Dikgolagano tse di Kopanyelefsang Boikaelelo jwa Goyagaile jwa Modimo
“Yehofa . . . O nntse a gakologecwe kgolagano ea gagwe ka bosakhutlen, ebon lehoko ye o le laoletsen dikokomana di le makgolo a shome”—PESALEMA 105:7, 8.
1, 2. Ke ka ntlhayang fa re ka re ba bantsi ba rona ba He ba amiwa ke kgolagano?
A GO belaetse gore kgolagano a He ya go ama—mo nakong e e fetileng, ya gone jaanong le ya isagwe. ‘Kgolagano efe?’ o ka nna wa ipotsa. Mo ntlheng eno, ke lenyalo, ka go bo rotlhe re bana ba ba tswang mo lenyalong mme bontsi jwa rona re bile re le mo lenyalong ka borona. Le eleng ba ba iseng ba tsene mo go lone ba ka nna ba akanya ka masego ao lenyalo le le itumetseng le ka a lereng mo isagweng.
2 Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng moperofeti wa Mohebera Malaki o ne a kwala kaga “mosadi oa bokau yoa gago,” “selekane sa gago, le mosadi oa kgolagano ea gago.” (Malaki 2:14-16) O ne a ka bitsa lenyalo kgolagano, ka go bo ke tumalano kana tumalano e e dirwang ka molao, paakanyetso e e leng gone fa gare ga batho ba babedi go dira selo se le sengwe mmogo. Go tshwaragana mo lenyalong ke kgolagano e e tshwaraganeng ya batho ba babedi eo mo go yone ditlhopha tse pedi di dumalanang go nna monna le mosadi, ba amogela boikarabelo joo ba nang najo mongwe mo go yo mongwe mme ba lebeletse melemo ya goyagoile e e kwa pele.
3. Ke ka ntlhayang fa dikgolagano tse dingwe di ka re aura go feta lenyalo?
3 Lenyalo le ka nna la lebega a le kgolagano e e re amang fela thata, mme lefa go le jalo Bibela a bua ka dikgolagano tsa botlhokwa jo bogolo. Fa a bapisa dikgolagano tsa Bibela le tsa bodumedi jo eseng jwa Bibela, saetlopedia nngwe a bolela gore ke mo Bibeleng fela koo “paakanyetso eno ya kgolagano fa gare ga Modimo le batho ba gagwe a nnang tsamaiso e e akaretsang dilo tse dintsi tseo totatota di amang lobopo lotlhe.” Ee, dikgolagano tseno di kopanyeletsa maikaelelo a goyagoile a Mmopi wa rona yo o lorato. Jaaka o tla bona, go amogela ga gago masego a mantsi go golagane le dikgolagano tseno. ‘Mme go ntse jalo fang?’ o na le lebaka la go botsa jalo.
4. Ke kgolagano efe ya ntlha e e bontshang boikaelelo jwa Modimo jwa goyagoile?
4 O lemoga sentlentle diphelelo tse di seng monate tse di nnileng gone fa Adame le Efa ba ne ba gana bolaodi jwa Modimo. Re ruile bosaitekanelang mo go bone, joo a leng jone lebaka la go bo re tlhaselwa ke malwetse, ao a lebisang kwa losong. (Genesise 3:1-6, 14-19) Lefa go ntse jalo, re ka lebogela, go bo boleo jwa bone bo sa kgona go thibela boikaelelo jwa Modimo jwa go tlatsa lefatshe ka baobamedi ba boammaaruri le go ipelela botsogo jo bo itekanetseng jwa goyagoile gammogo le boitumelo. Mabapi le seno, Jehofa o He a dira kgolagano eno e e kwadilweng mo ‘go Genesise 3:15: “Ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwe: lōna to tla tapeta tlhōgō ea gago, me wena a tla kgoba serethe sa gagwe.” Lefa go ntse jalo, polelo eno a khutshwane ebile a le ya tshwantshetso a He ya tlogela dipotso tse dintsi di sa arabiwa. Jehofa o ne a ka diragatsa tsholofetso eno ya kgolagano jang?
5, 6. (a) Modimo o He wa swetsa go dirisa eng mo go diragatseng boikaelelo jwa gagwe? (b) Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go kgatlhegela go itse mokgwa oo Modimo o dirang seno ka one?
5 Modimo gape o ne a tlhopha gore a nne le thulaganyo nngwe e e kgethegileng ya dikgolagano tsa bomodimo, tseo, gammogo le kgolagano ya kwa Edena, di leng supa ka palo. Mongwe le mongwe wa rona yo o solofelang go ipelela masego a goyagoile o tshwanetse go tlhaloganya dikgolagano tseno. Seno se akareletsa go itse gore di dirilwe leng le gone jang, ke bomang ba ba neng ba kopanyelediwa, maikaelelo a tsone kana mabaka a tsone a ne a le afe, le gore dikgolagano tseo di amana jang ka botsone mo boikaelelong jwa Modimo jwa go segofatsa batho ba ba kutlo ka botshelo jo bo sa khutleng. Eno ke nako e e tshwanetseng ya go tlhatlhoba dikgolagano tseno, ka go bo ka March 22, 1989, diphuthego tsa Bakeresete di tla kopana gape go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa, seo ka tlhamalalo se kopanyeletsang dikgolagano tseno.
6 Legale, mo bathong ba bangwe kgopolo ya dikgolagano a ka nna ya utlwala fela a le selo se se gagametseng, sa kafa molaong, mme se sena thuso epe mo bathong. Lefa go le jalo, a o ko o tlhokomele, seo Theological Dictionary of the Old Testament a se bolelang: “Mafoko a a dirisediwang ‘kgolagano’ mo mafatsheng a bogologolo a Botlhaba jo bo Gaufi gammogo le mafatshe a Bagerika le a Baroma . . . a kgaogantswe ka maphata a mabedi a a kayang: go ihana le go ihgolega kafa letlhakoreng le lengwe, lorato le botsalano di le kafa letlhakoreng le lengwe.” Re kgona go bona dikarolo tseno ka bobedi—go ikana le botsalano—jaaka motheo wa dikgolagano tsa ga Jehofa.
Kgolagano ya ga Aberahame—Motheo wa Masego a Goyagoile
7, 8. Jehofa o ne a dira kgolagano ya mofuta ofe le Aberahame? (1 Ditihalō 16:15, 16)
7 Tlhogo ya lotso Aberahame, “rra botlhe ba ba dumelan,” a ne a le “tsala ea Modimo.” (Baroma 4:11; Yakobe 2:21-23) Modimo o He wa mo ikanela ka ikano, wa dira kgolagano eo e leng yone motheo wa go amogela ga rona masego a goyagoile.—Bahebera 6:13-18.
8 Fa Aberahame a ne a le kwa Ura, Jehofa o ne a mmolelela gore a tloge a ye kwa lefatsheng le lengwe, leo go ileng ga fitlhelwa a le Kanana. Jehofa o ne a solofetsa Aberahame ka nako eo jaana: “Ke tla diha morahe o mogolo ka wena, ke tla gu segohatsa, ke diha leina ya gago le nna legolo; . . . me mo go wena, ditshika cotlhe tsa lehatshe di tla segohala.”a (Genesise 12:1-3) Morago ga foo, Modimo o He a nna a oketsa mo go seo ka tshwanelo re se bitsang kgolagano ya ga Aberahame ka: losika lwa ga Aberahame, kana moruaboswa, o ne a tla rua Lefatshe le le Solofeditsweng; losika lwa gagwe to ne to tla nna to to senang palo; go ne go tla tswa dikgosi mo go Aberahame le Sara.—Genesise 13:14-17; 15:4-6; 17:1-8, 16; Pesalema 105:8-10.
9. Re itse jang gore re ka kopanyelediwa mo kgolaganong ya ga Aberahame?
9 Modimo o ne a e bitsa “kgolagana ea me ha gare ga me le wena [Aberahame].” (Genesise 17:2) Mme eleruri re tshwanetse go ikutlwa gore matshelo a rona a a kopanyelediwa, ka go bo Modimo moragonyana o ile wa gatelela kgolagano eno, a bua jaana: “Mo go segohatsen ke tla gu segohatsa, le mo go ntsihatsen ke tla ntsihatsa losika loa gago yaka dinaledi tsa legodimo, le yaka moshawa o o mo dintshin tsa lewatle: me losika loa gago to tla rua kgoro ea motse ea baba ba lona. Me merahe eotlhe ea lehatshe a tla segohala mo losikefi loa gago.” (Genesise 22:17, 18) Re karolo ya merafe eo; mme re emetswe ke masego a magolo.
10. Ke dintlha dife tseo re di lemogang go tswa mo kgolaganong e e dirilweng le Aberahame?
10 A re ko re emeng re akanyetse gore re ka ithuta eng go tswa mo kgolaganong eno ya ga Aberahame. Jaaka kgolagano ya Edene eo e dirilweng pele ga yone, eno a supela go “losika” to to tlang, ka jalo a akantsha gore losika loo to tla tlhaga mo bathong. (Genesise 3:15) Leno le ne le tla nna mo moralong wa ga Sheme, go fitlha kwa go Aberahame, le ka morwawe Isake. Moralo ono o ne o tla kopanyeletsa bogosi, mme ka tsela nngwe o ne o tla tlisa masego mme eseng mo lelapeng le le lengwe fela mme mo bathong ba mafatshe otlhe. Kgolagano eo a ne ya diragadiwa jang?
11. Go diragadiwa ga mmatota ga kgolagano ya ga Aberahame go ile ga diragala jang?
11 Ditlogolwana tsa ga Aberahame ka Jakobe, kana Iseraele, di ne tsa ntsifala go fitlha di nna morafe o mogolo. Jaaka losika to to senang palo lwa ga Aberahame, ba ne ba ineetse mo kobamelong e e itshekileng ya Modimo wa ga Aberahame, Isake, le Jakobe. (Genesise 28:13; Ekesodo 3:6, 15; 6:3; Ditihō 3:13) Gantsi Baiseraele ba ne ba latlha kobamelo e e itshekileng, lefa go le jalo, “Yehofa a nna kutlwelo botlhoko kwa go bone, a ba tlhomogela pelo . . . ka ntlha ea kgolagano ea gagwe le Aberahame, le Isake, le Yakobe, me a gana go ba senya.” (2 Dikgosi 13:23; Ekesodo 2:24; Lefitiko 26:42-45) Le eleng morago ga gore Modimo o amogele phuthego ya Bakeresete jaaka batho ba gagwe, o ne a tswelela go bontsha Baiseraele kamogelo e e kgethegileng ka nakonyana jaaka batho ba a neng a le losika lwa mmatota lwa ga Aberahame.—Daniele 9:27.
Losika lwa Semoya lwa ga Aberahame
12, 13. Jesu o He a itshupa a le karolo a kgolwane ya losika mo tiragatsong ya semoya ya kgolagano ya ga Aberahame jang?
12 Kgolagano ya ga Aberahame a ne a na le tiragatso a nngwe gape, eleng ya semoya. Tiragatso eno a kgolwane a ne a ka seka ya bonala sentle pele ga nako ya ga Jesu, mme re ka itumelela gore gompieno a phepafetse sentle mo motlheng wa rona. Re na le tlhaloso ya tiragatso ya yone mo Lefokong la Modimo. Paulo o kwala jaana: “Dipolelo tsa choloheco di builwe le Aberahame le losika loa gagwe. Ga o re, Ditshika, yaka di ka bo di le dintsi; me ea bo a le lofiwe hela, yaka go tulwe, Le losika loa gago le a left Keresete.”—Bagalatia 3:16.
13 Ee, losika to ne to tla tla fela mo moralong o le mongwe, kana lelapa, seo se neng se le boammaaruri ka Jesu, yoo a neng a tsholwa jaaka Mojuda wa tlholego, ebong losika lwa ga Aberahame lwa mmatota. (Mathaio 1:1-16; Luke 3:23-34) Mo godimo ga moo, a ne a le karolo ya lelapa la ga Aberahame yo Mogolwane kwa legodimong. Gakologelwa gore ka tumelo e e nonofileng tlhogo ya lotso Aberahame o ne a ikemiseditse go ntsha morwawe Isake setlhabelo fa Modimo o ne o batla jalo. (Genesise 22:1-18; Bahebera 11:17-19) Ka mo go tshwanang, Jehofa o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng go tla go nna setlhabelo sa thekololo mo bathong ba ba dumelang. (Baroma 5:8; 8:32) Ka jalo go a tlhaloganyesega gore ke ka ntlhayang fa Paulo a ne a tlhaola Jesu Keresete jaaka karolo ya konokono mo losikeng lwa ga Aberahame go ya ka kgolagano eno.
14. Karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aberahame ke efe, mme seno se re fetisetsa kwa kgannyeng efe gape?
14 Paulo o ne a tswelela go bontsha gore Modimo o ne o tla ‘ntsifatsa losika lwa ga Aberahame’ mo tiragatsong ya semoya. O kwadile jaana: “Ha to le ba ga Keresete, hofi to losika loa ga Aberahame, to baruaboshwa kaha polelofi ea choloheco.” (Genesise 22:17; Bagalatia 3:29) Bao ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ba 144 000 bao ba bopang setlhopha sa bobedi sa losika lwa ga Aberahame. Ga ba ganetse setlhopha se segolwane sa losika mme ke “ba ga Keresete.” (1 Bakorintha 1:2; 15:23) Re itse gore ba le bantsi ba bone ga ba kake ba amanya lotso lwa bone le lwa ga Aberahame, ka go bo a le ba merafe e e seng ya Bajuda. Ga se karolo ya lelapa la tlholego la ga Aberahame yo Mogolwane, Jehofa; lemororo, seno se le botlhokwa thata mo tiragatsong ya semoya, go na le moo, ba tswa mo lelapeng le le sa itekanelang la moleofi Adame. Ka jalo re tla tlhoka go bona mo dikgolaganong tse di latelang gore ba ka tshwanelegela go nna karolo ya “Losika loa ga Aberahame jang.”
Go Tsenngwa ka Nakwana ga Kgolagano ya Molao
15-17. (a) Ke ka ntlhayang fa kgolagano ya ga Aberahame a ne ya okediwa ka kgolagano ya Molao? (b) Molao o ne wa fitlhelela maitlhomo ao jang?
15 Morago ga gore Modimo o dire kgolagano le Aberahame jaaka kgato ya ntlha ya go fitlhelela maikaelelo a gagwe, moralo wa Losika o ne o ka sirelediwa jang mo go leswefadiweng kana mo go senngweng go fitlha a bo a tla? Fa Losika loo to tla, baobamedi ba boammaaruri ba ne ba tla mo lemoga jang? Paulo o araba dipotso tseo ka go supela go botlhale jwa Modimo jwa go dira paakanyetso ya nakwana ya kgolagano ya Molao. Moaposetoloi yoo o kwala jaana:
16 “Me hofi molao a be a le efi? Ga okediwa ka ona ka ntlha ea ditlolo, go tlo go tsamaee go tle losika to to neecwefi polelo ea choloheco; me oa tlhofiwa ke baengele ka seatla sa motseriganyi. . . . Molao a ne a nntse a le mogoga banyana mo go rona, go re gogela kwa go Keresete, gore re siamisiwe ka tumelo.”—Bagalatia 3:19, 24.
17 Jehofa o ne a dira kgolagano e e sa tshwaneng le epe ya bomorafe fa gare ga gagwe le Iseraela kwa Thabeng ya Sinai—kgolagano ya Molao, eo motsereganyi wa yone a neng a le Moshe.b (Bagalatia 4:24, 25) Batho ba ne ba dumela gore ba tsenngwe mo kgolaganong eo, mme a ne ya gatisediwa ka madi a dipoo le dipodi. (Ekesodo 24:3-8; Bahebera 9:19, 20) E ne ya naya Baiseraele melao ya bolegodimo le motheo wa puso ya tshiamo. Kgolagano a ne e ba thibela go nyalana le baheitane kana go kopanela mo ditlwaelong tsa boitsholo jo bo sa siamang le tsa bodumedi jwa maaka. Ka jalo e ne a sireletsa Baiseraele mme a ne a thusa mo go femeleng moralo wa Losika gore o se leswefadiwe. (Ekesodo 20:4-6; 34:12-16) Mme ereka go ne go sena Moiseraele ope yo o sa itekanelang yo a neng a ka kgona go tshegetsa Molao ka botlalo, a ne a dira gore maleo a bonale. (Bagalatia 3:19) E ne a supela gape go botlhokwa jwa go nna le moperesiti yo o itekanetseng, wa goyagoile le setlhabelo se se neng se sa tlhoke go dirwa ngwaga le ngwaga. Molao o ne o ntse jaaka mokaedi yo a neng a gogela bana kwa moruting yo a neng a tla nna Mesia, kana Keresete. (Bahebera 7:26-28; 9:9, 16-22; 10:1-4, 11) Kgolagano ya molao a ne a tla khutla, fa a sena go fitlhelela boikaelelo jwa yone.—Bagalatia 3:24, 25; Baroma 7:6; bona “Dipotso tse di Tswang go Babadi,” tsebe 31.
18. Ke tebelelo efe gape e e neng a kopanyelediwa mo kgolaganong ya Molao, mme ke ka ntlhayang fa seno se ne se se motlhofo go tlhaloganngwa?
18 Fa a ne a dira kgolagano eno ya nakwana, Modimo o ile wa umaka gape boikaelelo jono jwa one jo bo itumedisang: “Ha rure to ka reetsa lencwe ya me, loa tshegetsa kgolagano ea me, hofi to tla nna boshwa bo chwerwe yoa me . . . Me to tla bo to nntse bogosi yoa baperisiti mo go nna, le morahe o o boitshepo.” (Ekesodo 19:5, 6) Abo a ne a le tebelelo a ntle jang ne! Morafe wa baperesiti ba dikgosi. Lefa go le jalo, seo se ne se ka nna jalo jang? Jaaka Molao o ne wa bontsha moragonyana, morafe o o neng o busa (Juda) le morafe wa baperesiti (Balefi) a ne a filwe maikarabelo a a farologaneng. (Genesise 49:10; Ekesodo 28:43; Dipalo 3:5-13) Go ne go se motho ope yo a neng a ka nna kgosi a bo a nna moperesiti. Lefa go le jalo, Lefoko la Modimo mo go Ekesodo 19:5, 6 le ne le ba naya lebaka la go dumela gore ka tsela nngwe e e sa tlhalosiwang, ba ba neng ba le mo kgolaganong ya Molao ba ne ba tla nna le tshiamelo ya go nna maloko a ‘bogosi jwa baperesiti le morafe o o boitshepo.’
Kgolagano ya Bogosi ya ga Dafide
19. Bogosi bo ne bo supelwa jang mo dikgolaganong?
19 Fa nako a ntse a tsamaya, Jehofa o ne a oketsa ka kgolagano a nngwe e e neng e bontsha ka phepafalo ka moo a neng a tla fitlhelela boikaelelo jwa gagwe ka gone, a le gore re ka bona masego a goyagoile. Re setse re bone gore kgolagano ya ga Aberahame a ne e supela go bogosi jo bo neng bo le gone mo losikeng lwa mmatota lwa ga Aberahame. (Genesise 17:6) Kgolagano ya Molao a ne e bontsha gape gore go tla nna le dikgosi gareng ga batho ba Modimo, ka go bo Moshe o ne a bolelela Baiseraele jaana: “U tla re u sena go hitlha [kwa lefatsheng le le solofeditsweng], . . . me a ithaea, a re, Ke tla ipeela kgosi, yaka merahe eotlhe e e mo tikologofi ea me; Kwa ntle ga dilo cotlhe, a ipeele kgosi a le motho eo Yehofa Modimo oa gago o tla mo itshenkelafi . . . u se ka oa ipeela kgosi motho eo o left oa dichaba, eo a sefi fiwana oa ga rra eno.” (Duteronome 17:14, 15) Modimo o ne o ka rulaganyetsa bogosi joo fang, mme bo ne bo tla amana jang le kgolagano ya ga Aberahame?
20. Dafide le moralo wa gagwe di tsena jang mo kgannyeng?
20 Lefa kgosi ya ntlha ya Iseraela a ne a le Saulo wa lotso lwa ga Benjamene, o ne a tlhomaganelwa ke Dafide yo o pelokgale le yo o ikanyegang wa Juda. (1 Samuele 8:5; 9:1, 2; 10:1; 16:1, 13) Fa Dafide a ntse a busa, Jehofa o ne a dira kgolagano le Dafide. Lantlha O ne a mo raya a re: “Ke tla emisa oa losika loa gago morago ga gago, eo o tla cwafi mo malefi a gago, me ke tla tlhomamisa bogosi yoa gagwe. Ena o tla agela leina ya me ntlo, me ke tla tlhomamisa setulo sa gagwe sa bogosi ka bosakhutlefi.” (2 Samuele 7:12, 13) Jaaka go bontshitswe foo, morwa wa ga Dafide Solomone o ne a mo tlhomaganela jaaka Kgosi, mme o ne a dirisiwa go aga ntlo, kana tempele ya Modimo mo Jerusalema. Lefa go le jalo, go ne go santse go na le mo gontsi.
21. Kgolagano ya Bogosi ya ga Dafide a ne e baakanyetsa eng?
21 Jehofa o ne a tswelela pele go dira kgolagano eno le Dafide: “Me motse oa gago o tla tlhomamisiwa le bogosi yoa gago ka bosakhutlefi ha pele ga gago: le setulo sa gago sa bogosi se tla tlhomamisiwa ka bosakhutlefi.” (2 Samuele 7:16) Go phepafetse sentle gore Modimo o ne o tlhomamisa setlhopha sa dikgosi mo Iseraele mo lelapeng la ga Dafide. Dikgosi tsa losika lwa ga Dafide di ne di se kitla di tlhomaganela ruri-ruri. Kgabagare, mongwe mo moralong wa ga Dafide a ne a tla nna ene yo o neng a tla busa “ka bosakhutleng, le setilo sa gagwe sa bogosi [se ne se tla nna] jaaka letsatsi fa pele ga [Modimo].”—Pesalema 89:20, 29, 34-36, (NW); Isaia 55:3, 4.
22. Kgolagano e e dirilweng le Dafide a ne a aura nioralo wa Losika jang, nime go ne ga felela jang?
22 Jalo, go bonala sentle gore kgolagano ya ga Dafide a ne a ngotla moralo wa Losika. Le eleng Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba lemoga gore Mesia o ne a tshwanetse go nna setlogolwana sa ga Dafide. (Yohane 7:41, 42) Jesu Keresete, eleng karolo ya konokono ya losika lwa kgolagano ya ga Aberahame, o ne a tshwanelegela go nna moruaboswa wa goyagoile wa Bogosi jwa ga Dafide, jaaka moengele a ne a tlhomamisa seo. (Luke 1:31-33) Ka jalo Jesu o ne a bona thata ya go busa mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, ebong batho ba ba neng ba le me lefatsheng ba Dafide a neng a ba busa. Seno se tshwanetse go oketsa tsholofelo ya rona mo go Jesu, ka go bo a busa, eseng ka go iphamolela bogosi kwantle ga tetlelelo mme ka paakanyetso e e tlhomilweng kafa molaong, kgolagano ya bomodimo.
23. Ke dipotso dife le dikgang tse di santseng di tshwanetse go konelwa?
23 Re sekasekile dikgolagano di le nne tseo di bontshang ka moo Modimo a rulagantseng ka gone go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe le go tlisetsa batho masego a goyagoile. Ka mo go lebegang ka teng, o ka bona gore seno ga se a felela. Mme dipotso di a sala: Ereka batho ba tswelela go nna ba sa itekanela, ke moperesiti ofe kana setlhabelo sefe see se tla kgonang go fetola seno ka bosakhutleng? Batho ba ka tshwanelegela jang go nna karolo ya losika lwa ga Aberahame? A go na le lebaka la go dumela gore thata ya go busa a tla atologa go akareletsa le se se fetang sebaka se se mo lefatsheng? Losika lwa ga Aberahame, a leng le legolo kana le lebotlana, le ne le ka tlisetsa “merahe eotlhe ea lehatshe,” go akareletsa le rona masego jang? A re boneng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Seno ke kgolagano ya motho a le mongwe, ereka motho a le mongwe fela (Modimo) a He a ikana gore o tla a diragatsa.
b “Go nna ba gopotse kgolagano a ne a le karolo e e kgethegileng ya bodumedi jwa Iseraele, a ne a le yone fela e e neng a lopa boikanyegi mme a thibela go ikanyega mo dilong tse dingwe gape jaaka ditumelo tse dingwe di ne di letla jalo.”—Theological Dictionary of the Old Testament, Bolumo II, tsebe 278.
Karabo ya Gago ke Efe?
◻ Kgolagano ya ga Aberahame a He ya thaya jang motheo gore re amogele masego a goyagoile?
◻ Losika lwa mmatota lwa nama lwa ga Aberahame a ne a le lofe? Lwa tshwantshetso a le lofe?
◻ Ke ka ntihayang fa kgolagano ya ga Aberahame a ne ya okediwa ka kgolagano ya Molao?
◻ Kgolagano ya Bogosi ya ga Dafide a ne ya tsweledisa boikaelelo jwa Modimo jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
(For fully formatted text, see publication)
Kgolagano ya kwa Edena Genesise 3:15
Kgolagano ya ga Aberahame
Losika Iwa ntlha
Losika Iwa bobedi
Masego a goyagoile
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
(For fully formatted text, see publication)
Kgolagano ya kwa Edena Genesise 3:15
Kgolagano ya jga Aberahame
Kgolagano ya molao
Kgolagano ya Bogosi ya ga Dafide
Losika lwa ntlha
Losika lwa bobedi
Masego a goyagoile
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Go diragatsa maikaelelo a gagwe mo bathong, Modimo o dirile kgolagano le Aberahame yo o ikanyegang