Jaanong ke Nako ya Tirelo e e Tlhagafetseng
“Me eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.”—MAREKO 13:13.
1, 2. (a) Ke maemo afe a a go dirang gore go dumelesege gore re tshela kwa bofelong jwa tsamaiso eno ya dilo? (b) O ka itshwara jang kapa jang?
BATHO bangwe ba santse ba belaela gore a jaana re tshela kwa bofelong jwa tsamaiso eno, lemororo go le bokete go akanya gore ke goreng ba santse ba ka belaela lebaka leo. Boitsholo boa bola. Maemo a itsholelo a senyegela pele. Bothubaki bo totafetse. Kgolo ya batho e befela pele, kgotlelo e a gola, tshenyo ya atomiki e a ntsifala, dibetsa tsa atomiki di ntse di ntsifala le eleng batho ba ba sa dumeleng ba a tle ba ipotse gore a jaana botshelo bo tla tswelela mo lefatsheng.
2 Lefa go ntse jalo, bofelo jwa tsamaiso e kgologolo eno ga bo ise bo tle. Bakeresete bangwe ba ba ineetseng ba ka tswa ba ile ba tepelela mo go direng tirelo ya Bogosi. Fa e le gore ope, tota, o neetse botshelo jwa gagwe eseng mo Modimong mme ngwageng e e rileng, o ka tswa a ile a feferiwa. Mme bao ba neetseng matshelo a bone go Modimo ka metlha go dira thato ya gagwe le go latela ditsela tsa gagwe, ba tiile le eleng go feta mme dipalo tsa bone di ntse di tswelela go gola.
3. (a) Ke ka ntlhayang fa barati ba tshiamo ba tswela elo go bona tsamaiso eno e kgologolo e fela? (b) Go fitlhelela e fela, re tshwanetse ra bo re dirang?
3 Batho bao ba ratang tshiamo ba tlhagafaletse go bona bofelo jwa tsamaiso eno e kgologolo, ka go bo e tla emisediwa ka Paradaise ya selefatshe, ka Thulaganyo e Ntšha ya tshiamo eo Bibela e e solofetsang (Isaia 9:6, 7; Mathaio 6:9, 10; 2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1-4) Legale, batlhanka ba ga Jehofa ba batla gore phetogo eno e tle ka bofefo fela jaaka Modimo o batla. Mme ka go bo ba ile ba dira boineelo jo bo pelo-e-phepa go Modimo, ka bopelotelele ba letela nako ya gagwe jaaka ba gatela pele ka tlhagafalo mo tirong e e kgatlhisang ya go rera ka Bogosi eo a ba neileng yone go e dira.—Mathaio 24:14.
Dikao tse di Tlhotlheleditsweng
4. Ke sekao sefe se se molemo seo se neng sa tlhongwa ke banna le basadi ba tumelo mo metlheng ya bogologolo?
4 Ga go na lebaka ka ope go boela morago, go ikgogona, kana go repisa seatla. Jehofa Modimo le Jesu Keresete ke badiri. (Yohane 5:17) Mo godimo ga moo, Bibela e tletse ka ditiragalo tsa banna le basadi ba ba dirang ka natla, ba ba itumetseng ba tumelo, bao ba direlang jaaka dikao tse di tlhotlheletsang le tse di kgothatsang go rona. Lefa go le jalo bontsi jwa banna le basadi bao ba ba neng ba ikanyega ba ne ba itse gore ditsholofetso tseo ba neng ba di letetse di ne di se ketla di diragadiwa mo motlheng wa botshelo jwa bone. Dikokomana, mo mabakeng mangwe le eleng dikete tsa dingwaga di ne di tla feta pele ga dilo tseo ba neng ba di letetse di diragala. Lefa go le jalo ga ba a ka ba ikgogona mo tirong ya bone. Bontsi bo ne jwa direla ka boipelo go fitlhela le eleng botsofeng jwa bone, ba tiile mo tumelong, ba tlhagafaletse go utlwa Modimo, ka bopelotelele ba letetse maikaelelo a gagwe go diragala. Gape-gape, go feta makgolokgolo a dingwaga, Modimo o ne a neela tshenolo ya gagwe ka iketlo ka iketlo. Ka jalo, banna bao ba bogologolo ba tumelo ba ne ba na le kitso e potlanyana ya kafa Modimo o neng o tla diragatsa dilo tseo o neng o di solofeditse go na le e o ka nnang le yone gompieno.
5. Abele o ne a tlhoma sekao sefe?
5 Ka sekai, akanya ka boikitsiso jo bo botlana jo Abele a neng a na najo. O ne a itse fela gore Modimo o ne o solofeditse “losika” le gore mo nakong nngwe mo isagweng “losika” loo lo ne lo tla tapeta tlhogo ya noga. (Genesise 3:15) Lefa go ntse jalo Jesu o ne a bitsa Abele “mosiami,” ebile o umakiwa lwantlha mo lenaneong la ga Paulo la banna ba ba tlhomologileng ba tumelo. (Mathaio 23:35; Bahebera 11:4) A o ka bo o ile wa nna le tumelo e e ntseng jalo ka boikitsiso jo bo lekanyeditsweng jo bo neng bo le gone ka motlha wa ga Abele?
6, 7. Lemororo ditsholofetso dingwe tseo di neetsweng ke Modimo di ne tsa se ka tsa diragadiwa mo motlheng wa ga Aberahame, o ne a re tlhomela sekao se se molemo jang?
6 Noa, Aberahame, Isake le Jakobe botlhe ba ne ba tshela pele ga Jehofa a supa maatla a gagwe a a gakgamatsang ka nako ya khudugo ya lseraele go tswa Egepeto. Ba ne ba sa itse sepe ka ditiragalo tseo tse di akabatsang tseo di neng di dikologile go neelwa ga Molao kwa Sinai. Fa ba ne ba santse ba tshela, go ne go se le eleng buka ya ntlha ya Bibela e e neng e kwadilwe.
7 Aberahame o ne a sena tsholofelo ya gore Paradaise e ne e tla tsosolosiwa mo lefatsheng ka nako ya botshelo jwa gagwe. Go na le moo, o ne a bolelelwa gore losika lwa gagwe lo ne lo tla tlhokofadiwa ka dingwaga tse 400. E ne e le fela mo lobakeng lwa isagwe e e kgakala eo tsholofetso ya Modimo e neng e tla diragadiwa ka ‘losika lwa ga Aberahame gore merafe yotlhe ya lefatshe eleruri e ne e tla itshegofatsa.’ (Genesise 15:13; 22:18; Bagalatia 3:8) Aberahame o ne a “lebèlèla motse o e leñ ōna o o nañ le mothèō tōta, o moagi le modihi wa ōna e leñ Modimo.” (Bahebera 11:10) Lebaka la go bo Aberahame a ne a tla e bona eseng mo motlheng wa gagwe mme eleng fela ka tsogo le ne la se ka la ngotla tumelo ya gagwe, kutlo le tlhagafalo mo tirelong ya Modimo. Re ka nna ra ipotsa: A ke na le mofuta o o ntseng jalo wa tumelo, kutlo le tlhagafalo tse Aberahame a neng a na natso?
8. Re ithutang ka ga bopelotelele le boitshoko mo go Moshe?
8 Moshe o ne a akanya gore o ne a ka se kgone go dira tiro e Modimo o neng o mo e abetse. O ne a bolela gore o ne a se sebui se se kgeleke mme a ikutlwa gore lefa e le batho ba gaabo kana Faro ba ne ba se ketla ba mo reetsa. (Ekesodo 4:1, 10; 6:12) Lefa go le jalo Moshe o ne a utlwa. O ne a dira se Jehofa a neng a se mmolelela, mme o ne a dira seno ka lobaka lo loleele. Mo sekgweng Moshe o ne a itse gore e ne e tla nna dingwaga tse di fetang 40 pele batho ba gaabo ba ka tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso, mme ka ntlha ya boleo jwa gagwe jwa morago o ne a bolelelwa gore o ne a se ketla a tsena mo lefatsheng leo le eleng ka boene. Lefa go le jalo ngwaga nngwe le nngwe o ne a tswelela mo tseleng ya ga Jehofa. (Dipalo 14:33, 34; 20:9-12; Duteronome 3:23-28; 34:1-6) A lorato lwa gago go Modimo lo ka bo lo ile lwa go tlhotlheletsa bopelotelele le botswerere tse di ntseng jalo mo tirelong ya Gagwe? A ka boikanyego o ka bo o ile wa etelela ba bangwe mo tseleng e wena o neng o itse gore wena o ne o se ketla o e fitlhelela?
9, 10. Isaia le Jeremia ba ne ba supa boitshoko jang, kwantle ga tsholofelo ya go bona tefa eo e neng e elediwa mo motlheng wa botshelo jwa bone?
9 Fa Jehofa a ne a botsa gore ke mang yo o tla re elang le go re buelela, Isaia o ne a re: “Ke hano, roma nna.” (Isaia 6:8-11) Ka dingwaga tse di fetang 40 o ne a direla jaaka moperofeti wa ga Jehofa. Gareng ga dilo tse dingwe, Isaia o ne a fetisetsa tsholofetso ya Modimo ya “magodimo a masha le lehatshe ye lesha,” lemororo go ne go sena tsholofelo ya tsamaiso e ntšha mo motlheng wa botshelo jwa gagwe. (Isaia 65:17-25) A o ka bo o ile wa ikanyega fela ka go bo go somarela boikanyego go ne go siame ebile go ne go le tumalanong le lorato lwa gago lo lo nonofileng go Modimo?
10 Jeremia o ne a dirisiwa go bolela ditlhagiso tse di sa tlwaelegang mo bathong ba ba senang tumelo. Go ne go se Paradaise ya selefatshe ya tshiamo eo e neng e letetse bofelo jwa go rera ga gagwe. Go na le moo, Jerusalema wa gaabo yoo rategang o ne a tla nna “chwahalō, le kgakgamaco,” a senyediwa go tlhaela tumelo ga banni ba gagwe. Jeremia o ne a itse gore go ne go tla nna le tsosoloso mme e ne e se ketla e nna go fitlhelela dingwaga tse 70 di sena go feta—e ka tswa e le motlha o mongwe wa botshelo o o siameng! (Yeremia 25:8-11; 29:10) Lebaka la gore o ne a se ketla a tshela go bona tsosoloso e e boleletsweng pele le ne la se ka la kgoreletsa Jeremia mo go rereng. Le eleng fa a ne a leka go khutlisa, lefoko la ga Jehofa le ne le ntse jaaka “ekete molelō o o shañ” mo marapong a gagwe. O ne a tshwanelwa fela ke go bua, mme Jehofa o ne a na le ene “yaka seganka, yaka eo o boitshègañ.”—Yeremia 20:7-11.
Dithuso tsa Boitshoko jwa Bona
11, 12. Bibela e supang seo dikao tsa metlha ya bogologolo tsa tumelo se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go se dira?
11 Moaposetoloi Paulo o ne a supela bokao jo dikao tseno di tshwanetseng tsa nna le jone mo go rona. O kwadile ka gore: “Me ke gōna, ereka re dikanyedicwe ke boidiidi yo bo kalo kalo yoa bashupi, a le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe, le boleo [tlhaelo ya tumelo] yo bo bohehō go re rareètsa, me a re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele.”—Bahebera 12:1.
12 Paulo o ne a kwala gape ka gore: “Ka gonne dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō. Me yana a Modimo oa pelotelele, le oa kgomoco, o lo neè gore go nnè pelo e le ñwe hèla mo go lona kaha sekaoñ sa ga Keresete Yesu: Gore lo galaletsè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete ka boñwe hèla yoa pelo, le ka molomo o le moñwe hèla.” (Baroma 15:4-6) Ka jalo, dikao tseno tsa bogologolo tsa tumelo di tshwanetse tsa re tlhotlheletsa go itshoka, go kgomarela kabelo ya rona ya go rera le go ruta mme ka gone ka tlhagafalo re galaletse Jehofa, Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete.
13. Banna ba bogologolo ba tumelo ba ne ba se ka ba nnale sebaka sa go ithuta eng seo re se itseng?
13 Akanya ka dilo tse di nonotshang tumelo tseo re di itseng tseo baperofeti ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ka bong ba se ka ba di itse. Fa ba ne ba tshela go ne go se ope wa bone yo o neng a itse gore Mesia e ne e tla bo e le mang. Mme ga se gore re itse fela gore ke mang; gape re itse kaga botsalo, go mta, loso le tsogo ya Ene yo, eleng Jesu Keresete. Gape-gape, re itse kaga thekololo, Bogosi le “losika” tseo banna bao ka boikanyego ba neng ba di letetse. Gape-gape, re na le Dikwalo tsa Bokeresete tsotlhe—go tloga ka Mathaio go ya go Tshenolō. Mme gape re na le sebaka sa go utlwisisa buka eo e e gakgamatsang ya ga Tshenolō, ka dipolelelo-pele tsa yone tse di nonotshang tumelo tseo di diragadiwang mo motlheng wa rona le tseo di sa ntseng di tla diragadiwa Tota, re tshela mo motlheng o o kgatlhisang le o o botlhokwa-tlhokwa—motlha oo banna bao ba bogologolo ba neng ba o letetse ka tlhagafalo.
Dikao tsa Tirelo e e Tlhagafetseng
14, 15. A lebaka leo la gore Bogosi bo ne bo sa ntse bo le mo isagweng le ne la kgoba Bakeresete ba lekgolo la ntlhala dingwaga marapo? Tlhalosa.
14 Balatedi ba pele ba ga Jesu ha ne ba le pelo-khutshwane ba batla go bona Bogosi joo jo bo solofeditsweng Ba ne ba botsa Jesu ka gore: “Morèna, a u bosetsa Iseraela bogosi ka lobaka lono?” Barutwa bao ba ne ba se ka ba lemoga ka nako eo gore Bogosi e ne e tla bo e le jwa selegodimo. Ba ne ba tla tla go lemoga moragonyana tlaseng ga tlhotlheletso ya moya wa Modimo. Mme Jesu o ne a batla gore ba itse gore ba ne ba na le namane e tona ya tiro go e dira. O ne a bolela gore ba ne ba tla “nna bashupi ba [gagwe] mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:6-8) Tiro eo go ne go bonala ekete ga e kgolo go ka e dira. Mo letsatsing la Pentekoste ya 33 C.E., barutwa ba ba ka nnang 120, tlaseng ga kaelo ya moya o o boitshepo, ba ne ba simolola thero ya mafoko a a molemo. Batho ba ba ka nnang 3 000 ba ne ba amogela lefoko mo letsatsing leo! Me mo lobakeng lo lo seng kae moperesiti mogolo wa Sejuda o ne a ka re: “Bōnañ, lo tladitse Yerusalema ka thutō ea lona.”—Ditihō 2:41; 5:28.
15 Go bonala gore batho ba ba neng ba le gone ka nako eo mo Jerusalema go tswa dikarolong tsa Yuropa, Asia le Afrika ba ne ba tsaya mafoko a a molemo go a isa dinageng tsa ga bone. (Ditihō 2:5-11) Ka bofefo Paulo ka tlhagafalo o ne a rera le go thusa go tlhoma diphuthego tsa Bokeresete go kgabaganya kgaolo yotlhe ya Roma ya Asia le Gerika. O ne a ya kwa Roma mme go bonala le eleng kwa Spain. Petere o ne a tsubalela ntlheng e nngwe le eleng go fitlha kwa Babelona. Morago ga dingwaganyana tse di ka nnang 30 fela tsa tiro ya Bakeresete bano ba ntlha le matshwititshwiti ao ba neng ba a ruta, Paulo o ne a ka bolela gore mafoko a a molemo a ne a “[reretswe] lobopō lotlhe tlhatse ga legodimo.” (Bakolosa 1:23) A namane e tona ya tiro, eo ba e dirileng ka tlhagafalo ba utlwa taelo ya ga Keresete ya go ruta ba bangwe!—Mathaio 28:19, 20; Tito 2:13, 14.
Tsamaiso E A Fela
16. Bakeresete ba pele ba ne ba lebeletse tiragalo e e?
16 Lefa go ntse jalo, go ne go na le lobaka lwa nako, loo lo neng lo le botlhokwa go Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Jesu o ne a re: “Me e tla re lo bōna Yerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse ha chwahalō ea ōna e le gauhi. Hoñ, ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ; le ba ba mo gare ga ōna, a ba cwè; le ba ba kwa nageñ a ba se ee go tsèna mo go ōna. Gonne metlha euō ke ea pusholoshō, gore dilō cotlhe tse di kwadilweñ di dihalè.”—Luke 21:20-22.
17, 18. (a) Ke leng mme Bakeresete ba ne ba itshwara jang ka mafoko a ga Jesu ao a kwadilweng go Luke 21:20-22? (b) Ke teko efe e nngwe gape eo ba ka tswang ba ile ba lebagana le yone?
17 Go ne ga feta dingwaga tse di fetang 30. Go tswa foo, ka ngwaga wa 66 C.E. masole a Roma a dikanyetsa Jerusalema Fa bale gaufi le go mo fenya, ba boa ka morago. Ka go gogomosiwa ke mogopolo wa gore ba ne ba fenya, Bajuda ba ne ba leleka Baroma.’a Mme Bakeresete ba ne ba ka dirang? Eusebius, yo o neng a tshela karolong ya ntlha ya lekgolo la dingwaga la bone, o bega ka go re “bao ba neng ba dumela mo go Keresete ba ne ba bothologa go tswa Jerusalema” go ya toropong ya Perea e e bidiwang Pella.b
18 Nako e ne ya suta. Ngwaga ya 66 a sutela 67. Go tswa foo 68 mme ya feta, ga tla 69. A Bakeresete bao ba ne ba lekwa ke go feta ga nako? A dilo di ne tsa nna lobaka lo loleele mo go ba bangwe? A ba ne ba le phoso? Jesu o ne a se ka a re ba tshwanetse go letela lobaka lo lo kae. Mme fa e le gore bape ba ne ba ka boela mo Jerusalema, e ne e tla nna khutsafalo ya bone, ka go bo ka 70 Baroma ba ne ba boa gape, ba thopa motse le go bolaya banni ba bantsi ba one. Raditiragalo Josephus o bolela gore batho ba ba ka nnang 1,1 milione ba ne ba a swa, ka go bo Jerusalema o ne a “tletse ka matshwiti a batho,” boidiidi bone jwa tla “go tswa nageng yotlhe” go tla Jerusalema go tla Tlolaganyong.c
19. (a) Gompieno, ke dipotso dife tse tota di leng botlhokwa go Bakeresete ba ba ineetseng go di araba? (b) Ke eng seo se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go nna le seabe mo tirelong e e boitshepo?
19 A seo se dira gore o akanye ka ga boemo jwa gompieno? Potso ga se: Tsamaiso eno e kgologolo e tla fela leng? Seo se tla diragala ka nako e e leng yone ya Modimo. Seo re tshwanetseng ra bo re akanya kaga sone ke re dirang. Re tshwanetse ra ipotsa: A ka maatlametlo ke ile ka ithuta Lefoko la Modimo mme ka neela botshelo jwa me go ene kwantle go tikatiko? A eleruri ke tshelela boineelo joo? Ga se ga botlhokwa gore re fa kae mo lobakeng lwa nako moo go tshwanetseng ga re tlhotlheletsa go tsenelela mo tirelong e e boitshepo. Fela jaaka Abele, Aberahame, Moshe, Isaia le ba bangwe, lorato go Jehofa Modimo lo tshwanetse lwa re tlhotlheletsa go dira seo. Re tshwanetse ra direla Jehofa ka go rata, go sa kgathalesege gore bokhutlo bo tla leng. Mme re na le tlhotlheletso e e kgethegileng gone jaanong. Re fitlhile karolong ya bofelo ya ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya jaanong. (2 Timotheo 3:1) Lebaka leo le tshwanetse la re tlhotlheletsa tirelong e e kwa godimo-dimo thata.
20. Ditiragalo tseo o setseng o ile wa di bona di bapisega jang le tseo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ileng ba di bona?
20 Bakeresete ba ne ba tshaba mo Jerusalema ka gobo ba ne ba ile ba bona dikarolo tse dintsi tsa “seshupō” sa ga Jesu di nna boammaaruri, mme le gape fa ba ne ba bona tiragatso ya polelo eno ka ga go dikaganyetswa ga motse ke masole. Fa esale ngwaga e e tshwaegang ya ditiragalo ya 1914 re ile ra elatlhoko tiragatso ya dipolelelo-pele tse dintsi mabapi le “bokhutlo yoa motlha.” (Mathaio 24, 25; Tshenolō 6:1-8; 2 Timotheo 3:1-5) Ditiragalo tseno tse di boleletsweng pele di ne tsa simolola go diragala dingwaga tse 10 tse di fetileng. Lefa go le jalo Jesu o ne a re di ne di tla diragala mo motlheng wa losika lo le longwe. (Mathaio 24:32-34) Go phepafetse gore, re setse re tseneletse fela thata mo losikeng loo.
Go Tlhagafala mo Tumelong
21 Ke ka ntlhayang fa tirelo e e tlhagafetseng go Modimo e le kgang e e potlakileng?
21 Tiro e e nayang botshelo gantsi e dirwa ka potlako. Motlha wa rona ke wa tiro e e kgethigileng fela thata-thata, tirelo e e tlhagafaditsweng le tumelo e e atolositsweng le matlhagatlhaga. Re tshwanetse ra gakologelwa gore nako nngwe e tla bo e le motlha wa rona wa bofelo wa tsamaiso eno e kgologolo. E ka tswa e le gore re ile ra ralala bofelo jwa tsamaiso eno kana botshelo jwa rona bo ile jwa fela go le pele. Botshelo jwa jaanong bo bokhutshwane, boa fofa. Ga go ope yo o itseng gore a ka moso o tla bo a tshela. Re na le nako e e lekanyeditsweng fela eo mo go yone re tshwanetseng ra supa boikanyegi le bothokgami jwa rona go Modimo. (Pesalema 39:5; Moreri 12:1; Luke 12:18-21) Ka jalo, go tla bo go tshwanela gore re ipotse: A ke kgotsofaditswe ke seo ke se dirileng gompieno.
22. Dikwalo di reng kaga tefa?
22 Go botlhokwa gore re se lebale tefa. Tlhoma matlho a gago mo mokgeleng. Jesu o ne a re: “Me eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” Paulo o ne a kwala ka gore: “Moñwe le moñwe o tla amogèla tuèlō ea gagwè kaha tihoñ ea gagwè.” Mme gape o ne a re: “Gonne lo chwanetse go dihana le bopelotelele, gore e tle e re lo sena go diha go rata ga Modimo, lo bo lo amogèlè polèlō ea choloheco.”—Mareko 13:13; 1 Bakorintha 3:8; Bahebera 10:36.
23, 24. Malebana le kgakololo ya ditemana tse di tsopotsweng fano tsa Bibela, o iketleeleleditse go dirang malebana le tumelo ya gago le tirelo ya Bogosi?
23 Dikwalo di tlhagisa ka gore: “Me ereka yana dilō tse cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana lona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō, le ka poihōmodimo, Lo nntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya [ga Jehofa].” Re bolelelwa jaana gape-gape: “Me kaga metlha le dipaka, ba ga echo, ga go batlwe gore lo ka kwalèlwa señwe. Gonne le lona ka losi lo itse sentlè ha letsatsi ya [ga Jehofa] le tla hèla yaka legodu bosigo. . . . Yalo a re se robaleñ, yaka bañwe ba tla ba dihe, me a re lebeleleñ, re nneñ boitekanèlō.”—2 Petere 3:11, 12; 1 Bathesalonia 5:1-6.
24 Ka gone, ekete re ka somarela tumelo e e tiileng le go sala re ntse re le tlhaga mo tirelong ya Bogosi, re sa belaele ka gope. Fa re dira jalo, re ka bua fela jaaka moaposetoloi: “Me ga re ba bōnè ba ba ikgogonèlañ kwa tatlhegoñ; me re ba bōnè ba ba nañ le tumèlō e e isañ polokoñ ea mōea.”—Bahebera 10:39.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Josephus, Wars of the Jews, II, 19:5-7.
b Eusebius, Ecclesiastical History, III, 5:3.
c Josephus, Wars of the Jews, VI, 9:3, 4.
Dilo tse O Tshwanetseng go Akanya ka ga Tsone
◻ Ke jang dikao tsa ga Abele, Aberahame, Moshe le Jeremia di re kgothatsang fela thata gompieno?
◻ Lebaka la gore Bogosi bo ne bo ise bo tle le ne la nna le matswela afe mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga?
◻ Ke teko efe e Bakeresete ba pele ba ka tswang ba ne ba thulana le yone morago ga ba sena go tshaba mo Jerusalema?
◻ Kamego ya rona e kgolo e tshwanetse ya nna eng gone jaanong?
[Ditshwantsho mo go tsebe 30]
Ga ba ka ba tlogela!
Abele
Aberahame
Dafide
Jeremia
Paulo