Isagwe Ya Gago E Ka Fetolwa?
ARE RE gongwe o rulaganyetsa go tlhabisa lelapa la gago phefo mme o bo o lemoga gore seemo sa loapi se supa fa go tla tsoga matsubutsubu a magolo a diphefo. A o ne o se ketla o fetola dithulaganyo tsa gago? Ga go na sepe se o ka se dirang go fetola boemo jwa loapi, mme ga go tlhokafale gore o nne matlepetlepe. Fa go ka tsewa dikgato di sele, lelapa le ka nna le nako e e molemo golo gongwe go sa kgathalege matsubutsubu a diphefo.
Seemo ke se se tshwanang malebana le isagwe ya gago le polelelo-pele ya Bibela. Tota, isagwe e ka bonwa ka polelelo-pele ya Bibela. Lemororo rona jaaka batho re ka se fetole ditiragalo tsa polelelo-pele tse di kopanyeletsang lefatshe, motho-ka-bongwe re ka fetola dithulaganyo tsa rona, ka jalo re itlhomamisetsa isagwe e e tokafaditsweng gareng ga ditiragalo tseo.
Isagwe ya rona le polelelo-pele ya Bibela ke dija-mmogo. Fa re akanyetsa ka bomasisi tlhomamo ya polelelo-pele ya Bibela le go dira kafa go tshwanetseng, isagwe ya rona e ka fetolwa go nna botoka thata. Ka sekai, Jehofa Modimo o solofetsa lefatshe la kagiso le le gololesegileng mo boikepong. Mme o eletsa gore botshelo mo lefatsheng leo e nne yone isagwe ya rona. Bibela e re: “Lepa moitekanedi. . . gonne bokhutlō yoa mothō eouō ke kagishō. Kaga . . . bokhutlo [isagwe] yoa baikepi bo tla kgaolwa.” (Pesalema 37:10, 11, 37, 38) A re ka ikaega ka ditsholofetso tsa Modimo? Sa ntlha, a re boneng pele gore polelelo-pele tota ke eng.
Polelelo-pele Ke Eng?
Polelelo-pele e raya “molaetsa o o tlhotlheleditsweng; puo ya bomodimo e e tlhotlheleditsweng.” Go ya ka Vine’s Expository Dictionary of New Testament Words, polelelo-pele ya Bibela ke: “Go buela pele kgopolo le kgakololo ya Modimo,” “polelo eo e ka se itseweng fela ka tsela ya tlholego.” Se se akarelediwang gape, ke “go bolelela pele dilo tse di tla tlang”—ditiragalo tse di kwadilweng go sa le pele. Mme ke tlhaloso eno ya bofelo—go supela pele isagwe—e jaanong re tshwenyegileng ka yone. A re seka-sekeng ka kelotlhoko e kgolo thata karolo eno ya polelelo-pele.
Batho ka metlha ba nnile ba nna le kgatlhego mo isagweng. Lefa go le jalo bantsi ba tla tlhokomologa motswedi o le osi fela wa polelelo-pele—Bibela. Go kgabaganya dingwaga, dimilione di ile tsa leka go henyenkolola isagwe ka go bonana le balepa-dinaledi, babontshiwa, balorisiwa le babolela-isagwe ba bangwe, mme ba ile ba baya tumelo ya bone go basenodi ba isagwe ba ba ntseng jalo. Mme ke ka ntlha yang fa bantsi ba ikanya metswedi e e ntseng jalo ya batho fa gone ba tlhokomologa kgonego ya gore polelelo-pele ya Bibela e tshotse boikitsiso jo tota ba bo batlang?
Go Tlhomama ga Polelelo-pele ya Bibela
Motho o tlhaela gotlhelele go ka laola maemo a isagwe mme o tla di gakgamalela fela jaaka di diragala. Modimo o farologane. Diponelo-pele tsa gagwe ke tsa tlhomamo ka ntlha ya mabaka a mabedi. Sa ntlha, jaaka Mmopi, Jehofa o itse batho mme o ka bolelela pele ka tlhomamo gore kgopolo le tiro ya motho di tla gogela kae. (Duteronome 31:21; Isaia 46:9, 10) Sa bobedi, Modimo o ka bopa ditiragalo pele di ka diragala. Mo dipakeng tsoo-pedi boikaelelo jwa gagwe ka metlha bo a fitlhelelwa mme lefoko la gagwe la polelelo-pele ka metlha le tlhomamisiwa le le boammaaruri.
Ka moperofeti Isaia, Jehofa o supela pele go kgonego ya gagwe ya go bolelela pele le go laola isagwe fa go bapisiwa le go palelwa ga baperofeti ba maaka go dira jalo. O bolela jaana: ‘Yo ke . . . tsentshang baitsenape; . . . le Yo o tlhomamisang lefoko la batlhanka ba gagwe gore le nne boammaaruri, le go diragatsa kgakololo ya barongwa ba gagwe.’—Isaia 44:25, 26.
Ereka Modimo ‘o dira gore lefoko la batlhanka ba gagwe le nne boammaaruri,’ Dikwalo ka boammaaruri di boleleletse pele ka go tlhagoga ga maatla a lefatshe, ga mmogo le ditiragalo tse di gogelang kwa go tlhomiweng ga one. Sekai se se tlhomologileng sa se se bonwa mo kgaolong 2 ya buka ya Bibela ya ga Daniele. Fano Kgosi Nebukadenesare wa Babelona o ne a tshwenyegile fela thata ka ntlha ya toro e a neng a ka se e gakologelwe.
O ne a tsenwe ke tsebe-tsebe. Go ne go se ope wa baperofeti ba gagwe ba Bakaladea yo o neng a ka mo gopotsa toro, re sa umake sepe ka go ranola bokao jwa yone. Ba ne ba akabetse gotlhelele. Daniele, jaaka moperofeti wa ga Jehofa, o senola ka bobedi toro le bokao jwa yone jaaka kgosi e reeditse ka kgakgamalo e kgolo. Daniele o re:
“Kgosi, ga go na moloi, lefa e le ramaselamose, moitseanape, kana molepa-dinaledi yo o ka go bolelelang seo. Mme legale go na le Modimo mo legodimong, o o senolang masaitsiweng. O itsisitse Bogosi jwa Gago se se tla diragalang mo isagweng.”—Daniele 2:27, 28, Today’s English Version.
Se se latelang Daniele o supela pele ka go gola le go wa ga merafe e e maatla. Setshwantsho se se tshwanang le motho se se neng sa bonwa mo torong ya kgosi se emela tlhatlhamano ya magosi a lefatshe, go akareletsa Babelona (tlhogo ya gouda), Bameda le Baperesia (sehuba le matsogo a selefera), Gerika (mpa le dirope tsa kgotlho), Roma (maoto a tshipi), e latelwa ke Maatla a Lefatshe a Anglo-American ao gompieno a nang le mekgatlho e e lwelang diphetogo e e moteng le kafa tlase ga tlhotlheletso ya one (maoto a tshipi le letsopa). Kgabagare, puso ya motho e tseelwa sebaka ke puso ya bomodimo jaaka setshwantsho sotlhe se phatlakanngwa ke Bogosi (lentswe) jwa selegodimo jwa Modimo.—Daniele 2:36-45; bona gape Daniele 8:19-25.
Go tshwantsha tlhomamo e e tletseng ya polelelo-pele ya Bibela go ya pele, akanyetsa sekai seno: ‘A re re gongwe motho yo o itsegeng o kwalwa mo dibukeng gompieno mme a bo a bolelela pele ditiragalo tsa dingwaga tse 200 go sa le pele, bakeng sa ngwaga wa 2184. Polelelopele e tshotse:
◻ Ntwa e kgolo ya sesole: Merafe e e kopanyelediwang e sa ntse e tla nna maatla a lefatshe a a ganetsanyang, mme matswela a tla fetola ditiragalo.
◻ Leano le tota le dirisiwang: Tiro ya boranyane e kgolo ya go faposa tsela ya noka e kgolo.
◻ Leina la mofenyi: Leina la gagwe le neelwa dingwaga tse di ka nnang 200 pele ga phenyo mme le dingwaga tse di ka nnang 130 pele ga botsalo jwa gagwe.
◻ Matswela: Lefelo le bofelelo jwa yo o fentsweng. Fa e le gore dipolelelo-pele tseno tsotlhe di ne tsa nna boammaaruri, a go ne go se ketla go dira gore batho ba akanyetse dilo tse dingwe tse motho yono a neng a di bolela kaga isagwe?
Seo tota re sa tswang go se tlhalosa se ne sa diragala ka botlalo malebana le go thankgolwa ga Babelona ke Bameda le Baperesia. Dingwaga tse di ka nnang 200 pele tiragalo eno e diragala, moperofeti wa Bibela Isaia o ne a bolelela-pele ka gore:
◻ Ntwa e kgolo ya sesole: magareng ga Bameda-Baperesia le Babelona.—Isaia 13:17, 19.
◻ Leano le tota le tla dirisiwang: Go kgadisa noka e kgolo ya boiphemelo; go tsena mo motseng o o thekeleditsweng ka dikgoro tse di butsweng.—Isaia 44:27–45:2.
◻ Leina la mofenyi: Kurose wa Peresia.—Isaia 45:1.
◻ Matswela: Kgabagare Babelona e ne e tla nna marope fela.—Isaia 13:17-22.
Ereka dipolelelo-pele tseno tsotlhe di ne tsa nna boammaaruri, a o tla tsaya dipolelelo-pele tse dingwe tsa Bibela e le tse di tlhomameng?
Go na le dipolelelo-pele tse dingwe tse dintsi tsa Bibela tse le tsone di neng tsa diragala ka botlalo.a Ka sekai, Jesu o ne a tshwanelwa ke go diragatsa dipolelelopele di le dintsi e le gore a tle a tshwanelegele jaaka Mesia—mme o ne a di diragatsa. Buka ya Archaeology and Bible History, ka Professor J. P. Free, e bolela jaana mabapi le Jesu Keresete: “Kgonego ya gore dipolelelo-pele tseno tsotlhe di ka diragadiwa mo mothong a le mongwe e kgakala-kgakala fela thata mo e leng gore go ka se dumelesege gotlhelele fa go ka twe e ne e le diphoraetso tsa batho fela.” Eleruri he, mabapi le Jesu Mesia, Jehofa o ne a bolelela-pele isagwe. A mme polelelo-pele ya Bibela e ka re thusa gone Jaana?
Polelelo-pele le Jaanong
Kwa ntle fela ga go re thusa go tlhaloganya isagwe, polelelo-pele ya Bibela e re thusa go emelana le jaanong. Jang jalo? Tota, ke ka dipolelelo-pele tsa Bibela tsa nako e e fetileng fela re ka tlhaloganyang jaanong. Mme go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa maemo a lefatshe a ntse jaaka a ntse ke kgatelo-pele e kgolo mo go emelaneng nao.
Dingwaga tse di makgolo a a lesome le bofera bongwe tse di fetileng, Bibela e ne ya bolelela-pele ditiragalo le maemo a lefatshe ao a ileng a itemogelwa mo lekgolong leno la dingwaga. Losika lwa ngwaga wa 1914 lo ile Iwa itemogela tiragatso eno mo dilong tse di jaaka ntwa ya kgolokwe, dithoromo tsa lefatshe tse dintsi, ditlalá tse di anameng, maroborobo a bolwetsi, go oketsega ga boikepo le poifo e kgolo. (Luke 21:10, 11) Mo godimo ga moo, go latlhega ga “lorato loa tlholègō” le go nna gone ga “barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo” go godisa dikoketsego tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, maIwetsi a dikobo, go senya dimpa le manyalo a a thubegang.—2 Timotheo 3:1-5.
Ga se gore Bibela e bolelela-pele fela dilo tseno tsa motlha wa rona mme gape e neela tharabololo—Bogosi jwa ga Jehofa.
Polelelo-pele ya Bibela, jaaka sesupo, e ka re kaela isagweng e e molemo fa e le gore re etse tlhoko thata dikai tsa yone. Moaposetoloi Petere o ne a gakolola ka gore: “Me re na le lehoko ya polèlèlō pele le rurehadicwe bogolo; ye lo tla boñ lo diha sentlè ha lo le tlhōkōmèla yaka ha e ka bo e le lobōnè lo lo phatsimañ mo heloñ ha go lehihi.” (2 Petere 1:19) A o tla akanyetsa polelelo-pele ya Bibela ka kelotlhoko e kgolo? Basupi ba ga Jehofa ba ikemiseditse go thusa. Fa o “tlhōkōmèla” polelelo-pele ya Bibela, isagwe ya gago e ka nna le melemo e e leng ya bosakhutleng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona boikitsiso jo bo oketsegileng Bona ‘Is the Bible Really the Word of God? E e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Track Society of New York. Inc
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
GOTWENG SENO . . . GO SENO
“O khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe.”—Pesalema 46:9
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
GOTWENG SENO . . . GO SENO
“Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ.” “Basiami ba tla thama.” Diane 2:22; Pesalema 72:7.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
GOTWENG SENO . . . GO SENO
“Yehofa Modimo o tla phimola dikeledi mo matlhoñ aotlhe.”—Isaia 25:8