha e e gatisang le e e pataganyang dibuka, gammogo le ditshenyegelo tsa didiriswa tse disha tsa Bethele tseo di agiwang go dikologa lefatshe, ga mmogo le Diholo tsa Kopano le makgolo-kgolo a Diholo tsa Bogosi tse disha di tlatseletsa mo ditshenyegelong tseno. Gakologelwa ditshenyegelo tse di “fitlhegileng,” tse di jaaka go posa ka metlha makwalo a a kwaletsweng diphuthego tse di fetang 46 000, le go gatisiwa ga difomo tse dintsi le dipampitshana tse di tlhokafalelang thulaganyo ya bolegodimo. Jaanong he o simolola go lemoga namane e tona ya madi a a senngwang ngwaga le ngwaga mo go rereng “Mahoko a a Molemō” le mo go tlhomamisegeng gore “dinku” di na le mafelo a di kopanelang go one le go ipelela dijo tsa semoya.

Selo se se kgatlhisang ke gore Jehofa o ile a dira gore seno se kgonagale. Jang? Segolo, ka go tlhotlheletsa dipelo tsa batho go dira meneelo ya boithatelo. Ka gone, Bakeresete ka bongwe ba dira meneelo ya madi—gammogo le go ntsha nako ya bone setlhabelo le go dira—go tshegetsa dikago tse di jaaka Diholo tsa Bogosi le Diholo tsa Kopano tsa lefelo leo. Diphuthego tse dintsi di romela meneelo ya ka metlha go Watchtower Society kana, ka kwa ntle ga United States, go ofisi ya lekala e e mo nageng ya ga bone. Batho ka bongwe gape ba dira meneelo ka ditsela tse di farologaneng ka tlhamalalo kwa Mokgatlhong (bona lebokoso). Matswela? Le eleng mo metlheng eno e e bokete ya itsholelo, Jehofa o tlhotlheletsa dipelo tsa batho ba gagwe go baakanyetsa ka seo se tlhokafalelang go fetsa tiro eo a ba e abetseng.

Re ka fetsa ka goreng go tswa go seno? Gore, jaaka mo metlheng ya ga Hesekia, “Yehofa o segōhaditse batho ba gagwè.” O ile a bontsha tshegetso ya gagwe ka tsela e e gakgamatsang mo tirong eo ba e dirang. Gape, jaaka mo motlheng wa ga Moshe, re ka bona gore batho ba ga Jehofa ba tshegeditse tiro ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi le go phutha ba bangwe ba ba kgatlhegang ka mabetwa e pelo. Ba ile ba ntsha, eseng ka go bo ba ne ba nnetswe fatshe ke baphuti ba madi ba ba botlhale, mme ka go bo dipelo tsa bona ‘di ba ratisa,’ ee, ‘di ba tlhotlheletsa.’

Jehofa ‘O E Tsweledisa Go Ya Bowelong’

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a tsenela tiro ya borongwa mme a nna le maitemogelo a a gakgamatsang—ao a batlileng a tshwana le banyalani ba barongwa mo Suriname. Le ene gape ka dinako tse dingwe o ne a tshegediwa ke meneelo ya badumedi ka ene. Phuthego e nngwe eo segolo bogolo e neng ya mo thusa e ne e le eo ya Filipi. Ka jalo, fa a ne a ba kwalela, Paulo o ne a tlhotlheletsega go ba bolelela mafoko ano: “Ke leboga Modimo oa me ka metlha eotlhe e ke lo gopolañ ka eōna, Ka metlha eotlhe mo merapeloñ eotlhe ea me kaga lona, ke diha morapèlō oa me ka boitumèlō, Ka ntlha ea bolekane yoa lona mo go tsamaiseñ Mohoko a a Molemō, e sale ka letsatsi ya ntlha, le go tla motlheñ oa gompiyeno; Ke nntse ke ikantse mo, go re, eo o simolotseñ tihō e e molemō mo go lona, o tla e shweletsa go ea kwa motlheñ oa ga Yesu Keresete.”—Bafilipi 1:3-6; 4:16.

Bakeresete, gompieno, ba ikutlwa ba kgothaditswe ka go tshwana. Boammaaruring jwa tsholofetso ya ga Jehofa, o ile a tlhotlheletsa batho ba gagwe go ‘ithebola fela ka go rata’ ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng mo tirelong ya gagwe. Basupi ba ga Jehofa ka gone ba ‘leboga Modimo wa bone ka metlha’ mme ba dumela gore Jehofa, yo o ileng a godisa moya o o molemo o o ntseng jalo mo bathong ba gagwe ba motlha wa segompieno, o tla tsweledisa tiro ya gagwe go ya bowelong.

[Lebokose mo go tsebe 30]

Ditsela tsa Bangwe ba Ntshang Meneelo mo Tirong ya Bogosi

Dimpho: Batho bangwe va ba rileng ba neela dimpho le meneelo ka tlhamalalo go Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvabia, kgotsa go ofisi ya lekalamo nageng eo ba nnang go yone. Dimpho tse di ntseng jalo di tshwanetse ka metlha tsa patwa ke lokwalo lo lo khutshwane lo lo tlhalosang gore madi ao a ntshiwa jaaka moneelo wa boithatelo.

Dimpho tsa Dipaakanyetso tse di Kgethegileng: Tlaseng ga thulaganyo eno, bangwe ba ntsha madi ka thulaganyo e e kgethegileng ya gore fa ba tlhoka bontlhanngwe jwa one kana otlhe mo botshelong jwa bone, ba tla a busediwa. Kana, go leka go tila ditshenyegelo lobaka lo lo sa tlhomamisegeng lo lobeilweng, batho bangwe ba neela Mokgatlho madi, dithoto kana karolo ya lefatshe. Bangwe ba dira dimpho tse di ntseng jalo, ba ipolokela ditshwanelo tsa botshelo jwa bone.

Inshorense: Bantsi ba dirile gore Watch Tower Society e sologelwe molemo ke madi a bone a inshorense ya botshelo.

Diwile: Bangwe ka thuso le kgaklolo ya babueledi ba bone, ba dira gore Mokgatlho o sologelwe molemo ke diwile tsa bone.

Boikitsiso jo bo oketsegileng kana kgakololo mabapi le dikgang tse di ntseng jalo bo ka bonwa ka go kwalela ofisi ya lekala ba naga ya gaeno ya Mokgatlho, kgotsa go aterese e e latelang: Watch Tower Bible and Tract Society, Private Bag 2, Elandsfontein, 1406.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Batho ba ga Jehofa ka boithatelo ba rotloetsa koketsego ya Bogosi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela