Go Sego Bao Ba Tla Fitlhelwang Ba Lebeletse!
“Go segō batlhanka bauō, ba e tla reñ morèna oa bōnè a tla, a ba hitlhèle ba lebeletse.”—LUKE 12:37.
1. Ke ka ntlhayang fa batlhanka ba ga Jehofa ka metlha ‘ba nnile ba nna ba mo lebelela,’ mme go ka bodiwa potso efe kaga dikereke tsa La-Bodumedi?
JEHOFA ke Modimo oa katlholō; go segō botlhe baba mo letañ.” (Isaia 30:18) Fa e sale Jehofa a itsise phenyo ya makgaolakgang ya Kgogela le kgololo ka Losika lo lo Solofeditsweng, batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ile ba tshela ka go lebelela tiragatso ya tsholofetso eo. (Genesise 3:15) A mme baruti ba La-bodumedi ba thusa maloko a dikereke tsa bone go nna ba lebeletse kgololo eo ya makgaola-kgang go tswa go Satane le losika lwa gagwe?
2. Ke ka ntlhayang fa “merahe” e tshwanetse go lebelela go “Shilo”?
2 Mo boperofeting jwa fa a ne a tloga a swa, Jakobe o ne a bolelela pele gore Losika lo lo solofeditsweng lo ne lo tla tla ka lotso lwa Juda. Fa a ne a neela Losika loo leina la tshwantshetso la Shilo, Jakobe o tlhalositse gore “go utlwa ga dichaba go tla nna kwa go èna.” Go ya ka Septuagint Version ya Segerika, Shilo “e tla nna tebelelo ya merafe.” (Genesise 49:10) “Merafe” yotlhe e tshwanetse ya bo e lebeletse go Shilo ka go bo Jehofa o ne a bolelela rraagwe-mogoloa Jakobe Aberahame gore: “Me merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago.” (Genesise 22:18) Mme lantlha Losika loo, ebong Shilo, kana Mesia, lo ne lo tshwanelwa ke go tla mo lefatsheng mo ditlogolwaneng tsa ga Aberahame mme lo tsalelwe mo lotsong lwa ga Juda.
Masalela a Sejuda a a Lebeletseng
3. Luke o tlhalosang kaga tebelelo ya batho ba Sejuda ka 29 C.E., a mme ditiragalo di dumelana le seno?
3 Raditiragalo wa Mojuda ebong Luke o tlhalosa gore “e rile ka nwaga oa leshomè le botlhano oa pusho ea ga Kaesare Tiberio [ka 29 C.E.],” “Me ea re ka batho ba le mo tebeleloñ, me batho botlhe ba akanya mo dipeduñ tsa bōnè kaga Yohane [wa Mokolobetsi], go re, a yana ga e ka ne e le èna Keresete [ka Seheloersi Ma-shi’ach, Mesia]?” (Luke 3:1, 15) A hisetori ya lefatshe e rurifatsa polelo eno ka Luke? Kgatiso e ntšha ya Seesemane ya History of the Jewish People in the Age of Jesus Christ ka Emil Schürer e botsa jaana: “A tsholofelo eno [ya tebelelo ya Bomesia] e sala e ntse e tshela mo bathong?” Fa e araba, e re: “Mo makgolong a bofelo a dingwaga a pele ga Bokeresete, mme segolo-bogolo mo lekgolong la ntlha la dingwaga A.D., e ne ya boa gape ya tshela thata, jaaka Pseudepigrapha [Dibuka tsa Sejuda tsa boperofeti], Qumran [Dikwalo tsa batho tsa Lewatle le le Suleng], Josephus le Diefangele di bontsha seo ka botlalo. . . . Diponatshegelo tsa buka ya ga Daniele. . . . di ne tsa nna le tlhotlheletso e e maatla mo popegong ya kgopolo ya bomesia.”
4, 5. (a) Ke ka ntlhayang fa Bajuda ba ne ba lebeletse Mesia nako eo, mme seno se ne sa rurifadiwa jang? (b) Bajuda ba bantsi ba ne ba lebeletse Mesia wa mofuta ofe, mme Jehofa o ne a senolela mang go goroga ga Mesia wa boammaaruri?
4 Fa morutwana mongwe a akgela ka Mathaio 2:2, o kwadile jaana: “E ne ya re ka nako eno, ga nna, le tebelelo e e tumileng gore motho mongwe yo o gakgamatsang o ne a tla tloga a iponatsa mo Judea. Bajuda ba ne ba lebelela kgorogo ya ga Mesia ka tlhoafalo. Ka go lekanyetsa nako e e umakilweng ke Daniele (kgao. ix. 25-27), ba ne ba itse gore lobaka lo no lo atamela fa Mesia a tla bo a tlhagelela.” Go ka bolelwa gape gore bora-ditiragalo ba Roma Suetonius le Tacitus, gammogo le boraditiragalo ba Sejuda Josephus le Philo, ba umaka seemo seno sa tebelelo. Manuel Biblique ya Sefora, ka Bacuez le Vigouroux (Bolumo 3, tsebe 191), e rurifatsa seno, mme e re: “Batho ba ne ba itse gore dibeke tse di masome a supa tsa dingwaga tseo di neng di tsepamisitswe ke Daniele di ne di le gaufi le go wela; go ne go se ope yo o neng a gakgamala fa a utlwa Johane Mokolobetsi a itsise ka gore bogosi jwa Modimo bo ne bo atametse.”
5 Ka gone, go na le bosupi jwa ditiragalo jwa gore Bajuda ba ne ba lebeletse kgorogo ya Mesia kana Losika lo lo Solofeditsweng, le gore tebelelo eno e ne e le ka go bo ba ne ba lebeletse tiragatso ya boperofeti jo bo mo nakong.a (Daniele 9:24-27) Ke boammaaruri, gore Bajuda ba bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga bao e neng e le ba makoko a a farologaneng a Sejuda ba ne ba lebeletse Mesia wa sepolotiki yo, jaaka go boletswe go The Concise Jewish Encyclopedia, “a neng a tla senya baba ba Iseraele mme a tlhome motlha o o itekanetseng wa kagiso le boitekanelo.” Mme masalela a Bajuda ba ba ikanyegang a ne a lebeletse Mesia wa boammaaruri ka tlhoafalo. Mo go bano e ne e le Sakarie le Elesabethe, batsadi ba ga Johane Mokolobetsi, gammogo le Simeone, Ana, Josefe le Maria. (Mathaio 1:18-21; Luke 1:5-17, 30, 31, 46, 54, 55; 2:25, 26, 36-38) Mo go bano, mme eseng go baeteledipele ba bodumedi ba Sejuda, Jehofa o ne a rurifatsa seo boperofeti jo bo mo nakong jwa ga Daniele bo se kgonisitseng gore ba nne ba lebeletse, eleng, go goroga ga Losika lo lo Solofeditsweng kana Mesia, fa “motlha o o tletseñ o hitlha.”—Bagalatia 4:4.
Go Lebelela ga Bakeresete ba Pele
6. Basha ba Bajuda ba ne ba godisiwa jang, mme seno se ile sa thusa ba bangwe jang go nna barutwa ba ga Jesu?
6 Josefe le Maria ba ne ba itse gore ngwana eleng Jesu yo ba neng ba mo godisa o ne a tla tloga a nna Mesia. Fa The New Encyclopædia Britannica e bua ka go godisiwa ga gagwe, e re: “Jesu o ne a golela mo boineelong jo bo neng jwa tlhagolelwa mo lelapeng le mo sinagogeng (go akareletsa thuto ya Bibela, kutlo mo Molaong, thapelo, le tebelelo ya kgorogo ya bofelo ya ga Mesia).” Basha ba bangwe ba ba neng ba godisiwa mo magaeng a masalela a Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba nonotshiwa ka tsholofelo ya Bomesia, mme tebelelo eno e e tshwanetseng e ne ya ba kgonisa bobotlana go tsaya-tsia ka potlako pitso ya go nna barutwa ba ga Jesu.—Mareko 1:17-20; Yohane 1:35-37, 43, 49.
7. (a) A Jesu o ne a ruta gore Bogosi bo mo teng ga Mokeresete mongwe le mongwe? (b) Bakeresete ba ne ba tshwanetse go lebelela eng ka metlha?
7 Go ya kwa bokhutlong jwa bodihedi jwa gagwe jwa selefatshe, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go nna ba lebeletse go “nna gone” ga gagwe ga mo isagweng le go tla ga Bogosi jwa gagwe. Britannica e re: “Ditlhotlheletso tseno tsa tlholego tsa bofelo jwa lefatshe, Katlholo ya Bofelo, le lefatshe le lesha la Modimo ga di tlhaele mo dipolelong tsa ga Jesu tse di neng tsa bolokwa mo ngwaong ya Efangele. Ka gone, Jesu gaa ise le ka motlha a fetole Bogosi jwa Selegodimo go nna boitemogelo fela jwa sedumedi jwa moya jwa motho mongwe le mongwe kana go neela tebelelo ya bofelo jwa lefatshe ya Sejuda bokao jwa thulaganyo ya diphetogo e e tla nnang gone mo lefatsheng kana mokgele o o tla fitlhelelwang ka boiteko jwa motho. . . . Ga a ka a nna le seabe kana a kgothaletsa tsholofelo mo go mesia wa semorafe . . . lefa e le go tshegetsa maiteko a ba-Zealots go itlhaganedisa go tla ga Bogosi jwa Modimo.” Nnya, o ne a neela Bakeresete sesupo se se dikarolo dintsi seo ka sone ba neng ba tla kgona go lemoga lantlha go atamela ga tshenyego ya Jerusalema, moragonyana go tswa foo, ba lemoge ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bofelo jwa tsamaiso ya dilo.’—Mathaio 24:3 go ya go 25:46; Luke 21:20-22.
8. Ke eng seo se bontshang gore Jesu o ne a sa dumele gore o ne a tla ka bogautshwane mo Bogosing jwa gagwe, ka jalo ke kgakololo efe e a neng a e neela balatedi ba gagwe?
8 Batho ba ba sa dumeleng le eleng baruti bangwe ba La-Bodumedi ba iphaka gore Bakeresete ba pele ba ne ba dumela gore parousia ya ga Keresete kana go nna gone go ne go tla tla mo motlheng wa bone. Bangwe ba ne ba akantsha le eleng gore Jesu ka boene o ne a dumela gore o ne a tla tla mo Bogosing jwa gagwe ka bofefo thata. Mme mo ditshwantshong tsa gagwe tsa dineo le dimpho, Jesu o ne a bontsha gore go ne go tla nna fela “go sena go heta lobaka lo loleele” le gore o tla boela mo maatleng a segosi le go rarabolola dikgang le batlhanka ba gagwe bao a neng a ba neile dilo tsa gagwe. (Mathaio 25:14, 19; Luke 19:11, 12, 15) Mme mo boperofeting jwa gagwe kaga ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bofelo jwa tsamaiso ya dilo,’ o ne a dumela ka gore “leha e le baengele ba legodimo, leha e le Morwa, ha e se Rara a le èsi hèla” ba ne ba sa itse “letsatsi yeuō, le nakō euō” fa a tla bo a boa. O ne a oketsa ka gore: “Ke gōna, disañ: gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna.”—Mathaio 24:3, 14, 36, 42.
9. A moaposetoloi Paulo o ne a neela boikutlo jwa gore o ne a akanya gore “go nna gone” ga ga Keresete go ne go le gaufi thata mo motlheng wa gagwe? Tlhalosa.
9 Fa e le kaga go dumela ga Bakeresete ba)ele mo bogaufing jwa go nna gone ga ga Keresete, dibuka tse di gatisitswengb di tlhalosa ka gore: “Kgang ya go gopolela gore Paulo o ne a lebeletse parousia mo go 1 Bathes. ga e dumelesege gotlhelele. Ka gobo fela kwa tshimologong ya 1 Bathes. 5:10 Paulo o ne a lemoga kgonego ya gore o ka nna a swa. Kgonego eo e ka se ka ya tlosiwa ka gore mo go bueng ka ‘rona’ mo go 1 Bathes. 4:15 le 17 Paulo o ne a ikaya a le wa kokomana ya bofelo kwantle ga gore a gopolele fela gore o ne a le wa yone ka sebele.” Mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi go Timotheo, Paulo ka papamalo o ne a bolela gore o ne a sa solofela go amogela tuelo ya gagwe go fitlhela “mo tsatsiñ yeuō,” letsatsi la ‘ponatshego’ ya ga Keresete mo Bogosing jwa gagwe, fa A tla ‘go atlhola batshedi le baswi.’—2 Timotheo 4:1, 8.
10. Go lebelela ga Bakeresete go go tshwanetseng go ne ga itshupa jang e le go go nayang botshelo go Bakeresete ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga?
10 Fa ba ne ba santse ba letetse go nna gone ga ga Jesu Keresete le go goroga ga Bogosi jwa gagwe, Bakeresete ba ne ba tshwanelwa ke go nna ba lebeletse. Go tsoga ga tshwanelo ga Bakeresete go ne ga kgonisa Bakeresete ba Judea go lemoga sesupo se Jesu a neng a se neela ka go atamela ga tshenyego ya Jerusalema. (Luke 21:20-24) Fa Cestius Gallus a ne a tlhasela Jerusalema ka 66 C.E., Bakeresete ba ba tlhaga ba ne ba itseela sebaka seo sa tshoganyetso le go boa ka morago mo go sa tlhalosiweng ka go tshaba go tloga mo motseng oo le mo nageng e e dikologileng Judea. Go ya ka bora-ditiragalo ba kereke ya pele Hegesippus, Eusebius le Epiphanius, Bakeresete ba Judea ba ne ba tshabela go kgabaganya Joredane kwa lefelong le le bidiwang Pella. Go tsoga ga bone semoyeng go ne ga ba boloka mo losong kana mo botshwarweng fa masole a Roma a ne a boa ka 70 C.E. tlaseng ga ga General Titus le go senya Jerusalema. Abo Bakeresete bano ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse jang ne ka gobo ba ile ba nna ba lebeletse!
Tebelelo ya Bokeresete Morago ga 70 C.E.
11, 12. Boikutlo jo bo tshwanetseng jwa Bakeresete morago ga tshenyego ya Jerusalema ka 70 C.E. e ne e le bofe, mme seno se ne se tla ba sireletsa jang?
11 Ereka go nna gone ga ga Keresete go ne go tla tla fela “go sena go heta lobaka lo loleele,” boikutlo jo bo tshwanetseng jwa Bakeresete e ne e tshwanetse go nna bofe morago ga tshenyo ya Jerusalema ka 70 C.E. le go ralala makgolo a dingwaga go fitlhela nako ya bokhutlo? A tebelelo ya Bokeresete e ne e tshwanelwa ke gore e tsidifale, “e nne tsididi-tsididi,” jaaka go ka bolelwa? Nnya! Dikwalo tse tharo tsa ga moaposetoloi Johane le Tshenolō, di ne tsa kwalwa tsotlhe morago ga 70 C.E. Mo lokwalong lwa gagwe Iwa ntlha, Johane o tlhagisa kgatlhanong le “moganetsa Keresete,” mme a bolelela Bakeresete go sala ba ntse ba kitlanye le Keresete fa gone ba emetse “go nna gone” ga Gagwe le ponatshego ya Gagwe. (1 Yohane 2:18, 28; 3:2) Mo makwalong otlhe a gagwe a mararo, Johane o tlhagisa kgatlhanong le batenegi. Fa e le kaga Tshenolō, go tloga kwa tshimologong go ya pheletsong ya yone e sekametse mo kgorogong ya ga Keresete mo kgalalelong ya Bogosi jwa gagwe, polelo ya yone e e gaufi le go feleletsa buka e re: “Tla, Morèna Yesu.”—Tshenolō 22:20.
12 Bakeresete ba ne ba tshwanetse go sekamela go parousia. Ke gore, letsatsi le letsatsi ba ne ba tshwanelwa ke go tshela ka tebelelo ya “go nna gone” ga ga Keresete. Ernst Benz, moperofesa wa hisitori ya kereke o kwala jaana: “ ‘Dilo tsa bofelo’ e ne e le dilo tsa ntlha, dikgang tsa potlako, go baikanyegi ba kereke ya pele. Kgang-kgolo ya tumelo ya bone le tsholofelo ya bone e ne e le go goroga ga Bogosi jwa Modimo.” Le eleng fa Bogosi bo ne bo ka se ke jwa tla mo motlheng wa botshelo jwa bone, boikutlo jono jo bo tshwanetseng jwa tebelelo bo ne bo tla sireletsa Bakeresete mo goreng ba otsele semoyeng le go tshwarega mo lefatsheng la ga Satane.—1 Yohane 2:15-17.
13, 14. Ke dipono dife tse pedi tse di feteletseng tse di neng di le gone mo Bakereseteng ba batenegi mo lekgolong la dingwaga la bobedi le la boraro C.E.?
13 Go bua boammaaruri, jaaka botenegi bo ne bo gola morago ga loso Iwa baaposetoloi, bangwe ba ne ba tsaya dikgopolo tse di phoso malebana le bogaufi jwa go goroga ga ga Keresete mo Bogosing jwa gagwe. Mo bukeng ya gagwe ya The Early Church and the World, C. J. Cadoux o tlhalosa gore: ‘Trenaeus [mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E.] le Hippolytus [go ya bofelong jwa lekgolo la bobedi, le tshimologo ya lekgolo la boraro C.E.] ka bobedi ba ne ba akanya gore go ne go ka kgonega go lekanyetsa nako e bofelo bo tla tlang ka yone ka tshwanelo.” Bangwe, ka ntlha ya tlhatlhamano ya ditiragalo e e phoso, ba ne ba akanya gore dingwaga tse 6 000 tsa ditiragalo tsa motho di ne di setse di fedile le gore tshimologo ya dingwaga tse di dikete tse supa di ne di setse di le gaufi. Ba ne ba le phoso tota. Mme bobotlana ba ne ba leka go ipoloka ba tsogile semoyeng.
14 Mo letlhakoreng le lengwe, bontsi jwa Bakeresete ba batenegi ba ne ba latlhegelwa ke potlako le tebelelo ya Bogosi. Theological Dictionary of the New Testament e re itsise gore: “Ka go tlhotlhelediwa ke matlhajana a tsietso a ga Plato le melao-metheo ya boitsholo ya ba Stoic, Bafemedi ba Bokeresete [borara ba kereke ya lekgolo la bobedi le tshimologo ya lekgolo la boraro la dingwaga] ba ne ba dirisa kgopolo ya Bogosi jwa Modimo go sekae. Ereka fela ba ne ba na le thato ya bone ya seruti, e fekeeditswe ke kgopolo ya boitekanelo jwa Mokeresete mongwe le mongwe. . . . Dikgopolo tsa bosasweng tsa Segerika, botshelo jo bo sa feleng le kitso di botlhokwa jo bogolo go na le thuto ya sebibela ya [bogosi jwa Modimo. . . . Ka mo go tshwanang mo Origen [mo e ka nnang ka 185—254 C.E.], . . . ga go na lefa e le lefelo lepe gotlhelele la molaetsa wa sebibela wa bogosi jwa Modimo.”
15. Fa botenegi bo ntse bo gola, ke boikutlo bofe jo dikereke tsa molao di neng tsa bo tsaya kaga ditebelelo tsa “Dilo tsa Bofelo”?
15 Tota, boikutlo jono e ne e le jone jo bo neng jwa rena go ralala makgolo a dingwaga gareng ga dikereke tseo gotweng ke tsa Bokeresete. The Encyclopædia Britannica e senola gore: “Fa esale nako ya mmusi mogolo wa Roma Constantine (o sule ka 337) temogo ya sepolotiki ya Bokeresete e ne ya tlhaloganngwa jaaka tsholofelo e e itemogetsweng mo Bogosing jwa ga Keresete. Ditlhamane tsa mo isagweng di ne tsa tswelela go nna gone mo makokong ao a neng a gateletswe.” “Mo lobakeng lwa pele ga Diphetogo tsa lekgolo la dingwaga la bo-16, ditlhopha tsa baitomolodi . . . di ne tsa kgala Kereke ya Roma ka go tlhanogela tebelelo e e gaufi ya kwa tshimologong ya thuto ya seruti.”
‘Go Sego Bao Ba Tla Fitlhelwang Ba Lebeletse’
16. Ke ditlhopha dife tse di neng tsa tlhagelela mo lekgolong la dingwaga la bo-19, mme dingwe tsa tsone di ne di dumela eng?
16 Ereka “dikereke tsa Bokeresete tse dikgolo” di ne di sa tlhole di lebeletse go nna gone ga ga Keresete le go amogela ga gagwe maatla a Bogosi, go ne ga tlogelelwa dikereke tse di ntseng jalo tse di bidiwang “ditlhopha tsa baitomolodi” go dira jalo. Mo lekgolong la dingwaga la bo-19, ditlhopha di le mmalwa tse di ntseng jalo di ne tsa iponatsa mo mafatsheng koo Bibela, le ditsela tsa go e ithuta, di neng di le gone mo bathong botlhe. Dikereke tse dikgolo, tseo go tsone “Dilo tsa Bofelo” tsa tebelelo di neng tsa nna dinyana, mo ka lonyatso ba neng ba bitsa ditlhopha tse di ntseng jalo ba re ke bo-kgorogo ya ga Keresete kana bora-dingwaga tse di sekete ka gobo ditlhopha tse di ntseng jalo di ne di letetse go nna gone ga bobedi” ga ga Keresete mme ba ne ba dumela gore Keresete o ne a tla busa ka tshwanelo ka dingwaga tse di sekete. Bontsi jwa ditlhopha tseno bo ne bo solofetse gore Keresete o ne a tla boela mo lefatsheng go tlhoma Bogosi jwa gagwe jwa dingwaga tse di sekete. Dingwe tsa tsone di ne tsa lekanyetsa go goroga ga bobedi ga ga Keresete jaaka mo go neng go tla nna gone ka 1835 (e le ba Irvingites, kwa Engelane), 1836 (Bengel, kwa Jeremane), 1843 (Miller, mo United States) le ka 1889 (setlhopha sa Mennonite mo Russia).
17, 18. Dikereke tsa molao tsa La-Bodumedi di ne tsa itshwara jang, mme Jesu o ne a re o tla lebelelang fa a ne a ‘goroga’?
17 Ka tlholego fela, “dikereke tse dikgolo thata tsa Bokeresete” di ne tsa ipela fa dipolelelo-pele tseno di ne tsa felela e le maaka. Go bua boammaaruri, Katoliki, Orthodox le dikereke tsa Maporosetanta tsa konokono di ne tsa seka tsa dira diphoso tse di ntseng jalo. Mo go bone, tebelelo ya “Dilo tsa Bofelo” e ne e “sena bokao.” Ba ne ba sa bolo go khutlela go ‘lebelela ka metlha.’—Mareko 13:37.
18 Lefa go le jalo, Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore: “Go segō batlhanka bauō, ba e tla reñ morèna oa bōnè a tla, a ba hitlhèle ba lebeletse . . . Molebalebi eo o ikanyègañ, eo o botlhale, e be e le mañ, eo morèna wa gagwè o tla mo laodisañ ba ntlo ea gagwè, gore a ba abèlè diyō mo lobakeñ lo e leñ lōna? Go segō motlhanka eouō e tla reñ morèna oa gagwè a tla, a mo hitlhèle a nntse a diha yalo.”—Luke 12:37-43.
19, 20. (a) Ke setlhopha sefe se se neng sa iponatsa ka bo-1870, mme ke ka ntlhanyang fa se ile sa itomolola mo ditlhopheng tse dingwe? (b) Ke makasine ofe o o neng wa nna sediriswa sa semolao sa setlhopha seno, mme makasine ono o ile wa thusa palo e e oketsegang ya Bakeresete ba boammaaruri jang?
19 Mo gare ga ‘ditlhopha tseo gotweng ke tsa baitomolodi’ tseo di neng di lebeletse sesupo sa go boa ga ga Keresete mo karolong ya boraro ya lekgolo la dingwaga la bo-19 e ne e le setlhopha se se ithutang Bibela se se neng se okametswe ke Charles Russell mo Pittsburgh, mo United States. Russell o kwadile jaana: “Go tloga 1870 go fitlha 1875 e ne e le nako ya go gola ga ka metlha mo tshegofatsong le mo kitsong le mo loratong lwa Modimo le mo Lefokong la gagwe. . . . Lefa go ntse jalo, re ne re ithuta fela thulaganyo ya kakaretso ya Modimo, le kitso e e sa lekanelang ya diphapogo tse dintsi tse di saleng di ratilwe bogologolo tse dintsi . . . Re ne ra ikutlwa re hutsafaditswe thata ke phoso ya ba Second Adventists, bao ba neng ba solofetse Keresete go tla mo nameng.”
20 Russell le balekane ba gagwe ka bofefo ba ne ba tlhaloganya gore go nna gone ga ga Keresete go ne go se kitla go bonala. Ba ne ba itomolola mo ditlhopheng tse dingwe mme, ka 1879 ba simolola go gatisa dijo tsa semoya ka Zions Watch Tower and Herald of Christ’s Presence. Go tloga mo ngwageng wa yone wa ntlha wa kgatiso, makasine ono o ne wa supela pele, ka temogo e e utlwalang ya Dikwalo, go ngwaga ya 1914 jaaka ngwaga o o nang le bokao jo bogolo mo ditiragalong tsa Bibela. Ka jalo, fa go nna gone mo go sa bonaleng ga ga Keresete go ne go simolola ka 1914, Bakeresete bao ba ne ba itumetse tota go bo ba ile ba fitlhelwa ba lebeletse! Go feta lekgolo la dingwaga, makasine ono, jaanong o bidiwa Tora ya Tebelo—E Itsise Bogosi jwa ga Jehofa, o ile wa thusa palo e e ntseng e oketsegela pele ya Bakeresete ba boammaaruri go nna ba ‘itisitse’ le ‘go lebelela.’ (Mareko 13:33) Gore seno se ile sa dirwa ka tsela e e ntseng jang go tla akanyediwa mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e e Botlalo ka boporofeti jono jwa nako, bona “Let Your Kingdom Come,” ditsebe 58-66.
b The New International Dictionary of New Testament Theology, Bolumo 2, tsebe 923.
Dipotso Dingwe tsa Poeletso
◻ Ke eng seo se supang gore Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba lebeletse Mesia?
◻ Go lebelela go ne ga thusa Bakeresete ba Judea jang?
◻ Botenegi bo ne jwa nna le matswela afe mo tebelelong ya Bokeresete?
◻ Keresete o ne a tla lebelela motlhanka wa mofuta ofe jaaka nako ya bokhutlo e ne e atamela?
◻ Ke setlhopha sa Bakeresete bafe ba ba neng ba fitlhelela dipatlafalo tseno, mme ka thuso ya makasine ofe?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Bagatisi ba makasine ono ba nnile ba lebelela ka metlha