LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 6/15 ts. 3-4
  • O Bitsa Modimo ka Leina Lefe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Bitsa Modimo ka Leina Lefe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Modimo Tota O Na le Leina?
  • Leina Le Le A Gaisang Otlhe-Otlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Leina la Modimo
    Tsogang!—2017
  • A Leina Le Le Tshwanetse Go Dirisiwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Leina la Modimo ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 6/15 ts. 3-4

O Bitsa Modimo ka Leina Lefe?

A o itse gore ke leina lefe le Bibela e le dirisang go feta leina lefa e ka nna lefe fela?A o ne o tla re Dafide? Aberahame? kana Jesu?

Fa e le gore o ne o ka gakologelwa lepe la maina ao, o tla fitlhela ditlhogo tse di tlhomaganang tseno di kgatlhisa thata, ka go bo leina le le botlhokwa jo bogolo le dirisiwa go feta maina ao otlhe a kopantswe.

KGATISO ya bodumedi e ne ya supela gore fa o re o rata mongwe o bitsa motho yoo ka leina. Ga o ne o re: “Monna, ke a go rata.” Kana: “Mosadi, ke a go rata.” Mo boemong jwa moo, o ne o tla re: “Pule, ke a go rata.” Kana: “Pulane, ke a go rata.” Go tswa foo e bo e botsa ka gore: “O ka bitsa Modimo ka leina lefe go dira gore a nne wa botho le yo o tsalano?”

E tlotla potso eno mo tsebeng yotlhe, lefa e le gangwe e sa umake leina leo Modimo a ipitsang ka lone. E konela ka gore: “Leina leo o le kgethang mabapi le botsalano le Modimo le tshwanetse la ikaega ka wena.” A mme, go ne go se ketla go nna botoka go dirisa leina le Modimo o le ikgethetseng, leo le dirisiwang makgetlo a a dikete mo Bibeleng?

A Modimo Tota O Na le Leina?

Ee, o na nalo. Ka Sehebera le Segerika tseo Bibela kwa tshimologong e neng ya kwalwa ka tsone, lefoko “modimo” ka metlha le ne le sa lebisa go Modimo wa boammaaruri. Jaaka go ntse mo Seesemaneng, le ne le ka dirisediwa medimo ya maaka le ya disetwa. Ka jalo Modimo wa boammaaruri le Mmopi o ne a tla farologanngwa jang le medimo e e itiretsweng ke batho? Ka go dirisa leina la botho. Lefa go le jalo batho ba bantsi ga ba itse leina la Modimo, mme ba le kaenyana fela ba a le dirisa gompieno.

Tota, le ka motlha o ka tswa o ise o bone leina la Modimo mo Bibeleng ya gago. Goreng go ntse jalo? Ka go bo batho ba ba neng ba ranolela sekaelo sa gago sa Bibela mo Seesemaneng ba ka tswa ba le fetotse. Ba ka tswa ba se ka ba dumalana le bakwadi ba Bibela bao Modimo o neng wa ba tlhotlheletsa go dirisa leina leno makgetlo a a dikete mo Dikwalong tsa Sehebera.

Authorized Version, e e sa leng e dirisiwa bogologolo ke babadi ba ba buang Seesemane, e tshotse leina la Modimo, eseng makgetlo a a batlilehg a nna 7 000 jaaka a tlhaga mo Sehebereng, mme ka boyone makgetlo a le mane fela—mo go Ekesodo 6:3; Pesalema 83:18 le Isaia 12:2; 26:4. Go na le dithanolelo tse dingwe tseo di sa diriseng leina la Modimo gotlhelele. Ba ile ba tlosa leina la Modimo mo bukeng ya gagwe ka sebele!

Go phepafetse sentle gore LEINA leno le ne le le botlhokwa go feta mafoko afe fela a baranodi ba ileng ba le emisetsa ka one, ka jalo dithanolelo dingwe di kwala mafoko a a le emetseng ka ditlhaka tse dikgolo, go itsise babadi ba ba lemogang koo leina la Modimo le bonalang teng mo mokwalong wa pele. Encyclopedia e e itsegeng e tlhalosa ka gore: “Go tshwanetswe ga gakologelwa gore ka Sehebera leina Jehofa le tlhaga ka metlha, mo thanolong ya Seesemane, ka lefoko MORENA (fa gongwe MODIMO), mme e kwalwa ka ditlhaka tse dikgolwanyane.” Ka jalo fa o bona lefoko “MORENA” le kwadilwe ka tsela eno, moranodi o go bolelela gore leina la Modimo ka sebele, JEHOFA, le ne le dirisiwa mo puong ya pele.—McClintock and Strong’s Cyclopedla, 1981, Bolumo IV, tsebe 811.

E ka tswa o ile wa bona leina leno mo Bibeleng ya gago kana nyaa, le ne le le gone mo mokwalong wa pele wa Sehebera. Baithuti ba Sejeremane Keil le Delitzsch ba supela gore polelwana “Jehofa Elohim” (Jehofa Modimo) e tlhaga makgetlo a le 20 mo ditemaneng di sekaenyana fela tsa tse 50 tsa ga Genesise dikgaolo 2 le 3. Ba bolela gore “le dirisiwa ka kgatelelo e e gakgamatsang, go neela tlotlomalo go lebaka la gore Jehofa e le ruri ke Elohim,” kana Modimo.—Commentary on the Old Testament, ka Keil le Delitzsch, 1973, Bolumo I, ditsebe 72, 73.

Tota, leina la ga Jesu ka bolone le raya “Poloko ya ga Jah [Jehofa].” Mme ka metlha fa o ntse o re “Haleloya” ya bo e le go reta mo go khutshafaditsweng ga leina la ga Jehofa. O ka leba Haleloja mo dikishinaring mme wa iponela ka bowena gore e raya ‘Galaletsang Jah’ kana ‘Galaletsang Jehofa.’

Gakologelwa, Jehofa ke leina la Modimo sebele. Ke leina leo A ikgethetseng go kgethololwa ka lone. A o ne o ka eletsa go itse gore tiriso ya leina leno e ka atolosa kanaanelo ya gago jang ya Modimo le maikaelelo a gagwe? Kgang ke yone eo mo ditlhogong tse di latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela