Etleetsegang!
“Le lona, etleetsègañ; gonne Morwa Motho o tla tla ka nakō e lo sa e gopoleñ”.—LUKE 12:40.
1. Keresete o ne a reng ka ga tlhokafalo ya go nna go lebeletswe ka metlha?
JESU Keresete o ne a tlhotlheletsa balatedi ba gagwe go nna tiso. Ka sekai, o rile: “Me lona lo itisè: bōnañ, ke lo boleletse dilo cotlhe go sa le gale . . . Ediha gōna ba tla bōnañ Morwa Motho a tla mo maruñ ka nonohō e kgolo le kgalalèlō. . . . Me kaga letsatsi yeuō kgotsa nakō euō, ga go itse opè, leha e le baengele, ba ba kwa legodimoñ, leha e le Morwa, ha e se Rara hèla. Itiseñ, lo lebèlèlè, lo rapèlè: gonne ga lo itse lobaka, go re, ke lohe. Go chwana yaka ha monna a ile go yaka kwa lehatshiñ le sele, ea re ka a tlogetse ntlo ea gagwè, o bile a neetse batlhanka ba gagwè thata, le moñwe le moñwe tihō ea gagwè, le gōna a laola molebedi oa kgōrō, gore a lebèlèlè. Ke gōna, lebèlèlañ: gonne ga lo itse, go re, morèna oa ntlo o tla tla leñ, kgotsa a ka maabanyane, kgotsa a bosigo gare, kgotsa a ka makuku, kgotsa a ka bosigo boosa: E se re kgotsa ha a ka tla ka choganeco a lo hitlhèla lo robetse. Me se ke se raeañ lona, ke se raea botlhe hèla, ka re, Lebèlèlañ.”—Mareko 13:23-37.
2. Ke ka ntlhayang fa Thapelo ya Sekao e akantsha go lebelela, mme dikereke tsa La-Bodumedi di ile tsa nyenyefatsa tebelo-pele ya Bogosi jang?
2 Ditlhogo tse di fetileng di ne tsa neela bosupi jo bontsi go tswa metsweding e e sa sekamelang gope ya gore dikereke tsa La-Bodumedi ga dia ka tsa ‘nna di disitse.’ Go ya ka The Catholic Encyclopedia, ba ile ba thukutha tebelelo ya Bogosi ka go bolela gore “bogosi jwa Modimo bo raya . . . go busa ga Modimo mo dipelong tsa rona,” ka gona he ba tlosa bokao jotlhe jwa thapelo ya sekao, kana Thapelo ya Morena. Mme The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Ditopo tsa Thapelo ya Morena di akantshitse pele boemo jo bo hutsafatsang ka mo go boteng jwa gore leina le thato tsa Modimo dia gobololwa, le gore Bogosi jwa gagwe ga bo ise bo tle.” Ee, thapelo ya sekao e akantshitse go le pele go lebelela. Ka mo go kgethegileng, ke dilo dife tse Bakeresete ba neng ba tshwanelwa ke go nna ba ntse ba di lebeletse?
“Lo Lebèlèlè”—Eng?
3. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba ne ba ka se tlhokomologe paka ya motlha?
3 Tlhatlhobiso e e kelotlhoko ya dipolelo-pele tsa Bibela tsa “Dilo tsa Bofelo” e senola dilo tseo tota Bakeresete ba neng ba tshwanelwa ke go ‘di lebelela.’ Sa ntlha, ba ne ba sa tshwanelwa ke go latlhegelwa ke pono ya paka ya motlha, ka gobo Jesu Keresete o ne a bua ka Jobaka lo lo laotsweng’ le le itsiweng ke Rraagwe a le esi fela. (Mareko 13:32, 33) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore Jerusalema “e ne e tla katakwa ke merafe, go fitlhela metlha e e laotsweng ya merafe [Baditšhaba] e wela.” (Luke 21:24, NW) Go phepafetse gore, Jesu o ne a neela balatedi ba gagwe boikitsiso jono e le gore a tle a kgone go ba thusa gore ba tle ba kgone go lemoga motlha wa bokhutlo, ka gobo e ne e le karolo ya karabo ya gagwe mo potsong ya gore: “Moruti, ana dilō tse di tla dihala leñ? le seshupō e tla nna sehe sa ha dilō tse di tloga di dihala?”—Luke 21:7.
4. Bakeresete ba ne ba tshwanetse go nna ba lebeletse sesupo sefe ka metlha?
4 Mo godimo ga gore ba ele motlha wa paka tlhoko thata, Bakeresete ba ne ba tshwanelwa ke gore ba lebelele “seshupō” se se neng se kopilwe, seo gape se umakiwang go Mathaio 24:3 le Mareko 13:4. Sesupo seno se se dikarolo dintsi—go akareletsa dintwa tsa meraferafe, ditlala, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa bolwetsi le pogiso ya Bakeresete ba boammaaruri—di ne di tla nyalana sentle le tiragatso ya dipolelo-pele tse di beetsweng nako go kgetholola “losika” lo lo neng lo se “ketla lo heta” go fitlhela dilo tsotlhe tse di neng di tshwanetse go diragala mo motlheng wa bofelo tota di ne di tla diragala.—Luke 21:10-12, 32.
5. Keresete o ne a ka nna jang le balatedi ba gagwe ba boammaaruri go ralala makgolo a dingwaga, a mme se e ne e le sone sotlhe se a neng a se raya fa a ne a neela sesupo sa go “nna gone” ga gagwe?
5 Ke ditiragalo dife tse di botlhokwa tseo di nyalanang le “bofelo yoa tsamaiso ea dilo” tseo di neng di tla opela sesupo seno mokgosi? Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmotsa ka gore: “Seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago [ka Segerika, pa·rou·siʹa]?’’ (Mathaio 24:3) “Go nna gone” ga ga Keresete go ne go tla kaya eng? Go ne go tla feta ka kwa go nna fela ga gagwe kafa semoyeng le balatedi ba gagwe ba boammaaruri fa ba ne ba kopana mmogo kana ba tsweledisa thomo ya bone ya go dira barutwa pele. O ne a tla bo a tshegetsa balatedi ba gagwe ka tsela eno go ralala makgolo a dingwaga. (Mathaio 18:20; 28:18-20) Le eleng baruti ba La-Bodumedi ba dumela gore lefoko “go nna gone” le ne la nna le bokao jo bo kgethegileng. The New International Dictionary of New Testament Theology e umaka gore: “Kgopolo ya parousia jaanong e ne ya tlama mo tebelelong ya kereke ya go iponatsa ga ga Keresete kwa bokhutlong jwa motlha.” Go tswa sekhutlong se sengwe go ya go se sengwe, Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di kgothaletsa Bakeresete go tshela ka tebelelo ya go nna gone ga ga Keresete.—Mathaio 24:3, 27, 37, 39; Yakobe 5:7, 8; 2 Petere 3:3, 4; 1 Yohane 2:28; Tshenolō 1:7; 22:7.
6. (a) Go nna gone ga ga Keresete go ne go tla raya eng ka tsamaiso eno e e boikepo ya dilo? (b) Go nna gone ga ga Keresete go ne go tla ama Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba neng baa swa ka boikanyegi le bao ba neng ba tla bo ba santse ba tshela mo lefatsheng jang?
6 Go nna gone ga ga Keresete go ne go tla kaya eseng fela “bokhutlō yoa lehatshe.” (Mathaio 24:3; Mareko 13:4) Go ne go tla raya gore tsamaiso e e boikepo ya jaanong ya dilo e ne e tsene mo “motlheñ oa bokhutlō” kgotsa ‘metlha ya bofelo.’ (Daniele 12:4, 9; 2 Timotheo 3:1-5) Go ne go tla raya gore Keresete o ne a amogetse go tswa go Rraagwe taolo ya go diragatsa bobusi jwa Bogosi mo godimo ga lefatshe ‘gare ga baba ba gagwe.’ (Pesalema 110:2; 2:6-9; Tshenolō 11:15-18) Pele ga a atlhola lefatshe ka kakaretso, Keresete o ne a tla lekola phuthego ya gagwe ka namana mme a tsose Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba swa ka boikanyego. (1 Bakorintha 15:21, 23; 1 Bathesalonia 2:19; 3:13; 4:13-17; 2 Bathesalonia 2:1) Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba ba neng ba santse ba tshela mo lefatsheng mme ka boikanyego ba dira jaaka “motlhanka” wa ga Keresete ka go nna ba tsogile ka metlha mo semoyeng le go otla ka “dijo ka dipaka tse e len cona,” kana ba ne ba tla tlhomiwa ke Keresete go laola “dilō cotlhe tse o nañ nacō” kana dikgatlhego tsa Bogosi mo lefatsheng. (Mathaio 24:45-47; Luke 12:42-44) “Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yono o ne a tla tshwarega le go laola tiro ya lefatshe ka bophara ya go rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi,” mme “hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14.
7. Le eleng ka nako ya go nna gone ga ga Keresete, Bakeresete ba ne ba tshwanelwa ke gore ba lebelele sesupo sefe ka metlha, mme ke ka ntlhayang fa ba ne ba tla tswelela ba rapelela go tla ga Bogosi jwa Modimo?
7 Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tshwanelwa ke go ‘nna ba lebile ka metlha’ dilo tsotlhe tseo di neng di tla supa gore ba ne ba tshela mo nakong eo ya go nna gone ga ga Keresete le “bofelo jwa tsamaiso ya dilo.” Mme le eleng ka ‘nako ya bokhutlo,’ ba ne ba tshwanelwa ke gore ba nne ba lebeletse “seshupō sa Morwa motho,” go “tla” ga gagwe go diragatsa katlholo kgatlhanong le tsamaiso e e boikepo ya dilo ya ga Satane. (Mathaio 24:30, 44; Mareko 13:26, 35; Luke 12:40; 21:27; 2 Bathesalonia 1:7-10) Ka gone, lefa gone a ne a tla ‘nna gone’ mme Bogosi bo ne bo tla bo bo setse bo tlhomilwe, ka bobedi ene le Bogosi jwa gagwe ba ne ba santse ba “tla” le go “thubaganya le go nyèlètsa” merafe le mebuso ya lefatshe la ga Satane. (Daniele 2:44) Seno se tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa morago ga go neela dikarolo tsa “seshupō” sa go nna gone ga gagwe, Keresete a neng a oketsa ka gore: “Hèla yalo le lona, ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.” (Luke 21:31) Ee, le eleng mo go nneng gone ga ga Keresete, Bakeresete ba ne ba tla bo ba santse ba rapelela go tla ga Bogosi jwa Modimo, mme ba ne ba santse ba tla bo ba tlhoka go nna ba ‘disitse ka metlha’ le go ‘lebelela ka metlha’ nako e e laotsweng ya “bokhutlō” le “thekololō ea bone”.—Mareko 13:7, 29, 32-37; Luke 21:9, 28.
Ke Mang Yo O Itshupileng A ‘Lebeletse’?
8. Bolela dilo tse Bakeresete ba neng ba tshwanelwa ke go di lebelela ka metlha?
8 Re sa tswa go bona fela gore Bakeresete ba ne ba tshwanelwa ke go tshela ka tebelelo ya bofelo jwa “metlha e e laotsweng ya baditshaba.” Ba ne ba tshwanelwa ke gore ba lebelele ‘sesupo sa go nna gone ga ga Keresete le sa bofelo jwa tsamaiso ya dilo.’ Ba ne ba tshwanelwa ke gore ba lebelele tsogo ya Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba neng ba swa ka boikanyego le go lemotshega mo go phepafetseng ga setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” seo se neng se tla tlhomiwa go lebela dikgatlhego tsa selefatshe tsa Bogosi jwa ga Keresete. Kgabagare, “motlhanka” yono o ne a tla tswelela go ntsha dijo tsa semoya fa a ne a etelela pele mo go rereng “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, . . . mo lehatshiñ yeotlhe” pele ga “bokhutlō.” “Seshupō sa Morwa motho” se ne se tla bonala mo go ‘tleng’ ga gagwe go senya tsamaiso e e boikepo ya dilo ya ga Satane.
9. Ke bomang bao ba neng ba itshupa ba lebeletse bokhutlo jwa “metlha e e laotsweng ya merafe,” mme Zion’s Watch Tower e ne ya thusa Bakeresete go nna ba thantse semoyeng jang?
9 Ke mang yo o itshupileng a ‘lebeletse’ dilo tseno tsotlhe? Le eleng fela kwa tshimologong ka 1876, Charles T. Russell wa Pittsburgh, mo Pennsylvania, o ile a lebelela ka kelotlhoko bofelo jwa “metlha e e laotsweng ya merafe,” kana “metlha ea badichaba.” (King James Version) Mo ngwageng oo o ne a gatisa setlhogo se se neng se re “Metlha ya Baditšhaba: E Fela Leng?” Mo go sone o ne a tlhalosa gore “metlha e shupa e tla fela ka A.D. 1914.” Go tloga 1880 go ya pele, boikitsiso joo jo bo tshwanang bo ne jwa gatisiwa mo ditsebeng tsa Zion’s Watch Tower. Tokololo ya March, 1880, e ne ya tlhalosa gore: “ ‘Metlha ea Badichaba’ e fitlha go 1914, mme bogosi jwa selegodimo bo tla bo bo ise bo nne le taolo e e feletseng go tla go fitlha mo nakong eo.” Go bua boammaaruri, diithuti tsa Bibela tseo di neng di kwala ditlhogo tseo, ka nako eo, di ne di sena kutlwisiso e e tsepameng ya Bibela le ya ditiragalo ya gore bofelo jwa “metlha e e laotsweng ya merafe” tota bo ne bo tla rayang, jaaka re tlhaloganya dilo tseno gompieno.a Mme ntlha ya botlhokwa ke gore ba ne ba ‘lebeletse’ mme ba ne ba thusa Bakeresete ka bone go nna ba tsogile semoyeng ka metlha.
10. Bokao jwa mmatota jwa go “nna gone” ga ga Keresete bo ne jwa phepafadiwa jang?
10 Setlhopha seo se se tshwanang sa diithuti tsa Bibela se se neng se kopanela le Charles Russell le makasine wa Zion’s Watch Tower gape se ne sa thusa Bakeresete ba mmatota go tlhaloganya gore go “nna gone” ga ga Keresete go tshwanetse ga tlhaloganngwa e le mo go sa bonaleng, mme le gore ga a na a boela mo lefatsheng go busa jaaka kgosi ya selefatshe. Ba ne ka metlha ba gogela tlhokomelong ya “ba ntlo” ya Morena mo ditiragalong tsa lefatshe malebana le “seshupō” sa go nna gone ga ga Keresete le “motlha oa bokhutlō.”
11. (a) Ke eng seo se neng sa seka sa tlhaloganngwa ka botlalo ka nako eo malebana le mebuso ya selefatshe le go “cholediwa mmōgō” ga Bakeresete ba ba tloditsweng? (b) Ke kutlwisiso efe e e botoka eo re nang le yone gompieno ya ga Daniele 2:44 le 1 Bathesalonia 4:15-17?
11 Ka boammaaruri, go ne go akanngwa gore go tlhongwa ga Bogosi jwa magodimo go ne go tla raya phediso ya ponyo ya leitlho ya mebuso ya selefatshe le gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tla “cholediwa mmōgo” go kopanela le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba robetseng bao ba neng ba tla tloga ba tsosiwa ka nako ya go nna gone ga ga Keresete. (2 Bathesalonia 2:1) Mme tota ke mang yo 0 ka ba tshwayang phoso ka go bo ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo ka nako eo gore tiro e kgolo ya go phutha e ne e tshwanelwa ke gore e nne gone magareng ga tiragatso ya tshimologo le bowelo jwa ga Daniele 2:44, kana le gore go “cholediwa mmōgō” mo go umakiwang mo go 1 Bathesalonia 4:15-17, go lebisa mo tsogong ya ponyo ya leitlho ya Bakeresete ba ba neng ba tla swa morago ga tshimologo ya tsogo ya ntlha?—1 Bakorintha 15:36, 42-44; Baroma 6:3.
12. (a) Keresete o ne a lebeletse go fitlhela “motlhanka” wa gagwe yo o ikanyegang a dirang fa a ne a goroga go tla go lekola ba ntlo ya gagwe, mme o ne a fitlhela mang a dira jalo? (b) Setlhopha sa “motlhanka” yo o ikanyegang se ne sa tswelela go dira eng fa e sale go tloga ka nako eo?
12 Re tlhaloganya dilo tseno gompieno, re lebogela lesedi le le ntseng le oketsega leo le neng la kgantshiwa mo Lefokong la Modimo ka setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Diane 4:18) Malebana le “motlhanka” yoo, Jesu o ne a re: “Ana motlhaka eo o boikañō le eo o botlhale ea bo e le mañ, eo morèna oa gagwè o mo tlhomilen go laola ba ntlo ea gagwè, go ba abèla diyō ka dipaka tse e leñ cōna? Go segō motlhanka eo e tla reñ morèna oa gagwè a tla, a mo hitlhèle a nntse a diha yalo. Amarure kea lo raea, o tla mo tlhōma molaodi oa dilō cotlhe tse o nañ nacō.” (Mathaio 24:45-47) Fa Morena Jesu yo o tlhomilweng mo setulong a ne a lekola ba ntlo ya gagwe ka 1919, o ne a fitlhela setlhopha sa Bakeresete se se arolang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ka boikanyegi ba lekela go ‘lebelela’ ka thuso ya semoya ya “diyō ka dipaka tse e leñ cōna.” Nako kgolo ke eno, setlhopha seo sa “motlhanka” ka boikanyego se ile sa tswelela go baakanyetsa ka dijo tsa semoya le go kgonisa “ba ntlo” ya Morena le balekane ba bone go ‘itisa ka metlha, le go lebelela ka metlha.’—Mareko 13:33.
Go Thanya kana Go Boduhala?
13. Ke dipotso dife tseo bao ba kgalang Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetseng go di ipotsa?
13 Go motlhofo ka dikereke tsa molao tsaLa-bodumedi le batho ba bangwe go kgala Basupi ba ga Jehofa ka go bo dikgatiso tsa bone, ka dinako tse dingwe, di ile tsa tlhalosa gore dilo dingwe di ne di tla diragala ka dingwaga tse di rileng. A mme kgato e e ntseng jalo ga e tumalanong le kgakololo ya ga Keresete ya gore “lebèlèlañ”? (Mareko 13:37) Mo letlhakoreng le lengwe, a dikereke tsa La-bodumedi di ile tsa kgothaletsa go lebelela ga Bokeresete ka go ruta gore Bogosi ke “go busa ga Modimo mo dipelong tsa rona”? Go na le moo, a ga baa ka ba kgothaletsa poduhalo ya semoya ka go akanyetsa tebelelo ya “bokhutlō” jaaka “e e senang bokao” kana “diphirimisi fela”? A batenegi bao ba iphakang gore “metlha ya bofelo” e ne ya simolola ka Pentekosete le go akareletsa Motlha otlhe wa Bakeresete ba ile ba godisa tiso ya Bokeresete? Go na le moo, a ga baa ka ba tlhotlheletsa boroko jwa semoya?
14. Ke dikai dife tse di leng gone tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa mo nakong e e fetileng bao ba neng ba tlhagafaletse go bona tiragatso ya maikaelelo a Modimo?
14 Go boammaaruri, ditebelelo dingwe tseo di neng tsa lebega di engwe nokeng ke tlhatlhamamo ya metlha ya Bibela ga dia ka tsa bonala ka nako eo di neng di solofetswe ka yone. A mme ga go botoka thata go dira diphoso dingwe ka ntlha ya go lebelela go feta selekanyo go bona maikaelelo a Modimo a diragadiwa go na le go robala semoyeng ma-lebana le tiragatso ya boperofeti jwa Bibela? A Moshe ga a ka a dira phoso mo go lekanyetseng dingwaga tse 40 ka go leka go tsaya kgato pele ga nako go tlosa pogo ya Iseraele? (Genesise 15:13; Ditihō 7:6, 17, 23, 25, 30, 34.) A baaposetoloi ba ga Keresete ba ne ba sa tlhoafalela go feta go batla go bona Bogosi bo tlhongwa, kwantle ga go tlhoka go utlwisisa sentle ga bone gore tota Bogosi ke eng? (Ditihō 1:6; bapisa Luke 19:11; 24:21.) A Bakeresete ba ba tloditsweng kwa Thesalonika ba ne ba se pelo khutshwane go bona go “nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete” le ‘letsatsi la ga Jehofa’?—2 Bathesalonia 2:1, 2.
15. Ke dikai dife tse di supang gore dikwalo ga di nyatse go dirisa tlhatlhamano ya metlha go leka go lekanyetsa go bona gore maikaelelo a Modimo a tla diragala leng, mme batlhanka ba bantsi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ile ba goeletsa ka goreng, mo nakong e e fetileng le jaanong?
15 Ga go na sepe se se phoso kafa dikwalong tota mo go diriseng tlhatlhamano ya metlha ka maiteko a go ithuta ka “lobaka lo lo laocweñ” lwa tiragatso ya maikaelelo a Modimo. (Habakuke 2:3) Daniele o ne a lekanyetsa gore tshenyego ya Jerusalema e ne e tla fela leng. (Daniele 9:1, 2) Masalela a a ikanyegang a Sejuda a lekgolo la ntlha la dingwaga a ne a lebeletse go goroga ga ga Mesia ka go bo ba ne ba lekanyetsa boperofeti jo bo beilweng mo nakong. (Daniele 9:25; Luke 3:15) Go ya bofelong jwa lekgolo la dingwaga la bo-19 le tshimologong ya lekgolo la dingwaga la bo-20 Bakeresete ba ne ba kgonisiwa go tshela ka tebelelo ya puso ya Bogosi jwa Modimo le eleng pele ga 1914 ka go bo ba ne ba lekanyetsa gore “metlha e e laotsweng ya merafe” e ne e tla tloga e fela. (Luke 21:24; Daniele 4:16, 17) Ka gone, go ne go utlwala gore e ne e le ka ntlhayang fa maiteko a ne a dirwa go dirisa ditshupiso tse dingwe tsa paka ya Bibela go leka go bona gore ditsholofelo tse di saleng di letetswe di ne di ka diragala leng. Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa mo nakong e e fetileng ba ne ba goeletsa ka gore: “Ka lobaka lo lo kaee, Yehofa”?—Isaia 6:11; Pesalema 74:10; 94:3.
Ke ka Ntlhayang fa Re ‘Iketleetsa’?
16. (a) A Mareko 13:32 e tshwanetswe go tlhaloganngwa e raya gore ga re a tshwanela go bontsha kgatlhego epe mo goreng bokhutlo bo tla leng? (b) Ke sesupo sefe se se bonalang, mme ke “seshupō” sefe se sengwe seo re se letetseng?
16 Ereka Jesu a ne a kaile ka phepafalo gore go ne go se motho yo o neng a ka itse “letsatsi yeuō” kana “nako euō” fa Rraagwe a ne a tla laola morwawe go ‘tla’ kgatlhanong le tsamaiso e e boikepo ya dilo ya ga Satane, bangwe ba ka nna ba botsa: ‘Ke ka ntlhayang fa go potlakile go tshela ka tebelelo ya bokhutlo?’ Go potlakile ka gobo ka jone boikutlo jo bo tshwanang joo, Jesu o ne a oketsa ka gore: “Itiseñ, lo lebèlèlè, . . . Lebèlèlan.” (Mareko 13:32-35) “Seshupō” sa parousia ya ga Jesu se bonala sentle fa e sale 1914. Jaanong re letetse “seshupō sa Morwa Motho,” fa a ‘tla’ jaaka Moatlhodi wa ga Jehofa.
17, 18. (a) Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a laela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga go tshaba go tswa mo Jerusalema ka bofefo fela fa ba ne ba bona sesupo sa tshenyego e e gaufi ya yone? (b) Ke ka ntlhayang fa go ka nna bodiphatsa go nyenyefatsa go potlaka ga metlha ya rona?
17 Fa Jesu a ne a neela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Judea sesupo seo ka sone ba neng ba tla itse gore nako e ne e tlile ya gore ba tshabe mo Jerusalema, o ne a ganelela mo tlhokafalong ya gore go tsewe kgato ka potlako. (Luke 21:20-23) Ke ka ntlhayang fa go potlakile, ereka go ne ga feta dingwaga tse nne morago ga go bonala ga sesupo ka 66 C.E. mme tota tshenyego e ne ya tla mo Jerusalema ka 70 C.E.? Ka gobo Jesu o ne a itse gore fa go ne go ka diegwa, ba ne ba tla nna ba busetsa go tshaba ga bone morago mme e re kgabagare ba bo ba tshwarwe ke masole a Roma.
18 Ka mo go tshwanang gompieno, go tla bo go le kotsi fela thata ka Bakeresete go leka go nyenyefatsa potlako ya metlha ya rona mme ba nne le boikutlo jwa “o seka wa kgamatha” joo bo supang pelaelo ya bogaufi jwa bokhutlo.
19. Petere le Jesu ba ne ba neela tlhagiso efe?
19 Parousia, kana go nna gone ga ga Keresete, jaanong go setse go fitlhile mo dingwageng tse 70, mme go “tla” ga “letsatsi ya ga Yehofa” la katlholo kgatlhonong le lefatshe la ga Satane go atamela ka bofefo. Moapostoloi Petere o bolela gore letsatsi leno le “tla tla yaka legodu,” mme o oketsa ka gore re tshwanetse go ‘letela le go tlhologelelwa ka metlha go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.’ (2 Petere 3:10-12) Jesu o ne a re tlhagisa gape ka gore: “Me lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru, . . . Me lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe.”—Luke 21:34-36.
20. Re tshwanetse ra lebogela eng, mme tebelelo ya Bokeresete e e tshwanetseng e tla re sireletsa jang?
20 Abo Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go ipela le go leboga jang ne go bo ba ile ba nna ba tsositswe semoyeng ke setlhopha sa “motlhanka” yo o boikanngo le yo o tlhaga! Tebelelo e e tshwanetseng ya Bokeresete e tla re sireletsa ka nako eno ya ‘metlha ya bofelo’ eno e e bodiphatsa mme e tla re tlhotlheletsa go nna le seabe ka tlhagafalo mo go rereng “Mahoko a a Molemō a, a bogosi.” Ka gone he re tla bo re thusa ba bangwe go nna ba lebeletse ka metlha le go falolela mo tsamaisong e ntsha ya dilo koo go tla “agañ tshiamō mo go [yone].”—2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:14; 2 Petere 3:13.
[Ntlha e e ko tlase]
a Bona buka ya “Let Your Kingdom Come” kgaolo 14, le Appedix e e tshegetsang kgaolo eo sentle kwa bokhutlong jwa buka eno.
A O Ka Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba sa tshwanela go tlhokomologa paka ya nako mo tlhatlhamanong ya metlha ya Bibela?
◻ Lefoko “go nna gone” le ne la tsaya bokao bofe jo bo kgethegileng?
◻ Ke ka ntlhayang fa go santse go tshwanela go ka rapelela Bogosi jwa Modimo go tla?
◻ O ne o ka arabela jang bao ba nyatsang Basupi ba ga Jehofa ka dikgang tsa tlhatlhamano ya metlha?
◻ Ke ka ntlhayang fa go le kotsi go latofatsa go potlaka ga metlha ya rona?
[Lebokose mo go tsebe 18]
Dilo Tseo Bakeresete Ba Neng Ba Tshwanelwa Ke go di Lebelela ka Metlhau
Bokhutlo jwa “metlha e e laotsweng ya merafe.”—Luke 21:24, NW
“Seshupō” sa go nna gone ga ga Keresete le sa bofelo jwa tsamaiso ya dilo.—Mathaio 24:3-25:46.
Tsogo ya Bakeresete ba ba tloditsweng.—1 Bathesalonla 4:13-17.
Go lemogwa mo go feletseng ga setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.”—Mathaio 24:35-46.
“Seshupō sa Morwa motho ” fa a ‘tla’ go diragatsa dlkatlholo tsa ga Jehofa.—Mathaio 24:30.
[Setshwantsho mo tsebe 17]
C. T. Russell le balekane ba gagwe ba ne ba lebelela ka metlha yotlhe