LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 11/1 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mathata A Go Nwa Bagolwane ba ka Dirang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Go leba Bojalwa ka Tsela e e Siameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Modimo o Leba Bojalwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Nna le Pono e e Tshwanetseng ka Tiriso ya Bojalwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 11/1 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang go Babadi

■ A Basupi ba ga Jehofa ba tsoga botagwa jaaka bolwetsi

Batho ba bantsi ba tsaya tshwakgogo ya tagi jaaka bolwetsi, go ya ka tlhaloso e e anameng ya lefoko leo. Babatlisisi, dingaka le batho ba ba thusang matagwa ba akarelediwa mo go bano, gonne bontsi jwa bone ba dirisa mafoko a a jaaka “bolwetsi,” “pobolo” kana “botlhoko” fa ba tlhalosa botagwa. Ka sekai, Science Digest ya May 1984 e bega jaana:

“Botagwa e santse e le bolwetsi jo bo batlang tlhaloso. Bo kile jwa tsewa jaaka tlhakatlhakano ya mogopolo o le osi fela, jaanong go akanngwa fa bo akaretsa le dikarolo tsa go gotsa le metswako ya dikhemikhale mo mmeleng . . . Dipatlisiso tsa bosheng di tshegetsa bosupi jwa pele go tswa Sweden jwa gore kgobololo ya tagi ka gale e ‘tsamaya’ mo teng ga malapa.”—Tsebe 16.

Lefa go ntse jalo, go na le lebaka la go nna kelotlhoko ka ga go leba botagwa jaaka bolwetsi. Matagwa mangwe, le ba bangwe, ba nnile ba sekamela mo go mpampetseng tshwakgogo ya bone ya go nwa kana go nwa go feta selekano, ba bolela gore tota ga go na seo ba ka se dirang gonne ke bolwetsi. Ba bangwe ba na le boikutlo jwa gore fa letagwa le na le bothata jwa go nwa ka go tsalwa, kana gore mmele wa lone o sekametse ka mo go sa tlwaelegang mo taging, jalo ga le kake la lebiwa jaaka le le nang le boitshwaro jo bo nyatsegang.

Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba amegile thata ka tsela eo Modimo a lebang dilo ka yone. Pono ya gagwe e siame, e lekalekane ebile e nnela ruri, go farologana le maemo a tsa kalafi le a tlhaloganyo tse di ka nnang mokgwa wa lebakanyana mme morago di fetolwe kana di nyelediwe. Lefoko la ga Jehofa le le itekanetseng le nyatsa botagwa ka tlhamalalo, ka go bo akareletsa mo dilong tseo di ka tlosang motho mo Bogosing jwa Modimo. (Bagalatia 5:19-21) Baroma 13:12, 13 e gakolola jaana: “Bosigo bo setse bo hetile, me bosa bo atametse; me ke gōna, a re latlheñ ditihō tsa lehihi, me re apareñ moichomèlō oa phemèlō oa lesedi. A re sepeleñ ka tshiamō, yaka mo motshegariñ; eseñ mo tlhapeloñ, le mo go tagweñ, eseñ mo boakeñ le mo bohaweñ eseñ mo kgañyeñ le mo lehuheñ.” Lefa go ka nna le go sekamela goo motho a tsetsweng le gone mo mabakeng a a rileng, go gogela ba bangwe go bo tsaya jaaka bothata jwa tsa kalafi kana bolwetsi, Bakeresete ba itse dibopego tsa jone tsa boitsholo.

Moaposetoloi Petere o kwaletse Bakeresete jaana: “Gonne lobaka lo lo hetileñ lo tshwanetse go bo ne ne lo lekanye loa go diha keleco ea Badichaba, le loa go tsamaea mo bopepeñ, le mo dithatoñ, le mo go nweñ boyalwa, le mo ditlhapeloñ, le mo ditagoñ, le mo ditiheloñ tse di makgapha tsa medimo ea disètwa: E le dilō tse ba lo gakgamalèlañ kaga cōna, ba bua boshula kaga lona, ka lo sa sianele nabō mo tlhapeloñ euō e e heteletseñ.” (1 Petere 4:3, 4) Petere ka boene o ne a sa itekanela mme o ne a tlhaloganya boemo jwa motho. Lefa go ntse jalo gaa ka a re Bakeresete botlhe ba ne ba kgaogane le go nwa beine e e feteletseng kwantle fela ga bao ba neng ba na le tshekamelo eo ba tsetsweng le yone ya bothata jwa tagi. Tota, moaposetoloi Paulo o boletse gore Bakeresete bangwe pele e ne e le baakafadi, magodu, matagwa le baikgagapeledi. Mme go sa kgathalesege gore ke eng seo se ba gogetseng mo bothateng jo bo ntseng jalo jwa boitsholo, ba ne ba ka kgona ebile ba ne ba fetoga. Paulo o rile: ‘Mme lo ne Iwa tlhapisiwa, Iwa itshepisiwa, Iwa siamisiwa mo leineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moyeng wa Modimo wa rona.’—1 Bakorintha 6:9-11.

Jalo go sa kgathalesege gore botagwa bo tsewa jaaka bolwetsi kana nnyaa, re tshwanetse go tshegetsa tekanyetso e e kwa godimo le e e siameng ya Lefoko la Modimo. Lefa e ka nna mang yo o tshwakgotsweng ke tagi—e kane e le ka ntlha ya go tlhoka boikgapo, tlhotlheletso ya setso kana ya lelapa, kana lefa e ka nna ka ntlha ya mokgwa o o sa tlwaelegang wa botshelo—o tshwanetse a dira ka natla gore a bo fedise, gongwe a batle thuso ya bao ba nang le kutlwelo botlhoko. (Bona Awake! ya July 8, 1982, ditsebe 4-12.) Jalo “e tle e re mo lobakeñ lo lo setseñ loa nama, lo bo lo sa tlhole lo tshelèla dithatō tsa batho, ha e se go rata ga Modimo hèla.”—1 Petere 4:2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela