Tlhokomelang Polelelo Pele
“Me re na le lehoko ya polèlèlō pele le rurehadicwe bogolo; ye lo tla boñ lo diha sentlè ha lo le tlhōkōmèla, yaka ha e ka bo e le lobōnè lo lo phatsimañ mo heloñ ha go lehihi.”—2 PETERE 1:19.
1. Ke ditshenolelo dife tse di akabatsang tse Jesu o neng a di dira, go ya ka Mathaio 16:21-28?
BODIHEDI jwa selefatshe jwa ga Jesu bo ne bo atamela bokhutlong. A le gaufi le Kaesarea wa Filipi, kwa bokone jwa Galalea, “Morwa motho” yono o ne a itsise balatedi ba gagwe kaga loso lwa gagwe lo lo atamelang le ka go tla ga gagwe a le mo kgalalelong ya ga Rara. He o ne a ba bolelela ka gore: “Amarure kea lo raea, Go bañwe ba bōnè ba ba emeñ ha, ba ba se ketlañ ba utlwa losho gopè, go tsamaea ba bōna Morwa Motho a tla mo bogosiñ yoa gagwè pele.” (Mathaio 16:21-28) Seno se ne se ka raya eng?
2. (a) Mafoko a ga Jesu a ne a diragadiwa jang mo ponatshegelong e e neng ya bonwa ke Petere, Jakobe le Johane? (b) Tiragalo eno e e galalelang e ne e bolelela pele eng?
2 Mo e ka nnang malatsi a le marataro moragonyana, Jesu o ne a tsaya Petere, Jakobe le Johane a ba isa mo godimo ga thaba e e tsholetsegileng, ka gongwe Heremone wa Dithaba tsa Lebanona. Go ne ga diragala selo se se gakgamatsang fano! Jesu o ne a fetolwa mo matlhong a bone, a apara ponalo e e tsabakelang. Mo ponatshegelong, Moshe le Elija ba ne ba bonwa ba tlotla le ena. Goreng Moshe le Elija? Tota, Jesu o kgethololwa ka botlalo mo Dikwalong jaaka “Moperofeti eo” a neng a tshwantshediwa ke Moshe. Mme tiro e e tshwanang le eo ya ga Elija e nyalanngwa thata le Bogosi jwa Modimo joo mo go jone Keresete a busang. (Ditihō 3:22, 23; Duteronome 18:15-19; Malaki 4:5) Go ne go tshwanela, he, gore ba bo ba bonwa fa ba na le Jesu mo ponatshegelong ya go tla ga gagwe mo kgalalelong ya gagwe e kgolo ya Bogosi ya mo isagweng.—Mathaio 17:1-5.
3. Ke mafoko afe a ga Jehofa a a neng a otlelela botlhokwa jwa ponatshegelo?
3 Go ne go tshwanela gape, gore lentswe la ga Jehofa le ne la utlwiwa le tswa magodimong, le re: “Eo ke morwaake eo ratègañ, eo ke kgatlhègañ thata mo go èna.” Mo go seno, Modimo o ne a oketsa ka mantswe ano: “Lo utlweñ èna.”
4. (a) Ke ka ntlha yang fa tiragalo eo e tshwanetse go re kgatlhisa gompieno? (b) 2 Petere 1:19 e lebisa ‘lefokong lefe la polelelo pele’?
4 Tiragalo eo e e tsitlisang marapo e ile ya tlogela baaposetoloi bao ka boikutlo bofe? E tshwanetse ya re ama jang gompieno? Dingwaga tse di ka nnang 30 moragonyana, Petere o ne a santse a ka gakologelwa kgakgamatso eo ka go tsabakela gotlhe ga yone. O ne a re, “me re na le lehoko ya polèlèlō pele le rurehadicwe bogolo.” E ne e le “lehoko ya polèlèlō pele” lefe? Aitse, ke dipolelelo pele tseo, di jaaka ya Daniele 7:13, 14, tseo jaanong di neng tsa rurifadiwa ka phetogo eo—dipolelelo pele kaga go tla ga Morwa motho mo kgalalelong ya maatla a Bogosi!—2 Petere 1:16-19; bona gape Isaia 9:6, 7.
5. Ke dikoketso dife tse di botlhokwa tse di neng tsa dirwa go “lehoko” leo?
5 Ka nako eo “lehoko ya polèlèlō pele” le ne la tla go akareletsa, gape, dipolelelo pele tse di neng tsa neelwa ke Jesu Keresete ka boene. Gareng ga tseno e ne e le polelelo pele ya gagwe ka Bogosi ka ga “bokhutlō yoa lehatshe,” e gape e neng e lemotsha ka “Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonohō le ka kgalalèlō e kgolo” ka nako ya tlalelo ya lefatshe e e senang bolekane gope. (Mathaio 24:3-14, 30, 31) Moragonyana, “lehoko ya polèlèlō pele” le ne le tla akaretsa dipolelelo pele tse di maatla tsa Bogosi tseo Jesu Keresete yoo o galaleditsweng a neng a di senolela moaposetoloi Johane yo o tsofetseng, jaaka tseo di begilweng go Tshenolō 1:12-16; 5:5-10; 11:15-17 le Re 14:14, 15.
Tlhokomelang!
6. Ke ka ntlha yang fa lefoko la polelelo pele le tshwanetse go nna le bokao jo bogolo mo go rona gompieno?
6 Fa e le gore Petere le balekane ba gagwe ba ne ba tlhotlheletsega mo go kalo mo ponatshegelong eo ya polelelo pele, abo segolo bogolo e tshwanetse ya nna le bokao mo go rona jang ne gompieno! Ereka jaana Morwa motho a setse a gorogile mo kgalalelong ya gagwe, go dula mo setilong sa gagwe se se galalelang sa Bogosi mo magodimong, eleruri ke nako ya gore re ‘utlwe ene’! Eleruri re dira sentle go tlhokomela lefoko ja polelelo pele, “yaka ha e ka bo e le lobōnè le le phatsimañ mo heloñ ha go lehihi,” re le letlelela go phatsimisa dipelo tsa rona.—2 Bakorintha 4:6.
7. (a) Paulo o otlelela jang botlhokwa jwa polelelo pele? (b) Ke ka ntlha yang, segolo bogolo, re tshwanetseng go le tsaya-tsia gompieno?
7 Moaposetoloi Paulo gape o ne a gatelela tlhokafalo ya go tseela molaetsa wa polelelo pele mo dipelong tsa rona. O ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera gore Modimo “o buile le borara mo metlheñ ya bogologolo ka baperofeti,” mme kwa “bokhutloñ yoa metlha (ya tsamaiso ya dilo ya Sejuda)” o ne a bua le bone ka Morwa. Lefoko leo la polelelo pele leo le neng la buiwa ke Jesu le ne la nna bokao jo bogolo thata. Fa le tsewa-tsia, le tla gogela polokong. “Ke gōna,” ga bolela jalo Paulo, “re chwanetseñ go tlhōkōmèla segolo thata dilō tse di utlwilweñ.” (Bahebera 1:1-4; 2:1) Jaanong, kwa ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo ya lefatshe lotlhe,’ re na le lebaka le le utlwalang segolo la go reetsa mafoko a ga Jesu.—Mathaio 24:3, 35; bapisa Isaia 55:6-11.
8. Lefoko la polelelo pele le tshwanetse go re tlhotlheletsa jang, mme ka matswela afe?
8 A go gatelelweng ka gore go tlhokomela ga rona lefoko la polelelo pele ga e a tshwanela fela go nna boikaelelo jwa go bapala kitso. Kgakala kgakala le seo! Lefoko leo le tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira tumalanong le kitso eo, le re dira gore re dire thato ya Modimo, mme segolo bogolo jaanong, ‘mo metlheng ya bofelo-felo.’ (Isaia 2:2, 3) Erile a lebisitse go Jehofa Modimo, mopesalema o ne a re: “Lehoko ya gago ke lobōnè loa dinaō tsa me, le lesedi ya tsela ea me.” Lefoko leo le re kgonisa go tswelela re sepela mo leseding la boammaaruri le mo botsalanong jo bo rategang le Modimo wa rona. Le re dibela mo go reng re se ka ra katogela kong mo lefatsheng la ga Satane. (Pesalema 119:105; Yobe 29:3, 4) Go bona mosola o o nnetseng ruri mo lefokong la polelelo pele, re tshwanetse go tlhagolela lorato lo lo boteng lwa Bibela, re tsaya molaetsa otlhe wa lone go o isa mo botennye jwa dipelo tsa rona. Ka gone re tla tlhotlhelediwa ka metlha go dira thato ya Modimo le go ipoloka mo loratong lwa gagwe.—Mareko 12:29-31; 1 Yohane 4:16; Yude 20, 21.
Malebela a Boperofeti
9. (a) Ke ka ntlha yang re bolela go re pego ya Bibela ga se hisitori e e suleng? (b) Ke letsatsi lefe la pusoloso leo le tshwantshediwang koo?
9 Bibela e tlhalosa ka botlalo jo bogolo bosula jwa Iseraela wa bogologolo. Mme ka ntlha yang? “Gore dl nnè tlhagishō mo go rona ba dikhutlō tsa metlha di wetseñ mo go rona.” Seno se tshwanetse go gatelela mo go rona poifo ya bomodimo, go sa nneng jalo re tla tlhagolela “pelo e e boshula, e e sa dumeleñ, ea go kgaogana le Modimo o o tshedileñ,” (1 Bakorintha 10:11; Bahebera 3:12; Yobe 28:28) Rekoto ya Bibela ga se hisitori e e suleng! E baakanyetsa ka malebela a polelelo pele le mafoko a katlholo ao a bontshang gore Jehofa Modimo gape o tla tsisa pusoloso mme ka selekanyo se segolo fela thata go feta mo metlheng ya Iseraele wa botenegi. Kotlhao ya Modimo mo morafeng oo o o neng o ngaloga ka 607 B.C.E., mme le gape ka 70 C.E., ke tshwantshetso ya kafa, mo bogautshwaneng, bogale jwa gagwe jo bo tukang bo tla thelwang mo go La-Bodumedi segolo bogolo. Re tla bo re dira sentle go tsaya-tsia lefoko leo la polelelo pele!—Yeremia 7:28, 32-34; Mathaio 24:3-22.
10, 11. (a) Ke papiso efe e e re thusang go anaanela gore eno e le ruri ke ‘metlha ya bofelo’? (b) Ke jang, segolo bogolo, makoko a La-Bodumedi a diragaditseng polelelo pele?
10 Kwa ntle go kganetso epe, re setse re tsene mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso ya bobusi jwa lefatshe jwa ga Satane. O tshwanetse fela wa bapisa lefatshe la gompieno le mafoko a ga moaposetoloi Paulo mo go 2 Timotheo 3:1-5, 13 go lemoga lebaka leo. Mme segolo bogolo gareng ga makoko a a tlhakaneng tlhogo a ditumelo tsa La-Bodumedi abo re fitlhela batho “ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse.” Ga ba na molaetsa wa mmatota wa poloko.—Bapisa Mathaio 7:21-23.
11 Makoko a mantsi a La-Bodumedi a nyalana sentle le tlhaloso e e neetsweng ke moperofeti wa ga Jehofa, fa a ne a re: “Gonne batho ba me ba dihile mashula a le mabedi; ba latlhile nna [Jehofa Modimo] eo ke leñ mocwedi oa metse a a tshedileñ, me ba ikgabetse madu, madu a a phunyegileñ, a a sa kakeñ a tshegetsa metse apè.” (Yeremia 2:13) Abo go le boammaaruri jang ne gore makoko a La-Bodumedi a latlhile Morena Modimo Jehofa le melao-metheo ya gagwe e e siameng e e tlhomilweng mo Lefokong la gagwe! Ba ila le eleng go umaka leina la gagwe. Mo boemong jwa seo, ba ile ba ikgabela “madu a a phunyegileñ” ba retologela matlhajaneng le maretshweng a batho le go polotika le lefatshe. Mo dinageng tse dintsi dikereke tsa bone di lelela go engwa nokeng ka ntlha ya go bo batho ba sa bone mo go tsone metsi a boammaaruri a a thobang. Lefa go ntse jalo, phapaanong le seo, go na le letlotlo le le thobang la semoya le le ka fitlhelwang gareng ga bao ka boikanyegi ba direlang Jehofa.—Isaia 55:1, 2; 65:13, 14.
Baetapele ba Lefatshe Ba Reng
12. Ke ka ntlha yang fa go sa thuse sepe go ikanya baetapele ba batho go falola?
12 Bibela ga e nosi mo go tlhagiseng ka tshenyego ya lefatshe. Mokwaledi-mogolo wa Merafe e e Kopaneng wa gompieno o ne a tlhalosa gore ke lantlha mo ditsong tsa motho re beilweng jaanong “mo lotshitshing lo lo sesanyane magareng ga kgatlampolo le phalolo.” Ntsho-maikutlong e e neng ya kwalwa maloba jale ka 1958, Tautona wa pele wa U.S. Harry Truman o ne a re: “Re lebane jaanong le tshenyo e kgolo. . . . Tshenyo eo e gaufi thata fa e le gore baetapele ba bagolo ba lefatshe ga ba e thibele.” Mme mo dingwageng tse 25 tse di fetileng, a “baetapele ba bagolo” ba ile ba suteletsega go thibela tshenyo e kgolo? Mo boemong jwa moo, jaanong ba senya didolara tse di sedikadike motsotso mongwe le mongwe mo dibetseng tse di tsitsibanyang tsa bodiabolo tsa kganyaolo e e feletseng. Ke mabapi le “baetapele ba bagolo” ba ba nntseng jalo bao mopesalema a neng a kwala ka gore: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna.”—Pesalema 146:3.
13, 14. (a) Ke tsholofelo efe ya maaka eo baetapele ba bodumedi ba ileng ba lebisa go yone? (b) Go ya ka Isaia, tsholofelo ya mmatota ke efe?
13 Seemo se se kgaolang pelo se potile ka kwa maatla a merafe go se thaisolola. Le e leng se go tweng ke Merafe e e Kopaneng, e itshupile e le patlelo ya ditlhopha tse di goagoanang ka dikomano go na le go nna motswedi wa go tlisa kagiso le polokesego. Bo-mopapa Paul VI le John Paul II mongwe le mongwe o ne a iponatsa fa pele ga UN, ka mabela a magolo fela thata. Ba ne ba bolela fa lekgotla leo e le ‘tsholofelo ya bofelo ya tshwaragano le kagiso’ ya setho. A mme gone go jalo?
14 Mo lefokong la gagwe la polelelo pele Jehofa o bua ka tsholofelo ya mmatota. O ne a tlhotlheletsa Isaia go bolelela pele ka botsalo jwa morwa yo o neng a tla nna “Kgōsana ea Kagishō.” Yono ke Keresete Jesu, yo a neng a tshwantshediwa ke Kgosi Dafide wa bogologolo. Polelelo pele e tswelela go bolela jaana ka Jesu: “Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō, a le mo setuloñ sa bogosi sa ga Dafide, le mo bogosiñ yoa gagwè go bo tlhōmamisa, le go bo tshegetsa ka katlholō le ka tshiamō, go tloga gompiyeno go ea bosakhutleñ. Tlhōahalō ea ga Yehofa oa mashomōshomō e tla dihatsa selo se.” (Isaia 9:6, 7) Mme tlhoafalo ya ga Jehofa e tla tlisa jang ‘kagiso e e se ketlang e nna le bokhutlo’?
“Bogosi yoa Modimo Bo Atametse”
15. Jesu o ne a otlelela jang tsholofelo ya Bogosi?
15 Ene yo o leng mogolo mo go Dafide, Jesu Keresete, o ne a bolelela pele malebana le dintwa tse dikgolo le ditlalelo tse di tla nnang gone mo lekgolong la rona la dingwaga la bo-20. O ne a bolelela pele ka ditiragalo tse di tshosang, tlalelo ya merafe, le tebelelo e e boifisang ya dilo tse di tlang mo lefatsheng. Go tswa foo o ne a re: “Me e tla re dilō tse di simologa go dihala; hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla. . . . Ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.” (Luke 21:10, 11, 25-31) Bogosi jwa Modimo! Tharabololo he ke eo ya mathata a setho. Go kgabaganya dingwaga, a ga re a ka ra nna ra rapelela Bogosi joo gore bo tle? Seo ke sone se Jesu a neng a re laela go se dira, fa a ne a re: “Ke gōna lo rapèlè, lo re yana: lo re, Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.—Mathaio 6:9, 10.
16. Bogosi jwa Modimo bo “atametse” ka tlhaloganyo efe?
16 Lefoko la polelelo pele le re bolelela gore jaanong “bogosi yoa Modimo bo atametse.” Mme ka tlhaloganyo efe? Moperofeti wa Modimo Daniele o a tlhalosa. Morago ga go tlhalosa ka magosi, kana mebuso, ya setho “kwa motlheñ oa bokhutlō,” o ne a re: “Me e tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.” (Daniele 12:4; 2:44) Ka jalo lefatshe ga le tshujwe ka matlhotlhapelo a nuclear ao a senyang botshelo jotlhe jwa setho. Go na le moo, Bogosi jwa Modimo bo feela banna le merafe e e boikepo go tloga mo kgolokweng ya rona, mo paakanyetsong ya puso ya lefatshe lotlhe e e nnetseng ruri mo magetleng a “Kgōsana ea Kagishō.”—Isaia 9:6.
Pusoloso ya Modimo E Diragaditswe
17. Kgoeletso ya “Kagishō le thagamō!” e tla tshwaya eng?
17 Dipolelelo pele tsa Bibela di kgonosetse mo motlheng wa rona. Di re bontsha gore go larileng fela fa pele ga rona. “Ka gonne dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.” (Baroma 15:4) Lefoko la polelelo pele le tlhalosa ‘tsholofelo ya bofelo ya kagiso’ ya setho, UN, jaaka sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo. Ija we, se ka nna sa bopa mofuta mongwe wa kagiso e e lolea mme sa nna le seabe mo kgoeletsong ya “Kagishō le thagamō!”—tumalanong le tsamaiso-motheo ya yone ebile e le tiragatsong ya polelelo pele e e go 1 Bathesalonia 5:3. Mme he Jehofa o tla dira dilo gore “dinaka” tsa sesole tsa UN di swafatse bodumedi jwa maaka, “Babelona o Mogolo,” oo makoko a La-Bodumedi a dirang karolo e e matladika go di feta tsotlhe. Go tswa foo, fa “dinaka” tseo di retologela go tlhabana le kwana, Jesu Keresete, ka go tlhasela basupi ba ga Jehofa ba ba ratang kagiso, tšhaka ya Modimo e tla kgatikanyediwa mo godimo ga merafe eo le masole a yone, mme “ga ba ketla ba halola gopè.”—Tshenolō 17:3-6, 12-17.
18. (a) Go ya ka lefoko la polelelo pele, ke eng seo se tla diragalelang merafe e e tla tlhaselang batho ba Modimo? (b) Modimo o tla atlhola dikgang jang kwa bofelong?
18 Dibetsa tsa nuclear tsa merafe ga di ketla di ba baakanyetsa ka tshireletsego ka nako ya ‘ntwa eo ya letsatsi je legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ ntwa ya Aramagedona. (Tshenolō 16:14, 16) Fa e le gore dibetsa tseo tsa phetso ya batho losika di ka dirisiwa gotlhelele, di tla thusa fela mo go reng merafe e nyeletsane. Mo metlheng ya Kgosi Jehoshafate wa Juda yo o neng a le molemo, masole a baba a ne a gatela pele go tlhasela batho ba Modimo ba go neng go bonala ba ka se iphemele. Mme Jehofa, ka moperofeti wa gagwe, o ne a ba bolelela gore: “Lo se ka loa boiha, le gōna lo se ka loa rèrèga ka ntlha ea bontsi yo bogolo yo; gonne tlhabanō ga se ea lona, ke ea Modimo.” Jehofa o ne a lalela baba bao, mo e leng gore ‘ba ne ba kgemethana’ go fitlhelela botlhe ba nyelelela ruri. (2 Ditihalō 20:15-23; bapisa gape Baatlhodi 7:22; Esekiele 38:21-23; Sekaria 14:13.) Matswela a bofelo a tla kaelwa ke “Kgosi ea dikgosi” e e tlhomilweng mo setilong sa bogosi sa Modimo le masomosomo a baengele ba gagwe, bao ba tla kgekgethang baba ba gagwe go fitlhelela go yo o tla lekang go falola wa bofelo. Le e leng Satane le badimona ba gagwe ba tla latlhelwa mo moleting.—Tshenolō 19:11-16, 21; 20:1-3.
19. (a) Ke thuto efe e re tshwanetseng go e sela mo go Genesise 18:23-33? (b) Ke bomang fela bao ba tla bolokwang go tswa mo ‘sepitleng se segolo’?
19 Lefa go ntse jalo, a ga se selo se se tshosang go bo Jehofa a senya tsamaiso ya lefatshe leno lotlhe, go se karolo epe ya lona e le ka motlha e tla tsosolosiwang? Ka gongwe bangwe ba ikutlwa jaaka Aberahame a ne a ikutlwa ka Sodoma le Gomora, gore fa go ne go na le batho bangwe ba ba siameng ba le 50 fela, kana 45, kana 30, kana 20, kana le eleng ba le 10 ba ba neng ba ka fitlhelwa koo mo lefatsheng, he “Moatlhodi oa lehatshe yotlhe” o ne a sa tshwanela go ba feela botlhe. (Genesise 18:23-33) Mme lefoko la polelelo pele le go papamatsa sentle gore lefatshe la ga Satane ga le a siama go tswa kwa phogong go ya kwa khubung ya lonao mme le gore le tla tlosiwa gotlhelele! (Yeremia 25:31-33; Sefania 3:8) Nama e le yosi fela e e tla bolokwang ka “sepitla se segolo” e tla nna, jaaka Jesu a ile a tlhalosa ka boene, “motho” yo o ineetseng wa batlodiwa ba gagwe ba ba itshenketsweng le balekane ba bone ba seka-dinku. Ga go bape ba bangwe ba ba balelwang ba le tshiamo mo ponong ya ga Jehofa.—Mathaio 24:21, 22; 25:31-33, 46; Yohane 10:16; Habakuke 3:1, 2, 12, 13.
20. Jaaka Basupi ba ga Jehofa, ke eng seo re tshwanetseng go nna pudi-matseba ka sone mo metlheng eno ya bofelo?
20 Lefoko la polelelo pele la ga Jehofa le ntse le “itlhaganèlèla” tiragatsong ya lone ya bofelo. Re tshwanetse go le ‘leta.’ (Habakuke 2:3) Ka gone, jaaka Basupi ba ga Jehofa, a re boleleng ka bopelokgale “letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona” mme re nneng ‘sebete’ jaaka baaposetoloi ba ga Jesu mo go gomotseng ba ba lelang ka mafoko a a molemo a poloko. (Isaia 61:1, 2; Ditihō 4:8-13, 18-20) A ka metlha re nneng re tsogile, gape, mo go tseyeng tsia mafoko a ga Jesu: “Me lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru: Gonne le tla wèla yalo botlhe ba ba agileñ mo lehatshiñ lotlhe hèla. Me lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ le go èma ha pele ga Morwa Motho.”—Luke 21:34-36.
O ne o ka araba jang?
◻ Ke thuto efe e re e ithutang go tswa go 2 Petere 1:16-19 le dikwalo tse di nyalanang le leo?
◻ Ke melemo efe eo re ka e bonang ka go ‘tlhokomela lehoko ja polelelo pele?’
◻ Ke eng seo se boleletsweng pele jaaka se se leng gaufi, mme ke ka ntlha yang re tshwanetse go sa boife?
◻ Jaaka “letsatsi ya pusholoshō” ja Modimo le atamela, re tshwanetse ra bo re dirang?
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
“Tlhabanō ga se ea lona, ke ea Modimo”