LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 12/1 ts. 22-26
  • Go Tiisiwa Ka Nonofo E E Leng Bogolo Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tiisiwa Ka Nonofo E E Leng Bogolo Thata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipaakanyetso tse di Molemo-lemo Tsa Ga Jehofa
  • Thuto ya Bomodimo
  • Kgosi le Dikgosana Tsa Yone
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Bona Masego a Kutlwano ya Bogosi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • ‘Yo Mmotlana o Nna Morafe O O Thata’
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Poloko le Boipelo mo Pusong ya ga Mesia
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 12/1 ts. 22-26

Go Tiisiwa Ka Nonofo E E Leng Bogolo Thata

“Bogolo yo bo leñ bogolo thata yoa nonohō [ke] yo bo cwañ mo Modimoñ, e señ mo go rona.”—2 BAKORINTHA 4:7.

1. Ke eng seo Jehofa a neng a se itsetse-pele ka ga lobaka Iwa rona Iwa jaanong Iwa ditiragalo, mme o ne a tlhagisa batlhanka ba gagwe jang kaga lone?

JEHOFA e ne ya re bogologolo pele a itsetse-pele ka ga dipaka tse di tlhokofatsang tseo di neng di tla tlela merafe yotlhe e e mo lefatsheng. O ne a itsetse-pele gore bogagapa le boikepo jwa setho di ne e tla re kgabagare di tlhagise loungo lo lo botlhoko Iwa go bola le thubakanyo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa ke moya wa ga Jehofa go ntsha tlhagiso eno e e phepafetseng: “Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; E le ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa pohōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse.” (2 Timotheo 3:1-5) Ruri joo ke boemo jo bo kgakala le jo bo kotsi mo go bao ba senkang go direla Modimo wa Boammaaruri!

2. A go ne go tla tlhofofalela basupi ba ga Jehofa go diragatsa boikaelelo jwa gagwe mo go bone, mme ke eng seo ba neng ba tla se tlhoka e le gore ba tle ba atlege?

2 Lefa go le jalo e ne e le gareng ga one maemo a a ntseng jalo Jehofa a ileng a rulaganyetsa gore Leina la gagwe le Bogosi di itsesiwe mo lefatsheng jotlhe. Ka bomang? Ka batho bao a neng a ba senolela Leina la gagwe je le tlotlegang le boikaelelo—Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10-12) O ne a itsetse-pele gore ba ne ba tla thulana le kganetso go tswa babusing bao ba neng ba tla leba Bogosi jwa Modimo jaaka kgwetlho le kgadinkano. (Pesalema 2:2, 3) O ne a itse gape gore basupi ba gagwe mo lefatsheng ba ne ba tla tlelwa ke mathata le dipogo tseo di diragalelang motho mongwe le mongwe. Ba ne ba tla tlhoka nonofo e e bogolo thata go na le eo e neng e ka tswa mo go bone. A Modimo o ne a tla ba direla paakanyetso ya seo tota ba neng ba se tlhoka?

3. Paakanyetso ya ga Jehofa mo batlhankeng ba gagwe mo motlheng ono o dilo di ileng masweng e tshwana le paakanyetso efe eo e neng ya direlwa moaposetoloi Paulo?

3 Maitemogelo a ga moaposetoloi Paulo a re fa karabo ya potso eo. Re rulaganyeditswe dingwe tsa dikotsi tseo a neng a lebana le tsone go 2 Bakorintha 11:23-27. E re ka jaana Paulo a ne a romilwe ke Jehofa go nna moaposetoloi le morutisi mo merafeng, tiro eo ya go ruta e ne ya amogela tlhokomelo ya gagwe ya pele-pele. (Baroma 11:13) Mme o ne a kgona jang go falola dipharagobe tseo tsotlhe le go digela tiro eo a neng a e neetswe go e dira? Jehofa o ne a tlhoma leitlho la Gagwe mo motlhankeng wa Gagwe yo o ikanyegang mme a mo golola, gantsi e le moragorago fela ga nako, fa a setse a tshwere phage ka mangana. E le gore Paulo a tle a kgone go wetsa bodihedi jwa gagwe jwa Bokeresete ka katlego, Modimo o ne a mo fa “bogolo yo bo len bogolo thata yoa nonohō.” (2 Bakorintha 4:7) Seno se ne sa kgonisa moaposetoloi go itshokela dipogo le letlhoko la gagwe. Paulo o ne a supa fa a dumela gore thuso eo ke ya bomodimo fa a kwala a re: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.”—Bafilipi 4:13.

4. A Paulo o ne a lemoga thuso eno ya bomodimo, mme ke phelelo efe eo e neng ya nna le yone mo go ene?

4 Ka gone, go bonala gore, ga mmogo le go bo Modimo a ile a tsenelela go thusa Paulo, o ne a tla ‘fiwa nonofo.’ Seno se ne sa kgonisa moaposetoloi yono go itshoka ka katlego le go wetsa bodihedi jwa gagwe. Ka jalo, o ne a kwala a re: “Ga ke tlhabisiwe ditlhoñ ke Mahoko a a Molemō: gonne ko aōna thata ea Modimo e e isañ polokoñ mo go moñwe le moñwe eo o dumèlañ.” (Baroma 1:16) Ga mmogo le bokao le go dira ga dipolelelopele di le dintsi tsa metlha ya bogologolo, mafoko a a molemo a ne a senolelwa Paulo a bo a tlhatswega pelo ke boammaaruri jwa one. Kwantle ga pelaelo, kitso ya boammaaruri le go bo anaanela le tsone di ne tsa nna metswedi ya nonofo mo go ene.

Dipaakanyetso tse di Molemo-lemo Tsa Ga Jehofa

5. A Jehofa o ile a fokotsa tlhokomelo ya gagwe mo ditlhokafalong tsa basupi ba gagwe ba ba mo lefatsheng ga jaanong?

5 Mme go tweng ka batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng mo metlheng eno ya bofelo? A Modimo o ile a ba baakanyetsa? Ruri o dirile jalo! Fela jaaka moaposetoloi Paulo, re na le dipolelelopele di le dintsi tse di molemo-lemo mo Dikwalong tse di Boitshepo. E re ka Jehofa a ile a nna le kitsetso-pele ka ga ditlhokafalo tsa batho ba gagwe, ka bopelotshweu o ne a baakanyetsa ka mekwalo eno go ba thatafatsa le go ba gomotsa. Dipolelelopele tseno di ne di tla phepafadiwa jaaka tiragatso ya tsone e goroga.

6. Ke jang polelelopele eo Modimo a neng a e neela Isaia e ileng ya nonotsha le go gomotsa batho ba ga Jehofa gompieno?

6 E nngwe ya dipolelelopele tseo e ne ya kwalwa ke Isaia morwa Amose mo e ka nnang dingwaga tse di 700 pele ga botsalo jwa ga Keresete. (Isaia 1:1) Isaia o ne a kwala dikgalo tse di nonofileng kgatlhanong le eseng fela morafe wa ga gabo wa Iseraele mme gape le mafatshe a le mantsi a a mo tikologong, a magolo le a mabotlana. Gammogo le melaetsa eno ya katlholo moperofite yono o ne a e tla a bolelela baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa mafoko a a molemo—mafoko ao a neng a tla ba tlisetsa kgomotso mo dipitlaganong tsotlhe tsa bone. Mme fela jaaka Bajuda ba ba ikanyegang bale ba bogologolo ba mo motlheng wa ga Isaia ba ne ba iponela nonofo le tsholofelo mo mafokong a a molemo a ga Jehofa, jalo le gompieno ba ba ikanyegang ba a namediwa, le go thatafadiwa ba bo ba segofadiwa ka tiragatso ya ditsholofetso tse di ntle-ntle tsa ga Jehofa.

7, 8. (a) Ke jang mafoko a Isaia 32:1, 2 a neng a lere nonofo le kgothatso mo baobameding ba Bajuda ba ba kutlo ba motlha wa ga Isaia, mme segolo bogolo ponong ya maemo afe? (b) Ke jang one mafoko a a tshwanang ao a dirang gareng ga Basupi gone jaanong?

7 Mo go Isaia kgaolo 32 re ya re fitlhela yone fela kgothatso e e ntseng jalo. Ditemana tsa ntlha tse pedi di neelana ka tsholofetso eo ga jaanong e ntseng e diragadiwa: “Bōnan, kgosi e tla busa ka tshiamō, le dikgōsana di tla laola ka tshiamishō. Me monna o tla nna yaka boipotelecō mo phehoñ, le boitekelecō mo ledimoñ; yaka dinoka tsa metse mo sekakeñ, yaka moruti oa lehika ye legolo mo nageñ e e lapisañ.” Abo seo e tshwanetse ya bo e ile ya nna mafoko a a molemo jang ne go baobamedi ba ba dipelo di ikanyegang ba Modimo mo motlheng wa ga Isaia, morago ga boitemogelo jwa bone jo bo leele le dikgosi le dikgosana tse senang tumelo!

8 Mme a bo seno e le mafoko a a molemo mo Basuping ba ga Jehofa gompieno! Segolo bogolo fa e sale ka 1919, Kgosi Jesu Keresete yo o tlhomilweng mo setulong sa bogosi o ile a dira gore go nne le boemo jo bo ntle gareng ga balatedi ba gagwe mo lefatsheng. O tlhomile “dikgōsana” (Sehebera, sarim) gareng ga bone bao ruri ba neelanang ka bolebedi jo bo tshiamiso le jo bo lorato. Ka go fapaana le babusi ba ba gatelelang le bao go itebileng bone fela bao ba bonalang mo lefatsheng lotlhe, Kgosi mo phuthegong ya Modimo e ile ya tlhagisa banna ba ba kelo-tlhoko bao ba sa tlotliweng jaaka setlhopha sa bagogi bao e leng “dikgosana tsa kereke,” kana se se tshwanang. Go na le moo, ke batlhanka ba ba boikokobetso, banna bao ruri ba amegileng ka ga go tshela sentle ga botlhe ba seka-dinku bao Jehofa a ba phuthetseng mo letsomaneng le le lengwe. Ketelelopele ya banna bano, bao e bileng e tla nna “dikgōsana” mo Thulaganyong e Ntšha, ruri e itshupa e le e e lapolosang.a

9. Ke phetogo efe eo e ileng ya diragala gareng ga batho ba ga Jehofa?

9 Abo seno se ile sa lere phetogo jang ne mo phuthegong ya batlhanka ba ga Jehofa ba selefatshe! Go ntse fela jaaka go ile ga tlhalosiwa go Isaia 32:3: “Me matlhō a ba ba bōnañ ga a ketla a hihala, ditsèbè tsa ba ba utlwañ di tla reetsa.” Ka ntlha ya keletso ya bone e e tlhoafetseng ya go tlotla le go direla Jehofa, o ile a bula matlho a dipelo tsa bone le ditsebe tsa kutlwisiso ya bone. O ile a ba fa temogo e e itumedisang ka ga gore thato ya gagwe ke eng mo go bone. Basupi ba ba ikanyegang ga ba sekamele mo maikutlong le ditsamaisong tsa puso ya batho ka batho. Ba tlhagafaletse lebaka la gore ba direla mo phuthegong ya bolegodimo, phuthego eo go ithutiwang thato ya Modimo le go tsweledisiwa gone. Tlotla yotlhe e ya go Mmusi yo Mogolo yoo wa Bolegodimo ka go senolela batlhanka ba gagwe ba ba boikokobetso le boineelo ba ba mo lefatsheng maikaelelo a gagwe.

10. Mangwe a masego a a molemo-lemo ao batho ba ba mo leseding ba ga Jehofa ba a ipelelang ke afe?

10 Fa o rata, bala masego ao batlhanka ba ga Jehofa ba ileng ba a amogela. Gareng ga dilo tse dingwe, ba ipelela kitso e e tlhomameng malebana le: Go nna gone ga ga Keresete jaaka Kgosi fa e sale ka 1914; molelwane o o bonalang sentle magareng a phuthego e e bonalang ya Modimo le ya ga Satane; sebopego se se kwa godimo-dimo sa tiro ya go rera e e nang le go dirwa pele ga bokhutlo jwa lefatshe la ga Satane; boitshepo jwa madi; le botlhokwa jwa go neela Modimo dilo tsa Modimo. Mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa go ile ga nna le tsosoloso ya taodiso eo e tshwanang le ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Lesego le lengwe gape le le humileng, ke boemo jwa jaanong jwa separadaise gareng ga baobamedi ba boammaaruri. Seno sotlhe le dineo tse dingwe tse dintsi go tswa go Jehofa ga se nonofo fela mme gape le kagiso, kutlwano le thitibalo mo bathong ba gagwe, le e leng mo motlheng ono o o mo masweng mo ditiragalong.

11. Jehofa o ile a laya kana a ruta baemedi ba gagwe ba lefatshe jang, mme ke ditemana dife tsa dikwalo tseo di bontshang gore seno se ne se tlhokafala?

11 Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba fiwa segakolodi sa Bibela, e le gore ba tle ba utlwe le go sekegela ditshupo tsa gagwe tsebe, ba di dirisa mo matshelong a bone a malatsi otlhe. (Pesalema 25:10) Ba ile ba tlhagisiwa kgatlhanong le ditlwaelo tse di leswe le tse di makgaphila tseo Modimo a di ilang. Dilo tsa bopelotshetlha, tsa boitsholo jo bo sa siamang le tse di nyatsegang, tseo bangwe ba bone ba neng ba kile ba bo ba di dira jaanong ba di latlhile, ba di itatotse gotlhelele. (1 Petere 4:3) Seno se tshwanetse sa nna jalo ka botlhe ba ba tla tswelelang ba nna le seabe lefa e ka nna sefe mo masegong a Bogosi gone jaanong le mo isagweng. Botlhe ba tshwanetse ba nna phepa mo tlhaloganyong, mo boitsholong le mo mmeleng e le gore ba tle ba ipelele tshiamelo ya go neela Jehofa ditlhabelo tsa pako, “dichupèlō mo tshiamoñ.” (Malaki 3:3; Isaia 52:11) Abo Basupi botlhe ba ba ikanyegang ba ikutlwa ba sireletsegile jang ne jaaka fa ba ntse ba kopanela mmogo le bontsintsi joo bo bonelang gongwe le bone mme e bile ba le kutlwanong tota mo tirelong e e itumedisang ya Mmopi!

Thuto ya Bomodimo

12. Ke jang Isaia 32:4 e ileng ya diragadiwa ka gone gareng ga batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno?

12 Isaia 32:4 e tswelela ka go re: “Le dipelo tsa baphomesegedi di tla tlhaloganya kicō, le diteme tsa bakwakwetsi di tla bo di etleetsegile go bua sentlè.” Ka Ntwa ya Lefatshe I, masalela a tloditsweng a ne a tlhaela kutlwisiso e e tshwanetseng, ba ne ba santse ba marilwe ke megopolo ya Sebabelona, ba bile ba sa tsamaise dilo ka mokgwa wa bolegodimo. Mme e ne ya re ka 1919 Modimo a ba golola mo bokgobeng jwa Sebabelona mme a tswelela ka go ba fa kitso e kgolwane ya boammaaruri jwa gagwe. Ka boammaaruri jo bo ntseng jalo ba ile ba ithuta gore ba nne kakanyetso, ba sa phomesegele. Jaanong ba bua ka se ba dumelang mo go sone ka tlhomamo, ba sa tlhole ba kwakwetsa ka poifo le go sa tlhomamisege. Mme jaanong ke jang rona ka borona re ka nnang bareri ba ba godileng le ba ba pelokgale ba mafoko a a molemo? Ka go sola tao ya bomodimo molemo ka botlalo, eo bogolo jwa yone bo neelwang ka nako ya dipokano kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Ka sekai, ga go na pelaelo epe ya gore Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo ke tsela e nngwe eo ka yone Jehofa a ileng a segofatsa batlhanka ba gagwe le go ba nonotsha gore ba bue boammaaruri ka bopelokgale le ka phepafalo.

13. Re tshwanetse ra itisa kgatlhanong le puo efe?

13 Ka mo go tshwanang, thuto ya bomodimo e ile ya ruta batlhanka ba Modimo gore ba seka ba phomesegela fa ba dira ditsholofetso tseo ba sa ikaelelang go di tshegetsa kana ba seba mongwe lefa e le go mmua leswe. Lesego la Modimo le mo go bao ba reetsang kgakololo eno e e kwadilweng go Moreri 5:2: “U se ka ua phamoga ka molomo, me a pelo ea gago e se nne bonakō go bua señwe ha pele ga Modimo; gonne Modimo o kwa legodimoñ, me wèna u mo lehatshiñ: me ke gōna, a mahoko a gago a nnè makhutshane.” Jalo go botlhokwa go sa bue sepe se se bosula se se kgalang phuthego ya Morena kana baemedi ba yone ba ba tlhomilweng. Jehofa ke Moatlhodi yo o tlhaloganyang le yo o nang le temogo yoo go tshwanetsweng ga ikarabelwa mo go ene ka tseno le dipuo tse dingwe tse di sa tshwanelang.—Mathaio 12:36, 37; Lefitiko 19:16; Yude 8.

14. Ke tlhagiso efe e e baakanyeditsweng batho ba ga Jehofa fano, mme ke jang Diane 29:20 e e otlelelang?

14 Bao ba nyatsang thuto ya ga Jehofa ke batho bao ba kgalang le go ngongorega kaga phuthego e e phepa ya ga Jehofa le ditaolo tsa yone tsa go boloka kagiso le ditidimalo. Go na le molelwane o o bonalang sentle magareng a ba ba ntseng jalo le bao e leng batsuolodi ka papamalo. Kora le bamoema-nokeng ba ne ba fitlhela fa seo se ntse jalo ba bo ba tlelwa ke tshenyego e e feletseng fa ba ne ba leka go phomesegela mo go bueng kgatlhanong le motlhanka wa Modimo Moshe. (Dipalō 16:1-40) Mo go yone kgang e e tshwanang le eno, Diane 29:20 e a tlhalosa: “A u bōna motho eo o bonakō mo puoñ ea gagwè? go ka sholohèlwa seeleele bogolo go èna.”

15. Ke jang mafoko a Isaia 32:5, 6 a dirileng ka gone batlhankeng ba ga Jehofa gompieno?

15 Jehofa gape o ile a segofatsa batho ba gagwe ka botlhale go farologanya magareng a se se molemo le se se bosula. Ba itisitse kgatlhanong le bao ba tlang go bone ka mafoko a a boleta le dipuo tse di borethe, mme gongwe le e leng go aba dimpho, ka maikaelelo a go faposa dipelo tsa ba ba itebetseng. (Bapisa le 1 Timotheo 6:20, 21; Yude 16.) Batho bangwe ba bodumedi ba ka nna ba leka go ba leretse mafoko mangwe a a molemo a a farologaneng le ao ba setseng ba a amogetse mo go Jesu Keresete le mo baaposetoloing ba gagwe. Lefa go le jalo, batho bafe fela ba ba senang tlhaloganyo le ba ba senang boitshwaro ga ba amogelwe go ka tlhomiwa jaaka batlhanka mo phuthegong ya ga Jehofa. Seno se tumalanong le mafoko a a reng: “Sehèphè ga se ketla se tlhōla se rèwa, go twe, se pelontlè, leha e le senoge go rèwa, go twe, se pelo. Gonne sehèphè se tla bua bohèphè hèla, le pelo ea shōna e tla diha boikèpō, se tlhapatsa, go bua timeco [“bosenang-tlhaloganyo,” Delitzsch], kaga Yehofa, go diha mōea oa eo o bolailweñ ke tlala go nna lolea hèla, le go tlhaetsa go nwa ga eo o bolaiIweñ ke lenyōra.”—Isaia 32:5, 6.

16. (a) Mengwe ya megopolo eo e ileng ya etleediwa ke batenegi ke efe? (b) Mabapi le seno, ke eng seo se bolelwang go Isaia 32:7?

16 A ga go boammaaruri gore bao ba re tlogetseng mo dingwageng tse di fetileng ka go bo “e ne e se ba rona,” mme e bile ba leka go tlhotlheletsa ba bangwe go latela tsela e e tshwanang e e bayang botshelo mo kotsing, ba ikgaotse mo motsweding wa dijo tse di nonofileng tsa semoya le metsi a a lapolosang a semoya? (1 Yohane 2:19) Mme ba ba dieleele bano, ka go tlhaela thata thata go nna pelotshweu le pelontle mo bathong bao ba bolaetsweng tshiamo ke tlala le go lenyora, ga ba bone fa go na le tlhokafalo epe e e potlakileng ya tiro ya go rera e e rulagantsweng mo motlheng wa rona. Bone ba ne ba tla dumelela mongwe le mongwe go gogwa ke go ipalela ga gagwe fela le go iphuthololela Bibela boemong jwa go tlisiwa kutlwanong le batho ba ba thapiseditsweng go tshela le go itshwara go ya kafa melao-metheong e e tlotlometseng le ditshupo tsa Lefoko la Modimo. (Pesalema 133:1-3; 1 Bakorintha 1:10) Ba ne ba tla timetsa ba bangwe gore ba dumele gore Jehofa o tla nnela ruri a ntse a itshwarela baleofi fa fela ba ntse ba bontsha bokafantle jwa gore ba a ikwatlhaya. Se se kgatlhisang mabapi le seno ke seo Isaia 32:7 e se bolelang kaga batenegi mo Iseraele wa bogologolo: “Le dilō tse senoge se dihañ ka cōna di boshula: se loga maanō a borumolañ go tla se senya bahumanegi ka mahoko a maaka, E, le e leñ ha motlhoki a bua tshiamō.”

17. (a) Jesu o tlhophile bomang jaaka balatedi ba gagwe? (b) Ke dipotso dife tse di tsogang kaga ditiro tsa bone tsa isagwe gareng ga maemo a a ntseng a senyegela pele a lefatshe leno le le bosula?

17 Balatedi ba mmannete ba ga Jesu, bao a ileng a ba tlhopha ka ntlha ya go bo ba bolaetswe dilo tsa semoya ke tlala, ruri ba “bua tshiamō.” Mme baganetsi ba ba senang tlhaloganyo ga ba na kgatlhego epe mo molemong wa mmatota wa bao ba senkang boammaaruri. Maikaelelo a bone ke gore ba itshadise balatedi morago, go sa kgathalesege bodiphatsa joo bao ba ipayang mo go jone le ba bangwe. Lefa go ntse jalo, a Jehofa o tla dumelela batho ba pelo tse di ikanyegang go raelwa ke megopolo ya maaka? A o dirile paakanyetso ya go segofatsa batlhanka ba gagwe le tirelo ya bone ya go rera mo lefatsheng ka bophara?

[Ntlha e ko tlase]

a Tsweetswee bona The Watchtower ya December 1, 1951, ditsebe 716-729.

O Ka Araba Jang?

◻ Jehofa o ile a tiisa jang Basupi ba gagwe gompieno?

◻ Mafoko a Isaia 32:1, 2 a dira jang gareng ga Basupi ba ga Jehofa?

◻ Mangwe a masego ao a ipelelwang ke batho ba ga Jehofa ba ba mo leseding ke afe?

◻ Ke jang Isaia 32:5, 6 e dirang ka gone gompieno?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

A o gana go reetsa kgalo e e bosula ya phuthego ya ga Jehofa? O tshwanetse go gana

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela