Tshimologo ya Magosi mo Iseraele—Dibuka tse Pedi tsa ga Samuele
A GA lo ise lo bale leha e le se Dafide o se dihileñ yale, ka a bolailwe ke tlala, èna le ba o na a na nabō; Kaha o na a tsèna mo tluñ ea Modimo ka gōna, a tsaea dinkgwè tsa chupèlō, a di ya, a ba a di naea le ba o nañ nabō; e le tse di sa lètlèlèlwañ go yèwa ke opè, ha e se ke baperisiti ba le bosi hèla?” (Luke 6:3, 4) Ka mafoko ano, Jesu o ne a didimatsa Bafarisai ba ba neng ba pega barutwa ba gagwe molato wa go roba Sabata ka go bo ba ne ba swaswarela ditlhaka di se kae tsa mabele go ja ka letsatsi la Sabata.
O ne a bontsha sengwe gape se sele. Pego ya hisitori kaga Dafide le “senkgwè se se itshekileñ” jaaka e begilwe mo bukeng ya ga Samuele wa ntlha. (1 Samuele 21:1-6) Tebiso ya ga Jesu go yone go latofatsa kganetso e bontsha go tlwaelana ga gagwe le buka eno mme e ka akantsha gore le rona gape, re tla bo re dira sentle go tlwaelana le yone. Mopati wa yone, Samuele wa Bobedi, e tshotse boikitsiso jo bo neng bo le mosola mo go Jesu mme ebile bo mosola go rona fela thata gompieno.—Baroma 15:4.
Dibuka tse pedi tsa ga Samuele ke eng? Ke dibuka tsa ditiragalo tseo di fitlhelwang go Dikwalo tsa Sehebera tseo di tlhalosang phetogo mo hisitoring ya batho ba Modimo. Go le pele, Baiseraele ba ne ba buswa ka tatelano ya baatlhodi. Dibuka tseno tse pedi di tlhalosa bofelo jwa motlha oo le tshimologo ya puso ya segosi ya Iseraele. Di tletse ka ditiragalo tse di kgatlhang le batho ba ba jesang kgakge Re kopana le Samuele ka boene, wa bofelo wa baatlhodi, dikgosi tsa ntlha tse pedi, Saule le Dafide. Re kopana gape le batho ba bangwe ba bantsi ba ba sa lebalesegeng: kgang e e hutsafatsang ya ga Eli, Abigaile yo o botlhale le yo o matsetseleko, Jonathane yo o senatla mme a le bonolo, gammogo le barwarra-motho Abishai le Joabe, ba le diganka tsa ga Jehofa mme ba le setlhogo mo dipelong tsa bone tse di bogalaka. (Bahebera 11:32) Dibuka tse pedi tseno di ruta melao-metheo eo e santseng ele botlhokwa le go tlhalosa ditiragalo tseo di nang le matswela a a nnelang ruri, tota le eleng go setho sotlhe.
Kgosi E E Paletsweng
Wa ntlha go tlodiwa ke Jehofa go nna kgosi godimo ga lseraele e ne ele Saule. O ne a simolola sentle mme ya re moragonyana a palelwa ke go bontsha ikaego e e tshwanetseng go Jehofa fa a ne a lebagane le tlhaselo e e neng e atamela ya Bafilisitia. Jalo, Samuele o ne a mmolelela gore barwa ba gagwe ba ne ba se ketla ba rua bogosi. Go na le moo, Samuele o ne a re: “Yehofa o itshenketse monna eo o nntseñ kaha peduñ ea gagwè; e bile Yehofa o mo laoletse go nna kgōsana ea batho ba gagwè.” (1 Samuele 13:13, 14) Lefa go ntse jalo, Saule o ne a tswelela jaaka kgosi botshelo jotlhe jwa gagwe.
Moragonyana, kgosi eno ya ntlha e ne ya laelwa go dira ntwa ya go otlhaya Baamaleka. Saule o ne a seka a diragatsa ditaelo tsa ga Jehofa ka botlalo mme ka gone a itlisetsa boitumologo jo bongwe gape. Samuele o ne a tlhotlheletsega gore: “A Yehofa o ka itumèlèla dichupèlō tse di hisiwañ le ditlhabèlō, yaka a itumèlèla go akèla lencwe ya ga Yehofa? Bōna, go utlwa go molemō bogolo go go isa chupèlō, le go reetsa bogolo go mahura a dipheleu.” (1 Samuele 15:22) Molao-motheo ke ono o o sa ntseng o le botlhokwa fela thata go bao ba direlang Jehofa mo maemong a boetapele. Ka go bo Saule a ne a se kutlo, Samuele moperofeti o ne a tswelela ka gore: “Ereka u gannè lehoko ya ga Yehofa, le èna o gu gannè go tlhōla u nna kgosi.” (1 Samuele 15:23) Moragonyana, Saule o ne a bontsha ka moo a neng a fapogile kobamelo e e itshekileng ka teng fa a ne a batla motho yo o buang le badimo.—1 Samuele 28:8-25.
Katlego ya Segosi
Yo o neng a tlhatlhama Kgosi Saule e ne e le Dafide morwa Jese. Dafide o ne a farologane le Saule. Mo bokaung jwa gagwe o ne a supa ikanyo ya gagwe mo go Jehofa fa a ne a bolaya mokaloba wa Filisitia, ebong Goliathe. Go tswa foo, fa a ne a tshwanelwa ke go tshabela botshelo jwa gagwe ka ntlha ya lefufa la ga Saule, lefa go ntse jalo o ne a nna a tswelela a utlwa Jehofa mo dilong tsotlhe. Makgetlo a a ka fetang gangwe Dafide o ne a ka bo a ile a bolaya Saule. Mme o ne a ikgogona, a letela nako ya ga Jehofa go ene go nna kgosi. E ne e le mo pakeng eno e e thata fa Ahimeleke moperisiti a ne a mo neela senkgwe go se ja mo tiragalong e Jesu a neng a e umakela Bafarisai.
Kgabagare Saule a swa mme Dafide a simolola go busa. Mme e ne e le lotso lwa gaabo fela lwa Juda lo lwantlha lo neng lwa mo amogela. Ditso tse dingwe di ne tsa tswelela go latela morwa yo o falotseng wa ga Saule, ebong Ishi-boshethe. Dafide, lefa go le jalo, o ne a seka a ipusolosetsa mo moganetsing wa gagwe. Fa lwa bofelo Ishi-boshethe a ne a bolawa, Dafide o ne a bolaya babolai. Mme fa mosimegi yo mogolo wa ga Ishi-boshethe, ebong Abenere, a ne a bolawa, o ne a laela gore go hutsafalwe. (2 Samuele 3:31-34; 4:9-12) Boikokobetso jo bo ntseng jalo, bopelotelele, boitshoko le ikanyo mo go Jehofa di tlhokwa ke batlhanka ba ga Jehofa mo motlheng lefa e ka nna ofe.
“Morwa Dafide”
Fa Dafide lwa bofelo a ne a nna kgosi mo godimo ga morafe o o kitlantsweng gape, mengwe ya megopolo ya gagwe ya ntlha e ne e le go aga legae le le nnelang ruri la letlole la kgolagano, tshupo ya go nna gone ga ga Jehofa mo Iseraele. Jehofa o ne a seka a dumalana le seno, mme ka go lemoga boikanyegi jo bo tlhomologileng jwa ga Dafide o ne a dira kgolagano e e sa khutleng le ene: “Me motse oa gago o tla tlhōmamesiwa le bogosi yoa gago ka bosakhutleñ ha pele ga gago: le setulō sa gago sa bogosi se tla tlhōmamisiwa ka bosakhutleñ.”—2 Samuele 7:16.
Dafide ka gone o ne a nna le nyalano e telele, motseletsele o o sa kgaogeng wa ditlogolwana o o neng o tswa go Adame, ka Aberahame, Isake, Jakobe le Juda go fitlha go Mesia yo o neng a solofeditswe. (Genesise 3:15; 22:18; 26:4; 49:10) Fa Mesia kgabagare a ne a goroga, o ne a tla nna setlogolwana sa ga Dafide. Go ne go ntse jalo ka Jesu yono, ka bobedi mo letlhakoreng la ga rraagwe wa motlhokomedi le mo letlhakoreng la ga mmaagwe. (Mathaio 1:1-16; Luke 3:23-38) Mo ditiragalong tsa Efangele, gangwe le gape o bitswa “Morwa Dafide.”—Mareko 10:47, 48.
Jaaka “Morwa Dafide” wa semolao, Jesu o ne a nna moruaboswa wa ga Dafide. O ne a ja boswa jwa eng? Moengele Gabariele o ne a bolelela Maria: “[Jesu] o tla nna mogolo, me o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; me Morèna Modimo o tla mo naea setulō sa bogosi sa ga Dafide rragwè: Me o tla busa ntlo ea ga Yakobe ka bosakhutleñ; me bogosi yoa gagwè ga bo ketla bo na le bokhutlō.” (Luke 1:32, 33) Dafide o ne a kitlanya batho ba Modimo gape mo bogosing bo le bongwe, jaaka buka ya ga Samuele wa Bobedi e tlhalosa. Ka jalo desu o ne a rua boswa jwa bobusi godimo ga lseraele yotlhe.
Elatlhoko, gape lebaka le lengwe la ga Dafide jaaka le begwa mo bukeng ya ntlha ya ga Samuele: “Me yana Dafide e ne e le morwa Moefaratha eole oa Bethe-lehema-yuda, eo leina ya gagwe go tweñ, Yese.” (1 Samuele 17:12) Polelwana eno ga se ntlhanyana fela e e kgatlhisang ya hisitori. Mesia, gape, jaaka “Morwa Dafide,” o ne a tsalelwa mo Bethelehema: “Me wèna Bethe-lehema Eferatha, eo u leñ mmōtlana mo go makgolo kgolo a Yuda, mo go wèna go tla ncwèla moñwe eo o tla nnañ molaodi mo Iseraela; eo macō a gagwè a sa leñ a nna a bogologolo, eboñ ka go senañ tshimologō.” (Mika 5:2) Tota, Jesu o ne a diragatsa patlafalo eno ya Bomesia.—Mathaio 2:1, 5, 6.
Ditiro tse di Fetotseng Hisitori
Dithopo tse dintsi tsa ga Dafide di ne tsa nna le matswela a go ya go ile. Ka sekai, Dafide o ne a golela dimmaele di se kae go tloga mo Jerusalema Fa a ne a santse a le mosimanyana motse oo o ne o le mo diatleng tsa Bajebusa, mme Dafide o tshwanetse gantsinyana a bo a ile a kgatlhegela boemo jwa one jo bo sa thopegeng mo thabaneng e e matlapa le e e mokgokolosa e e itsiweng jaaka Thaba ya Siona. Jaanong, jaaka kgosi, o ne a le mo boemong jwa go ka dira mo go fetang go o kgatlhegela fela. Buka ya ga Samuele wa Bobedi e re bolelela ka phepafalo ka moo, go sa kgathalesege go sotla ga baagi ba Bajebusa, “Leha go nntse yalo Dafide a gapa kagō e e thata ea Siona; ouō ko ōna motse oa ga Dafide.” (2 Samuele 5:7) Ka gone Jerusalema e ne ya tlhagelela kwa godimo mo hisitoring ya lefatshe koo e sa leng e ntse e le teng—ya ne e tla e boa—fa esale.
Motse o ne wa nna motse-mogolo wa segosi wa ga Dafide mme wa nnela motse-mogolo wa dikgosi tsa Modimo tsa selefatshe ka makgolo a dingwaga. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, “Morwa Dafide,” ebong Jesu, o ne a rera koo. E ne e le mo Jerusalema mo Jesu a neng a tla a pagame esela a tsile go iponatsa jaaka Kgosi mo Bajudeng. (Mathaio 21:1-11, Mat 21:42–22:13; Yohane 7:14) Ebile o ne a ntsha botshelo jwa gagwe ka kwa ntle ga dikgoro tsa Jerusalema, koo e neng ya re kgabagare a tsosiwa le go tlhatlogela kwa legodimong, a letela ka bopelotelele—jaaka Dafide a ne a dira pele ga gagwe—gore Jehofa a mmolelele gore o tshwanetse a busa leng jaaka Kgosi.—Pesalema 110:1; Ditihō 2:23, 24, 32, 33; Bahebera 13:12.
Go busa ga ga Dafide mo Jerusalema gape go re gakolola gore setlogolwana sa gagwe, ebong Jesu, jaanong o busa gape mo Jerusalema, “Yerusalema oa selegodimo.” (Bahebera 12:22) Mme lefelo la Jerusalema yoo wa selegodimo kwa legodimong le bidiwa “Thaba ea Sione,” e re gakolola ka mahika a a mawelewele ao e neng e le setsha sa tshimologo sa motse oo.—Tshenolō 14:1.
Malebana le bofelo jwa puso ya gagwe Dafide o ne a bala batho eseng kafa tshwanelong. Mo kotlhaong Jehofa o ne a betsa morafe, mme moengele yo o neng a tshotse sebetso labofelo a ema fa seboping sa pholelo se e neng e le sa Mojebusa yo o neng a bidiwa Arauna. Dafide one a reka setsha mo go Arauna mme a aga gona sebeso sa ga Jehofa. (2 Samuele 24:17-25) Kgato eno gape, e ne ya nna le matswela a go ya go ile. Sekidi seo sa lefatshe e ne ya nna setsha sa tempele ya ga Solomone, mme moragonyana, sa tempele e e agilweng gape. Ka gone, ka makgolo a dingwaga e ne e le lefelo le legolo la kobamelo ya boammaaruri. Jesu ka boene o ne a rera mo tempeleng ya ga Herode, eo e neng e agilwe go dikologa seo ka nako nngwe e neng e le sebopi sa pholelo sa ga Arauna wa Mojebusa.—Yohane 7:14.
Ee, dibuka tse pedi tsa ga Samuele di re itsise batho ba mmatota le go tlhalosa melaometheo e e botlhokwa. Di re bontsha gore ke eng fa kgosi ya ntlha ya lseraele e ne ya palelwa mme le gore ke eng fa kgosi ya bobedi, go sa kgathalesege diphoso tse di maswe, e ne ya atlega ka mo go tlhomologileng Di re ralatsa paka e e botlhokwa thata ya hisitori, ditshimologo tsa puso ya segosi ya setho gareng ga batho ba Modimo. Re lebelela jaaka Jerusalema a nna motse-mogolo wa bogosi joo le go elatlhoko go rekiwa ga setsha seo se neng se tla nna, ka makgolo a mantsi a dingwaga, lefelo legolo la kobamelo ya boammaaruri. Mme re ithuta ka tshedimosetso e e botlhokwa e e re thusang go lemoga Mesia. O ne a tla tshwanelwa ke go nna “Morwa Dafide.”
Eleruri, dibuka tseno ke tse di kgatlhang ammaaruri. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse a di ipalele ka boene.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
‘A Itsaya Jaaka Moperofeti’
Bibela e rayang fa e re: “Moya wa Modimo wa nna mo go [Saule], ee, ene, mme a tsamaya fela go tswelela a itsaya jaaka moperofeti”?—1 Samuele 19:23, NW.
Fa baperofeti ba ga Jehofa ba ne ba isa melaetsa ya Modimo, ba ne ba bua tlaseng ga tlhotlheletso ya moya o o boitshepo o o ‘neng wa ba tlatsa ka maatla’ mme kwa ntle le pelaelo o ne wa ba gogela go bua ka tshisibalo le boikutlo tseo ammaaruri di neng di akabatsa go feta. (Mika 3:8 Yeremia 20:9) Ka gongwe boitshwaro jwa bone bo ne bo bonala bo le jwa seeng—gongwe le eleng go sa tlhaloganyesege—mo go ba bangwe. Lefa go le jalo, fa fela go ne go tlhomamiswa gore ba ne ba bua molaetsa wa ga Jehofa, melaetsa ya bone e ne e tsewa ka masisi ke batho ba ba neng ba boifa Modimo.—Bapisa 2 Dikgosi 9:1-13.
Ka gone, mo pakeng eno Saule o ne a simolola go itsaya ka tsela e e sa tlwaelegang, e e neng ya gopotsa balebeledi ka kgakalo ya moperofeti fa a ne a tloga a neela molaetsa o o tswang go Jehofa. Ka gone fa a ne a itshwara jalo, o ne a ikgagola diaparo mme a lala a sa apara bosigo jotlhe. (1 Samuele 19:23, 24) Seno se ka tswa se ne se supa fela gore e ne e le motho fela yo o neng a sena maatla a segosi kana taolo fa a ne a ema kgatlhanong le maikaelelo a ga Jehofa Modimo. Mo pakeng ya pele fa Kgosi Saule a ne a “itsaya jaaka moperofeti,” o ne a leka go bolaya Dafide ka lerumo.—1 Samuele 18:10, 11.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
‘Moya Mongwe O O Bosula Go Tswa Go Jehofa’
“Me yana mōea oa ga Yehofa oa bo o tlogile mo go Saule, me mōea moñwe o o boshula o o cwañ go Yehofa oa bo o mo chweya.” (1 Samuele 16:14) A o itse gore seno se raya eng?
Ga re a tshwanela go tlhaloganya gore Jehofa ka namana o ne a romela moya o o bosula go tshwenya Saule. Go na le moo, fa Jehofa a ne a tlosa moya o o boitshepo wa gagwe, Saule o ne a tsenwa ke moya o o bosula, kana tlhotlheletso ya mo teng ya go dira bosula. (Bapisa Mathaio 12:43-45.) Ke ka ntlhayang fa Jehofa a lebisiwa jaaka ene motswedi wa moya ono o o bosula? Ka go bo a ne a kgonisa Saule go tsenwa ke ditlhotlheletso tse di phoso, kana ditlhabo, fa a ne a tlosa moya wa gagwe o o boitshepo. ‘Moya o o bosula’ ono o ne wa tlosa kagiso ya mogopolo ya ga Saule mme, mo pakeng nngwe, wa mo dira gore a itshware kafa go sa tlhaloganyesegeng.
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
GOLIATHE
DAFIDE
SAULE
SAMUELE