LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 12/1 ts. 28-31
  • Fa Dipelo Tsa Rona Di Re Tlhotlheletsa go Dira Kafa Nonofong Ya Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Dipelo Tsa Rona Di Re Tlhotlheletsa go Dira Kafa Nonofong Ya Rona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhotlhelediwa Go Dira kafa Nonofong ya Rona
  • Ba Ne ba Dira Kafa Nonofong ya Bone
  • Kafa Bangwe Ba Ikutlwileng Ka Teng
  • Kafa Go ka Kgonagalang Ka Gone
  • “Tlotla Jehofa ka Thoto ya Gago”—Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Yo O Nayang “Nèō Ñwe le Ñwe E E Molemō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • “Madi a Tswa Kae?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ba ‘Ithebotse Fela Ka Go Rata’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 12/1 ts. 28-31

Fa Dipelo Tsa Rona Di Re Tlhotlheletsa go Dira Kafa Nonofong Ya Rona

KE NISANE 12, 33, C.E. Jesu Keresete o ipelela dijo le ba bangwe mo legaeng la ga Simone wa molepero kwa Bethania, gaufi le Jerusalema. Gareng ga bao ba leng teng ke morutwa yo o ikanyegang yo o bidiwang Maria. O bula sedibelwana sa alebasetara mme o tshela setlolo se se tlhotlhwa kgolo mo tlhogong ya ga Jesu.

Bangwe ba ne ba khutsa ka gore, “Ana tshenyo e ke ea go reñ? Gonne setlōlō se, se ka bo se ne se rekisicwe, sa bōna madi a le mantsi, me a nèwa bahumanegi.” Mme Jesu a ba fetola ka gore: ‘Mo leseng, ka go bo bahumanegi le na le bone ka metlha yotlhe ebile le ka ba direla molemo. Mme nna ga ke ne ke nna le lona ka metlha yotlhe. O dirile kaha a nonofileng ka gona, mmele wa me o o tloleditse phitlho go sale gale.’—Mathaio 26:6-13; Mareko 14:3-9; Yohane 12:1-8.

Maria wa Bethania o ne a ka se dire sepe go nolofatsa pogo ya ga Jesu malatsi a mabedi moragonyana ga foo fa a ne a bapotswe—ka Nisane 14, 33 C.E. Mme jaanong o ne a ka mo tlotsa ka lookwane lo lo tlhotlhwa kgolo. Ka jalo, jaaka Jesu a boletse: “O dihile kaha o nonohileñ ka gōna.” (Mareko 14:8) Eleruri, pelo ya ga Maria e ne ya mo kgorometsa go dira sotlhe se o neng a ka se kgona.

Go Tlhotlhelediwa Go Dira kafa Nonofong ya Rona

Jaaka Basupi ba ga Jehofa, kana mo tho-ka-bongwe mo go ithuteng boammaaruri jwa Modimo, re ka tswa re le tlhaga go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi mo “metlheñ [eno] ea bohèlō.” (Mathaio 24:14; 2 Timotheo 3:1-5) Tota, re ka tswa re na le seabe se se molemo mo tirong eo.

Lefa go ntse jalo, maikarabelo a lelapa, mathata a botsogo le mabaka a mangwe a ka tswa a sa re letle go direla jaaka morongwa mo lefatsheng lengwe le le kgakala. Re ka tswa re ka se kgone go nna maloko a ntlo-kgolo ya Watch Tower Society kana babereki ba ofisi ya lekala. Go ka nna ga se kgonege ka rona go direla jaaka balebedi ba ba etang, jalo, jalo. Lefa go le jalo, re ka tswa re ka se thibelwe ke sepe go dirisa ditsompelo tsa rona ka tsela eo e tla tsweledisang dikgatlhego tsa Bogosi. (Mathaio 6:33) Eleruri, re ka tswa re ka kgona ‘go tlotla Jehofa ka dithoto tsa rona tse di tlhokegang.’ Fa re ka dira seno go ka nna le lesego, ka go bo ‘mabolokelo a rona a tla tlala letlotlo.’—Diane 3:9, 10.

Ba Ne ba Dira Kafa Nonofong ya Bone

Ee, moya wa rona o ka tshwana le oo wa ga Maria wa Bethania le batho ba bangwe ba bomodimo ba nako e e fetileng. Go tshwantsha: Baiseraele ba motlha wa ga Moshe ba ne ba fiwa tshiamelo ya go tlotla Jehofa fa go ne go agiwa motlaagana wa kobamelo ya gagwe. Ga se gore botlhe ba ne ba ka dira selo se le sengwe, mme dipelo tsa bone di ne tsa ba tlhotlheletsa go dira kafa nonofong ya bone. Ka motlhala, basadi bangwe ba ne ba otlha maodi a dipodi a a neng a dirisiwa. Banna bangwe ba ne ba direla jaaka ba ba dirang ditiro tsa diatla tsa mefuta e e farologaneng. Mme batho ka kakaretso? Ebu, ba ne ba tlotla Jehofa ka go ntsha gouda, selefera, kgotlho, boboa, letsela je le boleta le dilo tse dingwe gore motlaagana o tle o kgone go fediwa. Ba ba pelo e e etleetsegileng ba ne ba ‘ntshetsa Jehofa tshupelo’ ka boipelo, mme e ne e le “chupèlo ea peleègō [ya boithatelo].” (Ekesodo 35:4-35) Ba ne ba ntsha bogolo jo bo kae? Aitse, dilwana tse ba di bonyeng “di ne di lekanye tihō go e diha, di ba di sala”! (Ekesodo 36:4-7) Ee, ba ne ba dira kafa nonofong ya bone.

Dingwaga tse dintsi moragonyana Kgosi Dafide o ne a ntsha meneelo e megolo fela thata mabapi le go agiwa ga tempele e e neng e tla agiwa ke morwawe Solomone. Dafide o ne a ba a neelana ka ‘khumo e e leng ya gagwe’ ya gouda le selefera mo boikaelelong joo. Go tswa foo a botsa batho Baiseraele a re: “Go na le mañ eo o ratañ go itomololèla Yehofa gompiyeno ka pelo?” Karabelong ya seo, dikgosana le dikgosi ba ntsha, mme le “Batho ba mayana a a tlhōkègañ a hitlhecweñ mo go bōnè, ba a tsenya mo khumoñ ea ntlo ea ga Yehofa.” Seno se ne se sa dirwe ka go ngongola, ka go bo re bolelelwa jaana: “Hoñ batho ba itumèla, ka ba ntsha ka peleègō, gonne ba ne ba naea Yehofa ka boitumèlo ka pelo e e itekanetseñ: me kgosi Dafide le èna a itumèla ka boitumèlō yo bogolo.” (1 Ditihalō 29:3-9) Botlhe ba ne ba dira kafa nonofong ya bone.

Jaaka batho-ka-bongwe, bontsi jwa Bakeresete ba pele ba ne ba ntsha dimpho go tsweledisa go bolelwa ga Bogosi. Ka motlhala, moaposetoloi Johane yo o godileng o ne a supela gore maloko a phuthego ya Bokeresete ba ne ba tlamega go thusa baemedi ba ba etang ba ba romilweng jalo, “gore re tlè re nnè badihi mmōgō le boamarure.” Johane gape o ne a akgola Gaio ka ntlha ya go tshola “baeñ” ba ba ntseng jalo, bao eleng gore Gaio o ne a sa ba itse mme a ne a ba tshwara sentle ka ntlha ya tiro e ba neng ba e direla phuthego. (3 Yohane 5-8) Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa mo lefelong je le rileng ba ne ba se ka ba kgona go tsamaya maeto a maleele ka ntlha ya “mahoko a a molemō,” mme ba ne ba dira kafa nonofong ya bone.

Diphuthego ka bongwe ka kakaretso le tsone di ne di dirisa dithoto tsa tsone tse di bonalang go godisa tiro ya Bogosi. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a ka bolelela badumedi ba Filipi jaana: “Gonne le mo Thesalonika lo kile loa nna loa roma gañwe le gapè go nthusa mo go tlhokeñ ga me. Ga se gore, ke batla mphō; me ke batla louño lo lo tla totahalèlañ lona.” (Bafilipi 4:15-17) Phuthego yotlhe e ne e ka se kgone go tsamaya le moaposetoloi, mme ba ne ba dira kafa nonofong ya bone.

Kafa Bangwe Ba Ikutlwileng Ka Teng

Jesu Keresete o ne a re: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” Ka jalo ga go gakgamatse go bona batho ba Modimo ba ne ba ipela fela thata morago ga ba sena go “ntsha ka peleègō [ka boithatelo)” mo motlheng wa ga Kgosi Dafide. (1 Ditihalō 29:9; Ditihō 20:35) Moya o o tshwanang o teng gompieno.

Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a kwalela Mokgatlho wa Watch Tower a re: “Ke dingwaga tse 85 mme ga ke sa tlhole ke kgona go tswa thata mo tirelong [mo bodiheding jwa tshimo] ka ntlha ya go golafatswa ke bolwetse jwa go ruruga malokololo, mme ke tla rata go dira sengwe mo go tswelediseng tirelo. Ke tla lo romelela moneelo kgwedi le kgwedi go ya fela kafa ke tla kgonang ka teng mme segolo bogolo ke tla rata go thusa baalogi [ba Sekolo sa Bibela sa Gileade sa Watchtower] bao ba yang mafatsheng a sele.” Mosadi-mogolo yono o ne ka se kgone go direla jaaka morongwa ka boene, mme legale pelo ya gagwe e ne ya mo tlhotlheletsa go dira kafa nonofong ya gagwe.

Malapa ka bongwe ka kakaretso a ile a tshwaraganela go nna le seabe mo go ntshetseng ditlhokafalo tsa go gatisa le thulaganyo ya katologo ya Mokgatlho sengwe. Lelapa lengwe le ne la kwala ka gore: “Re ne ra ikutlwa re kgorometsega jaaka lelapa go dira seno . . . re ne ra ipela fela thata fa basimane ba rona ba babedi ba basha ba ne ba re atamela mme ba bontsha keletso ya go nna le seabe le bone gape mo go ntshetseng Mokgatlho moneelo jaaka lelapa. Seabe sa bone se tswa mo mading a ba neng ba a boloka fa ba ne ba dira sekoroponyana. Re ile ra kgatlhwa fela thata ke dikgatiso tse dintsi tse di ntle le letlotlo le legolo la dijo tsa semoya tseo ka metlha re ntseng re fepiwa ka tsone go tswa tafoleng ya ga Jehofa.”

Kafa Go ka Kgonagalang Ka Gone

Ke ba le kaenyana fela gareng ga Basupi ba ga Jehofa bao ba humileng dithoto, ebile ba bantsi ba tshwanelwa ke go emelana le mathata a tsa itsholelo gompieno. Lefa go le jalo fa ba ntsha madinyana a se kae go tsweledisa pele dikgatlhego tsa Bogosi ga baa tshwanela le ka motlha ba ikutlwa gore meneelo ya bone ga se ya sepe. Fa Jesu a ne a bona motlhogaladi a latlhela matsananyana a le mabedi a e seng a sepe mo lebokosong la moneelo la tempele, ga a ka a mo nyatsa. Go na le moo, o ne a re: “Amarure, kea lo raea, motlholagadi eo oa mohumanegi, o latlhetse segolo go heta bōnè botlhe: Gonne bauō botlhe, ba latlhetse ga letlōtlō ya bōnè mo dineoñ; me èna eo, o latlhetse ga khumanègō ea gagwè gotlhe mo o tshèlañ ka gōna.” (Luke 21:1-4) Lemororo mpho ya gagwe tota e ne e le nnyennye ka mosola, o ne a dira kafa nonofong ya gagwe.

E le gore motho a tle a nne le seo a ka se ntshang, ka metlha go tshwanetse ga nna le thulaganyo, e ka nna ya mothoka-mongwe le malapa kana ka phuthego. Ka mo go tshwanetseng he, fa go ne go tlhaga tlhokafalo mo Bakereseteng ba mo Judea, badumedi-ka-bone ba Korintha bao ba neng ba batla go ba thusa ba ne ba amogela kakantsho e e thusang go moaposetoloi Paulo. O ne a kwala ka gore: “Me yana, kaga madi a a phuthèlwañ baitshepi, yaka ke laotse diphuthègō tsa Galatia, le lona lo dihè yalo. E re ka letsatsi ya ntlha ya weke, a moñwe le moñwe oa lona a beèlè señwe ha thokō, kaha o bonyeñ go bapala ka gōna, gore e tle e re ke tla, go bo go sa tlhole go na le go phutha.”—1 Bakorintha 16:1, 2.

Fela jaaka motho a ka nna le madi mangwe a eleng makata-dimetšhe, ka jalo Basupi ka bongwe, malapa kana diphuthego ba ka nna ka metlha tsa beela sengwe fa thoko go se neela go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri pele. Tota, gantsi diphuthego ka bongwe ka ka karetso di a tle di ntshe moneelo wa madi a a setseng go tsweledisa tiro ya Bogosi. Di dira jalo ka go rulaganyetsa le go dira maitlhomo. Batho ka bongwe ba dipelo tse di ratang le bone gape ba go bona go ka kgonagala go nna le seabe mo go tshegetseng ditiro tsa thero ya Bokeresete lefatshe ka bophara ka go ntsha dimpho ka ntlha ya boikaelelo joo. Go aba mo go ntseng jalo mo go tshwanetseng go oketsa boitumelo jwa bone ebile go ba fa kgotsofalo ya go itse gore ba dira kafa nonofong ya bone.

Dimpho tse di amogelwang ke Mokgatlho wa Watch Tower di ntshediwa lokwalo lwa tshupo-kamogelo. Batho-kabongwe, malapa kana diphuthego tse di eletsang go dira meneelo e e ntseng jalo di ka e romela go Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201, kana mo ofising e e fa gaufi ya lekala la Mokgatlho.

Dimpho tsotlhe tse di amogelwang ke Mokgatlho di anaanelwa fela thata ebile di dirisediwa go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Ka motlhala, ka ditsela tse di ntseng jalo magae a barongwa le ditiro tsa bone di a tshegediwa mo dinageng tse di farologaneng. Gape, didirisiwa tsa magatisetso tseo di tlhokafalelang go phatlalatsa dibuka tsa Bibela ka gone he di kgonwa go bolokwa di dira le go ka katolosiwa fa go tlhokafala. Ka ntlha ya meneelo e e ntseng jalo balebedi ba ba etang ba potologo le ba kgaolo ba kgona go etela diphuthego tsa Bokeresete lefatshe ka bophara ebile ba neela badumedi ka bone thuso ya semoya. (Baroma 1:11, 12) Ba bangwe ba ba mo tirong ya bodihedi jwa nako e e tletseng le bone gape ba thuswa ka tsela e e ntseng jalo.

Babueledi ba pele ba kobamelo ya boammaaruri ba ne ba amogela masego go tswa legodimong ka ntlha ya gore ba ne ba tlotla Jehofa ka dithoto tsa bone tse di mosola. Mme abo ba ne ba itumetse jang ne! Fa le rona ka go tshwana re tshegetsa dikgatlhego tsa Bogosi, le rona gape re segofadiwa ka mo go humileng. Ka gone, ekete re ka arabela ka mo go tlhamaletseng fa dipelo tsa rona di re tlhotlheletsa go dira kafa nonofong ya rona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela