Tsayang Lefoko la Modimo la Boperofeti jwa Motlha wa Rona Tsia
“Bōnañ, dilō tsa pele di dihahetse, ke bile ke bolèla dilō tse dincha: ke di lo bolèlèla pele di e se di cwele kwa ntlè.”—ISAIA 42:9.
1. Ke ka ntlhayang fa re ka bolela gore Jehofa ke Modimo wa boperofeti jo bo sa retelelweng?
JEHOFA ke Modimo wa boperofeti jo bo sa retelelweng. Ka mo go tlhomamisegileng seno se itshupile e le boammaaruri ka go ropefadiwa le go agiwa gape ga Jerusalema, go wa ga mebuso ya bogologolo gammogo le go diragadiwa ga boperofeti jwa Bomesia! Mme a boperofeti jotlhe jwa Bibela bo diragaditswe fela mo nakong e e fetileng? Abo go le phoso jang ne go akanya jalo!
2. Go ya ka boperofeti, batlhanka ba ga Jehofa ba farologane le lefatshe jang?
2 Modimo o reile batho ba gagwe ba bogologolo a re: “Bōnañ, dilō tsa pele di dihahetse, ke bile ke bolèla dilō tse dincha: ke di lo bolèlèla pele di e se di cwele kwa ntlè.” (Isaia 42:9) Ka go senola boperofeti jo bo setseng bo ntse bo le gone mo Bibeleng, Jehofa o santse a neela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang kitso ya go sa le pele, mme ka mo go tlhomamisegileng re tshwanetse go e tlhokomela. Jaaka moaposetoloi Petere a tlhalositse dintlha sentle jaana: “Lehoko ya polèlèlō pele . . . ye lo tla boñ lo diha sentlè ha lo le tlhōkōmèla, yaka ha e ka bo e le lobōnè lo lo phatsimañ mo heloñ ha go lehihi, go tle go tsamaeè bosa bo sè.” (2 Petere 1:19) Tota-tota, go tsaya lefoko la Modimo la boperofeti tsia go tshwaya batho ba ga Jehofa e le ba ba farologaneng le lefatshe le le lefifi le le le tlhakatlhakaneng leno. Diane 4:18, 19 ka botswerere e re: “Me tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo. Tsela ea baikepi e nntse yaka lehihi: ga ba itse se se ba kgopañ.”—Bapisa le Pesalema 119:105.
Reetsa fa Morwa Modimo a Bua!
3. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore Jesu o teng mo motlheng ono?
3 Ke ga botlhokwa gore Basupi ba ga Jehofa ba ‘tlhokomele segolo thata’ dilo tseo Jesu Keresete a di buileng. (Bahebera 2:1-4) Mme abo e le boperofeti jo bogolo jang ne joo a bo neetseng kaga motlha wa rona! A lebisitse mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso e e nyelelang eno ya dilo, Jesu o neetse “seshupō” se se nonofileng sa “go tla” ga gagwe. O boleletsepele ditiragalo tse di jaaka ntwa e e akaretsang, dikgogodi tsa bolwetsi, tlala le dithoromo tsa lefatshe. (Mathaio 24:3-8) A go na le motho ope yo o nang le kitso yo o ka ganelang bosupi jo bo ka se ganediweng jwa go nna gone ga ga Jesu gompieno? Ntwa ya Lefatshe 1 e bolaile batlhabani ba ba fetang dimilione di le 9 gammogo le bao e seng batlhabani ba ba dimilione, fa ntwa ya bobedi ya lefatshe yone e fedisitse matshelo a ba le dimilione di le 55. Bolwetsi jwa “Spanish flu” jwa 1918-1919 bo bolaile ba ba ka nnang dimilione di le 20. Go ya ka phopholetso ya Mokgatlho wa Dijo le Temothuo, batho ba ba dimilione di le 450 ba setse jaanong ba le mo ntlheng ya go bolawa ke tlala, mme ba ba ka nnang kana ka bilione ba na le dijo tse dinnye thata. Dithoromo tsa lefatshe di tsere matshelo a batho ba ba ka nnang 1 600 000 mo lekgolong la bo-20 la dingwaga—ba ba fetang 22 000 ngwaga le ngwaga go tloga ka 1914.
4. (a) Metlha ya Baditšhaba e simologile leng, mme e ne ya fela leng? (b) Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore batho ba ga Jehofa ba ne ba itse go sa le pele kaga 1914?
4 Go tweng kaga ngwaga oo wa 1914? Go feta lekgolo la dingwaga le le fetileng, C. T. Russel (yo o nnileng mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower) o ne a golaganya Metlha ya Baditšhaba le “metlha e shupa” eo e umakiwang mo bukeng ya ga Daniele. (Daniele 4:16, 23, 25, 32; Luke 21:24) Fa a ne a kwala mo go Bible Examiner ya October 1876, Russel o rile: “Metlha e le supa e tla fela ka A.D. 1914.” Le ene e ne e le yo mongwe wa bakwadi ba buka ya Three Worlds, and the Harvest of This World ya 1877, eo e bontshitseng (mo ditsebeng 83 le 189) gore sebaka sa dingwaga di le 2 520 sa go busa lefatshe ga Baditshaba kwantle ga go kgorelediwa ke bogosi bope jwa Modimo go simologile ka go gapiwa ga bogosi jwa Juda ke Babelona kwa bokhutlong jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E. mme bo ne bo tla fela ka 1914 C.E. Ka mo go tshwanang, tokololo ya Watch Tower ya March 1880 e rile: “‘Metlha ea Badichaba’ e tswelela go ya go fitlha ka 1914, mme bogosi jwa legodimo ga bo kitla bo laola ka mo go feletseng go fitlha mo nakong eo.”
5. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ka itse jang go sa le pele kaga botlhokwa jwa 1914?
5 Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba supa go “seshupō” seo se neetsweng ke Jesu ba bo ba lebelela kwa morago go 1914 jaaka ngwaga oo go nna gone ga gagwe go go sa bonaleng ka maatla a Bogosi go nnileng ga mmatota ka gone. Mme ba ne ba tla bo ba ile ba nna le kitso ya go sa le pele kaga tiragalo eo ya botlhokwa jang? Eseng ka ntlha ya botlhale jo bo feteletseng jwa motho. Nnya, mme ka ntlha ya gore ba ile ba ithuta Dikwalo ka thapelo, ba tsaya lefoko la Modimo la boperofeti tsia le go tlhokomela segolo thata seo Morwa Modimo a se boleletseng-pele. (2 Petere 1:19; Bahebera 1:1, 2; 2:1) Ba lebogela gore Jehofa o ba ‘boleletse dilo tse dintšha di e se di tswele kwa ntle,’ Basupi ba itumelela go anamisa kitso eno lefatshe ka bophara. (Isaia 42:9) Ba dira jalo tumalanong le mafoko ano a ga Jesu: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” Go bo go diragalang? “Hoñ ke gona bokhutlō bo tla tlañ”!—Mathaio 24:14.
Kgotlhang ya Dikgosi tse di Gaisanang
6. Ke dikgosi dife tse pedi tseo go buiwang kaga tsone mo go Daniele kgaolo 11, mme ke dipotso dife tse di tsogang kaga tsone?
6 Lefa go ntse jalo, pele “bokhutlō” bo tla, ditiragalo tse dingwe tsa lekgolo la bo-20 la dingwaga di tlhoka tlhokomelo ya rona. Ka sekai, boperofeti jwa ga Daniele bo re: “Me e tla re mo motlheñ oa bokhutlō kgosi ea borwa e tla ganèla naeō [kgosi ya botsheka]: me kgosi ea botsheka e tla tla go tlhabana le eōna yaka secuacue.” (Daniele 11:40) Dikgosi tse di tlhabanang tseno ke dife, mme ditiro tsa bone tse di boleletsweng pele di botlhokwa go le kana-kang?
7. (a) Kgotlhang magareng ga dikgosi tse pedi e simologile leng? (b) Ke ka ntlhayang fa maina “kgosi ea botsheka” gammogo le “kgosi ea borwa” a ne a tshwanetse? (c) “Kgosi ea botsheka” e tshwantshiwa le mmuso ofe wa lekgolo lantlha la dingwaga, mme ‘mokgethisi o ne a ralala bogosi’ jang?
7 Kgotlhang e e magareng ga dikgosi tseno e simologile morago ga gore mmuso wa ga Alexander yo Mogolo o kgaoganngwe. Mo letlhakoreng le lengwe, Seleucus Nicator o ne a busa Asiria mme Ptolemy Lagus a tlhoma tatelano ya babusi mo Egepeto. Babusi bano ba ba tlhabanang, bao ba neng ba le kwa botsheka le kwa borwa jwa lefatshe la batho ba ga Jehofa, Baiseraele, ba ile ba nna bone “kgosi ea [ntlha ya] botsheka” le “kgosi ea borwa.” (Daniele 11:2-5) Mme fa nako e ntse e tsamaya, go itsiwe ga dikgosi tseno go ne ga fetoga. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., maatla a mmuso wa Roma a ne a nna “kgosi ea botsheka.” Ka nako eo mo hisetoring go ne ‘go tla ema mo bonnong jwa gagwe mongwe yo o tla dirang gore mokgethisi a ralale kgalalelo ya bogosi. (Daniele 11:20-22) Jaaka fa go boleletswe-pele, Kaesare Aguseto o ile a roma “mokgethisi” ka go laola “gore lehatshe yeotlhe le kwalwè.” Ka ntlha ya molao ono, Josefe le Maria ba ne ba ya Bethelehema ka 2 B.C.E. go ya go kwalwa, ga felela ka botsalo jwa ga Jesu mo lefelong leo le neng le boleletswe-pele.—Luke 2:1-7; Mika 5:2.
8. (a) Re itse jang gore go ne go tla nna le ditiragalo tsa lekgolo la bo-20 la dingwaga tseo di kopanyeletsang dikgosi tse pedi tseno? (b) “Lobaka lo lo laocweñ” lwa “kgosi ea botsheka” go tsogela borwa kgatlhanong e ne e le lofe? (c) Dikgosi tse pedi tseno di ka tshwantshiwa le mebuso efe ya galenyana mo lekgolong leno la dingwaga?
8 Ka dikgakologo tsa 33 C.E. Jesu Keresete o neetse boperofeti jo bo gakgamatsang kaga “metlha ea bohelō.” O ne a tsopola go tswa go Daniele 11:31 mme ka gone a bontsha gore go ne go tla nna le ditiragalo tse di kgolo tsa lekgolo la bo-20 la dingwaga tse di kopanyeletsang “kgosi ea botsheka” gammogo le “kgosi ea borwa.” (Mathaio 24:15) Go ne go boleletswe-pele gore “kgosi ea botsheka” e ne e tla nna kgatlhanong le ya borwa “mo lebakeñ le le laocweñ.” (Daniele 11:29, 30) E ne e le leng? Ebu, ka 1914 —ngwaga one oo Metlha ya Baditshaba e khutlileng ka one le oo Bogosi jwa Modimo bo neng jwa tlhongwa kwa legodimong ka one! Mo ngwageng oo “kgosi ea botsheka” ya Mojeremane e ne ya simolola go tlhabana le “kgosi ea borwa,” eo e leng Anglo-American World Power, Jeremane gammogo le badira-kgolagano nae ba ne ba fenngwa mo Ntweng ya Lefatshe 1 gammogo le mo go ya bobedi. “Kgosi ea botsheka” ka nako eo e ne ya itsiwe ka tsela e ntšha.
9. (a) Ke boemo bofe joo Basupi ba ga Jehofa ba bo bolokang mabapi le dikgang tsa bopolotiki? (b) A seno se ba thibela go bona ditiragalo tse di rileng tsa bopolotiki go sa le pele?
9 Basupi ba ga Jehofa ba boloka go se tseye letlhakore go go gagametseng ga Bokeresete. Ga se ba lefatshe leno ebile ga ba kopanele mo dikgannyeng tsa lone tsa bopolotiki. (Yohane 17:16) Lefa go ntse jalo, ba tsaya lefoko la Modimo la boperofeti tsia, mme seno se ba kgonisitse go bona ka moo boperofeti jwa ga Daniele bo ntseng bo atamela kgato ya jone ya bofelo ya go diragadiwa ga jaanong ka gone. (Isaia 42:9) Gape, mo lobakeng Iwa fa morago ga Ntwa ya Lefatshe II, mebuso e mebedi e megolo ea tlhabana, mongwe o gaisana le o mongwe ka dibetsa tse di kotsi tseo di pateletsang lefatshe gore le dirise madi a a fetang dibilione di le 960 tsa diranta ngwaga le ngwaga.
10. (a) “Se se makgapha” se se go Daniele 11:31 ke eng? (b) Dikgosi tseno ka bobedi di ile tsa tshwara batho ba ga Jehofa jang, mme ka ntlhayang?
10 Fa Jesu a ne a bua kaga boperofeti jwa ga Daniele jo bo mabapi le “se se makgapha a a shwahatsañ,” o rile: “A eo o balañ a tlhaloganyè.” (Mathaio 24:15; Daniele 11:31) ‘Go tlhaloganya’ tiragatso ya boperofeti jwa Bibela go bontshitse fa “se se makgapha” e le mokgatlho wa Merafe e e Kopaneng, oo o ileng wa tlhongwa kgatlhanong le Bogosi jwa Modimo. ‘Go tlhaloganya’ gape ga go belaetse mabapi le go itsiwe (mo setlhoeng seno sa go diragala ga boperofeti) ga “kgosi ea botsheka” jaaka fa e gaisanya le “kgosi ea borwa” mo ntweng ya bone ya makgaola-kgang. Lefa e le ene kana “kgosi ea botsheka” ga baa ikaelela go neela bolaodi go Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, joo jaanong bo itsisiweng lefatshe ka bophara ke Basupi ba ga Jehofa. Dikgosi tseno ka bobedi di nnile le seabe mo go bogiseng Basupi.—Daniele 11:36-39; Mathaio 5:10-12; Yohane 15:19, 20.
11. (a) “Kgosi ea botsheka” e bolelang? (b) “Kgosi” eno e bua kgatlhanong le Jehofa jang?
11 Mabapi le “kgosi ea botsheka,” boperofeti bo re: “E tla icholetsa, e itiha mogolo bogolo go medimo eotlhe, e tla bua dilō tse di gakgamatsañ kaga Modimo oa medimo: . . . E tla ikgodisa godimo ga botlhe.” (Daniele 11:36, 37) ‘Kgosi eno ya botsheka’ e e sa dumeleng mo go nneng gone ga Modimo e bolela gore Naga e na le tshwanelo ya go batla mo go oketsegileng go tswa go babusiwa ba yone. Go feta moo, “kgosi” eno e bua kgatlhanong le Jehofa ka go ikaelela go laola lefatshe lotlhe kwa ntle ga Bogosi jwa Modimo. Ka mo go tshwanang, “kgosi ea borwa” le yone ga e batle go utlwa sepe kaga Bogosi joo, go sa kgathalesege tsopolo ya boitimokanyo go tswa mo Bibeleng e e dirwang ke babueledi ba yone ba bopolotiki.—Tshenolō 11:17, 18.
“Kgosi” le Modimo o o sa Tlwaelegang
12. “Kgosi ea botsheka” e galaletsa modimo ofe?
12 Jaaka “kgosi ea botsheka” e bonala e sa rate bodumedi, lefa go ntse jalo, e na le modimo. Boperofeti bo re: “Me kwa go eōna, e tla tlotla modimo oa dikagō tsa tlhabanèlō.” (Daniele 11:38) A “kgosi” eno e ne ya tlotla “modimo oa dikagō tsa tlhabanèlō,” e tlotlomatsa boitseanape jwa segompieno jwa ntwa jaaka mmoloki wa batho ba karolo ya merafe ya gagwe?
13. Ke ka ntlhayang fa go twe dikgosi tseno ka bobedi ‘di ikanya dikara tsa tlhabano’?
13 Eleruri o go dirile! Go ya ka The Military Balance 1981-1982, The International Institute for Strategic Studies se beile batlhabani bao ba tlhometseng ka dibetsa ba morafe o mogolo mo mmusong wa “kgosi ea botsheka” go feta 4 000 000 fa go bapislwa le ba ba fetang 2 049 000 ba morafe o o tsayang maemo a a kwa pele wa kwa “borwa.” Mo bogareng jwa 1982, SIPRI (Stockholm International Peace Research Institute) e begile gore “borwa” bo ne bo kgona go ntsha dibetsa tsa nuklea tse 9 540 tseo di nang le nonofo ya go thunya e e kana ka di-megaton di le 3 448 fa go bapisiwa le dibetsa di le 8 802 tsa kwa “botsheka,” tse di nang le nonofo ya go thunya ya di-megaton di le 4 535. Abo go na le kgonego ya go senya e kgolo jang ne, ereka megaton e le nngwe e na le maatla a go thunya a a lekanang le a di-ton di le millone tsa TNT! Ka mo go phepafetseng, dikgosi tseno tse pedi tse di gaisanang di ‘ikanya dikara tsa tlhabano.’—Isala 31:1.
14. (a) Ke go “ganèla” gofe goo go ntseng go diragala ga jaanong? (b) A o ka neela bosupi jwa gore batho ba mo kotsing?
14 “Kgosi ea borwa” e “ganèla” kgaisano ya yone ka bopolotiki, le e leng ka sesole. (Daniele 11:40) Gompieno go na le kgaisano e e tswelangpele ya dibetsa eo e sa emiseng eo e tshosetsang setho ka kudumedi ya nuklea. Fa SIPRI Yearbook 1982 e tlotlomatsa poitshego eno, e tlhagisitse jaana:
Go lekalekana magareng ga mebuso e mebedi e megolo mo dibetseng tsa nuklea tse di tlwaelegileng ga go a tlhomama. . . . Mo boemong jwa seo se ka bong gongwe se ile sa lebega e le thulaganyo e e tlhomameng ya sekgoreletsi—tekatekanyo ya tshenyo e e tlhomamisitsweng—re boifa go itaya ga ntlha go go dirisitsweng jaaka lebaka la koketsego e e kwa godimo thata eo ga jaanong e leng mo tshekatshekong mo dithulaganyong le thekong ya dibetsa tseo di siametseng ntwa. Mo gare ga tsone, mebuso e mebedi e megolo, e e laolang dibetsa tsa nuklea, e na le nonofo ya tshenyo e e feletseng eo ka tshwanelo e lekanang le sephatlo sa milione sa dibomo tsa Hiroshima: mme seo ga sea lekana. Ga go kake ga nna le sekai sepe se se botoka sa tsela eo boitseanape bo tlhabololang dibetsa ka gone—mo lebakeng leno go nepa go go golang ga dimmesaele tseo di kgonang go thuntsha ka botsone mo lefatsheng lotlhe—di fokotsa go sireletsega go na le go bo oketsa.”
15. (a) A dikgosi tseno di tla ke di tsogelane kgatlhanong ka dibetsa? (b) Mme ke eng seo lefoko la Modimo la boperofeti le se phepafatsang?
15 ‘Go ganelela’ ga “kgosi ea borwa” go ne go tshwanetse ga baka gore “kgosi ea botsheka” e ‘tlhabane le ena jaaka setsuatsue, ka dikara, le ka bapalami ba dipitse le ka dishepa di le dintsi.’ Ee, dikgosi tseno di ne di tla nna le lebaka la go tsogelana kgatlhanong bobotlana ka dibetsa tse ba nang le tsone. Mme gape “kgosi ea botsheka” e ne e tla gapa taolo “mo diloñ cotlhe tse di tlhokègañ” tsa lefatshe leno. (Daniele 11:40-43) Ka 1981 “kgosi ea botsheka” e ne ya laola batho ba ba fetang dibilione di le 1,5 mo merafeng e le 16, mme ke fela fa nako e ntse e tsamaya go tla itshupang gore “kgosi” eno e tla godisa mmuso wa yone go ya go fitlha bokgakaleng bofe. Mme katlholo ya phediso godimo ga dikgosi tseno e tswa motsweding o mongwe. Lefoko la Modimo la boperofeti le phepafatsa seo.
Dipego tse di Huduang—Mme Morago Bokhutlo!
16. “Ditumedi tse di huduañ” di tswa kae, mme di fitlha go “kgosi ea botsheka” jang?
16 Boperofeti jo bogolo jono bo konela ka gore: “Me ditumedi tse di cwañ ntlheñ ea botlhabatsatsi le ntlheñ ea botsheka di tla e hudua: me e tla bolola ka cararègō e kgolo, e ea go senya le go tlosetsa rure batho ba le bantsi. . . . leha go nntse yalo e tla hitlha mo bokhutloñ yoa eōna, me go se opè eo o e thusañ.” (Daniele 11:44, 45) Eleruri dipego tse di huduang tseno di tswa go Jehofa ka Jesu Keresete. Dikwalo di kaya Modimo a le kwa botsheka, mme ene gammogo le Keresete ka tshwantshetso ba bidiwa “dikgosi tse di cwañ, kwa botlhabatsatsi.” (Tshenolō 16:12; Pesalema 48:2; 75:6, 7) Mme “ditumedi” tseno di ka fitlhelela “kgosi ea botsheka” jang? Ebu, ka phuthego ya Modimo e e mo lefatsheng, eo e leng setlhopha sa motlodiwa sa ga Jehofa gammogo le bankane ba bone ba “boidiidi yo bogolo”!
17. (a) Ke eng seo “kgosi ea botsheka” e tla se dirang ka ntlha ya “ditumedi”? (b) A “kgosi ea borwa” e tla nna fela e sa dire sepe? (c) Ke eng seo Jehofa a tla se dirang ka nako eo mo boemong jwa basupi ba gagwe ba ba ikanyegang?
17 Modimo ke one o tla dirang diphetso kaga diteng tsa “ditumedi” tseno. Lefa go ntse jalo, lefa sebopego sa tsone se ka nna sefe, di tla shakgatsa “kgosi ea botsheka” mo e leng gore e tla tsaya kgato go nyeletsa batho ba ga Jehofa. Tota, Satane Diabolo, Gogo wa Magogo wa tshwantshetso, o tla tlhotlheletsa ka bobedi “kgosi ea botsheka” le “kgosi ea borwa” mo tlhaselong ya gagwe e e feletseng go batlhanka ba boammaaruri ba Modimo. (Esekiele 38:10-12) Mme basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ga go tlhokege gore ba boife go nyelediwa. Mogodimodimo o tla ba golola, mme dikgosi tseo ka bobedi di tla nna mo gare ga bao ba tla nyelediwang “kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothatayeotlhe,” kwa Hara-Magedona.—Tshenolō 16:14-16; Esekiele 38:18-23.a
18. (a) A goa tlhokafala gore Basupi ba ga Jehofa ba boife dilo tse di tla diragalang mo isagweng? (b) Ke ka ntlhayang fa ba na le tsholofelo e e tswelelangpele mo lefokong la Modimo la boperofeti?
18 Ka jalo, go ya go fitlha fela kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, Basupi ba ga Jehofa ba tla itsise molaetsa wa Bogosi ba sena poifo. (Mathaio 24:14) “Kgosi ea botsheka” lefa e le “kgosi ea borwa” kana Diabolo le masomosomo a gagwe a badimona ga ba kitla ba kgona go ba emisa. Re tlhomamisegile tota kaga seno. Ka ntlhayang? Ka gonne phetso e e ntseng jalo e ikaegile ka mo go nonofileng mo ditsholofetsong tsa Rraarona wa legodimo, mme lefoko la ga Jehofa le tlhomame. (2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1-5) Ditsholofetso gammogo le boperofeti tsa bomodimo di nnile tsa diragadiwa ka metlha. Ka ikanyo ya pelo yotlhe, ekete batho botlhe ba ba rulagantsweng ba ga Jehofa ba ka tswelapele go tsaya lefoko la Modimo la boperofeti jwa motlha wa rona tsia.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona boikitsiso jo bo oketsegileng jwa dikgosi tseno, ka tswee bona dikgaolo 10 le 11 tsa buka ya “Your Will Be Done on Earth,” e e gatisitsweng ka 1958 ke Watch Tower Bible and Tract Society of New York, Inc.
A O Ka Gakologelwa?
◻ Re itse jang gore Jesu o teng ka maatla a Bogosi gompieno?
◻ Mabapi le dikgang tsa bopolotiki, ke boemo bofe joo Basupi ba ga Jehofa ba bo bolokang?
◻ “Kgosi ea botsheka” gammogo le “kgosi ea borwa” tsa motlha wa gompieno di itsiwe ka leina lefe?
◻ Ke bokhutlo bofe jo bo letetseng dikgosi tseno?
◻ Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go nna le tsholofelo mo lefokong la Modimo la boperofeti?
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
“Kgosi ea botsheka” e galaletsa “modimo oa dikagō tsa tlhabanèlō”