Lefoko la Modimo Le Tshedile
Jesu O Solofetsa Boshafatso Jwa Dilo
“BŌNA, rona re tlogetse gotlhe, me re gu setse moragō,” moaposetoloi Petere o raya Jesu jalo. “Me ka re, rona rea bo re tla bōna eñ?” Akanyetsa phetolo e e gakgamatsang ya ga Keresete: “Amarure kea lo raea, ka re, Lona ba lo ntshetseñ moragō, e tla re mo Boshahacoñ yoa dilō cotlhe, ha Morwa Motho a dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō, le lona lo tla dula mo dituloñ tsa bogosi di le shomè le mecō mebedi.”—Mathaio 19:27, 28.
Ka jalo Jesu fano o solofetsa Petere le baaposetoloi ba bangwe gore ba tla busa le ene jaaka dikgosi, ba ntse mo ditulong tsa bogosi. Mme leng? Mo “boshahacoñ yoa dilō,” Jesu a rialo. BOSHAFATSO JONO JWA DILO ke eng? Mme bo tla itemogelwa leng?
Tiragalo ya Bibela ka Luke ya boemo jo bo tshwanang e thusa go kgetholola ‘boshafatso jwa dilo.’ E balega ka gore: “Petere a re, Bōna, rona re tlogetse ma ga rona, me re gu setse moragō. [Jesu] a ba raea, a re, Amarure, kea lo raea, Ga go opè eo o tlogetseñ ntlo, kgotsa mosadi, kgotsa bana ba ga rragwè . . . Eo o se ketlañ . . . [a amogela] le botshelō yo bo sa khutleñ mo lehatshiñ ye le tlañ.”—Luke 18:28-30.
Ka jalo ‘boshafatso jwa dilo’ fano bo kgethololwa le ‘lefatshe je le tlang.’ Fa Keresete a dula mo setilong sa gagwe sa kgalalelo mo legodimong, ga mmogo le bao a tla busang le bone, he go latela boshafatso jwa dilo jwa tsamaiso ya tshiamo ya dilo. (2 Timotheo 2:11, 12; Tshenolō 5:10; 14:1, 3) Kakanyetso ya mofuta wa tshimologo e Modimo o neng a e neela batsadi ba rona ba ntlha mo Edena e tla neela mogopolo wa seo boshahatso jwa dilo bo tla bong bo le sone.
Jehofa Modimo o ne a bopa batho ba ntlha ba babedi, Adame le Efa, ba itekanetse mme a ba baya mo tshimong ya Edena. E ne e le paradaise ya boitumelo. Jehofa kwa tshimologong o ne a ikaeletse gore batho ba tla tshelela ruri mo lefatsheng ba ipelela kagiso le polokesego ya boammaaruri, jaaka tse o di bonang di tshwantshitswe fano. Lefa go le jalo botsuolodi bo ne jwa bodisa paradaise eo ya kwa tshimologong, mme, kgabagare, jwa felela ka tsamaiso ya dilo e e boikepo e e leng gone jaanong.
A boikaelelo jwa Modimo jwa go nna le lefatshe la Paradaise ga bo ketla bo diragadiwa? Nyaa, ga go ketla go nna jalo! Re na le tsholofetso ya ga Keresete ka boene gore tsamaiso ya tshiamo eo setho se neng sa simolola botshelo ka yone mo lefatsheng leno e tla shafadiwa gape. Go tla nna le tsosoloso ya maemo a Se-Edena, mme e re kgabagare maemo ano a atolosediwe lefatshe ka bophara. Ka gone Mmopi o tla tlotlomatsa boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong jwa go nna le tsamaiso ya tshiamo ya dilo e e nnetseng ruri. Eleruri re ka ipela mo tebelelong eno e e theilweng mo Bibeleng!—Pesalema 37:29; Tshenolō 21:3, 4.