Go Iketleeletsa Bokhutlo ka Metlha-Yotlhe
Jaaka go goletse Herald Toutjian
NGWAGA e ne e le wa 1896. Makhubu a thubakanyo e e sa iketlang a ne a dikanyetsa batho ba metse ya Armenia mo Asia Minor bao ba neng ba ka se ithe sepe. Seno se ne sa tsenya legae le lelapa la ga ntate-mogolo mo tsietseng, ebong Lucius V. Toutjian, mo toropong ya bogologolo ya Maraş, kgakala kwa Dithabeng tsa Taurus kwa borwa bogare jwa Turkey.
Tsela ya go falola e ne e le kwa tlase-tlase kwa borwa jwa Mediterranean—mme go falolela kae? E ne e tla nna Amerika, ntate-mogolo a fetsa jalo! Ka potlako lelapa le ne la phutha dithoto tsa lone mme la tshaba. Mo Tareso, lefelo le moaposetoloi Paulo a neng a tsalelwa gone, ba ne ba tshwarwa mme ba latlhelwa mo kgolegelong. Polelo eno e ka bo e lle ya felela gone foo fa e ka bo mosimegi wa Mo-Amerika a ne a ka bo a se ka a tsenya letsogo ka nako e e tshwanetseng. Ka thuso ya gagwe mme mo lefitshwaneng la ntshwarela-ngwana lelapa le ne la tsena mo sekelo ya Maraş, kgakala long jwa dikepe jo bo gaufi jwa Mediterranean mme ba leba kwa bophirimatsatsi.
Loeto lwa go ya Amerika lo ne lo le botlhoko jo bo ngomolang pelo, segolo bogolo go nkuku. O ne a tlogela sotlhe seo a neg a tla go se itse jaaka legae—ditsala, masika le dikgakologelo tse dintle tsa tidimalo, dithunya tse di monkgo monate mo Maraş, tseo di logiIweng mo mhapheng wa thaba.
Go tswa fa Marseilles le mo Lontone loeto lo loleele lo ne lwa tswelela. Lewatle la Atlantic le le kgaphaselang le ne le gaketse tota. Makhubu a a befileng a ne a ntaka sekepe se se kwelang mme kotsi e ne ya tswelela go tlhagela lelapa. Mo bogareng jwa loeto gofejane o ne a tlhokafala ka tshoganyetso mme a fitlhwa fa lewatleng. Ka jalo dipelo di ne di tletse khutsafalo le ketsaetsego jaaka sekepe se ne se ololola mo New York. Lelapa le na la tswa mo sekepeng mme ba tlhakatlhakana le matshwititshwiti a batho ao a gobeang mo ntlheng ya botlhaba kwa tlase mo New York, borakanelo jwa merafe le ditso.
Goreng Maikano A A Kgaolang Pelo?
Dingwaga tsa morago tsa 1896 go sena go gorogiwa mo New York di ne di le bokete. Go ne go se motlhofo go dira phetogo ka bofefo go tswa toropong e e tidimalo ya Turkey go ya mo New York e e farakanang ka batho. Lelapa le ne la tshwanelwa ke go fetogela puong e ntšha, tikologong e ba sa e itseng le maikutlo a loago a a akabatsang. Ba ne ba fuduga ba tswa fa ba ya kwa mme e se ka ntlha ya patlo ya dithoto tse di bonalang: ntate-mogolo o ne a lemoga ka botlalo ditlhokafalo tsa semoya tsa lelapa. O ne a na le dipotso di le dintsi malebana le boikaelelo jo bo sa feleng jwa Modimo le phelelo e eleng yone tota ka setho. Lefa go le jalo bakeng sa lelapa leo le ileng la tshela ka pogiso ya bodumedi le mekgwa ya teng, potso e e tshwenyang e ne e le go dumelelwa ga boikepo. Ke ka ntlha yang fa Modimo o o lorato o bo dumelela? Bo ne bo tla tswelela lobaka lo lo kae? Ke jang ebile bo tla fela leng? Ntatemogolo o ne a iketleeleditse go bona dikarabelo tse di kgotsofatsang—dikarabelo tsa Dikwalo.
Ka go tlhokomologa kakanyo ya bodumedi jwa ngwao e kgolo, o ne a tlhotlhomisa ditumelo tsa moya, mme dipotso tsa gagwe tsa fela di sa arabiwa. “E ne e le paka e e kgaolang pelo,” rre o ne a tlhalosa jalo, “fa ntate-mogolo a ne a re phutha rotlhe re le mmogo, mme jaaka lelapa ra ikana gore le ka motlha ga re ketla re kopanela le ditumelo tse eseng tsa sepe tsa La-Bodumedi tseo di buang Bokeresete ka molomo fela.” Ntate-mogolo o ne a fetsa ka gore boammaaruri bo tshwanetse jwa bo bo le golo gongwe.
Boammaaruri bo ne jwa ba fitlhela ka tsela e e sa tlwaelegang. Go le pele, fa ba ne ba nna mo Allegheny, mo Pennsylvania, ntate-mogolo o ne a elatlhoko kitsiso ya puo ya phatlalatsa ka Pastor Russell, mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society. Dipotso tse di mo kitsisong di ne tsa gwetlha keletso ya go batla go itse ya ga ntate-mogolo mme lelapa le ne la tlhotlhomisa kwa holo ya polelo eleng gone. Ka maswabi ba ne ba seka ba kgona go e bona mme ba boela gae ba sulafetse. Mme ntate-mogolo o ne a kwala kitsiso eno mo tlhaloganyong go tlhotlhomisa dithuto tsa Watch Tower Society.
Patllsiso ya gagwe e e matsetseleko bakeng sa se eleng sone le boammaaruri e ne ya duela fa lekgolo la dingwaga le ne le fela. Ka nako eo boora-Toutjian ba ne ba nna mo Los Angeles, mo California, mme ka Sontaga mongwe ka 1901, fa ba ne ba feta fa kerekeng, ba ne ba neelwa pampitshana ya Bibela ke modiri wa moithaopi go tswa Watch Tower Soclety. (Mo malatsing ao karolo ya go neela bosupi ka badiri ba Watch Tower e ne e le go phatlalatsa dipampitshana tsa Blbela go baya-kerekeng morago ga ditirelo.) Ntate-mogolo ka go lebelela mo pampitshaneng o ne a akgela, “Eno ke tiro ya ga Pastor Russell.” Kakgelo eo e ne ya utlwiwa kgakalanyana ke modiri wa moithaopi, mme metsotso e se mekae moragonyana o ne a tla fa lelapeng mme a le laleletsa kwa thutong ya setlhopha ya ntlha ya bone ya Bibela. Ba ne ba e amogela mme ba nna gone mo thutong, ba e lemoga fa e le jone boammaaruri jo bo saleng bo batlilwe bogologolo mme ba simolola go kopanela le Phuthego ya maloko a a 27 ya Los Angeles.
1914 E Ne E Tla Tlisang?
Dikokomana tse pedi tseo tsa lelapa loora-Toutjian, batsadi ba me le bagaetsho mogolo ba ne ba na le ditebelelo tse di kwa godimo thata ka ngwaga wa 1914. Kwa tshimologong fela ya 1880, Tora ya Tebelo e ne ya gatisa letsatsi leo jaaka leo le tshwayang “metlha e e laotsweng ya merafe,” kana Metlha ya Baditšhaba. (Luke 21:24; bapisa Bibela e e Boitshèpo.) A 1914 e ne e tla tshwaya bofelo jwa puso ya ga Satane le Puso ya Dingwaga tse di Sekete e e saleng e letetswe bogologolo ya ga Keresete Jesu?
Jaaka ngwaga oo o ne o atamela thata go ne ga bonala gore ditebelelo tsa batho ka metlha di ne di sa thulane le tshupanako ya ga Jehofa. Ka tokololo ya Tora ya Tebelo, ya January 1, 1914, e ne ya tlhalosa ka gore: “Ga go mo maatleng a kakanyo ya rona go akanyetsa gore sotlhe seo Dikwalo di se bolelang se ka fitlhelelwa le go lebelelwa mo ngwageng e le nngwe pele ga Puso ya Kagiso e tla.” Go tswa foo, morago ga go akgela ka dikgonego tse di tla simololang mo isagweng, Tora ya Tebelo e ne ya tlhagisa ka gore: “Ka gone, a ka metlha yotlhe re nneng re tsogile go feta le eleng pele, go dirisiwa le go nna mosola mo tirelong ya Kgosi ya rona.”
Ka gone Tora ya Tebelo e ne ya tlhoma boikutlo jo bo tshwanetseng mo babading ba yone. Go tlhomama, go nna ba tsogile, go letela mo go Jehofa le go sa letle ditebelelo tsa bone go ba tshwenya mo go fetileng go betla boikutlo jwa bone malebana le Modimo le tirelo ya gagwe. Eno e ne e le pono eo maloko a lelapa la gaetsho le botlhe bao ba ba ikanyegang ba neng ba e tsaya. Go ne ga tla go lemogiwa ka bofefo gore ngwaga eo e ne ya tlotlomadiwa ke tiragatso ya polelelopele. Merafe e ne ya tsogologela merafe, mme ditiragalo tsa ngwaga eo e e tshwaegang di ne tsa tlisa “tshimologō ea botlhoko yoa pelèga” godimo ga tsamaiso ya dilo. (Mathaio 24:7, 8) Lefa go ntse jalo, seno se ne sa itshupa e le teko ya tlhotlheletso le ya boineelo. Ba bangwe ba ne ba solofela fela thata, ebile e le ka bofefo. Ka maswabi, ba ne ba paleIwa ke go fitlhelela kgwetlho.
“Hèla Yaka Legodu”
Bakeresete ba ne ba tlhagisiwa ke moaposetoloi Paulo gore letsatsi ja katlholo ja ga Jehofa le tla tla le sa lebeleIwa. O ne a kwala ka gore: “Gonne le lona ka losi lo itse sèntlè ha letsatsi ya [ga Jehofa] le tla hèla yaka legodu bosigo. . . . Yalo a re se robaleñ, yaka ba bañwe ba tla ba dihe, me a re lebeleleñ, re nneñ boitekanèlō.” (1 Bathesalonia 5:2-6) Ka mo go tlhaloganyesegang he, Bakeresete ba ba tsogileng, ba ba kelotlhoko mo lekgolong la dingwaga la bo-20 ba ile ba nna podi-matseba ka ditiragalo tsotlhe le ditshupo tsa ditlhatlhamano tseo di ka supang bogaufi “jwa letsatsi ja ga Jehofa”—fela jaaka motho yo o lebeletseng nako ya go goroga ga legodu bosigo a ka tsayang mokgwasa mongwe fela o o sa tlwaelegang jaaka tshupo ya gore legodu le setse le le gone.
Ngwaga wa 1925 le one ka go tshwana o ne o tsholetse batlhanka ba ga Jehofa ditebelelo tse di rileng. Go ne ga akanngwa gore tikologo ya bo-Jubile ba tshwantshetso ba ba 70 (dingwaga tse 70 x 50) go tlogeng nakong ya fa Iseraele a ne a tsena mo Lefatsheng ja Tsholofetso ba ne ba tla fela ka 1925 mme go ne go tla tshwaya tshimologo ya setshwani se se segolo sa Jubile, Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete. Go ne ga se ka ga fela go ntse jalo.
Lefa go ntse jalo, lelapa la rona le ne la tla go lemoga gore ditebelelo tseo di sa fitlhelelweng ga se tsa mofuta wa tsone fela mo motlheng wa rona. Baaposetoloi le bone ka bobone ba ne ba na le ditebelelo tse di ntseng jalo tseo eseng tsone. Ba ne ba tsaya gore Jesu Keresete yo o tsositsweng o ne a tla busetsa tšhaba ya Iseraele mo kgalalelong ya yone ya pele jaaka batho ba ba ikgethetsweng ba ga Jehofa tlaseng ga puso ya bolegodimo, a phatlakanya bolaodi jo go neng go lebega bo le maatla jwa Roma. Ba ne ba botsa Jesu: “Morèna, a u bosetsa Iseraele bogosi ka baka lono?” O ne a araba ka gore, “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseñ mo thateñ ea gagwè.” (Ditihō 1:6, 7) Ntlha eo e e tshwanang ya motheo e ne ya dira gompieno go ‘setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo.’ Go na le tsogo-maroko, patlisiso ya go batla go itse boikaelelo jwa ga Jehofa, ka dinako tse dingwe le eleng go nna matlhagatlhaga ka mo go fetileng go batla go itse bofelo jwa tsamaiso e e boikepo ya lefatshe—mme nako e e leng yone ya ditiragalo e mo thateng ya ga Jehofa.—Mathaio 24:34-36, 45-47.
Ketelelo-pele le Tirelo Di Ne Di Tlhokwa
Morago ga botshelo jo bo humileng le jo bo tletseng, ntate-mogolo o ne a tlhokafala ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Ka gone o ne a tlogela kokomana ya bobedi ya Basupi ba ga Jehofa, barwa ba gagwe Shield le Robert (ntate), ka tlhagafalo ba bolela tlhokafalo ya gore “disañ, lo èmè ka tlhōmamō mo tumeloñ, lo dihè yaka banna, lo nnè thata.”—1 Bakorintha 16:13.
Rre-mogolo, Shield Toutjian, o ne a tsenelela tirelo ya “bo-pilgrim” ka nako ya ntwa ya lefatshe I le go fitlhelela losong lwa gagwe ka 1949 a ne a direla jaaka moemedi yo o etang wa nako e e tletseng wa Watch Tower Society, go bapisega le molebedi wa potologo gompieno. Ke sa ntse ke ntse ke kopana le bao ba gakologelwang botho jwa gagwe jo bo nonofileng, jo bo agang le tirelo ya gagwe e e boikanyego eo a neng a e direla diphuthego mo dikgaolong tse 47 tsa United States.
Paulo o ne a gakolola Bahebera: “Gopolañ ba ba kileñ ba lo laola.” (Bahebera 13:7) Rre ka metlha yotlhe o ne a etelela pele ka ntlha ya lorato Iwa gagwe go Jehofa le tirelo ya gagwe, segolo bogolo mo bodiheding jwa ntlo le ntlo. Go tloga fela kwa tshimologong o ne a lemoga tlhokafalo ya bagolwane go direla jaaka badisa ba boammaaruri. Ka 1926 o ne a hakela tirelo ya tshimo ya mosong ya Sontaga go setlhopha sa bagolwane, mo Oakland, mo California, tumalanong le sekao se se bolemo se se neng sa tlhongwa ke lelapa la Bethele mo Brooklyn. Fa pitso ya badihedi ba babulatsela e ne e tla o ne a arabela ka go aga tereilara ya ntlo eo e neng e tla nna legae la gagwe mo dingwageng tse 19 tse di latelang. Ka 1930 re ne ra ya kwa masimong a a kwa thoko mo Sierra Nevada mo sekgweng sa thaba e e kwa bokone jwa California. O ne tota a tlogela dithoto tsotlhe tsa gagwe tsa selefatshe mme le ka motlha ga a ise a ke a latlhegelwe ke pono ya patlafalo ya ga Jehofa ya “kobamelo e e feletseng.” O ne a swa ka 1961.—Duteronome 4:24, NW.
Jaaka leloko la kokomana ya boraro mo boammaaruring, ke sa gakologelwa dingwaga tsa pele tsa bo-1940. Ntwa ya Lefatshe II e ne ya tlisetsa Yuropa lobaka lo lo ntsho. Go tswa foo, ka ntlha ya Majapane go tlhasela Pearl Harbour ka 1941, United States of America e ne ya thabuela mo ntweng. Kgang ya boitlhaodi jwa Bokeresete e ne ya tlisetsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara pogiso. Merafe e le mentsi e ne ya re thibela. Mono mo United States re ne ka metlha re tlhaselwa ke digopa tse di gogomang maikutlo, tsa “borata-naga.” Go ne go bonala mo go rona ka nako eo jaaka ekete ntwa e ne e tla tlisa setlhoa sa tlhabano ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe, Aramagedona.—Tshenolō 16:14-16.
Go Sa Na Le Tiro E Kgolo Go Dirwa
Ke gakologelwa sentle-ntle ditebelelo tsa rona tse di potlakileng tse di saleng di letetswe bogologolo. Mme seo se neng sa senoga mo pele ga matlho a rona e ne e le namane e tona ya tiragatso e nngwe gape ya polelelo-pele ya ga Jesu mo go Mathaio 24:14: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”
Go ne go sa ntse go na le tiro ya lefatshe ka bophara go fitlhelelwa. Go simolola ka 1943 badihedi mo diphuthegong tsotlhe ba ne ba thapisiwa mo Sekolong sa Bolegodimo sa Tirelo sa beke le beke. Mme dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro Sekolo sa Gilead sa Bibela sa Watch Tower, ka nako eo kwa godimo ga New York States, se ne sa romela barongwa ba ba rutilweng kwa mafatsheng a a kgakala. Mafoko a ga Jesu—kaga go neela bosupi mo “lehatshiñ yeotlhe”—a ne a tsaya sebaka se se atlabetseng thata. Gape re ne ra fetola pono ya rona go akareletsa le go rarologa ga tiro ya lefatshe ka bophara e e neng e subologa, go atamela Jehofa le phuthego ya gagwe thata ka ‘sebopego sengwe le sengwe sa thapelo le kokotlelo, le go nna re tsogile mo dipakeng dingwe le dingwe.’—Baefesia 6:18.
Tiro e e atologileng ya masome a dingwaga e ile ya feta ka bofefo, mme potso jaanong e ne e le, Bo-1970 ba ne ba tla tlisang? Barwa ba me ba babedi, Duane le Jonathan, le morwadiake, Carmel—kokomana ya bone—ba ne ba setse ba godile ba bile ba na le malapa a bone. Re ne re solofetse gore dingwaga tse 6 000 tsa go nna gone ga motho di ne di tla fitlhelelwa ka 1975. A letsatsi leno le ne le tla re tlisa tshimologong ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete? Kgonego eo e ne ya re tshwenya thata.
Jaanong he re ka lebela morago mo ngwageng oo mme ra anaanela gore mafoko a ga Jesu mo go Mathaio 24:36 ga a re letlelele go tlhoma letsatsi bakeng sa bofelo. O ne a re: “Me kaga letsatsi yeuō, le nakō euō, ga go itse opè, leha e le baengele ba legodimo, leha e le Morwa, ha e se Rara a le esi hèla.” Lefa go le jalo, dikokomana tsa boraro le ya bone di ne tsa nna di tsogetse maroko ditshupo tsa metlha mme ba ntse ba “totahetse mo tihoñ ea Morèna.” (1 Bakorintha 15:58) Duane, Jonathan, Matthew Leondis, mogwe wa me, le nna re direla jaaka bagolwane mo diphuthegong tse di farologaneng mo California. Mo godimo ga moo, bakeng sa nako e e rileng Jonathan o ne a ipelela tshiamelo ya tirelo ya nako e e tletseng jaaka mmulatsela le jaaka leloko la lelapa la Bethele kwa ntlong-kgolo ya Watch Tower Society.
Boikutlo jo bo Tshwanetseng mo Nakong ya Bokhutlo
Le eleng fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, kwantle le pelaelo Jehofa o ne a dumelela batlhanka ba gagwe ba motlha wa segompieno go nna le ditsholofelo le ditebelelo tse di rileng. Tseno di ne tsa direla go senola tlhotlheletso ya rona ya boammaaruri le boteng jwa boineelo jwa rona. Lelapa la rona le ile la lebana le dipotso, A re direla Jehofa mo motheong wa lobaka lo lo khutshwane, ka dipaka tse e leng tsa rona? A re tlhotlhelediwa fela ke tsholofelo ya tuelo e e fa gaufi? Kgotsa a re nna re tsogile le go nna tlhaga, re ikanya mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa tse di boikanyego?—Tito 1:2.
Dikokomana tse pedi tsa lelapa la rona, rre le ntate-moglo, ba ne ba tlhokafala morago ga go ipelela matshelo a a duelang le a a itumedisang. Dikokomana tse nne di sa ntse di setse: ngwana-ngwanake, ditlogolwana tsame le nna. Jaanong ditlogolwana tsa me tse thataro di direla Jehofa, go swela dipaka molemo le go amogela maikarabelo mo phuthegong le bodiheding jwa tshimo jaaka gape ba solofetse bokhutlo le go tsena mo lefatsheng la Paradaise le le tla latelang. Rotlhe re na le tsholofelo ya gore lobaka lo lo saleng lo letetswe lo tla goroga ka nako e e leng ya ga Jehofa tota. Re ka dirisa kgakololo ya moperofeti Habakuke, “Lo e letè; gonne rure e tla tla, ga e ketla e dièga.”—Habakuke 2:3.
Jaanong, ke le mo ngwageng ya me ya bo-73, ke lebelela morago mo nakong ya botshelo jwa dikgakologelo tse di humileng mo go kopaneleng ga me le phuthego ya ga Jehofa. Kgopolo ya me e sa ntse e ntse e amilwe fela thata go tswa bongwaneng jwa me fa Mokaulengwe Russell a ne a eme mo kareng ya tsa mesepele, e e bulegileng a sadisa Phuthego ya San Francisco sentle ka go tsholetsa letsogo jaaka a ne a emelela go tsena mo tereneng e e neng e lebile kwa Los Angeles go neela polelo e go neng go lebega e tla nna ya bofelo ya gagwe. Dikgakologelo tse dingwe gape di a tla mo go nna—tirelo ya bobulatsela kwa masimong a a kwa thoko ka bo1930; dikopano le dikokoano tse dintsi, segolo bogolo ya Columbus, mo Ohio, ka 1931, fa re ne ra amogela leina Basupi ba ga Jehofa.—Isaia 43:10.
Ke lemoga gore eno ke nako ya gore ke tsamaisane sentle le ‘setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo’ wa ga Jehofa. Eleruri, go feta le eleng pele re tlhoka gore re nne re tsogile, re le podi-matseba, re sa lebale gore Jehofa o tshwanelwa ke tirelo e e boikanngo le go galalediwa e ka ne tuelo e teng kana ga e teng. Ka ntlha yang? Ka go bo ke motswedi wa dilo tsotlhe tse di molemo—go nna gone ga rona, tsholofelo ya rona bakeng sa isagwe. Abo e le isagwe e e molemo eo—Paradaise e e tsosolositsweng ya kagiso, botsogo le boitumelo, tsogo (fa baratiwa ba tla bo ba tsosiwa le go nna mmogo gape), le botshelo jo bo sa khutleng mo kamanong e e galalelang le Rraarona wa selegodimo!—Tshenolō 4:11; Luke 23:43.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Herald Toutjian mo tikologong ya thaba ya California ka bo-1930. Elatlhoko potomente e e bofefo go supa dibuka tse di ithutang Bibela
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ka go arabela taletso ya badihedi ba babulatsela, lelapa la rona le nela aga, mme ka dingwaga tse dintsi terailara eno ya ntlo ne ya dirisiwa
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Dikokomana tse nne tsa lelapa la ga Herald Toutjian