LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 6/1 ts. 22-27
  • Totafalang mo Tsholofelong!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Totafalang mo Tsholofelong!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna le Pono ya Lobaka-Loleele
  • “Letsatsi ya Pusholoshō” ja ga Jehofa
  • Tshireletso mo ‘Paradaiseng’
  • Lefatshe Le A Galalediwa
  • “Re Tla Kopana Kwa Paradaiseng!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • A o Na le Tsholofelo ya go Tshela Kwa Paradaiseng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • A Bibela e Solofetsa Paradaise ya Selefatshe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Go Itumela Gone Jaanong le ka Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 6/1 ts. 22-27

Totafalang mo Tsholofelong!

“Me yana a Modimo oa cholohèlō o lo tlatsè boitumèlō le kagishō mo go dumeleñ, gore lo totohalèlè mo choloheloñ, ka thata ea Mōea o o Boitshèpō.”—BAROMA 15:13.

1, 2. (a) Paulo o ne a neela lebaka lefe la go ‘totafala mo tsholofelong’? (b) Polelelo pele ya ga Isaia e supela pele jang go tsholofelo eno?

TOTAFALANG mo tsholofelong? Mo lefatsheng le le lefifi jaaka leno, koo bokebekwa le boitsholo jo bo sa siamang di gobeang mo mebileng, koo leuba kana go gamolwa ke tlala di hupeditseng batho ba ba fetang bilione, le koo re tshwereng mala ka diatla fa dibetsa tsa nuclear di roronka mo godimo ga setho sotlhe, go na le lebaka lefe la gore re “totahalèlè mo choloheloñ”? Pele fela a ka bolela thapelo e e fa godimo, moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa lebaka, a tsopola moperofeti Isaia ka mantswe ano: “Le eo o tla cogañ a tla go busa Badichaba; Badichaba ba tla sholohèla mo go èna.”—Baroma 15:12.

2 Paulo fano o ne a tsopola mo go Isaia 11:1-10. Seno se bolelela pele ka merafe eo e tla solofelang mo go Jesu, yo o neng a tshwantshediwa ke Kgosi Dafide, morwa Jese. Fa a ne a tlhalosa kaga Yono, mokwadi wa Efangele Mathaio o ne gape a tsopola Isaia ka mantswe ano: “Bōnañ motlhanka eo ke mo itshenketseñ; moratwi oa me, eo mōea oa me o kgatlhègañ thata mo go èna; ke tla baea Mōea oa me mo go èna, me o tla bolèlèla Badichaba katlholō. . . . Me Badichaba ba tla sholohèla mo leineñ ya, gagwè.”—Mathaio 12:18-21; Isaia 42:1, 4.

3, 4. (a) Jesu o na le “leina” lefe jaanong, mme ka ntlha yang? (b) Re tshwanetse ra tlhaloganya Tshenolō 19:10, 11 jang?

3 Ke ka ntlha yang fa ditšhaba di ka solofela mo leineng la ga Jesu? Ke ka ntlha ya sotlhe se se emelwang ke leina la gagwe. Jesu o ne a itirela “leina” jaaka mmoloka-bothokgami yo o senang molato. Pogiso, dikgobo, dikutlo-botlhoko—go ne go se sepe seo se neng se ka mo reketlisa mo go direng thato ya Modimo ka boikanyegi go fitlhelela losong. “Ke gōna ka mouō,” go tlhalosa jalo moaposetoloi Paulo, “Modimo le ōna o mo godisitseñ thata, me oa mo naea yeōna leina ye le hetañ maina aotlhe; go re mañōlè aotlhe a khubamè ka leina ya ga Yesu, a dilō tse di kwa legodimoñ, le a dilō tse di mo lehatshiñ, le a dilō tse di kwa tlase ga lehatshe, le gore diteme cotlhe di bolèlè ha Yesu Keresete e le Morèna, kgalalecoñ ea Modimo Rara.”—Bafilipi 2:9-11.

4 Leina la ga Jesu jaanong le emela boemo jo bo kwa godimo joo go jone Jehofa a ileng a mo godisa jaaka Moperisiti yo Mogolo le Kgosi “kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ya setulō sa bogosi sa Borèna kwa magodimoñ.” Ke Ene yo o bidiwang “Boikañō le Boamarure,” yo o lefoko la polelelo pele lotlhe le kgonosetseng mo go tleng ga gagwe, “gonne chupō ea ga Yesu ke mōea oa thutō.”—Bahebera 8:1; Tshenolō 19:10, 11.

5. Ke ka ntlha yang, segolo bogolo gompieno go bo re tshwanetse gore re “totahalèlè mo cholohèloñ”?

5 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse gompieno go ‘totafala mo tsholofelong’? Ke ka go bo lefoko la polelo pele le bontsha gore Jesu yono o gaufi le go dirolola tshenyo yotlhe eo moleofi Adame a neng a e tlisetsa setho. “Gonne yaka ba ba leñ bantsi ba dihilwe baleohi ka go tlhōka go utlwa ga motho eo moñwe hèla, go nntse yalo ba ba leñ bantsi ba tla dihwa tshiamō ka go utlwa ga motho eo moñwe hèla.” (Baroma 5:19) Jaaka Moperesiti yo Mogolo wa Modimo mo magodimong, Jesu o tla dirisa molemo wa setlhabelo sa gagwe sa botho se se itekanetseng mo go tsosolosetseng setho se se kutlo, go akareletsa le dibilione tsa baswi ba ba tsositsweng, go ya boitekanelong jwa setho, ka tebelelo ya go tshelela ruri ka boitumelo mo lefatsheng la Paradaise. Jesu o tla “busa hèla, a ba a tla a tsamaee a bee baba botlhe ba gagwè ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè. Mmaba oa bohèlō eo o tla nyèlèdiwañ ke losho.” He, batho botlhe ba tla ipela mo botshelong jo bo itekanetseng mo Paradaiseng eo ya kagiso.—1 Bakorintha 15:25, 26; Pesalema 72:3, 7; Isaia 33:24.

Go Nna le Pono ya Lobaka-Loleele

6. (a) Ke jang fela, re ka nnang le pono ya lobaka lo loleele ka maikaelelo a Modimo? (b) Seno se ka re solegela molemo jang?

6 Ke fela ka Bibela re ka itseng ka boikaelelo jwa mmatota jwa botshelo. Ke Modimo fela, ka Lefoko la gagwe, re ka kgonang go tlhalosa gore re tswa kae, gore ke ka ntlha yang fa re le fano, le gore isagwe e re tsholetseng. (Isaia 46:9, 10; 2 Timotheo 3:16) Bibela e re neela pono ya lobaka lo loleele ka go diragala ga maikaelelo a Morena Modimo Jehofa. E re bolelela kafa re ka nnang le karolo e e ipedisang mo go direng thato ya gagwe, mme seo re se dire ka bosaeengkae jotlhe jo bo pele ga rona!—Pesalema 37:31, 34.

7. “Seshupō” sa polelelo pele ya ga Jesu se ile sa diragadiwa jang?

7 “Seshupō” sa polelelo pele seo Jesu a neng a bua ka sone mo bofelong jwa bodihedi jwa gagwe jwa selefatshe jaanong se tla tiragatsong ya sone e e gakgamatsang. Jesu jaanong o dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang mo magodimong, a atlhola merafe ya lefatshe le go aroganya batho “yaka modisa a tlè a kgaoganye dinku le dipodi.” Seno se dirwa tumalanong le kafa ba arabelang molaetsa wa Bogosi jaaka o bolelwa ke “bonnake” ba ga Keresete, basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa ba ba sa ntseng ba direla Modimo mono mo lefatsheng. (Mathaio 24:3-14; 25:31-40, 46) A mme seno se dira gore Jesu a lekane le Jehofa Modimo, kana le eleng go nna mogolo mo go ene?

8. (a) Ke ka ntlha yang Jehofa a ileng a dira gore a buse le Jesu Keresete jaaka Kgosi? (b) Jesu o tla bontsha jang kutlo ya gagwe go Rraagwe?

8 Nnyaa, ka go bo “tlhōgō ea ga Keresete ke Modimo,” yo ka metlha e leng “Kgosi e e nntseñ hèla e sena tshimologō leha e le bokhutlō” le Molaodi wa popo yotlhe ya gagwe. (1 Bakorintha 11:3; 1 Timotheo 1:17; Tshenolō 4:11) E ne e le fela fa botsuolodi bo sena go tlhagisa tlhogo ya jone e e matladika mo Paradaiseng ya Edena go bo Jehofa a ile a bolela fa a tla tsosa Kgosi e e tla busang le ene—“losika” lwa tsholofetso—“gore a senyè ditihō tsa diabolo.” (Genesise 3:15; 1 Yohane 3:8) Lefa go ntse jalo, morago ga gore a tlotlomatse leina la ga Jehofa le bolaodi le go thuthugisetsa setho boitekanelong mo lefatsheng la Paradaise le le tsosolositsweng, Keresete ‘o tla neela Modimo ebong Rara bogosi,’ Morwa gape o tla nna ka boene mo taolong ya Modimo.—1 Bakorintha 15:26-28.

9. (a) Isaia o tlhalosa jang borena jwa ga Jehofa? (b) Dikwalo di bontshang seo e leng tsela ya poloko?

9 Fa a ne a bua ka ‘Jehofa yo o nang le Borena jo Bogolo,’ moperofeti Isaia o ne a dumela ka gore “Yehofa ke Moatlhodi oa rona, Yehofa ke Motlhōma molaō oa rona, Yehofa ke Kgosi ea rona; èna o tla re boloka.” Poloka e tswa go Jehofa ka Keresete Jesu, boammaruri jo batho botlhe ba ba batlang botshelo ba tshwanetseng go bo amogela. (Isaia 33:21, 22; 12:2; Ditihō 2:21; 4:12; Baroma 10:13; Tshenolō 7:10) Morago ga go bua ka Jehofa jaaka yo o nang le Borena jo Bogolo go botlhe, moperofeti Isaia o tswelela go bontsha kafa o bolokang ba ba mo ratang, le gore ka boikaelelo bofe.

“Letsatsi ya Pusholoshō” ja ga Jehofa

10. Ke katlholo efe e e buiwang mo go Isaia 34:1-4, mme ka ntlha yang?

10 Merafe ya lefatshe e na le pego e e tshosang ya go sa buse sentle, ebile ba ile ba gana Bogosi jwa tshiamo jwa Modimo ka Keresete wa gagwe. Ka gone moperofeti Isaia o ne a ba lebisa mantswe ano, ka gore: “Atamèlañ lona merahe, lo tlè go utlwa; lo reetseñ lona dichaba: a lehatshe le utlwè le botlalō yoa yeōna: lobopō le dilō cotlhe tse di cwañ mo go lona. Gonne Yehofa o gakaletse merahe eotlhe, o shakgaletse ntwa eotlhe ea eōna; o e senyeditse rure, o e neetse go gailwa hèla. Babolaiwa ba bōnè ba tla latlhèlwa kwa ntlè, me sehoka sa ditoto tsa bōnè se tla phunyèga, le dithaba di tla nyèra ka madi a bōnè. Leshomōshomō yeotlhe ya legodimo le tla nyèra, magodimo [mebuso ya batho e e sa thuseng sepe] a tla chōphiwa yaka lokwalō lo lo chōphiwañ: leshomōshomō yeotlhe ya aōna le tla tlhotlhorèga, yaka lekakaba le tle le tlhotlhorège mo mofineñ, le yaka lekakaba le tlhotlhorèga mo mofeigeñ.”—Isaia 34:1-4.a

11. (a) Mo go Isaia 34:5-7, Jehofa o bolelang malebana le Edoma? (b) Edoma e ne e le eng, mme setshwani sa gagwe sa segompieno ke eng?

11 Abo mafoko ao a le bogale jang ne! Mme se se tsitsibanyang gape, ke katlholo eo Jehofa ka boene a e tlhalosang kgatlhanong le batho ba Edoma: “Gonne chaka ea me e nole e kgotshe mo legodimoñ: bōnañ, e tla wèla Edoma godimo, le mo bathuñ ba neèlèlō ea me, go ba sekisa.” (Isaia 34:5-7) Edoma, o ne a tswa mo go mogolowe Jakobe Esawe yo o neng a (reelelwa Edoma), yo fa e sale e neng e ntse e le mmaba wa morafe wa Iseraele, bao ba neng ba tsalwa ke Jakobe. Mme o na le setshwani sa gagwe sa segompieno. Mme seo ke eng? Tota, ke mang yo o neng a etelela pele mo go kgobeng le go bogiseng Iseraele wa semoya wa lekgolo la dingwaga la bo-20? A ga e a ka ya nna La-Bodumedi wa botenegi, ka setlhopha sa gagwe sa boruti se se boikgogomoso? Ga se gore baruti mo matlhakoreng oo-mabedi ba ne ba nna molato fela ka go rotloetsa ka pelo yotlhe dintwa tse pedi tsa lefatshe mo lekgolong la rona la dingwaga mme gape ba ne ba oketsa molato wa bone wa madi ka go dira gore mebuso ya lefatshe e thibele le eleng go bolaya Basupi ba ga Jehofa, bao mo lefatsheng ba emelang Jerusalema wa selegodimo, kana Sione.

12. (a) Jehofa o ipusolosetsa jang mo go “Edoma”? (b) Ke ka ditsela dife Basupi ba ga Jehofa ba arogantsweng le ditumelo tsa La-Bodumedi?

12 Ka gone he, moperofeti wa Modimo o bolela ka gore: “Gonne ke letsatsi ya pusholoshō ea ga Yehofa, ke ñwaga oa leheco mo kgañeñ ea Siona.” (Isaia 34:8) Seno se ama jang “Edoma” wa segompieno? Mo tshwafatsong, jaaka mafoko a a latelang a ditemana tse di mo go Isaia 34:9-17 di bontsha. Eleruri, ka tsela ya semoya fa e sale morago ga ngwaga wa ntwa wa 1919, ditumelo tsa La-Bodumedi di ile tsa nna selo se se suleng, tshwafatso, go tswa ponong ya Morena Modimo Jehofa. Ke karolo e e laolang ya “Babelona o Mogolo,” mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o o nang le molato wa madi, o o neng wa wela tlase fela thata mo bomoeng morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, o ne o atlholwa ke Jehofa. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ikaroganya le “Edoma” wa segompieno yo o suleng semoeng yo o sa tlholeng a dira. Ga ba na seabe mo mekgatlhong ya yone ya tlhakanelo-tumelo, mo tšararegong ya yone ya dipolotiki kana boipontshong jwa yone jwa makoko. Ka bofefo fela tsamaiso eno ya botenegi e tla swafadiwa yotlhe-yotlhe, jaaka “letsatsi ya pusholoshō” ja ga Yehofa le tla godimo ga lefatshe lotlhe.—Tshenolō 14:8; 18:2, 4, 24; 19:11-21.

Tshireletso mo ‘Paradaiseng’

13. Isaia o tlhalosa jang go boa go tswa “Babelona” wa segompieno?

13 Ka mafoko a mantle a poko, se se latelang Isaia kgaolo 35 e tlhalosa go boela ga masalela a Iseraele wa semoya go tswa botshwarweng jwa “Babelona o Mogolo,” go felela ka mantswe ano: “Me ba Yehofa o ba lehetseñ ba tla boea, ba tla tla ka kōpèlō mo Siona; boitumèlō yoa bosakhutleñ bo tla nna mo ditlhogoñ tsa bōnè; ba tla bōna boipèlō le boitumèlō: me bohutsana bo tla hohèla koo, le diphègèlō.” Eleruri, eno ke paradaise ya semoya, e re gakolola mafoko a ga Isaia 51:3: “Gonne Yehofa o gomoditse Siona: o gomoditse mahelō a gagwè aotlhe a a kgakgabetseñ, o dihile naga ea gagwè go nna yaka Edena, le sekaka sa gagwè yaka tshimo [paradeison (paradaise), Septuagint Version] ea ga Yehofa.”

14. (a) Paulo o ne a tlhalosa paradaise efe? (b) Paradaise eno e tlhalosiwa jang mo go Isaia 35:1-7, mme ke mang yo o ka nnang le seabe mo go yone?

14 Batho ba ga Jehofa ba ba tloditsweng gompieno ba ile ba tsena mo paradaiseng ya semoya eleruri! Abo seno se tlhalosiwa sentle mo go Isaia 35:1-7! Se bapisega le seo moaposetoloi Paulo a neng a se tlhalosa mo go 2 Bakorintha 12:3, 4, go bonala a ne a lebisitse mo boitemogelong jwa gagwe: “Me ke itse motho eo o nntseñ yalo, kana a le mo mmediñ, kgotsa a le kwa ntlè ga mmele, ga ke itse; go itse Modimo: Yaka a phamolèlwa kwa Paradaisoñ, me a ea a utlwa mahoko gōna a a sa kakeñ a bolèlwa, a motho o sa lètlèlèlwañ go a bua.” Mme go a letlelesega gompieno, go bua ka paradaise ya semoya e e gone jaana gareng ga masalela a a tloditsweng a Modimo, le eo go yone ‘boidiidi jo bogolo jwa merafe yotlhe’ bo ileng jwa tla go nna le seabe mo go yone gape! Gareng ga bone koo go na le phuthego e e tlhogonolofaditsweng e e ipelang, mokgatlho wa kgolokwe wa Basupi ba ga Jehofa, ba ba kitlaneng mo sebofong sa lorato le bongwefeleng jwa boikaelelo le tiro. Paradaise ya semoya eleruri!

15. (a) Pesalema 91 e bontshang malebana le paradaise ya semoya? (b) Ke potso efe e e tsosiwang malebana le “boidiidi yo bogolo,” mme ka ntlha yang?

15 Fa fela ba tswelela go tlhagolela paradaise eno ya semoya, Basupi ba ga Jehofa ga ba ketla ba gobadiwa ke dibetsa tse di tla konopelwang kwa go bone ke Satane. (Pesalema 91:1-11) Fa e le kaga masalela a a tloditsweng a Iseraele wa semoya, dipolelelo pele tsa tsosoloso e e gakgamatsang tsa Isaia di bona jaanong tiragatso ya tsone e e gakgamatsang. Mme palo ya batlodiwa bano mo lefatsheng e ile ya wela tlase go ya go ba le kaenyana fela ba ba 10 000—kwa tlase ga phesente ya 0.4 ya Basupi botlhe. Bontsi-ntsi jo bogolo jwa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tse di 45 000 gompieno ga di na bape ba ba batlodiwa gareng ga bone. Ka jalo go tweng ka dimilione tsa “boidiidi yo bogolo”? Go boammaaruri, ba na le seabe le masalela mo maipelong a paradaise ya semoya. A mme ga re bone tsholofelo ya bone e e gakgamatsang ya Paradaise ya selefatshe e tshwantshediwa mo go tsone dipolelelo pele tseo tse di tshwanang?

Lefatshe Le A Galalediwa

16. (a) Ke kae ebile ke jang koo boikaelelo jwa Modimo bo tshwanetseng go tlotlomadiwa? (b) Ke jang fela, motho a ka tshwanelegelang botshelo mo Paradaiseng? (c) Seno se ile sa kgonagadiwa jang?

16 Gakologelwa, gore e ne e le gone mono mo lefatsheng, mo Edena, moo Paradaise e latlhegileng gone. Ka gone, ke gone mono mo boikaelelo jwa ga Jehofa malebana le lefatshe le motho bo tshwanetseng jwa tlotlomadiwa. Lefatshe le tshwanetse la dirwa Paradaise ya kgolokwe ya setho, tumalanong le boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa ga Jehofa. (Genesise 1:27, 28) Go ne go na le mo gontsi mo Paradaiseng ya Edena go na fela le kagiso gareng ga batho le diphologolo, le bontle jwa tshimo jwa seka-phaka. Motho yo o neng a dirilwe mo setshwanong sa Modimo o ne a le phepa mo boitsholong, mme o ne a tshwanetse go nna fela jalo, e le gore a tle a tswelele go nna karolo ya phuthego e e gakgamatsang ya Modimo. O ne a tshwanelwa ke go utlwa Mmopi fa e le gore o ne a tla tswelela a itekanetse a gololesegile mo bolwetsing, losong le tshekamelo epe malebana le go dira bosula. Adame o ne a palelwa mo go seno. Ka jalo ele gore Paradaise ya selefatshe e tle e tsosolosiwe, setho se se leofileng se tshwanetse sa tsholelediwa gape boitekanelong, seno se dirwa gore se kgonagale ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu.—Baroma 5:12, 18.

17. (a) “Boidiidi yo bogolo” bo bona jang go tsena mo paradaiseng ya semoya? (b) Go ya ka Dikwalo, ba baakanyediwa jang botshelo jo bo sa feleng—kae?

17 Gompieno, lefatshe le kgakala thata le go nna paradaise. Lefa go le jalo “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” bo ile jwa tla mo paradaiseng ya semoya. (Tshenolō 7:9; Yohane 10:16) Jang? Ke ka go ineela matshelo a bone go Jehofa, go dumalana le dipatlafalo tsa gagwe le go kopanela le masalela a a tloditsweng ao a ileng a tliswa mo paradaiseng ya semoya go tloga 1919 go ya pele. (Bapisa Esekiele 38:8-16.) Fa ba le koo ba baakanyediwa le go tlhomelelwa botshelo mo Paradaiseng ya selefatshe e e tla latelang pitlagano ka Aramagedona. Go ya fela kafa lefatshe leno le ntseng ka teng, Paradaise e e tsosolositsweng e tla nnela ruri, kgalaletsong ya Modimo. Kgosi Dafide o ne a bolelela pele kaga yone, ka gore: “Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.” Ee, Jesu o ne a re, “go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.”—Pesalema 37:11; Mathaio 5:5.

18. “Kgalalèlō ea ga Yehofa” e tla bonwa jang mo Paradaiseng ya selefatshe?

18 Mo Paradaiseng eo ya selefatshe, batho botlhe, (go akareletsa le ba ba tsosiwang mo lefatsheng) bao ka kutlo ba ipaakanyeletsang setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu ba tla ipelela masego a a tshwanang le ao a tlhalosiwang ke Isaia le ke baperofeti ba bangwe malebana le Iseraele wa semoya. Ka mo go itumedisang, tsholofetso ya ga Jesu go legodu leo le neng le bontsha tlhomogelo pelo mo setlhareng kwa Gologotha e tla bona tiragatso ya yone e e gakgamatsang. (Luke 23:43) “Kgalalèlō ea ga Yehofa, le boitlotlomaco yoa Modimo oa rona,” di tla bonwa di le mpaananeng mo sekgweng se se nyakaletseng le sekaka, le go fodisiwa ga difofu, bosusu, digole le dimumu. Jaaka Paradaise eo ya kagiso e tla go atolosediwa lefatshe ka bophara, aitse “tau e tla ya motlhaka yaka kgomo,” fela jaaka kwa ntle le pelaelo e ne e dira mo Edena mme le mo arakeng ya motlha wa ga Noa. Ga go ketla go nna le ope yo o tla ‘utlwisang botlhoko leha e le go senya’ mo Paradaiseng.—Genesise 1:29, 30; Isaia 11:6-9; 65:25.

19. (a) Ke jang Isaia 25:6-8 e bonang tiragatso ya yone ya ntlha ntlha? (b) Seno se tla diragadiwa jang gape malebana le bao ba tshelang mo lefatsheng?

19 Tiragatso ya ntlha-ntlha ya paradaise ya semoya pele go ya sebele mabapi le nako e supiwa ke Isaia 25:6-8. Polelelo pele eno e diragadiwa gompieno semoeng mo paradaiseng ya semoya, koo batho ba ga Jehofa ba ileng ba tsholelediwa go ipelela “modihō” wa dilo tse di nonneng. (Bapisa Esekiele 37:1-6.) Ka ntlha ya go dumela ga bone, ba tladiwa ka boipelo le kagiso, ba totafala mo tsholofelong ya masego a Bogosi. (Baroma 15:13) Isaia o ne a bolelela pele ka gore: “Yehofa Modimo o tla phimola dikeledi mo matlhoñ aotlhe.” Seno se ne sa nna le tiragatso e e gakgamatsang malebana le masalela a a tloditsweng, a a neng a tsosolosiwa go tswa “Babelona o Mogolo,” pele ga Aramagedona. Mme Tshenolō 7:17 e dirisa mafoko a a tshwanang go boemo jo bo segofaditsweng jwa “boidiidi yo bogolo” gompieno. Gape gape mafoko a a ga Isaia a tsopolwa malebana le “lehatshe ye lesha,” mo go Tshenolō 21:3, 4, koo re balang ka gore: “Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, . . . Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè.” Mo ‘lefatsheng je lesha’ tsholofetso eno e e gakgamatsang e tla diragadiwa mo Paradaiseng e e tsosolositsweng mo lefatsheng le le phepafaditsweng.

20. Ke ka ntlha yang fa batlhanka botlhe ba Modimo jaanong ba na le lebaka lengwe le lengwe le le utlwalang gore ba “totahalèlè mo choloheloñ”?

20 Eleruri, masalela a a tloditsweng, ga mmogo le “boidiidi yo bogolo,” ba na le lebaka le le nonofileng la gore ba “totahalèlè mo cholohèloñ” jaaka ditiragatso tse di gakgamatsang tsa lefoko la polelelo pele la Modimo di bipologa mo pele ga matlho a bone. Tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, ka go bo ditsholofetso tsotlhe tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa di tshwanetse gore kwa bofelelong di nne boammaaruri. Ka jalo, he, a re nneng le kgothalo e e nonofileng ya go “ichwarèlèla ka cholohèlō e re e beecweñ pele.”—Baroma 15:13; Bahebera 6:18.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona buka Man’s Salvation out of World Distress at Hand! (e e gatisitsweng ke Watchtower Society), ditsebe 205-241, go bona boikitsiso jo bo oketsegileng ka polelelo pele eno.

A o a gakologelwa?

◻ Malebana le leina la ga Jesu ke ka ntlha yang fa re ka ‘totafala mo tsholofelong’?

◻ Boemo jo bo tsholeditsweng jwa ga Jesu bo nyalana jang le joo jwa ga Jehofa?

◻ Isaia kgaolo 34 e bontshang mabapi le “letsatsi ya pusholoshō” la ga Jehofa?

◻ Re ithutang go tswa go Isaia kgaolo 35 le Isa 25:6-8 kaga “paradaise”?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

“Letsatsi ya pusholoshō ea ga Yehofa”

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Paradaise ya semoya e sireletsa kgatlhanong le “dikgogodi” tseo jaanong di tlhasetseng setho

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela