Lebaka la go bo Tebelelo ya Bakeresete e Ngotlegile
JESU o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba ‘lebelele’ go nna gone ga gagwe le go tla ga Bogosi jwa gagwe. (Mareko 13:37) Go na le bosupi jo bontsi mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba dirile fela jalo. Tota, bangwe ba ne ba nna pelo-khutshwane. (2 Bathesalonia 2:1, 2) Mo letlhakoreng le lengwe, go raka go repisa tebelelo epe ya Bokeresete, Paulo, Jakobe, Petere le Johane botlhe ba ne ba kwala makwalo ao ba neng ba kgothaletsa ka one bakaulengwe ba bone go nna ba tsogile semoyeng fa ba ntse ba letile ka bopelotelele go “tla” ga ga Keresete le ‘letsatsi la ga Jehofa.’—Bahebera 10:25, 37; Yakobe 5:7, 8; 1 Petere 4:7; 2 Petere 3:1-15; 1 Yohane 2:18, 28.
Dibuka tsa tshupiso tse di gatisitsweng ke bora-ditiragalo le baithuta-bodumedi ba Labodumedi di amogela ntlha eno. Mo tlaleletsong ya yone ya Supplèment, Dictionnaire de la Bible ya semolao ya Katoliki ya Sefora e re: “Ga gona mosola go leka ka ntlha tsotlhe go ganetsa boemo jwa tebelelo ya bofelo e e phepafetseng mo ditemaneng di le dintsi tsa Kgolagano e Ntšha. . . . Mo Bokereseteng jwa pele . . . tebelelelo ya Parousia [go nna gone] go tsaya karolo ya botlhokwa mme go tswelela go tswa ntlheng e nngwe ya K[golagano] e N[tšha] go ya go e nngwe.”
Mme ke eng fa baithuta-bodumedi bangwe ba La-bodumedi ba “leka go ganetsa boemo jwa tebelelelo ya bokhutlo ka ntlha tsotlhe” jo bo neng bo bonala sentle mo Bakereseteng ba pele? Kwantle ga pelaelo, go femela boemo jwa botshwakga jwa semoya jo bo bonalang sentle mo go ba bantsi ba ba ipolelang gore ke Bakeresete gompieno le baeteledipele ba bone ba semoya. Phetogo eno e tlile jang?
Ka moo Tebelelo e Ngotlegileng Ka Gone
Go fokotsega ga tebelelo ya Bokeresete e ne e le nngwe ya diphelelo tsa botenegi jo bo neng bo setse bo simologile go iponatsa le eleng pele ga loso lwa baaposetoloi ba ga Keresete. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gore botenegi bo ne “bo setse bo diha” mo phuthegong ya Bokeresete mo motlheng wa gagwe. (2 Bathesalonia 2:3, 4, 7) Dingwaga di sekae moragonyana, moaposetoloi Petere o ne a tlhokomedisa Bakeresete ka ene go itisa mo ‘baruting ba e seng bone’ le mo ‘basotling’ ba ba tla reng: “Polèlō ea choloheco ea go tla ga gagwè e kae? gonne e sa le ka borara ba rōbala, dilō cotlhe di sa nntse di nntse yaka di nntse di nntse le mo tshimologoñ ea popō.”—2 Petere 2:1; 3:3, 4.
Ka mo go itumedisang, tebelelo e e tshwanetseng ya Bokeresete e ne ya tshegediwa ka nakwana ke bao ba neng ba dumela boammaaruri jwa Dikwalo gore go “tla” mo go solofeditsweng ga ga Jesu go tla kaya bogaufi jwa Puso ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete mo lefatsheng. Justin Martyr (o sule mo e ka nnang ka 165 C.E.), Irenaeus (o sule mo e ka nnang ka 202 C.E.) mme Tertullian (o sule morago ga 220 C.E.) botlhe ba ne ba dumela mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete le go haka tebelelo e e tlhaga ya bofelo jwa tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo.
Fa nako e ntse e ya le botenegi bo ne jwa gola, tsholofelo ya dingwaga tse di sekete ya gore lefatshe le tla fetolelwa mo Paradaiseng ya kgolokwe tlase ga Bogosi jwa ga Keresete e ne ya tseelwa sebaka ka bonya ke tebelelo e e ikgopolelwang e e theilweng mo mogopolong wa botlhajana jwa Segerika jwa go sa swe ga motho mo go ruilweng. Tsholofelo ya Paradaise e ne ya fetisediwa go tswa mo lefatsheng go ya kwa legodimong, e e bonwang morago ga loso. Tebelelo ya Bokeresete ya parousia kana go nna gone ga ga Keresete le go tla ga Bogosi jwa gagwe ka gone e ne ya fokotsega. Ba simolola go akanya gore, ‘Ke ka ntlhayang fa re lebelela ka tlhoafalo sesupo sa go nna gone ga ga Jesu, fa gone re ka nna le tsholofelo ya go ya go kopana le Keresete kwa legodimong morago ga loso’?
Go ngotlega mo ga tebelelo ya Bokeresete go ne ga tlhotlheletsa Bakeresete ba batenegi go ipopa jaaka setlhopha sa kereke se se rulagantsweng sentle seo matlho a sone a neng a sa tlhole a tlhomilwe mo go tleng, parousia, kana go nna gone ga ga Keresete, mme go na le moo, ka go laola maloko a sone mme fa go kgonega, lefatshe. The New Encyclopædia Britannica e re: “Go diega mo go [bonalang] ga Parousia go ne ga felela ka go koafala ga tebelelo e e gaufi mo kerekeng ya pele. Mo mokgweng ono wa go ‘tlhobogana le ditebelelo,’ [go koafala ga thuto ya “Dilo tsa Bofelo”] kereke e e rulagantsweng e ne ya tseela Bogosi jwa Modimo jo bo lebeletsweng ka mo go oketsegileng sebaka. Go tlhongwa ga Kereke ya Katoliki jaaka setlhopha sa baruti ba ba rulagantsweng ka tlhamalalo go golagane le go wela tlase ga tebelelo e e tlogang e diragala.”
Go fifaletsa Ruri
“Father” kana “doctor,” wa kereke yo o fifaleditseng ruri go lebelela ga Bakeresete kwantle ga pelaelo ke Augustine wa kwa Hippo (354-430 C.E.). Mo bukeng ya gagwe e e itsegeng thata The City of God, Augustine o rile: “Kereke eo ga jaanong e leng mo lefatsheng ke bogosi jwa ga Keresete mmogo le bogosi jwa legodimo.”
The New Bible Dictionary e tlhalosa phelelo e pono eno e nnileng le yone mo thuta-bodumeding ya Katoliki, ka gore: “Karolo e e tlhomologileng mo thuta-bodumeding ya Roma Katoliki ke ya gore bogosi jwa Modimo le Kereke ke dilo tsa mo lefatsheng, tlhaloso e e nnileng gone thata-thata ka ntlha ya tlhotlheletso ya ga Augustine. Ka thulaganyo ya sekereke Keresete o tsewa tota jaaka Kgosi ya bogosi jwa Modimo. Lefelo la bogosi le lekana fela [le na le melelwane e e tshwanang] le ya maatla le bolaodi tsa kereke. Bogosi jwa legodimo bo katolosiwa ke borongwa le kgolo ya Kereke mo lefatsheng.”
Seno se tlositse tlhokafalo yotlhe ya go ‘lebelela’ sesupo se se neng se tla bontsha fa Bogosi jwa Modimo bo ne bo atametse. A kwala go The New Encyclopædia Britannica, Moperofesa E. W. Benz o tlhomamisa seno ka gore: “Ene [Augustine] o ne a tlosa kgatelelo mo tebelelong ya pele-pele ka go bolela gore Bogosi jwa Modimo bo setse bo simologile mo lefatsheng leno ka go tlhongwa ga kereke; kereke ke moemedi wa tota wa Bogosi jwa Modimo mo Lefatsheng. Tsogo ya ntlha, go ya ka Augustine, e nna e ntse e diragala mo teng ga kereke ka mofuta wa tirelo ya kgolagano ya Kolobetso, e mo go yone ba ba ikanyegang ba tlisiwang mo Bogosing jwa Modimo ka yone.”
Augustine ke ene gape yo o neng a konesetsa ka go latlha ga La-bodumedi tsholofelo ya Dikwalo ya Puso ya ga Jesu Keresete ya Dingwaga tse di Sekete eo mo go yone A tla tsosolosang Paradaise mo lefatsheng. (Tshenolo 20:1-3, 6; 21:1-5) The Catholic Encyclopedia e dumela jaana: “St. Augustine labofelo o ne a ikepela mo tumelong e e tseneletseng ya gore ga go ne go nna le dingwaga tse di sekete. . . . Sabata wa dingwaga tse di sekete morago ga dingwaga tse di dikete tse thataro tsa ditiragalo, ke botshelo jotlhe jo bo sa feleng; kana, ka mafoko a mangwe, boikaelelo jwa palo sekete, ke go tlhalosa ka ga boitekanelo.” Britannica Macropædia (1977) e oketsa ka gore: “Go ene [Augustine] sekete sa dingwaga se nnile boemo jwa semoya joo mo go jone kereke ka kakaretso e tseneng mo go jone ka Pentekosete. . . . Go ne go sena tsenelelo epe e e kwa godimo thata e e neng e lebeletswe mo hisetoring.” Ka gone, thapelo “Bogosi yoa gago a bo tlè” go Makatoliki e ne ya nna pina fela.
Lefifi La Metlha ya Bogare
Re bolelelwa gore tlhaloso ya ga Augustine, “e ne ya nna thuto ya motheo mo metlheng ya bogare.” Ka gone, tebelelo ya Bokeresete e ne ya wela tlase thata. Re bala jaana: “Mo go La-bodumedi wa metlha ya bogare, Kgolagano e Ntšha e ne ya tsenngwa mo tsamaisong ya dithuto eo go yone matlhale a motheo pele e neng e le a ga Plato [go tswa go ramatlhale wa Mogerika Plato] mme, moragonyana mo bophirima, a ga Aristotle [go tswa go ramatlhale wa Mogerika Aristotle]. Megopolo ya tlholego ka ga parousia, tsogo le mo go tshwanang di ne tsa kopanngwa le maikutlo a Segerika ka ga moya le go sa swe ga one. . . . Bokeresete jwa Metlha ya Bogare . . . bo ne jwa [ngotla thata] kgatlhego ya tumelo kaga dilo tse di tlang. Kgatlhego e, le fa gontse jalo, e ne e sa swa; e ne ya sala e ntse e le gone mo mekgatlhonyaneng ya baitomolodi.”—Encyclopædia Britannica, kgatiso ya 1970.
Kereke ya Katoliki e bua ka lonyatso ka ga “mekgatlhonyana eo ya baitomolodi,” e ba bitsa “makoko a sekete sa dingwaga.” Boraditiragalo ba yone ba bua ka go nyenyefatsa “Poifo ya Ngwaga wa Sekete.” Mme e ne e le molato wa ga mang go bo bontsi jwa batho ba kwa tlase bo ile jwa tshoga gore lefatshe le ne le tla fela ka ngwaga wa 1 000? “Poifo” e ne e le phelelo e e tlhamaletseng ya baithuta-bodumedi jwa ga “Moitshepi” Augustine. O ne a iphaka gore Satane o ne a golegwa ka nako ya go goroga ga ga Jesu ga ntlha. Ereka Tshenolō 20:3, 7, 8 e re Satane o tla golegwa ka dingwaga di le 1 000 mme morago a “gololwe . . . go tsietsa merafe yotlhe” (The Jerusalem Bíble), ga go gakgamatse go bo batho bangwe mo lekgolong la dingwaga la bosome ba ne ba boifisiwa ke se se neng se ka direga mo ngwageng wa bo 1 000.
E le mo go solofetsweng, Kereke ya semolao ya Roma Katoliki e ne ya kgala “poifo” eno, jaaka e dirile ka Cistercian Abbot Joachim wa Flora, yoo o neng a bolelela-pele ka bofelo jwa motlha wa Bokeresete ka ngwaga wa 1260. Labofelo, ka 1516, go “Fifth Lateran Council,” Mopapa Leo X pele o ne a iletsa ka tlhamalalo gore go se nne Mokatoliki ope yo o tla bolelelang pele gore Boganetsa-Keresete le Katlholo ya Bofelo di ne di tla tla leng. Tlolo-molao e ne e tla dira gore motho a kgaolwe!
Phoro ya Maporosetanta
Ka mafoko, Diphetogo tsa lekgolo la bo-16 la dingwaga, le go boela ga tsone mo go iphakilweng di le mo Bibeleng, di ka bo di ile tsa iponela go boela gape ga tebelelo ya Bokeresete. Mme go ne ga nna jalo ka nakwana. Mme mo kgannyeng e, jaaka mo go tse dingwe tse dintsi, Diphetogo di ne tsa seka tsa diragatsa ditsholofetso tsa tsone. Di ne tsa seka tsa tshwaya go boela mo boammaaauring jwa Bokeresete jwa Bibela. Dikereke tsa Maporosetanta tseo di neng tsa tlhagoga ka ntlha ya Diphetogo di ne ka bofefo fela tsa latlhegelwa ke tebelo-pele ya tsone ya Bokeresete mme tsa nna jaaka go ntse mo lefatsheng ga jaanong.
Re a bala: “Dikereke tsa Diphetogo, lefa go ntse jalo, ka bonakonyana tsa nna mekgatlho e e tlhomilweng [tsa semorafe], tse e rileng kwa morago tsa gatelela tebelelo ya nako ya bofelo thata, mme ka gone le thuto ya ‘dilo tse di tlang’ e ne ya nna tlaleletso go tsamaiso ya thuto.” “Mo kgololesegong ya ditumelo tse di duleng, segolo bogolo gareng ga Maporosetanta le Bajuda, go ya bofelong jwa lekgolo la dingwaga la bo-18 le go ralala la bo-19, tumelo ya dilo tse di tlang [ditebelelo] ya nyelela. E ne ya tsewa jaaka tumelo ya ngwao e e sa butswang, e e sa tlhabologang, e e makgasa e e ka se tlholeng e amogelwa mo motlheng wa go fatlhoga. Mo mabakeng a le mantsi, megopolo ya tumelo ya dilo tse di tlang e ne ya latlhwa gotlhelele, mme go sa swe ga moya ga morago ga loso go ne ga tsewa jaaka bofelelo jwa motho. Baithuta-bodumedi bangwe ba ne ba ranolela gape tebelelo ya Bogosi jwa Modimo mo melao-metheong kana dikgang tsa selegae.”—Encyclopædia Britannica.
Ka gone, go na le go thusa Bakeresete go ‘lebelela’ go nna gone ga ga Keresete le go tla ga Bogosi jwa Modimo, baithuta-bodumedi ba Maporosetanta ba latlhetse tebelelo ya boammaaruri ya Bokeresete kgakala. Go bontsi jwa bone, “bogosi jwa Modimo . . . bo tlhaloganyesegile jaaka selo sa motho ka bongwe; ke bonno jwa tshegofatso le kagiso mo dipelong tsa batho.” Mo go ba bangwe, “go goroga ga bogosi go raya mosepele o o yang kwa tshiamong ya loago le tlhabololo ya setlhopha sa batho.”—The New Bible Dictionary (Porosetanta).
Ditebelelo tsa Katoliki
Ka mafoko, fela, Makatoliki a tshwanetse a bo a le mo tebelelong ya semoya ya ga Keresete. Go sa kgathalesege thuto-bodumedi ya ga Augustine e e neng ya khutlisa tebelelo go Bogosi le tsholofelo ya dingwaga tse di Sekete tsa puso go Bakatoliki, thuto ya Kereke ya Roma Katoliki e sa ntse e akareletsa tiro ya Bokeresete go lebelela go boa ga ga Keresete. Ka sekai, Phuthego ya Vatican kaga thuto motheo ya Tumelo e ne ya romela bobishopo ba Katoliki lokwalo go ralala lefatshe, le le neng le dumeletswe ke Mopapa John Paul II mme e le ka kgwedi ya May 17, 1979, le le neng le tlhalosa gore: “Mo tumalanong le Dikwalo, Kereke e letile ‘ponalo e e galalelang ya Morena wa Rona Jesu Keresete.’”
Eo ke thuto ya Kereke ya Katoliki ka mafoko fela. Mme, ka tiriso, ke ga kae Mokatoliki ope fela a utlwang moruti wa gagwe a rera ka ga tlhokafalo ya go lebelela go nna gone ga ga Keresete le go tla ga Bogosi jwa Modimo? Se se tshwaegang ke gore, jone boikaelelo jo bo tsopotsweng mo lokwalong lo lo fa godimo go tswa go setlhopha sa diphuthego tsa Roma e ne e le gore lo “tiise tumelo ya Bakeresete mo dintlheng tseo di neng di belaelwa.” Mme ke eng fa go boa ga ga Keresete go ile ga belaelwa ke ba go ka bong go twe ke Bakeresete? A karabo e ka bonala mo ditsopolong tse di latelang go tswa go The New Encyclopædia Britannica? “Kereke e sale e tlhokomologile dilo tse di tlang tsotlhe fela.” “E sale ka Diphetogo, Kereke ya Roma e ile ya nnela kgakala le mekgatlhonyana e e dumelang mo dilong tse di tlang.”
Tebelo-pele ya Bokeresete ga ea Nyelela
Tebelelo ya Bokeresete e ne ya ngotlega mo gare ga dikereke tsa La-bodumedi ka gonne di tlogetse boammaaruri jo bo phepafetseng jwa Bibela le go itlhophela go latela botlhale jwa Segerika le thuto-bodumedi ya ga “Moitshepi” Augustine. Ditlhogo tse di latelang di tla go supetsa gore batlhanka ba boammaaruri ba Modimo ba ne ba tshela mo tebelelong ya Gagwe ka metlha yotlhe, le gore go na le batho gompieno bao ba supileng tebelo-pele ya bone ya Bokeresete ka dingwaga le ba ba fitlheletseng tsholofelo e e gakgamatsang e e ka nnang ya gago. Twee-tswee bala, mme morago o kope mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go go thusa go ‘lebelela’ go tiragatso ya tsholofelo eo ya Bibela.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]
“Ga go na mosola go . . . ganetsa boemo jwa tebelelo ya bofelo eo e tlhagelelang mo ditemaneng tse dintsi tsa Testamente e Ntšha”
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Augustine o dumela gore kereke mo lefatsheng ke yone Bogosi jwa ga Keresete
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ka 1516, Mopapa Leo X o ne a iletsa gore go se nne le Mokatoliki ope yo o tla bolelang gore Boganetsa-Keresete le katlholo ya Bofelo di ne di tla tla leng