LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 11/1 ts. 27-30
  • Aga O bo o Dirise Tumelo ya Gago Ka Baatlhodi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Aga O bo o Dirise Tumelo ya Gago Ka Baatlhodi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bona Melemo ya Melao-metheo
  • Go Dira ga Tumelo e e Maatla!
  • Senka Dithuto
  • Buka ya Bibela ya bo 7—Baatlhodi
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Baatlhodi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Dintlha Tsa Baatlhodi
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • “Tšhaka ya ga Jehofa Le ya Ga Gidione!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 11/1 ts. 27-30

Aga O bo o Dirise Tumelo ya Gago Ka Baatlhodi

FA O ne o ka kopiwa gore o tlhophe setlhopha sa batho ba Bibela bao ba nang le tumelo e e tlhomologileng, o ne o tla tlhopha sefe? Baaposetoloi ba le 12? Barwa ba ga Jakobe ba le 12? Gongwe. Mme o ne o tla nna le mabaka a mantsi a go supa setlhopha se sengwe sa ba le 12 bao tumelo ya bone e akgolwang go rona mo Bibeleng.

Re bua ka banna ba le 12 bao ditiro tsa bone tsa tumelo di begilweng mo bukeng ya Baatlhodi. Bangwe ba bone ba umakilwe go Bahebera 11:32-34: “Ke tla tlhaèlwa ke lobaka ha ke bolèla kaga Gideone, le Barake, le Samesone, le Yafethe; . . . Ba e rileñ ka tumèlō ba henya magosi, ba diha tshiamō, ba amogèla dipolèlō tsa choloheco, ba thiba melomo ea ditau, Ba tima bogale yoa molelō, ba halola mo bogaleñ yoa chaka; e rile ba le bokoa ba thatahadiwa, ba nna dinatla mo ntweñ, ba lèlèka dintwa tsa dichaba tsa baeñ.”

Moo o na le baatlhodi ba le bane. O ka gakologelwa baatlhodi ba bakae ba bangwe ba ba ikanyegang? Tlhatlhoba mogopolo wa gago pele o lebelela lenaane le le fa tlase.a Gongwe o ka gakologelwa gape le ditiro dingwe tse di sa lebalesegeng tseo di dirilweng ke baatlhodi, jaaka ya fa Samesone a ne a nyeletsa marena le batho ba Bafilisitia—ene ka boene—a diga tempele ya Dagone, kana go dirisa ga ga Gideone masole a le 300 fela go fenya boidiidi jwa Bamidiana. Batho ba bantsi mo go La-Bodumedi ba itse dipolelo tseo go tswa kwa sekolong sa Sontaga. Mme a ba bona molemo wa dithuto tsa botlhokwa tseo di ka amang tumelo ya bone, tseo di ka tokafatsang matshelo a bone jaanong le tseo di ka ba thusang go bona ‘botshelo jo bo tlang’ mo bukeng ya Baatlhodi? (1 Timotheo 4:8) Fa o akanya gore ga goa nna jalo, a go fapaane ka ga gago? A o letlile buka ya Baatlhodi go thusa tumelo le botshelo tsa gago tsa Bokeresete?

Bona Melemo ya Melao-metheo

Bala buka eno. O tla fitlhela gore go sa kgathalesege gore ke lekgetlho la gago la ntlha kana o tla bo o e boeletsa, o tla amiwa ke ditiragalo tse dintsi. Di tla go neela mo gontsi mo o ka buang ka gone—le bana ba gago kana basha ba bangwe, gammogo le bagodi ba ba akanyang. Lefa go ntse jalo, fa o bala nna o gakologetswe dintlha tsa kakaretso tse di umakiwang mo ditiragalong di le dintsi. Jaaka sekai sefe?

Se sengwe ke sa gore go motlhofo thata go letlelela gore tumelo ya gago go Modimo e koafale kana go lebala seo a se go diretseng. Motho yo o ithutang ka tsholofelo ya Bokeresete le go bona boitshwarelo ka Keresete a ka nna le tlhoafalo e kgolwane kwa tshimologong. A ka ya dipokanong le go nna le seabe mo bodiheding jwa Bokeresete ka boitumelo. O eteletsa tseno mo botshelong, a sa tshwenyege ka dikhumo, jaaka go nna le koloi e ntšha, legae le lentle kana TV ya bosheng e e tlhotlhwa godimo. Mme morago ga dingwaga dingwe, a o tla latlhegelwa ke ‘lorato lwa gagwe lwa ntlha’? (Tshenolō 2:4) Hisetori ya Baiseraele e e tswang go Baatlhodi e bontsha ka moo go leng motlhofo ka gone gore seo se diragalele ope wa rona.

Dikgaolo tse pedi tsa ntlha di re neela motheo wa seno. Morago ga fa Baiseraele ba etelelwa pele ke Joshua ba sena go aga mo Lefatsheng la Tsholofetso, ga baa ka ba tlotla ka kutlo taolo ya gore ba kgaogane le Bakanana ba ba neng ba rapela medimo ya disetwa le ba ba neng ba sena boitsholo jo bo siameng. (Baatlhodi 1:28-33) Jalo Jehofa o ne a letlelela batswa-kwa bano le medimo ya bone go nna teko ya Baiseraele. (Baatlhodi 2:19-23) Gantsi Baiseraele ba ne ba palelwa ke teko eno. Ke ka moo baatlhodi ba ileng ba nna gone.

Boemo jwa moatlhodi wa ntlha e leng, Otheniele, ke sekao sa seo se nnileng sa diragala kgapetsa. Baiseraele ba ne ba ineetse mo kobamelong e e maswe ya ga Baale, mme ka gone Modimo o ne wa letlelela kgosi ya Mosiria gore e ba gatelele ka dingwaga di le robedi. Seno se ne sa dira gore ba ‘goele kwa go Jehofa gore a ba golole. Mme Jehofa a ba tsosetsa mogolodi gore a ba golole, ebong Otheniele. Moya wa ga Jehofa wa tla mo go ene, mme a nna moatlhodi wa Iseraele. Fa a bolola ntwa, Jehofa a tsenya kgosi ya Siria mo seatleng sa gagwe. Morago ga moo lefatshe la bona boikhutso ka dingwaga di le 40.’—Baatlhodi 3:7-11.

Abo Baiseraele bao ba ile ba itumela jang ne go bo ba ne ba gololesegile, fela jaaka re anaanela go ithuta ka boammaaruri jwa Bokeresete le go gololesega mo bodumeding jwa maaka! Lefa go ntse jalo, dingwaga tse di latelang di ne di tla lereng? Temana e e latelang e re: “Me bana ba Iseraela ba diha se se boshula mo matlhoñ a ga Yehofa gapè: me Egelone kgosi ea Moaba, Yehofa a mo thatahaletsa ba Iseraela.” (Baatlhodi 3:12) O bona sekao le kotsi ya gore re letlelele ditumelo tsa rona gore di koafale. Mme go re kgothatsa, e tswelela pele ka gore: Erile fa Baiseraele ba sena go rarabologelwa, Modimo o ne a emisa moatlhodi Ehude wa ntsogotlho. O ne a isa molaetsa o o tlhamaletseng go Kgosi Egelone yo o nonneng, o o neng wa golola Iseraela. Bala kaga tiragalo e e tlhotlheletsang eno mo kgaolong ya Jg 3 yotlhe.

Go Dira ga Tumelo e e Maatla!

Ntlha e nngwe ya motheo e e tshwanetseng go go tshikinya maikutlo ke ya gore Modimo a ka go dirisa go fitlhelela dilo tse di tlhomologileng fa o na le tumelo e e nonofileng.—Bapisa Mathaio 17:20; 21:21.

Dikao dingwe tse dikhutshwane: Akanya ka moo Gideone le banna ba le 300 fela ka tumelo ba neng ba fenya Bamidiane bao ba neng ba le “yaka tsiè hèla ka bontsi” ka gone. (Baatlhodi 7:1-25) Barake o ne a dira gore ba gololwe kwa bokone go Bakanana bao ba neng ba na le dikoloi tsa ntwa tseo di neng di na le dibetsa tsa tshipi tse di boifisang tseo di neng di fitlha le mo maotwaneng, ka ntlha ya kgothatso ya ga Debora. O tshwanetse go tlhokomela gape gore mo ntlheng eno e ne e le mosadi yo o neng a lere phenyo ya bofelo. (Baatlhodi 4:1-5:31) Nonofo ya ga Samesone e a itsege. Ka nonofo ya gagwe e e tlhomologileng, Samesone o ne a kgona go garolaka tau; fa a ne a itlhomeletse ka lotlhaa lwa esele o ne a bolaya baba ba le sekete mme a rutlomolola setswalo sa motse wa Gasa, a se isa kwa godimo ga thaba.—Baatlhodi 14:5—16:3.

Ga go pelaelo ya gore baatlhodi ba ne ba bontshitse tumelo e e tlhomologileng, eo ka mo go tlhomamisegileng e neng e dira gore ba tshwanele go kwalwa mo bukeng ya Bahebera jaaka dikao tsa rona. Dikao ka tsela efe? A ruri o ne a ka se garolake tau ka bogare ka diatla fela? Mme o tla lebana le dikgwetlho tse di bogale tsa tumelo ya gago fa o leka go tshela jaaka Mokeresete yo o ikanyegang go Jehofa letsatsi lengwe le lengwe.

Gongwe jaaka mosha wa sekolo o lebana le kgatelelo e e bokete ya go lekelela diokobatsi kana bokopano jwa dikobo, kana go batla tiro ya boitshediso jaaka motho yo o ithutetseng tiro e e duelang sentle. O le nosi, kana o na le lelapa, o ka ne o dirile setlhabelo se se bonalang sa dikhumo gore o direle jaaka modihedi wa nako e e tletseng, kana go tshela kwa tlhokafalo ya bodihedi e leng kgolo gone, mme o bo o bona Bakeresete ba bangwe bao ba dirang go huma le botshelo jo bo manobonobo dilo tsa ntlha-ntlha mo botshelong. Kana kgwetlho nngwe ya tumelo ya gago e ka tsoga fa mongwe a go swabisitse ka mo go botlhoko. E ka ne e le mongwe yo o neng a tlhomologile gare ga Bakeresete yo boikgodiso jwa gagwe bo dirang gore a hularele bakaulengwe ba gagwe. Mo letlhakoreng le lengwe, e ka ne e le wa losika yo o gaufi-ufi yo lorato lwa gagwe lo tsidifetseng le yo o sa tlholeng a direla Jehofa.

Mo mabakeng ape a a fa godimo, a o tla kgothadiwa ke tumelo ya baatlhodi? Tumelo ya bone eo ba neng ba e neetswe ke Modimo e ne ya ba kgonisa go dira seo se neng se lebega se sa kgonege. Ene Modimo yono a ka go neela tumelo fa o tswelapele go e batla ka thapelo le ka go itshoka mo tseleng ya Bokeresete. Tumelo ke loungo lwa moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22) Mabapi le moya o o tshwanang o o neng wa nonotsha Samesone, Jesu o rile, “Rra eno oa legodimo o tla naea ba ba mo lōpañ Mōea o o Boitshèpō.” Ka gone, mo kgaolong yone eo ya Bahebera eo go kwadilweng lenaane la baatlhodi mo go yone jaaka dikao tsa tumelo re tlhomamisediwa gore Modimo ke “moduedi oa ba ba o batlañ.” (Luke 11:13; Bahebera 11:6) O ka duela tumelo ya gago le wena.

Senka Dithuto

Re tlhokomedisitse ka dithuto di le mmalwa tseo o ka bonang molemo mo go tsone tsa Baatlhodi. Mme kwantle ga pelaelo o tla bona molemo o o oketsegileng go tswa mo karolong eno ya Dikwalo e e tlhotlheleditsweng e e “kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.”—2 Timotheo 3:16.

Ka sekai, o tla bona gore Gideone ka boingotlo gaa ka a batla go itshimololela tsela go fitlha a tlhomamisega pele gore e ratwa ke Modimo. Moragonyana, boingotlo jo bo tshwanang bo ne jwa mo thusa go tila katlego le go tlhomologa ‘gore di mo ye kwa tlhogong.’ O ka kgona go solegelwa molemo mo go seno. Gakologelwa gore ka thuso ya Modimo setlhotshwana sa ga Gideone se ne sa fenya matshwititshwiti a Bamidiana. Akanya kaga pako eo seno se tshwanetseng sa bo se e leretse Gideone. Ka mo go tshwanang, o ka amogela pako ka ntlha ya neo nngwe e e tlhomologileng, jaaka go nna sebui se se maatla kana morulaganyi yo o nonofileng tota. Mo pegong e e fetileng eno, “Banna ba Iseraela ba raea Gideone, ba re, U re busè, wèna le morwao, le èna morwa morwao: gonne u re golotsè mo seatleñ sa ba Midiana.” Motho o tshwanetse go ikutlwa jang ka pako e e ntseng jalo? Gideone o rile: “Ga nketla ke lo busa, le morwaake ga a ketla a lo busa: Yehofa o tla lo busa.” (Baatlhodi 8:22, 23) Ekete ka tsela e e tshwanang re ka Iwela go nna le boingotlo, re lemoga gore dineo tsotlhe tsa rona—le diphitlhelelo tsa rona ka ntlha ya tsone—di tswa mo dikgonong tseo Modimo a di neileng batho.

Hisetori ya ga Gideone le baatlhodi ba bangwe e dira gore re bone gape gore e ne e le batho ba ba sa itekanelang jaaka rona. Re ka ithuta sengwe mo dikgatong tsa bone tse di phoso.

Ka gone, fa Gideone a ne a letlelela Baiseraele go nna le seabe mo go itumeleleng thopo le ene, o ne a dira kobo e e tlhotlhwa, e leng seaparo se se neng se tshwana le khiba, eo gongwe e neng e kgabisitswe ka gauta. Lefa gongwe a ile a tlhotlheletswa sentle go dira seno, Baiseraele bangwe ba ne ba e leba jaaka modingwana, ba faposa tlhokomelo mo kobamelong ya ga Jehofa kwa felong ga boitshepo.—Baatlhodi 8:24-27.

Moya wa ga Jehofa o ne wa dira ka maatla mo go Samesone, wa mo kgonisa go dira diphitlhelelo tseo gongwe di neng di na le nonofo e e fetang ya motho. (Baatlhodi 14:5, 6, 19; 15:14, 15; 16:3, 28-30) E ne e le topo “e e cwañ mo go Yehofa” ya gore mosadi mongwe wa Mofilisita e nne mosadi wa gagwe, gonne Samesone “o na a senka seipatō sa go kgopisa Bafilisitia.” (Baatlhodi 14:4) Seno se ne sa tsala dintwa tse di neng tsa bolaya Bafilisitia ba bantsi ba ba neng ba gatelela. Ga go na pelaelo gape gore e ne e le ka kaelo ya ga Jehofa go bo Samesone a ile kwa Gasa mme a ntse kwa ntlong ya seaka, ereka seno se ne sa lebisa kwa tirong e nngwe ya bonatla ya go nyenyefatsa Bafilisitia ba ba boikepo.b Lefa go ntse jalo, goa bonala gore go kopana ga ga Samesone le basadi bano go ka ne go mo tlhotlheleditse gore a dire ka bosilo fa a ne a tla ratana le Delile, yo gongwe e neng e le mosadi wa Moiseraele yo Bafilisitia ba neng ba mo faposa ka pipa molomo.—Baatlhodi 16:1-21.

Ditiragalo tseno di tshwanetse go re ruta gore re tshwanetse go nna re disitse ditlhaselo tse di boferefere tsa mmaba. Ka sekai, Mokeresete a ka ne a na le boikaelelo jo bo tlotlegang jwa go etela moobamedi ka ene wa bong jo bo fapaaneng, jaaka go mo gomotsa kana go mo kgothatsa fa a le mo masetlapelong. Mme gantsi ga go botlhale fa e le gore ba babedi bano ba tla nna ba le bosi. Go sa itekanelang ga batho go ka ba gogela kwa boitshwarong jo bo sa tshwanelang, kana boemo jono bo ka dira gore baagelani ba umake gore Bakeresete ba na le boitsholo jo bo kwa tlase fela jaaka jwa batho ba bangwe.

Mo letlhakoreng le lengwe, tlhatlhanya ka tumelo le boineelo tsa morwadia Jafetha wa lekgarebe. Bakeresete bangwe ba ba sa nyalang ba ka nna le boikutlo jwa gore fa go ka nna le maemo a a siameng a go ka bona balekane ba ba lorato ba ba ikanyegang, ba ka nyala. Lefa ba sa nyalwa ba ka gakologelwa gore lefa morwadia Jafetha a se kile a nna le dipaka tsa go nna mo boemong jwa go nyalwa le go belega bana, o ile a nna le tumelo e e akgolwang mo kabelong e e kgethegileng eo go sa nyalwa go mo neetseng yone.—Baatlhodi 11:30-40.

Tseno ke dingwe tsa dithuto tse dintsi tse di molemo tseo o tla kgonang go di fitlhela mo bukeng e e tlhotlheletsang tumelo ya Baatlhodi. O tshwanetse go tlhoafalela go bala buka eno ka tumelo e e oketsegileng ya gore Jehofa ke Mogolodi yo mogolo wa ba ba mo obamelang. Fa o le mongwe wa baobamedi ba gagwe, senka go nna le tumelo e e nonofileng le e e tlhotlheletsang, e e tshwanang le e e bontshitsweng go Baatlhodi.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Otheniele, Ehude, Shomegare, Tole, Jaire, Ibesane, Elone, Abedone. Lemororo Joshue le Samuele le bone ba ile ba atlhola Iseraele, ga baa akarelediwe mo setlhopheng se se neetsweng mo bukeng ya Baatlhodi.

b Go botlhale go swetsa gore Samesone jaaka moeti o ne a ya go batla marobalo, go na le go akanya gore o ne a ya kwa ntlong ya seaka ka mabaka a boitsholo jo bo maswe. Pego e re o ne “a lala hèla go ea gare ga bosigo” mme e seng gore o ne “a lala le ene go ea gare ga bosigo.”

[Tšhate mo go tsebe 28]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

LOBAKA LO LO SIMOLOLANG KA GO FENNGWA GA KANANA GO YA MO PUSONG YA GA SAULE

Tshate eno e neetswe go bontsha nngwe ya ditsela tseo tatelano ya metlha e e kwadilweng mo bukeng ya Baatlhodi e ka lekanang mo lobakeng lo lo rileng lwa nako e e bontshitsweng golo gongwe. Go bona dintlha ka botlalo, bona Aid to Bible Understanding, ditsebe 335-8.

1473 B.C.E.

GO FENNGWA ga Kanana (6)

Lobaka lo lo tsenelelang (35[?])

SIRIA mo taolong ya ga Kushane-rishathaime o gatelela Iseraele (8)

OTHENIELE o fenya Siria

“Lehatshe ya bōna boikhucō” (40)

MOABE mo taolong ya ga Egelone o gatelela Iseraele (18)

EHUDE o fenya Moabe

“Lehatshe ya bōna boikhucō” (80)

KANANA mo taolong ya ga Yabine wa Hasore o gatelela Iseraele (20)

SHAMEGARE ‘o boloka Iseraele’ mo Bafilisitieng. Ga goa kwalwa lobaka

BARAKE o fenya Kanana

“Lehatshe la bōna boikhucō” (40)

MIDIANA o gatelela Iseraele (?)

[Tšhate mo go tsebe 29]

Dinoko tseno di tshasitswe mebala e e sa tshwaneng go farologanya metlha

GIDEONE o fenya Bamidiana

“Lehatshe ya bōna boikhucō . . . mo metlheñ ba ga Gideone” (40)

ABIMELEKE oa busa (3)

TOLE (wa Isakara) o atlhola Iseraele (23)

JAIRE (wa Mogileada) o atlhola Iseraele (22)

AMONA o gatelela Iseraele (18)

dingwaga di le 300 go simolola ka phenyo ya Baiseraele. (Baatlhodi 11:26-33)

YEFETHA o fenya Amona; oa atlhola (6)

IBESANE (wa Bethe-lehema) oa atlhola (7)

FILISITA o gatelela Iseraele (40)

ELONE (wa Mosebulona) oa atlhola (10)

ABEDONE (wa Eferaima) oa atlhola (8)

SAMESONE (wa Dane) oa atlhola (20)

Letlole la kgolagano mo Kiriatha-yearima ka dingwaga di le 20.

ELI Moperesiti yo mogolo (40)

Filisita o fenya Iseraele

Lobaka lo lo tsenelelang (5[?])

SAMUELE Moperofeti, moatlhodi

Samuele o etelela Iseraele pele go fenya Bafilisitia (1 Samuele 7:7-14)

1117 B.C.E.

SAULE Kgosi (40) Puso e simolola dingwaga di le 356 go tloga ka phenyo ya Kanana. (1 Dikgosi 6:1; Duteronome 2:7; Ditihō 13:21; 2 Samuele 5:4)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela