LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 8/1 ts. 29-30
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgolagano tse di Kopanyelefsang Boikaelelo jwa Goyagaile jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Kgolagano ya Modimo le “Tsala” ya Gagwe e Setse e Solegela Didikadike Molemo
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Masego a Magolwane a a Tlang Ka Kgolagano e Ntšha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Jehofa ke Modimo wa Dikgolagano
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 8/1 ts. 29-30

Dipotso tse di Tswang go Babadi

▪ Ke jang seo Jesu a se buileng go Yohane kgaolo 10 kaga masaka a dinku se amanang le kgolagano ya ga Aberahame?

Kgolagano eo Jehofa Modimo a e dirileng le Aberahame e tlhoma boikaelelo jo bo gakgamatsang, jwa lobaka lo loleele lwa Modimo go segofatsa batho ba ba tswang mo merafeng yotlhe ka losika lwa ga Aberahame. Masaka a dinku ao Jesu a buileng ka one mo go Yohane kgaolo ya bo-10 ke dikarolo tse di mo teng ga boikaelelo jo bo diragalang jwa Modimo jo bo senotsweng mo kgolaganong ya ga Aberahame.

Fa a atolosa kgolagano jaaka e ne ya tlhalosiwa la ntlha mo go Genesise 12:1-3, Modimo o ne wa raya Aberahame wa re: “Ka re, Mo go segōhatseñ ke tla gu segōhatsa, le mo go ntsihatseñ ke tla ntsihatsa losika loa gago yaka dinaledi tsa legodimo, le yaka moshawa o o mo dintshiñ tsa lewatlè: me losika loa gago lo tla rua kgōrō ea motse ea baba ba lona. Me merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago; ka u utlwile lencwe ya me.”—Genesise 22:17, 18.

Mme ke jang mola wa losika loo o neng o tla sirelediwa le go bolokwa o itshekile, mme ke jang losika lo lo solofeditsweng lo neng lo tla kgethololwa fa le ne le goroga? Jehofa Modimo o ne a tsenya letsogo mme a baakanyetsa ka kgolagano ya Molao eo e neng e tsereganngwa ke Moshe; seno se ne se sa ganetse kgolagano ya ga Aberahame mme se ne se e oketsa. (Bagalatia 3:16-18) Dipatlafalo tsa Molao di ne di thusa Iseraele go sirelediwa mo bomoyeng, boitsholong le mo kgotlegelong ya mmele ke merafe e e mo tikologong. Ka gone Baiseraele ba ne ba ka nna jaaka dinku mo dithakong tsa tshireletsego tsa saka ja dinku je le tiileng. Gape, jaaka Bagalatia 3:24 e bolela, Molao, e ne e le mogoga banyana o gogela go “losika” lwa Bomesia, e le gore fa a ne a goroga Baiseraele ba ne ba tla bo ba le mo boemong jwa go lemoga boleo jwa bone le go mo tlhoka ga bone.

Jesu Keresete o ne a nna losika lwa konokono lwa kgolagano ya ga Aberahame, lefa go ie jalo Modimo o ne o ikaeletse go tlhopha batho ba bangwe go nna ba losika Iwa bobedi. Moaposetoloi Paulo ka gone o ne a kwala kaga bao ‘eleng ba ga Keresete eleruri e ne e le ba losika Iwa ga Aberahame, ke baruaboswa ba tsholofetso.’ (Bagalatia 3:29) Karolo eno ya kgolagano ya ga Aberahame e ne e tla fitlhelelwa jang?

Keresete o ne a tla bonalela ‘dinku tse di timetseng tsa ntlo ya Iseraele’ mme a tlhopha balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang go tsweng mo dinkung tsa saka ja dinku la Molao wa ga Moshe. (Mathaio 10:6) Bajuda bao ba neng ba mo lemoga jaaka Mesia, mme le jaaka modisa yoo ba neng ba mo tlhoka mo go kalo, o ne a ba tsenya mo sakeng je lesha leo la Iseraele wa semoya ie le neng ie boleletswe pele la “kgōlaganō e ncha” e e tsereganngwang ke Jesu ka boene. (Bahebera 8:7-13; Bagalatia 6:16) Moragonyana, Basamaria ba ba rupisitsweng mme he Baditšhaba ba ba sa rupisiwang ba ne ba tla tlisiwa mo sakeng jeno, gammogo le go nna karolo ya losika lwa bobedi lwa ga Aberahame. Mo go Yohane 10:11 Jesu o ne a re, “Ke nna modisa eo o molemō.” Eleruri o ne a ntse jalo malebana le Bajuda le Baditšhaba ba ba neng ba nna Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba neng ba phuthelwa mo sakeng ja dinku la kgolagano e ntšha.

Seno sotlhe se bontsha kafa ka bobedi saka ja letsomane ja Molao wa ga Moshe bakeng sa Iseraele wa tlholego le saka ja dinku ja kgolagano e ntšha ka Baiseraele ba semoya a neng a dirisisana ka gone le kgolagano ya ga Aberahame.

Gotweng he, ka “dinku di sele” tseo e neng e se tsa “saka ye,” saka ja Iseraele wa semoya le le neng le dira losika lwa bobedi Iwa ga Aberahame? (Yohane 10:16) Dinku di sele le tsone gape di tla mo teng ga karolo ya kgolagano ya ga Aberahame, ka go bo o tla gakologelwa gore Modimo o ne wa solofetsa Aberahame gore “merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago.” (Genesise 22:18) Dinku di sele tseno di ka tlhalosiwa jaaka tseo di leng mo lesakeng le le farologaneng (lesaka la bobedi) tlaseng ga Modisa yo o Molemo. Eleruri ga di mo lesakeng je le tshwanang jaaka batho bao e nnang baruaboswa malebana le tsholofetso ya ga Aberahame. Mme ba dirisana sentle le losika lwa bobedi Iwa ga Aberahame, ba tla go nna letsomane le le lengwe fela tlaseng ga modisa a le mongwe yo e leng wa losika lwa konokono Iwa ga Aberahame. Dinku di sele tseno di na le tebelelo e e kgatlhisang ya botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng ya lefatshe e e tsosolositsweng. Ga go ope yo o ka ganelang gore ka gone ba itshegofatsa ka losika lwa ga Aberahame.

Ka gone he, masaka a dinku a a farologaneng a ga Yohane kgaolo 10—saka ja dinku ja Molao wa ga Moshe bakeng sa Baiseraele ba tlholego, saka ja Iseraele wa semoya mo kgolaganong e ntšha, le thulaganyo ya seka-saka bakeng sa dinku di sele bao ba tswang go “merahe eotlhe ea lehatshe”—yotlhe e nyalana le boikaelelo jo bo gakgamatsang jo bo diragadiwang jwa Modimo jaaka bo ne jwa supiwa go kgolagano ya ga Aberahame.

▪ A go na le lebaka lepe la Dikwalo la gore ke eng fa Basupa ba ga Jehofa ba sa tshwanela go amogela dilo tse di emelang madi kana “madi a a itiretsweng”?

Go itsege sentle thata gore ka mabaka a bodumedi Basupi ba ga Jehofa ga ba amogele ditshelo tsa madi. E sa le motlheng ga Noa baobamedi ba boammaaruri ba ile ba gana go ja madi. (Genesise 9:3, 4) Madi a a ntshitsweng mo sebopiweng a ne a tshwanetse go tshololwa; a ne a sa tshwanela go bolokiwa. (Duteronome 12:22-25) Bakeresete ba laelwa go ‘ithiba mo mading.’ Jalo Basupi ba ga Jehofa ga ba amogele go tshelwa madi a a abilweng; lefa e le gore ba ka dumela gore madi a bone a gogiwe, a bolokiwe mme e re moragonyana a tshelwe gape mo ditshikeng tsa bone.—Ditihō 15:28, 29.

Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba na kganetso epe ya sedumedi ya go emisetsa madi a a tshologileng ka metswako e e seng ya madi. Mengwe ya eno e e dirisiwang ka mo go tlwaelegileng ke motswako wa saline, Ringer’s lactate, dextran le Hespan.

Dingaka di lemoga gore dioketsi tseo di na le melemo e mentsi, o mogolo e le gore ga di beye moIwetsi kotsing ya malwetsi a le mantsi le dikotsing tse dingwe tsa go tshelwa madi. Gape-gape, bosupi bo bontsha gore balwetsi ba le bantsi ba ka amogela madi a mabotlana thata go na le jaaka go ne go gopotswe pele.

Mo dingwageng tsa bosheng jaana go ile ga nna le ditekeletso ka seemisetsi sa madi sa fluorine (mo go tweng ke madi a a iteretsweng) ao a bonalang a kgona go isa okesejene mo diseleng tsa mmele. Go santse go ka nna le kotsi mo go diriseng tseno go fitlhelela nakong eo se se tla bong se tlhatlhobilwe ka botlalo. Mme ga se a dirwa ka madi mme jalo ga se na go thulana le segakolodi se se thapisitsweng ka Bibela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela