Kaelang Ba Basha mo Phuthegong ya Modimo
“Ratañ bokauleñwe.”—1 PETERE 2:17.
1, 2. Ke dilo dife kwa ntle ga thuto ya motheo tseo barutisi ba Bakeresete ba di rutang?
TIRO ya morutisi ke go neela mabaka. Mme morutisi yo o molemo o dira go feta seo. O lemotsha melemo, o thusa seithuti go bona botlhokwa jwa seo a se ithutang le go mmontsha kafa a ka se dirisang ka botlalo ka teng. Seno se boammaaruri segolo-bogolo go morutisi wa Mokeresete. Go boammaaruri gore, o tshwanetse go fetisa “boamarure yoa Modimo.” (Baroma 1:25) Mme seo se akareletsa se se fetang fela kitso ya motheo. Bibela e kgothaletsa go ruta poifo ya ga Jehofa gammogo le dinonofo tsa bomolemo le temogo.—Pesalema 34:11; 119:66.
2 Jesu o ne a umaka dikgang tse dingwe gape tseo di tshwanetseng go rutwa: “Lo dihè merahe eotlhe barutwa, . . . Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” (Mathaio 28:19, 20) ‘Dilo tsotlhe tse di laoletsweng’ di akareletsa go nna le seabe mo tirong ya go rera ya lefatshe ka bophara eo e neng ya bolelelwa pele mo motlheng wa rona. (Mathaio 24:14) Mme go na le se sengwe gape seo re tshwanetseng go se fetisetsa go diithuti tsa rona tsa Bibela. Ke sefe? Go bona karabo, akanya ka bodihedi jwa ga moaposetoloi Paulo mme o eletlhoko sengwe seo se neng sa tlhomologa thata-thata mo go ruteng ga gagwe.
Paulo jaaka Morulaganyi
3. Paulo o ne a tswelela jang fa a ne a ruta batho ba ba sa tswang go kgatlhega mo Korintha?
3 Ka nako ya loeto Iwa gagwe Iwa ntlha kwa Korintha, moaposetoloi Paulo o ne a reetswa ke ba bantsi, go sa kgathalesege kganetso e e tswang mo bathong ba Sejuda. Lefa go ntse jalo, Paulo o a ne a se ka a ruta ba basha bano fela motho-ka-mongwe. Re bala jaana: “Me a cwa gōna [go tswa mo sinagogeng ya Sejuda], a ea mo tluñ ea monna moñwe, go twe, Tito Yuseto, e le motho eo o ōbamèlañ Modimo, eo ntlo ea gagwè e chwaraganyeñ le ntlo ea thutō.” (Ditihō 18:7) Ntlo eo e ne ya nna lefelo la go kopanela ga barutwa ba basha le go obamela mmogo teng. Ka bofefo Paulo o ne a ba rulaganyetsa go nna phuthego.—1 Bakorintha 1:2.
4. Ke eng seo se neng ya re ka bofefo sa bonala mo Efeso fa Paulo a sena go simolola go ruta koo?
4 Moragonyana Paulo o ne a etela kwa Efeso koo sengwe se se tshwanang se neng sa diragala gone. O ne a ruta batho ba ba kgatlhegang ka bongwe ka bongwe, ka go “tsamaea le matlo.” (Ditihō 20:20) Mme gape ka bofefo o ne a dira dithulaganyo gore barutwa bano ba basha ba tle ba kopanele mmogo. O ne a “lomolola barutwa [mo Bajudeng], a hetolana le batho ka malatsi aotlhe mo sekoleñ sa ga Turano.” (Ditihō 19:9) Ka bofefo setlhopha seno sa Bakeresete le sone, se ne sa rulaganngwa go nna phuthego go na le bagolwane ba ba tlhomilweng.—Ditihō 20:17, 18.
5. Barutisi ba Bakeresete ba pele ba ne ba dirang ka batho ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng ka bofefo jo bo ka kgonegang?
5 Ka mo go phepafetseng, fa ba basha ba ne ba amogela boammaaruri mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba ne ba sa tlogelwe ba le bosi. Ba ne ba phuthiwa go nna diphuthego. Bano ba ne ba ipelela go amogela kgothatso go tswa go setlhopha se se laolang sa nako eo. Bakaulengwe ba ba godileng, jaaka Paulo le Barenabase, ba ne ba senya nako ya bone e ntsi mo go ruteng diphuthego tseno tse di sa tswang go tlhongwa mme ba “rèra lehoko ya [ga Jehofa], ba na le ba bañwe ba le bantsi.” (Ditihō 15:30-35) Ke ka ntlhayang fa go ne go le jalo? Ke ka ntlhayang fa ba basha ba ne ba sa tlogelwe ba le bosi gore ba kaelwe ke digakolodi tsa bone tse di sa tswang go thapisiwa go dira se se neng se siame?
Goreng Diphuthego?
6. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba pele ba ne ba rulaganngwa ka diphuthego?
6 Go na le mabaka a mantsi, mangwe a one re tla a umaka fano. Santlha, fa motho a ne a nna Mokeresete, o ne a khutlela go dirisana ka gope le lefatshe leo le mo dikologileng. (Yohane 17:14, 15) Fa e le gore o ne a tlogetswe kwa thoko, a le nosi fela, o ne a tla jewa ke bodutu. Lefa go ntse jalo, fa e le gore o ne a kopanela le Bakeresete ka ene mo phuthegong ya lefelo leo, ba ne ba tla mo nonotsha go boloka go ikgaoganya ga gagwe. Gape, Jesu o boletse gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla nna “bañwe.” (Yohane 17:11) Bongwe joo bo ne jwa bonala segolo-bogolo mo diphuthegong. Jesu gape o rile: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:35) Gore Bakeresete ba bontshe lorato lono ka tsela eo lo neng lo tla direla jaaka sesupo go ba ba kwantle, ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna ditlhopha. Ditlhopha tseo e ne e le diphuthego tsa mafelo ao tsa Bokeresete, tseo go tsone Bakeresete ba neng ba tlhokomelana semoyeng le nameng. (Bafilipi 2:4) Ka sekai, thuso ya batlholagadi eo Paulo a neng a e tlotla le Timotheo e ne ya rulaganngwa sentle ka diphuthego.—1 Timotheo 5:3-10.
7. (a) Mooko wa mafoko a ga Paulo go Bahebera 10:24, 25 ke ofe? (b) Boikarabelo jwa diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga tsa Bokeresete mo tirong ya go rera e ne e le bofe?
7 Ka jalo, mafoko a ga Paulo e ne e le kgothatso e e tlhamaletseng go tshegetsa phuthego ya lefelo leo fa a ne a re: “Me a re gopolaneñ re tlhotlheletsanyeñ mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō; Re se ka ra bakèla go phuthèga ga rona, yaka mokgwa oa bañwe, me re laelanè; me bogolo thata ka lo bōna motlha o atamèla.” (Bahebera 10:24, 25) Gape, go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi mo go neng ga fitlhelelwa ka tsela eo e e tlhomologileng mo lekgolong la ntlha la dingwaga ka phepafalo go ne ga dirwa ka mokgwa o o rulagantsweng ka diphuthego. (Baroma 10:11-15) Ka gone, moya o o boitshepo o ne wa kaela bagolwane mo phuthegong ya Antioka go romela Paulo le Barenabase jaaka barongwa go ya kwa dikgaolong tse di iseng di abiwe, mme Paulo o ne a amogela taelo e e tswang mo bagolwaneng ba phuthego ya Jerusalema go mo neela dikaelo tsa gore ke kae koo a tshwanetseng go rera teng.—Ditihō 13:1-3; Bagalatia 2:8-10.
Diphuthego Tsa Gompieno
8, 9. Mangwe a mabaka ao le rona re tshwanetseng ra kaela batho ba ba kgatlhegang ba rona go ya phuthegong ya lefelo leo ke afe?
8 Re ka ithutang gompieno mo tseleng eno ya ditiragalo tsa botshelo? Gore le rona, re tshwanetse ra kaela ba ba sa tswang go kgatlhega kwa phuthegong ya Bokeresete ya lefelo la rona. Gompieno, jaaka mo motlheng wa ga Paulo, Bokeresete ga se bodumedi jwa baitomolodi. “Eo o itomololañ o batla keleco ea gagwè ka esi,” go tlhagisa jalo buka ya Diane. (Diane 18:1) Mo letlhakoreng le lengwe, “tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale.” (Diane 13:20) Batho ba basha ba tlhoka tshegetso ya semoya, ya boitsholo le ya boikutlo eo phuthego ya Bokeresete e e neelang. Ba tlhoka go itemogela lorato lwa Bakeresete ka bone, tirelo ya bagolwane le kutlwano e ntle eo e dirang gore go nna Mokeresete e nne boitemogelo jo bo ipedisang le jwa mofuta wa jone fela.—Pesalema 133:1.
9 Le gompieno, go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi lefatshe ka bophara go dirwa ka tsela e e rulagantsweng segolo-bogolo ka diphuthego tsa lefelo leo tsa Bokeresete. (Mathaio 24:14) Ka gone, fa re ruta ba basha ka tlamego ya bone ya go nna le seabe mo tirelong eo, re tshwanetse go ba kaela mo phuthegong ya lefelo la bone mme re ba bontshe kafa ba ka dirisanang mmogo le yone ka teng.
Bokaulengwe jwa Merafe-rafe
10. Umaka Dikwalo dingwe tseo di supang kutlwano ya merafe-rafe ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.
10 Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a kaela ba basha mo diphuthegong tse di fetang e le nngwe. O ne a bolelela Baefesia gore: “Go mmele o le moñwe hèla, le Mōea o le moñwe hèla, hèla yaka le lona lo biledicwe cholohèlō e le ñwe hèla ea go bidiwa ga lona.” (Baefesia 4:4) Go ne go na le “mmele” o le mongwe fela lefatshe ka bophara, e seng palo e e rileng ya diphuthego tse di gasaganeng, tse di ikemetseng ka nosi tsa lefelo leo. Jesu gape o ne a lebisa go maloko a a tshelang a “mmele” ono mo lefatsheng fa a ne a bua ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” yo o neng a laetswe go ‘otla’ “ba ntlo.” (Mathaio 24:45-47) Bakeresete ka bongwe lefatshe ka bophara ba ne ba tla tshwanelwa ke go tlotla taolo ya “motlhanka” yono fa e le gore ba ne ba tla ‘otlwa’ ke ene. Seno se ne se tla felela ka bolekane jwa merafe-rafe jwa Bakeresete.
11. (a) Petere o ne a bitsa phuthego eno ya merafe-rafe ya Bakeresete eng? (b) Ke thulaganyo efe e e neng ya boloka bongwefela jwa dithuto tsa motheo mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga? Paulo o ne a supa jang gore o ikobela thulaganyo eno?
11 Ka gone, moaposetoloi Petere o ne a bua ka Bakeresete botlhe ba motlha wa gagwe jaaka “bokauleñwe.” (1 Petere 2:17) E ne e le “bokauleñwe” jwa merafe-rafe (Segerika, adelphotesʹ, “bokaulengwe”). Batho ba basha ba ne ba nna karolo e seng fela ya phuthego ya lefelo leo, mme ya bokaulengwe jono jwa merafe-rafe. Diphuthego di ne di amana le tse dingwe. (Bakolosa 4:15, 16) Fa go ne go na le dipotso tsa motheo, Bakeresete ba ne ba sa itirele ditshwetso tsa bone fela. Go bona karabo e e nang le thata, ba ne ba lebelela go bagolwane ba phuthego ya Jerusalema bao ba neng ba direla jaaka setlhopha se se laolang sa lefatshe lotlhe mo metlheng eo. (Ditihō 15:2, 6-22) Paulo le ene o ne a tlotla taolo ya thuto ya motheo ya setlhopha seo. Lefa a ne a amogela boammaaruri ka tshenolo e e kgethegileng go tswa go Jesu Keresete, lefa go le jalo, o ne a ya kwa Jerusalema go ba tlhalosetsa mafoko a a molemo ao a neng a a rera, ‘ka poifo ya gore ka gongwe o ne a siana kana a sianela lefela.’—Bagalatia 1:11, 12; 2:1, 2, 7-10.
12. Ke mekgwa efe e mengwe gape e e neng e lomaganya ‘bolekane jotlhe jwa bakaulengwe’?
12 Go boloka kutlwano eo ya go akanya le ya tiro ya ‘bolekane jotlhe jwa bakaulengwe,’ balebedi ba ba etang, jaaka Timotheo, Tito le Epaforodito, ba ne ba romelwa go ba etela le go ba aga, mme dikwalo tse di jaaka tseo tsa bo-Paulo, Petere, Jakobe, Johane le Jude di ne tsa fetisediwa go bone. Ka ntlha ya gore bokaulengwe jo bo ntseng jalo bo ne bo le gone, Bakeresete ba ba itsholetseng mo mafatsheng a mangwe ba ne ba utlwa ka go tlhoka ga bakaulengwe ba bone mo Judea ka nako ya mathata koo, mme Paulo o ne a kgona—ka diphuthego—go rulaganyetsa thuso go bao ba tlhokang. (1 Bakorintha 16:1-4) Bakeresete ka bongwe le bone ba ne ba kgothadiwa fa ba ne ba utlwa dipego tsa boitshoko le tumelo tsa ‘bakaulengwe botlhe ba bone ba ba mo lefatsheng.’—1 Petere 5:9.
Itsise Ba Basha ‘Bakaulengwe Botlhe’
13. Dilo dingwe tse di tshwanang mo gare ga ‘bolekane jotlhe jwa bakaulengwe’ lefatshe ka bophara mo lekgolong la ntlha la dingwaga le gompieno ke dife?
13 A go na le “bokauleñwe” jo bo tshwanang gompieno? Eleruri bo teng. “Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o santse a le gone mme o santse a na le boikarabelo jwa go ‘otla’ “ba ntlo.” (Mathaio 24:45-47) Jaaka mo motlheng wa ga Paulo, Setlhopha se se Laolang se emela “motlhanka” yono, mme se kaela tiro ya lefatshe ka bophara ya go rera “Mahoko a a Molemō.” Kutlwano ya merafe-rafe ea nonotshiwa le gompieno, ka makwalo le dibuka tse di gatisiwang go tswa go Setlhopha se se Laolang seno, gammogo le ka barutisi ba ba godileng bao ba direlang mo diphuthegong. Ka gone, fa motho a ithuta boammaaruri, o ithuta go nna karolo ya phuthego ya lefelo leo le gore a ikutlwe e le karolo ya “bakauleñwe . . . ba ba mo lehatshiñ” ka bophara. Ke boikarabelo jwa morutisi wa Mokeresete go thusa seithuti sa gagwe sa Bibela go dira seno. A ka dira seo jang?
Go Thusa Ba Bangwe go Rata ‘Bakaulengwe Botlhe’
14. Ke ditsela dife tseo o di boneng di atlega mo go boleleleng diithuti tsa Bibela kaga phuthego ya lefelo la eno le phuthego ya merafe-rafe ya batho ba Modimo?
14 Morutisi wa Mokeresete a ka bolelela seithuti sa gagwe kaga phuthego le ‘bokaulengwe’ jwa merafe-rafe, mme he a ka mmontsha yone. A ka ba bolelela jang? Ditsela dingwe tseo barutisi ba ba nang le boitemogelo ba ileng ba di fitlhela di le molemo ke tseno: Nna le nako pele kana morago ga thuto go tlotla ka phuthego le botlhokwa jwa yone jwa Dikwalo, mme gape le “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” le tsela eo a re direlang ka yone gompieno. Tlhalosa Holo ya Bogosi le dipokano. Bua kaga dilo tse di kgatlhisang tse o di ithutileng ka nako ya dipokano. Mo dithapelong tsa gago pele le morago ga thuto, umaka phuthego ya lefelo leo le bokaulengwe jwa merafe-rafe.
15. Ditsela dingwe tse di gaisang segolo tsa go bontsha batho ba rona ba ba kgatlhegang phuthego ya lefelo la rona le phuthego ya merafe-rafe ke dife?
15 Mme a ka bontsha dilo tseno jang? Dingwe tsa ditsela tseo di ileng tsa itshupa di atlega ke tseno: Ka bofefo jo bo kgonegang laletsa maloko a mangwe a phuthego go go pata go ya thutong, gore seithuti se tle se simolole go itirela ditsala tse dintšha ka bofefo jo bo kgonegang. Go botlhokwa gore a lemoge ka bonako gore lefa a ka latlhegelwa ke botsala mo tsamaisong eno ya dilo e kgologolo go tla duelwa ka tsela e kgolo fela ke balekane ba basha mo ‘bokaulengweng botlhe ba lefatshe.’ (1 Petere 5:9; Mathaio 19:27-29) Dirisa ka botlalo bukana ya Jehovah’s Witnesses in the Twentieth Century. E tlhalosa ka phuthego ya merafe-rafe ya segompieno ya Basupi ba ga Jehofa mme e na le ditshwantsho tse dintle tsa kopano e kgolo, setshwantsho sa Holo ya Bogosi, pokano e tsweletse, tiro ya go rera, le tse dingwe jalo. E tla neela seithuti kgopolo e e bonalang ya bogolo jwa ‘bolekane jotlhe jwa bakaulengwe.’ Ka mo go tshwanang, kgaolo 23 ya buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e neela ka tlhaloso e go nang le setshwantsho se se mebala sa phuthego ya Modimo gompieno.
16. (a) Re tshwanetse go dirang ka bofefo fela ka diithuti tsa rona tsa Bibela? Ka ntlha ya lebaka lefe la Dikwalo? (b) Re ka solegelwa molemo jang ke leeto la molebedi wa potologo kana wa kgaolo go thusa diithuti tsa rona tsa Bibela go nna karolo ya batho ba Modimo?
16 Gakologelwa gape, gore Paulo o ne a rulaganya dipokano mo Efeso ka bofefo fela fa a sena go bona ba ba kgatlhegang. (Ditihō 19:9, 10) O ne a bolelela phuthego ya Bakorintha gore fa “go tsèna moñwe eo o sa dumeleñ” mo pokanong e e rulagantsweng sentle thata ya Bokeresete, “maōma a pelo ea gagwè a a senolwa; me yalo o tla wèla ha hatshe ka sehatlhōgō, a ōbamèla Modimo, a bolèla ha Modimo o le mo go lona rure.” (1 Bakorintha 14:24, 25) Ka mo go tshwanang gompieno, ka bofefo fela fa seithuti se simolola go kopanela le phuthego ya lefelo leo, o lemoga ka bonako koo boammaaruri tota bo leng gone. Ka lebaka leno, barutisi ba Bakeresete ba laletsa diithuti tsa bone go tla dipokanong tsa phuthego le dikopano tse dikgolo ka bofefo jo bo kgonegang. Fa go tlhokafala, ba ya le e leng go ya go bitsa mongwe yo o kgatlhegang le go tla le ene ka sebele kwa dipokanong. Fa phuthego ya bone e etelwa ke “Tito” kana “Epaforodito” wa motlha wa segompieno, molebedi wa potologo kana wa kgaolo, ba tlhomamisega gore seithuti sa bone sa Bibela se dumedisanye le ene le mosadi wa gagwe, ka gongwe le e leng go laletsa baeng go tla go abalana mo thutong ya ka metlha ya Bibela.
17. Ka jalo, karolo ya botlhokwa mo tirong ya rona ya go ruta le go dira barutwa ke efe? (Mathaio 28:19, 20) Seno se solegela diithuti tsa rona molemo jang?
17 Phuthego ya lefatshe lotlhe ya ga Jehofa ya batlodiwa ke “lekotwana le setshegeco sa boamarure.” (1 Timotheo 3:15) Gore ba ba sa tswang go kgatlhega ba sologelwe molemo ke “setshegeco” seo, ba tshwanetse ba kopanela le makgolo a a diketekete a bapelonomi bao ba theelesegelang go kopanela le batlodiwa bano. (Sekaria 8:23) Gompieno ba bapelonomi bano ba dira bokaulengwe jwa merafe-rafe jwa ba ba fetang dimilione tse pedi le halofo, mme go amogela boammaaruri go akareletsa go kopanela le bokaulengwe joo jwa meraferafe. Fa ba ba sa tswang go kgatlhega ba nna karolo ya jone, ba ipelela tshegetso yotlhe le tshireletso e e di neelang. Ba ipelela lorato lwa bokaulengwe lwa Bakeresete ka bone mme ba bona sebaka sa gore le bone ba ba neele lorato lwa bone. (Bahebera 13:1) Seno gape se raya gore, ba nna karolo ya boidiidi jwa merafe-rafe jo bo senang palo joo bo tla falolang go ralala sepitla se segolo se se tlang go ya bolekaneng jo bo itumedisang jo bo sa feleng ba le mmogo. (Tshenolō 7:9-17) Ka jalo fa o ruta thuto ya motheo go diithuti tsa gago tsa Bibela, se lebale go ba kaela go “bokauleñwe” le go ba ruta gore ba bo rate.—1 Petere 2:17.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke eng seo Paulo a neng a se dira ka bao ba neng ba kgatlhega bosheng mo Efeso le mo Korintha?
◻ Paulo o ne a solegela ba basha molemo jang?
◻ Kwa ntle ga go ruta dithuto tsa motheo, re tshwanetse go nna tlhaga go itsise diithuti tsa rona tsa Bibela eng?
◻ Ke ditsela dife tse dingwe tse di ka dirisiwang go dira seno?
[Ditshwantsho mo go tsebe 14, 15]
Ba basha ba amogelwa ka bothitho go ‘bolekane jotlhe jwa bakaulengwe’