LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 6/1 ts. 28-32
  • Tlotla Jehofa, Buka ya Dipalo E A Kgothatsa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlotla Jehofa, Buka ya Dipalo E A Kgothatsa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diteng Di Goletsa Tlotlo ya Modimo
  • Ditiragalo tsa kwa Thabeng ya Sinai
  • Go Kgarakgatshegela Kwa le Kwa
  • Mo Magwatateng a Moaba
  • E Mosola o Mogolo go Rona
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dipalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Buka ya Bibela ya bo 4—Dipalō
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlha Tsa Dipalo
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Ikobele Bolaodi Jwa Modimo ka Boikanyegi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 6/1 ts. 28-32

Tlotla Jehofa, Buka ya Dipalo E A Kgothatsa

JEHOFA MODIMO o tshwanelwa ke tlotlo ya pelo yotlhe ya baobamedi ba gagwe. Ba tshwanetse ba mo utlwa le go dirisana ka boikanyego le batlhanka ba gagwe ba ba tlhophilweng. Abo seno se gatelelwa sentle jang ne mo bukeng ya Bibela ya Dipalō!

Leina la buka eno le theilwe mo dipalong tse pedi, kana tseodipalong, tsa Baiseraele tse di begilweng mo dikgaolong 1 go ya go 4 le 26. Dipalō e ne ya kwalwa ke Moshe mo magwatateng a Moaba ka 1473 B.C.E. mme segolo bogolo e akareletsa dingwaga tse 38 le dikgwedi tse 9, e boela morago go 1512 B.C.E.—Dipalō 1:1; Duteronome 1:3.

Dikarolo tse tharo tse di begilweng mo go Dipalō ke ditiragalo tsa kwa Thabeng ya Sinai (1:1–10:10), moragonyana mo sekgweng (10:11–21:35) mme le mo magwatateng a Moaba (22:1–36:13). Mme ke eng se ditiragalo tseno di ka re rutang sone? A go na le melao-metheo e e mo go Dipalō eo e ka solegelang Basupi ba ga Jehofa molemo gompieno?

Diteng Di Goletsa Tlotlo ya Modimo

Baiseraele ba ne ba le mo mhapheng wa Thaba ya Sinai mo e ka nnang ngwaga fa Jehofa a ne a laolela Moshe go tsaya dipalo. Kwa ntle ga Balefi, lonna lotlhe lwa dingwaga tse 20 le go feta ba ne ba kwadisiwa, mme palo ya bone ya nna 603 550. Mo boemong jwa batsalwapele, Jehofa o tsaya Balefi go direla mo motlaaganeng. Ditaelo di a neelwa kaga go gwanta, tseo go tsone Juda, lotso lo lo tumileng thata thata, lo etelelang pele. Ka taolo ya Modimo, Balefi he jaanong ba a kwadisiwa le go abelwa ditiro tse di itshepileng.—Dipalō 1:1–4:49.

Ditaolo tsa ga Jehofa ka go tswalelelwa kwa bothokong di a latela ka go neela ga gagwe melao e e jaaka eo e lebaganeng le dikgang tsa lefufa mabapi le boikanyego jwa mosadi le maikano a a dirwang ke Banasirita. He go bo go tsonkololwa ka botlalo tirelo ya motlaagana. Kwa go agiweng ga motlaagana le tshimolodisong ya sebeso, magosana a lotso a ne a dira diromololo tse di botlhokwatlhokwa. Morago ga malebela a a neng a neelwa mo ponatshegelong e e tswang go Jehofa, Moshe o dira setlhomo sa lobone. Fa dipone tsa sone di ne di tshujwa le Balefi ba sena go itshekisiwa, ba ne he ba ka simolola go direla.—Dipalō 5:1–8:26.

Ditaelo kaga Tlolaganyo di a boelediwa. Go dirwa le go phatlaladiwa ga bothibelelo go kaelwa ke leru la dikgakgamatso mo godimo ga motlaagana. Batho ba a thibelela le go bothologa “ka taolō ea ga Yehofa.” Fa go phuthwa phuthego le maikaelelo a mangwe, go ne go dirisiwa dinaka tse pedi tsa selefera.—Dipalō 9:1–10:10.

Mo letsatsing la bo-20 la kgwedi ya bobedi mo ngwageng wa bobedi morago ga go tswa mo Egepeto, leru mo godimo ga motlaagana le simolola go suta mme Baiseraele ba a bopelela. Dikgang tsa ngongorego e e sa tshwanelang di a tlhaga. E nngwe ya tseno ke go lelela nama, mme bogagapa boa iponatsa sentle fa Jehofa a baakanyetsa ka makutikwe. Miriame le Arone ba ngongoregela monna-a-bone Moshe, mme Miriame a otlhaiwa ka lobaka lo lo khutshwane ka lepero. Abo seno se tshwanetse go re tlhotlheletsa go bontsha tlotlo go taolo e e neilweng ke Modimo!—Dipalō 10:11–12:16.

Ditlhodi tse di lesome le bobedi di romelwa mo Lefatsheng la Tsholofetso mme di boa ka maungo a a monate malatsi a a 40 moragonyana. Mme ditlhodi tse di lesome di tlotlomatsa ka mo go fetileng selekanyo bogodi jwa banni ba lefatshe le metse ya bone e e thekeleditsweng mo e leng gore Baiseraele ba ba kgobegileng marapo ba batla go boela Egepeto. Ka maiteko a lefela ditlhodi tse di ikanyegang Joshue le Kalebe ba ba kgothaletsa go bontsha tumelo mo go Jehofa. Fa batho ba simolola go bua ka go kgobotletsa Moshe, Arone, Joshue le Kalebe ka maje, Modimo o bolela gore o tla ba bolaya le go ba tlosa mo gare ga setšhaba. Mme Moshe o a ba rapelela mme Jehofa a bolela gore batho ba tla kgarakgatshega mo sekgweng dingwaga tse 40, go fitlhelela botlhe ba ba dingwaga tse 20 le go feta ba sena go swa. Ke fela Joshue le Kalebe le lotso la Lefi le sa amiweng. Se se latelang, Baiseraele ba leka go gapa Lefatshe la Tsholofetso, e le fela gore ba fenngwe mo go tlhabisang ditlhong ruri.—Dipalō 13:1–14:45.

Melao e e farologaneng e e kopanyeletsang diromololo, go tlolwa ga Sabata le tiriso ya makantsa a diaparo e a neelwa ka go tlhomagana. He Kora, Dathane, Abirame, One le magosana a 250 ba tsuologela Moshe le Arone. Matswela a tlontlololo eno e e maswe ke eng? Jehofa o senya Kora le ba ba 250 ka molelo, fa batsuolodi ba bangwe ba nyelela fa lefatshe le atlhamologa, le ba kometsa ga mmogo le malapa a bone le dithoto tsa bone. Mo letsatsing le le latelang Baiseraele ba ngongoregela Moshe le Arone, mme ka ntlha ya tlhaelo eno ya tlotlo ba ba 14 700 ba a swa ka sebetso se se tswang go Jehofa. Go khutlisa ngongorego le go bontsha gore o ile a tlhopha Arone wa lotso Iwa Lefi, Modimo o dira gore thobane ya ga Arone e thunye dithunya. Seno se latelwa ke ditaelo tse di kopanyeletsang ditirelo tsa baperesiti le Balefi le go itshepisiwa ga batho mo go leswefaleng.—Dipalō 15:1–19:22.

Kwa Kadesha go lelelwa metsi. Ka ntlha ya gore Moshe le Arone ga ba itshepise Jehofa go bo a baakanyeditse metsi ka dikgakgamatso, ba bolelelwa gore ga ba ketla ba tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso. Fa ba tlogela Kadesha, batho ba goroga mo Thabeng ya Hora, koo Arone a swelang gone mme morwawe Eleasare o dirwa moperesiti yo mogolo. Se se latelang Baiseraele ba fenya kgosi ya Arade. Moragonyana, ba tsuologela Jehofa le Moshe, mme ka nako eno Jehofa o romela dinoga tse di kotsi gareng ga bone jaaka kotlhao. Bao di ba lomang ba ka fola fela fa ba lebelela noga ya kgotlho eo Modimo o bolelelang Moshe go e dira le go e thathelela mo kwateng. Morago ga foo, Iseraele o fenya Kgosi ya Amona Sihone le Oge kgosi ya Bashana, a tsaya dithoto tsotlhe tsa lefatshe la bone.—Dipalō 20:1–21:35.

Se se latelang ke ditiragalo tsa magwatata a Moaba. Kgosi ya Moaba Balake o thapa Balaame go hutsa Baiseraele, mme makgetlo a mararo o a ba segofatsa mo boemong jwa moo. Balaame o nna tshoso-e-rweleng mo go direng gore basadi ba ba obamelang Baale ba gogele Baiseraele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa kafa dikobong le kobamelong ya medimo ya disetwa. Jehofa o senya badira bosula ba ba 24 000 pele Finehase a fedisa sebetso ka go bolaya monna wa Iseraele yoo o boitsholo jo bo sa siamang le mosadi wa Midiana.—Dipalō 22:1–25:18; 31:15, 16.

Morago ga tseo dipalo e nngwe e sena go dirwa le go tlhongwa ga ketapele ya ditshwanelo tsa boswa tsa barweetsana, Moshe o lebelela Lefatshe la Tsholofetso mme o tlhoma Joshue jaaka motlhatlhami wa gagwe. Ditaelo di a baakanyediwa ka diromololo tsa letsatsi le letsatsi, beke le beke, kgwedi le kgwedi le tsa ngwaga le ngwaga, ga mmogo le go dira maikano. He pusoloso ya diragadiwa mo go ba Midiana ka ntlha ya go nna ga bone le seabe mo go direng gore Baiseraele ba leofele Modimo.—Dipalō 26:1–31:54.

Ditso tsa ga Rubene, Gade le Manase di neelwa ditshwanelo tsa go aga mo botlhaba jwa Jorodane mme e le gore ba tshwanetse ba nna le seabe mo go fenyeng lefatshe le le mo bophirima jwa noka eo. Se se latelang, go na le lenaneo la bothibelelo jo bontsi jwa Baiseraele go tswa Egepeto go fitlha magwatateng a Moaba. He Baiseraele ba amogela ditaolo tse di nyalanang le go nna ga bone mo Lefatsheng la Tsholofetso. Gareng ga tse dingwe, ba tshwanetse ba senya mekoakoa ya bodumedi jwa maaka le go lelekela kgakala banni ba jone. Go tlhongwa melelwane ya lefatshe, magosana ba laolelwa go thusa Joshue le Eleasare go e baakanyetsa, mme metse e e 48 e neelwa Balefi. Metse e merataro ya botshabelo e beelwa kwa thoko le ditaelo di a baakanyediwa kaga go dirisana le dikgetsi tse di kopanyeletsang polao ya motho le polao e se ka maikaelelo. Kwa bofelong, go neelwa melao ya manyalo a baruaboswa.—Dipalō 32:1–36:13.

Jaaka o bala Dipalō, o ka nna wa kgatlhiwa thata ke kotlelelo ya yone mo go bontsheng tlotlo go Jehofa le bao ba tlhometsweng go sikara boikarabelo gareng ga batho ba gagwe. Mme o ka nna wa akabala ka dintlha dingwe. Ka jalo dipotso tse di latelang le dikarabo e ka nna tse di kgatlhisang.

Ditiragalo tsa kwa Thabeng ya Sinai

• 5:11-31—Tota ke eng seo se neng sa diragalela mosadi yo a neng a le molato wa kgokahalo?

Go ne go sena kgobalo epe e e neng ya tlisiwa ke metsi ka boone. Mme a ne a nwelwa fa pele ga ga Jehofa, yo o neng a itse boo mosadi o ne a le molato wa kgokahalo. Fa e le gore o ne a le jalo, o ne a tla dira gore mpa ya gagwe e buduloge mme serope sa gagwe se tlhorege. Go bonala fa serope fano se dirisiwa go emela dirwe tsa lotsalo. (Bapisa Genesise 46:26.) Go “tlhorèga” go akantsha gore dirwe tseno di ne tsa gonyela, di dira gore lotsalo lo se kgonege. Seno se ne se tla dumalana le lebaka la gore fa mosadi a ne a se molato monna wa gagwe o ne a tla mo ithwadisa.

• 8:25, 26—A molao-motheo ono wa molao wa go tlogela tiro ga Molefi o dira go batho ba ga Jehofa gompieno?

Baperesiti ba ne ba thuswa ke banna botlhe ba ba neng ba tshwanelega ba malapa a magolo a mararo a Balefi. Fa nako e ntse e ya, Balefi ba ne ba tla nna bantsi thata, mme palo ya ditirelo tse di teng kwa sebesong e ne e lekanyeditswe. Kwa ntle le pelaelo he, ka bobedi ka ntlha ya kakanyetso ya bogodi le go thibela go kgobokanela ditirelo tse di ntseng jalo, Jehofa o ne a laela gore Balefi ba ba neng ba fitlha go 50 ba tshwanetse go tlogela tirelo e e ba tlamang, lemororo ba ne ba ka tswelela go thusa ka boithaopo. Lefa go ntse jalo, seno ga se tlhomele Baiseraele ba semoya molao le balekane ba bone ka go bo ba se kafa tlase ga Molao. (Baroma 6:14; Baefesia 2:11-16) Fa e le gore bogodi bo ka dira gore Mokeresete a se kgone boikarabelo jo bo rileng, o ka isiwa sebopegong se sengwe sa tirelo seo a ka se dirang. Mo Basuping ba ga Jehofa ga go na go tlogela go rera mafoko a a molemo a Bogosi.

Go Kgarakgatshegela Kwa le Kwa

• 12:1—Ke ka ntlhayang fa Miriame le Arone ba ne ba tsuologela Moshe ka ntlha ya mosadi wa Sekusha?

Seno e ne e se fela kganano ya mosadi wa ga Moshe. Maikutlo a e leng one tota e ne e le keletso ya maatla a magolo, segolo bogolo mo ntlheng ya ga Miriame. Mosadi wa ga Moshe, Sipora, o ne a ntse a seo mme o ne a kopana le ene jaanong mme Miriame o ne a boifela gore o tla emisediwa jaaka mosadi yo mogolo mo bothibelelong. (Ekesodo 18:1-5) Ka jalo o ne a dira gore Arone a kopanele le ene mo go nyatseng Moshe ka go bo a nyetse mosadi wa Sekusha le go gwetlha boemo jwa gagwe jo e leng jwa mofuta wa jone fela fa pele ga Modimo. Ka ntlha ya seno, Jehofa o ne a kgalemela ka bobedi Miriame le Arone, mme lebaka la go bo a ile a betsa ena fela ka lepero go akantsha gore e ne e le ene motlhotlheletsi. Boikutlo jo bo siameng jwa ga Arone bo ne jwa bontshiwa ke boipobolo le go rapelela Miriame yo o lepero. (Dipalō 12:10-13) Fa e le ka ga Sipora, e ne e le morwadia Ruele wa Momidiana. (Genesise 25:1, 2; Dipalō 10:29) Mo go Habakuke 3:7 “lehatshe ya Midiana” le tshwantshiwa le Kushana, leo go bonalang e le leina le lengwe la Midiana kana le amana le lefatshe le le bapileng le leo. Mo godimo ga moo, ditso tse dingwe tsa Searabia di ne di bidiwa Kusi kana Kushim. Ka jalo go bonala gore “Sekushe” e ne e sa lekanyediwa fela go ditlogolwana tsa ga Hame ka Kushe mme le gape e ne e dira go banni ba Midiana. Ka gone, Sipora o ne a ka bidiwa wa Sekusha.

• 21:14, 15—Lokwalo lwa “Dintwa tsa ga Yehofa” e ne e le eng?

Kwantle le pelaelo, eno e ne e le pego e e ikanyegang ya ditiragalo tsa dintwa tsa batho ba ga Jehofa. E ka tswa e ile ya simolola ka Aberahame fa a ne a atlega fa a tsaya kgato kgatlhanong le dikgosi tse nne tseo di neng tsa gapa Lote le lelapa la gagwe. (Genesise 14:1-16) Dikwalo di lebisa go mekwalo e e sa tlhotlhelediwang e e farologaneng, mengwe ya yone e le e e neng e dirisiwa jaaka motswedi wa go kwala ke bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Bibela.—Yoshue 10:12, 13; 1 Dikgosi 11:41; 14:19, 20.

Mo Magwatateng a Moaba

• 22:20-22—Ereka Jehofa a ne a boleletse Balaame go tsamaya le banna ba Balake, ke ka ntlha yang fa A ile a kgopega fa moperofeti yoo a ne a tsamaya le bone?

Jehofa o ne a boleletse Balaame gore o ne a ka seka a hutsa Baiseraele, mme moperofeti yo o bogagaru o ne a tsamaya ka maikaelelo a go dira jalo e le gore a tle a duelwe ke Kgosi Balake wa Moaba. (2 Petere 2:15, 16; Yude 11) Ka lone lebaka leno bogale jwa Modimo bo ne jwa tukela Balaame. Tota, Jehofa o ne a sa dumalane ka gope le phutso epe ya Iseraele. Mme Balaame, jaaka Kaine, e ne e le tlhogo-nkopa mo go tlhokomologeng thato ya Modimo. (Genesise 4:6-8) Morago ga gore Jehofa a fetole phutso nngwe le nngwe e e neng e ikaeletswe go nna lesego, phapogo ya ga Balaame e ne ya mo tlhotlheletsa gore a akantshe Balake gore a dirise basadi ba Moaba le ba Midiana go hepisa Baiseraele le go ba kopanyeletsa mo kobamelong ya ga Baale. (Duteronome 23:5; Dipalō 31:15, 16; Tshenolo 2:14) Seno se ne sa tlisa bogale jwa Modimo godimo ga Iseraele mme sa felela ka loso lwa ba ba 24 000. Moragonyana, Balaame yo o bogagaru o ne a swela mo diatleng tsa bao a neng a leka go ba hutsa. (Dipalō 25:1-9; 31:8) Abo e le tlhagiso kgatlhanong le bogagaru jang ne!

• 25:10-13—Tsholofetso eno mabapi le boperesito e ne ya diragadiwa jang?

Boperesito jo bogolo go bonala bo ne jwa tswelela ka losika Iwa ga Finehase go fitlhelela nako ya Moperesiti Mogolo Eli, wa lotso lwa Ithamare. Phetogo eno go bonala e ne ya dirwa ka ntlha ya go sa tshwanelege ga nakonyana ga lotso lwa Finehase. Mme Kgosi Solomone o ne a emisetsa setlogolwana sa ga Ithamare Abiathare ka Moperesiti Mogolo Sadoke, yo o neng e le wa lotso Iwa Finehase. (1 Dikgosi 1:1-14, 2:26, 27, 35) Go ya kafa pego ya ditiragalo e bontshang ka teng, go bonala fa lotso lwa Finehase moragonyana ga foo lo ne lwa tswelela ka boperesito jo bogolo ka dingwaga tse di ntsi.

• 30:6-8—A monna wa mosadi wa Mokeresete o ka beela kwa thoko maikano a gagwe?

Nyaa, balatedi ba ga Jesu ga ba kafa tlase ga Molao. Jehofa jaanong o dirisana le batho ka bongwe mabapi le maikano, mme monna wa Mokeresete ga a na taolo ya go a tlosolosa kana go a thibela. Tota, mosadi wa Mokeresete ga a tshwanela go dira maikano ao a thulanang le Lefoko la Modimo kana ditlamego tsa gagwe tsa kafa Dikwalong malebana le monna wa gagwe.—Moreri 5:2-6.

E Mosola o Mogolo go Rona

Tshwaragano e e mosola thata mo pegong e e gogelang ko go tlhomiweng ga Bogosi jwa Modimo e baakanyediwa ke buka ya Dipalō. Gape e supela go Jesu Keresete. Ka motlhala, ditlhabelo tsa diphologolo le tiriso ya melora ya kgomo e khunwana e ne e supela kgakala kgakala paakanyetsong ya go itshekisa ka setlhabelo sa ga Jesu. (Dipalō 19:2-9; Bahebera 9:13, 14) Tiragalo e e kopanyeletsang noga ya kgotlho e ne e tshwantshetsa paakanyetso e kgolo ya ga Jehofa ya botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete.—Dipalō 21:8, 9; Yohane 3:14, 15.

Buka ya Dipalō e ka re thusa go tila kobamelo ya medimo ya disetwa le boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong. E re tlhaba botlhale ka bodiphatsa jwa go ngongoregela Modimo, batlhophiwa ba gagwe le dipaakanyetso tsa gagwe. Mme eleruri tiragalo eno e e kgatlhisang e tshwanetse ya re tlhotlheletsa go bontsha tlotlo e e kwa godimo ya Modimo wa rona o o lorato, Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Kotlhao ya ga Miriame e tshwanetse ya ama pono ya rona jang ka ga taolo e e neilweng ke Modimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela