Bona Masego a Kutlwano ya Bogosi!
“Botlhe ba ba ba bōnañ ba tla ba dumèla ha e le bōnè losika lo Yehofa o lo segōhaditseñ.”—ISAIA 61:9.
1. (a) Ke paakanyetso efe ya motlha wa segompieno ya ga Jehofa eo e supang bopelontle jwa gagwe tebang le bontsi-ntsi jo bo iseng bo mo itse? (b) Batho ba gagwe ba ba segofaditsweng ba lemogiwa jang?
GO TLOGA ka 1914 Kgosi ya selegodimo e ile ya tlhomiwa mo setulong sa bogosi le go neelwa thata ya go busa. Mme ebile go ile ga dirwa paakanyetso ya phuthego ya selefatshe tlase ga “dikgōsana” tseo di laolang ka tshiamiso. (Isaia 32:1, 2) Mo go seno sotlhe, Jehofa o ne a itshupa fa a le pelontle go botlhe ba ba bolaetsweng tshiamo ke tlala le lenyora. Mme ba ba bolailweng ke tlala le lenyora ba tla ka bontsi mo bathong bao Jehofa a ba segofaditseng. Mme ba ba lemoga jang? A ke batho ba maemo a a kwa godimo mo loagong, mo dipolotiking kana ka madi? Nnya, ga ba lemosege ka ape a mabaka ano. Ke ka go bo ba na le setshwano sa Modimo wa bone o o pelontle ka go ikemisetsa ga bone go abalana le ba bangwe masego ao ba setseng ba a amogetse.
2. Tumalanong le Isaia 32:8, ke nonofo efe e e itshupang mo batlhankeng ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng gompieno, mme seo e le ka go bo ba ile ba reetsa kgakololo efe ya Moeteledi-pele wa bone?
2 Modimo o o pelontle o ile a ruta batlhanka ba gagwe gore le bone ba nne pelontle. Mabapi le motho yo o nang le boikutlo jwa bopelontle Isaia 32:8 e tlhalosa jaana: “Me eo o pelontlè o loga maanō a dilō tsa bopelontlè; me o tla nna a cwèlèla mo diloñ tsa bopelontlè.” Fela jaaka Jesu a ile a beela thato ya gagwe kwa thoko le go itima dilo di le dintsi e le gore a tle a diragatse thomo ya gagwe e a e filweng ke Modimo go abalana mafoko a a molemo a a galalelang a Bogosi le ba bangwe, ka jalo batlhanka ba gagwe le bone ba ikaeletse gore ba dire selo se se tshwanang. Ba tlhwaela kgakololo ya ga Jesu tsebe: “Naeañ, me lo tla nèwa; selekanyō se se molemō, se se katecweñ, se se tsikitledicweñ, se se penologañ, batho ba tla se lo naea mo dihubeñ tsa lona. Gonne ka selekanyō se lo lekanyañ ka shōna lo tla ba lo lekanyediwa ka shōna hèla.” (Luke 6:38) Jehofa le Keresete Jesu ke bone ba ba tla busetsang ka bopelontle mme ebile ba tla dira jalo mo batlhankeng ba bone ka go ba fa kgotsofalo, kagiso ya mogopolo le boipelo mo loungong lwa tirelo ya bone e e ikanyegang eo e kopanyeletsang dikgatlhego tsa Bogosi.
3. Boikutlo jwa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa bo fapaana le jwa ba La-Bodumedi le baetleetsi ba jone jang?
3 Boikutlo jwa bopelontle le jwa botlhaga jwa baanamisi ba mafoko a a molemo ba ba pelotshweu bo fapaana le jwa ba bangwe. Moperofeti wa Modimo o bua ka kotsi mo basading ba ba neng ‘ba rata boiketlo’ mo Jerusalema yo o sa ikanyegeng. (Isaia 32:9-14) Boikutlo jwa bone bo ka nna jwa re gakolola ka bangwe bao ba ileng ba iphaka go nna batlhanka ba Modimo le Keresete, mme ba se tlhaga kana matlhagatlhaga mo tirelong ya ga Jehofa. Ruri re ka nna ra akanya ka bao ba leng mo go La-Bodumedi le bao ba sa amegang thata ka ga bontsintsi jo bo mo tlaleng le mo lenyoreng. Go tshwarega ga bone ka dikgang tsa lefatshe fela, ba sa akanye le e seng ka gore ba dire thata mo tirong eo e laotsweng ke Jehofa mo go yone nako eno ya ditiragalo, go ka felela fela ka kotsi mo go bone le e leng fela jaaka kotsi e amanngwa le thobo fa e ganne.
4. Ke isagwe efe eo e emetseng botlhe bao ba tswelelang ka go sa dirisanye le Lefoko la Modimo ka boikanyegi?
4 Se se kwa pele ga La-Bodumedi le bathusi ba gagwe le baetleetsi ke bohutsana le tshenyego fela. Tlala ya semoya le go nyelela ga batho mo go nnang gone e tla nna matswela a go tlhaela bopelontle ga gagwe le go se ungwe mo tirelong ya ga Jehofa. Ereka jaana Bakeresete bao botlhe ba maaka ba ile ba palelwa ke go jala le go nosetsa ka tshwanelo, ba sa dirise Lefoko la Modimo ka boikanyego, Jehofa ga a na tlamego epe ya ‘go go ungwisa.’—Bapisa 1 Bakorintha 3:6-9.
Mafoko a a Molemo go ba ba Ikanyegang
5. Ke eng seo se neng sa bolelelwa-pele go Isaia 32:15 mme e le ka ditiragalo dife tse di gakgamatsang go tla go fitlha mo ngwageng ono wa 1984?
5 Se se kgothatsang segolo go bao ba lebelelang ka bopelotelele mo go Jehofa fa ba ntse ba dirisa dikgatlhego tsa Bogosi tse ba di neetsweng, go na le mafoko a a molemo. A kwadilwe go Isaia 32:15 jaana: “Go tlo go tsamaeè mōea re o goromelèdiwè o cwa kwa godimo, le e e leñ naga hèla e nnè leōta ye le uñwañ, le leōta ye le uñwañ le kaiwè yaka sekgwa.” Moya o o boitshepo wa Modimo o ile wa tshololelwa mo basuping ba gagwe ba motlha wa segompieno, fela jaaka go ne ga dirwa mo baaposetoloing le mo barutweng bao ba neng ba lebeletse ka Pentekosete ya 33 C.E. (Ditihō 2:1-4, 14-18; Yoele 2:28, 29) Fela jaaka ka nako eo, mme le jaanong, phelelo e nnile gore batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa mo lefatsheng ba ile ba tshwarega thata mo tirong ya go dira barutwa ba ba oketsegileng. Segolo-bogolo fa esale ka 1919 le 1922 moya wa ga Jehofa o ile wa tshololelwa batho ba gagwe, mme bogolo jang go simolola ka 1922, tiro ya go rera ka Bogosi e ile ya okediwa lobelo. Tiro eno e ile ya tswelela le go atolosiwa go fitlha le mo ngwageng ono wa 1984, go sa kgathalesege maemo a a nang le matshwenyego ao a apesitseng lefatshe. Palo ya baboledi ba ba pelontle ba mafoko a a molemo e ile ya tlhatlogela godimo go tloga palonyaneng ya ba le 7 000 kana 8 000 ka 1922 go ya tlhoreng e e kwa godimodimo ya ba le 2 652 323 gompieno.
6. Go ile ga nna le diphelelo dife tse dingwe tse di molemo-lemo tsa go tshololela phuthego ya ga Jehofa ya selefatshe moya o o boitshepo?
6 ‘Moya o o goromeditsweng’ ruri o feletse ka maungo. Ga re sa tlhole re tlhakanetse mo boemong jwa bosekaka jwa lefatshe la ga Satane, lefa e le mo tlaleng ya semoya ya go utlwa Lefoko la ga Jehofa. (Esekiele 36:29, 30) Go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E. go ya pele, Modimo o ile a jala “ditlhare”—Bakeresete ba ba tsepameng, ba ba sa reketleng—mo magoleng a semoya a batho ba gagwe. “Ditlhare” tse di ntseng jalo tse di tlhomameng, tse di ungwang, “tse di tlhomilweñ ke Yehofa,” di ile tsa gola tsa bo tsa tota sentle go nna sekgwa se se feletseng jaaka fa phuthego e e bonalang ya baobamedi ba ga Jehofa e isa moriti o o lapolosang le kotlo ya semoya go botlhe ba ba ratang go tswa Modimong wa bone.—Isaia 61:3.
7. Ke eng seo se tlhotlheleditseng boidiidi jo bogolo jwa ba ba dipelo di ikanyegang go ipaya kafa letlhakoreng la phuthego e e bonalang ya ga Jehofa?
7 Batho ba ba dipelo di ikanyegang bao ba ntseng ba ologela mo phuthegong ya bolegodimo ya ga Jehofa e e bonalang ba gapiwa kgatlhego ke dikgakgamatso tsa paradaise ya semoya. Ga go na gope go sele mo lefatsheng koo ba boneng tshiamo le tshiamiso gone. Ba ile ba ngalosiwa ke baruti ba ba senang tumelo, mapolotiki ao go itebileng one fela le bathata ba tsa kgwebo ba ba bogagapa. Matlho a bone a ile a budulolwa go bona mokgatlho wa banna le basadi ba ba boifang Modimo bao go bone batho ba ba senang tlhaloganyo le ba ba senang boitshwaro ba sa dumelelweng go lebega jaaka ekete ba siame; koo boitshwaro jo bo sa reng Modimo sepe le jo e seng jwa Bokeresete le ditlwaelo tse di seng phepa le tsa boikepo go fediwang le tsone gone fela foo.
8. Isaia 32:16 e diragadiwa jang mo bathong ba ga Jehofa gompieno?
8 Moperofeti o tswelela ka molaetsa oo wa bomodimo, a re: “Ediha gōna tshiamishō e tla agañ mo e leñ naga hèla, le tshiamō e nna mo leoteñ ye le uñwañ.” (Isaia 32:16) Eleruri, tshiamiso le tshiamo di gone mo phuthegong ya bolegodimo e e bonalang ya ga Jehofa. Legale, batlhanka botlhe ba boammaaruri ba Modimo ba lemoga gore sengwe le sengwe seo ba nang le sone le go se ipelela, go akareletsa le boemo jwa bone jo bo amogelesegang go Jehofa, di ba tlela fela ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa tshwanelang. Tshiamo ya bone ke ya Modimo.
9. Matsapa a basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa a fapaana le ditiro le boikutlo tsa baruti ba La-Bodumedi jang?
9 Seno se farologane fela thata le boemo jwa ba ba kwa godimo ba La-Bodumedi ba ba itshiamisang le ba ba itshepisang. Ke tshiamo e e supiwang ka ditiro—ditiro tseo di lereng pako mo go Jehofa le melemo mo dibopiweng tsa gagwe tse di utlwang tsa dipuo le ditso tsotlhe. E nngwe e e kwa pele mo ditirong tseo ke ya go bolela ka Kgosi e jaanong e busang go ya kafa thatong ya Modimo. Ga go na lefa e le phuthego epe e sele eo e bolelang lebaka leo le le itumedisang. Mme moutlwi mongwe le mongwe wa pelo e e ikanyegang wa molaetsa le ene, e tle e re morago, a tlhoafalele go fetisetsa boikitsiso jwa masego a kutlwano ya Bogosi mo baagelaning ba gagwe.
Lesego la Kagiso
10. Ke eng seo Isaia a tswelelang ka go se tlhalosa mo boperofeting jwa gagwe go kgaolo 32, temana 17?
10 Tiro e e anamang ya kgolokwe, e bong tirelo e e boitshepo, e gatela-pele e le boemong jwa thulaganyo e go nang le kagiso, tidimalo le polokesego tse di tshwanang le tseo Isaia a tswelelang go di tlhalosa go kgaolo 32, temana ya 17, mo polelelong-pele ya gagwe a re: “Me tihō ea tshiamō e tla nna kagishō; le se se tla cwañ mo tshiamoñ e tla nna lodule le boikanyō ka bosakhutleñ.” Ke tshiamo eno ya boammaaruri eo batho ba ba boifang Modimo ba dipuo le ditso tsotlhe ba nnileng ba e senka, mme jaanong ba e fitlhela mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa. Fano go na le kagiso, ka jaana botlhe ba dirisanya mmogo, ba “totahetse mo tihoñ ea Morèna.”—1 Bakorintha 15:58.
11. (a) Ke bomang bao ba senang sebaka mo phuthegong ya ga Jehofa? (b) Ba phuthiwa jang, mme e le ka matswela afe mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba ga Jehofa?
11 Mo bathong ba Modimo, ga go na sebaka sepe sa batho ba ba buang puo ya dinyana le bao ba sa eletseng go dira mo tirelong ya ga Jehofa. Tota, tsholofetso eo e kaiwang ke setshwantsho sa ga Jesu go Mathaio 13:24-30, 39, 41 jaanong e a diragadiwa. Barobi ba baengele tota ba ‘tlhopha mo phuthegong ya gagwe ya Bogosi dilo tsotlhe tse di kgopisang, le ba ba ikepang.’ Baengele ba ka kgona go lemoga gore ke bomang ba e leng batlhanka ba boammaaruri ba ga Jehofa le gore ba maaka ke bafe. Ba kgona go dira gore maemo e nne a gore badiri ba boikepo ba senoge ba bo ba lelekiwe mo go kopaneleng le Bakeresete ba boammaaruri. Mme phelelo e nne efe? Phuthego e e itekanetseng, eo e direlang go galaletsa Jehofa le go tsweledisa Bogosi jwa gagwe pele kafa tlase ga ga Jesu Keresete.
12. (a) Ke ditlhomamisetso dife tse di nonofileng tseo Jehofa a di neelang batho ba gagwe jaaka go tlhalositswe go Isaia 32:18? (b) Ke ditiragalo dife tse di tlang tseo di ntseng di itshupa go sa le gale, mme baikanyegi ba ga Jehofa ba amega jang?
12 lsaia o tswelela pele a re (Isa 32:18): “Me batho ba me ba tla nna mo boagoñ yoa thagamō, le mo dikagoñ tse di tlhōmameñ, le mo maheloñ a tapologō le a lodule.” Jehofa ruri o neetse batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba ba ikanyegang lefelo le tiro tseo go senang ope yo o tla dumelelwang go ba leleka mo go tsone. Ba tla nnela ruri go fitlhelela Jehofa a digela boikaelelo jwa gagwe mo go bone ka kwano ga Hara-Magedona. (Tshenolō 16:14, 16) Mo kgannyeng ya bone, Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o setse o ole. Tlhotlheletso ya gagwe e ntse e nyelela ka bofefo. Le e leng gone jaanong, dikarolo dingwe tsa sebatana seo se tlhalositsweng go Tshenolō kgaolo 17 di ntse di mo tlhomile leitlho, di ipaakanyetsa go ja nama ya gagwe le go mo fisetsa ruri ka molelo. (Tshenolō 17:16) Mme Basupi ba Bogosi ga ba tshwenyege ka gope ka ditiragalo tseo di ntseng di tlhaga. Ga ba mo poifong le mo kotlomanong ya batho ba lefatshe. Ereka jaana Jehofa a re segofaditse ka kitso ya go sa le pele kaga ditiragalo tse di tlang, re kgona go lebagana le isagwe re na le tsholofelo ka phelelo e e tla nnang gone. “Ba ba ratañ molaō oa ga [Jehofa] ba na le kagishō e kgolo; me ga ba na go kgopiwa gopè.”—Pesalema 119:165.
13. Ke tokafatso efe e e botlhokwa eo Jehofa a e lerileng mo phuthegong ya gagwe e e bonalang, mme seno se nnile le phelelo efe mo boikutlong le mo tirong tsa batho ba gagwe?
13 Go Isaia 60:17 moperofeti o ne a bolelela-pele gore go ne go tla nna le ditokafatso tse di bonalang sentle mo thulaganyong ya bolegodimo le ditsamaiso mo batlhankeng ba selefatshe ba ga Jehofa. Seno o se tshwantsheditse ka go emisediwa ga dilo tse di shang le ditshipi tse di seng thata ka kgotlho, selefera le gouda. Go tswa foo re a bala: “Ke tla diha maōtlana a gago kagishō, le badihisi ba gago tshiamō.” Botlhe bano ba ba leng mo phuthegong eno e e anamisang Bogosi ba itumelela go direla mmogo ka kagiso, ka go bo ditiro tsotlhe tsa bone, mo karolong efe le efe ya tirelo eo ba tshwaregileng mo go yone, di amana le go bolelwa ga Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Botlhe ba na le pono e e tshwanang, mme ebile botlhe ba amegile ka gore tiro e dirwe. Abo go farologane gotlhelele jang ne le ntwa ya bogagapa e e ntseng e tsweletse magareng a babereki le bahiri ba bone eo e dirang mathata a le mantsi-ntsi jaana mo lefatsheng leo le re dikologileng! Botlhe ba ba mo phuthegong ya ga Jehofa, go sa kgathalesege gore ba mo maemong afe, ba rutwa ke Jehofa mme ka gone ba kgona go tswelela ka tiro ya bone ba le mo kagisong le mo tidimalong.—Isaia 54:13.
14. Ke isagwe efe e e farologaneng fela thata eo e lebaneng le (a) batho ba ba tlhaga ba ga Jehofa? (b) La-Bodumedi le dinyatsi tsa gagwe tsa sepolotiki?
14 Batho bano ba ba segofaditsweng le ba ba tlhaga ba tla tswelela ba sa tshwenngwe ke sepe le e leng fa bofelo jwa tsamaiso ya ga Satane ya dilo bo ka tla ka tshoganyetso e e kgaolang pelo. Tiragatso ya ga Jehofa ya katlholo, e e tla tlang fela jaaka namane e tona ya matsubutsubu a sefako se segolo mo go La-Bodumedi le mo lefatsheng lotlhe, e tla nyeleletsa mmaba ruri-ruri. Mme batho ba Modimo ba tla bo ba sireletsegile kafa tlase ga tshireletso ya gagwe fa “sekgwa” se segolo sa batlhabani ba ba ipapanneng ka dibetsa ba ga Satane ba fenngwa, fela jaaka Isaia 32:19 e bolelela-pele: “Mo go koameñ ga sekgwa sehakō se tla na, motse o tla lalediwa rure ha hatshe.” Mo tiragalong eno yotlhe e tshikinyang lefatshe batlhanka ba ga Jehofa ba tla tlhomamisediwa gore “moengele oa ga Yehofa o thibèlèla mo ntlheñ cotlhe tsa ba ba mmoihañ, me oa ba golola.”—Pesalema 34:7.
Tiro E Kgolo e e Tshwanetseng Go Wediwa
15. Ke tiro efe eo e santseng e tla dirwa ke batho ba ga Jehofa?
15 Gone jaanong, go santse go na le namane e tona ya tiro eo e tshwanetsweng go digelwa fa Jehofa a santse a dumeletse sebaka sa gore bontsi-ntsi mo merafeng yotlhe bo budulolwe matlho le go kabololwa ditsebe ka ga bokao jwa molaetsa wa poloko. Ruri go itumela bone bao ba ineelang mo tirelong e e ntseng jalo ya Bogosi kwantle ga go ema, ba tshwaregile mo go jaleng dipeo tsa boammaaruri jwa Bogosi mo bathong ba merafe yotlhe! Tsholofelo eno e tshwana le eo e tlhalositsweng mo temaneng ya bofelo ya Isaia 32:20, eo e balegang ka gore: “Go segō lona ba lo yalañ kaha matlodiñ a metse aotlhe hèla, ba lo bolotsañ kgomo le esela di iketlile ka dinaō hèla.” Diphologolo tseno e ne e le tse di rwalang merwalo tseo di neng di dirisiwa ke batho ba bogologolo ba Modimo go lema lefatshe gore go tle go jalwe peo. Ka mo go tshwanang gompieno, Jehofa o ile a baakanyetsa ka didirisiwa tseo di tlhokwang ke basupi ba gagwe ba motlha wa segompieno e le gore go jalwa ga boammaaruri jwa Bogosi go tle go wediwe ka bofefo le ka mo go tsweletseng, ka tsholofelo e e ikanyegang ya gore Jehofa o tla oketsa lesego la gagwe ka go lere thobo e kgolo.
16. Ke bosupi bofe jo re nang najo jwa gore Jehofa o segofatsa basupi ba gagwe ba Bogosi ka mo go gogolo mo lefatsheng lotlhe?
16 Jaaka re ntse re sekaseka tshimo, eo eleng lefatshe, a ga re bone tshegofatso e e bonalang ya ga Jehofa mo maitekong a rona a go rera molaetsa wa Bogosi ka tlhoafalo ka metlha yotlhe? Dikago tse dikgolwane le tse di tokafaditsweng tsa makala ke bonno jwa dipalo tse di ntseng di oketsega tsa badihedi ba ba dirang ka boikemisetso bao ba tlhokang go tlhokomela tiro e kgolo ya Bethele mo mafatsheng a le mantsi. Didirisiwa tsa segompieno tsa magatisetso le ditsamaiso tseo di bolokang nako di ile tsa nna gone mo dinageng ka go tlhomagana e le gore go tlhagisiwa ga Dibibela, dibuka tsa Bibela le dimakasine go tle go okediwe fela thata. Dipalo tse di ntseng di gola tsa batlhanka ba ba ineetseng le go kolobediwa ba Modimo ba ntse ba ithaopela go direla jaaka babulatsela ba ka metlha le ba ba thusang, ba dirisa nako mo letsatsing lengwe le lengwe mo tirong e e botlhokwa-tlhokwa ya go jala boammaaruri jwa Bogosi mo dipelong tsa ba le bantsi. Baboledi ba Bogosi mo e ka nnang mo diphuthegong tsotlhe ba ntse ba leka ka natla go oketsa bodihedi jwa bone, ba dira jalo ka ntlha ya kanaanelo e e boteng ya masego ao Jehofa a setseng a ba a tshololetse.
17. Ke selo sefe se e leng sa mofuta wa sone fela kaga Basupi ba ga Jehofa le tiro ya bone mo motlheng wa rona?
17 Ke Basupi ba ga Jehofa ba le bosi fela bao ba tshwaregileng mo tirong eno e e nayang botshelo ya puso ya Bogosi jwa Modimo. Ba ke bone fela bao ba ipelelang thobo eo ba e bonang eo ebileng le jaana e itshupang. Peo eo Jehofa a e abelang badiri ba gagwe ba masimo ba ba ikemiseditseng le yone ka phepafalo ke e e tlhatlhobilweng sentle le go tlhophiwa. Dithuso tsa rona tsa Bibela di rulagantswe ka tsela ya gore di tshikinye dipelo tsa ba le bantsi bao ba santseng ba na le go phuthiwa jaaka thobo le go tlisiwa mo phuthegong e e kagiso ya ga Jehofa, phuthego ya Bokeresete, eo go Mathaio 13:30 e tshwantshiwang le ‘bobolokelo’ jwa Morwawe.
18. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse ra ikemisetsa gore re gatele-pele mo tirelong ya rona ya Bogosi ka kgotsofalo le boipelo?
18 Ruri, re mo letsatsing la ga Jehofa, letsatsi la go diragala ga “dipolèlō tsa ōna tsa choloheco tse di tlhōkègañ le tse dikgolo thata” mo bathong ba gagwe ba ba ineetseng. (2 Petere 1:4) Kagiso le kutlwano di totile mo go rona. Re ile ra fiwa kutlwisiso e e phepafetseng ya maikaelelo a Modimo wa rona. Re na le mogopolo o o ritibetseng mo bathong ba lefatshe ba ba mo poifong le mo tlhobaelong. Isagwe eo e tletseng ka masego a magolwane e re emetse. A ga re itumedisiwe segolo ke go nna baamogedi ba masego ano otlhe a kutlwano ya Bogosi? Mme ebile a ga re a ikemisetsa go gatela pele ka tiro ya rona ya Bogosi kgalaletsong ya ka bosakhutleng ya ga Jehofa?
O Araba Jang?
◻ Boikutlo jwa batlhanka ba ga Jehofa bo fapaana jang le jwa ba La-Bodumedi?
◻ Go tshololwa ga moya wa Modimo go feletse ka eng?
◻ Tumalanong le Isaia 32:17, 18, ke masego afe ao batho ba ga Jehofa ba a ipelelang ga jaanong?
◻ Ke tshupo efe e re nang nayo ya gore Jehofa o segofatsa basupi ba gagwe ba Bogosi?
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Tlhokafalo ya go ‘itsise Kgosi le Bogosi’ e ne ya gatelelwa mo kopanong ya batho ba ga Jehofa ka 1922 kwa Cedar Point, Ohio
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Jehofa o ile a segofatsa batho ba gagwe ka kagiso le kutlwano tsa lefatshe lotlhe