Ditlamego kana Dikgatlhego—O Eteletsa Gofe Pele?
MMOPI, Jehofa Modimo, o re dirile re na le kgololesego ya boikgethelo. Ke gore, o re file kgono le kgololesego ya go itlhophela seo re tla se dirang. Ka nako tse dingwe seno se raya go tlhopha magareng ga ditlamego le dikgatlhego.
Go ya ka leboko le le tumileng, “Fa tlamego le kgatlhego di thulana, mma dikgatlhego di nwele mo seretseng.” Lefa tlamego le kgatlhego gantsi di thulana, ga go tlhokafale mo go kalo-kalo go re go nne jalo. Mme fa di thulana, re eteletsa gofe kwa pele? Tlamego e tlhalosiwa jaaka ‘sengwe se se bofang motho kafa tlamegong ya boitshwaro go se dira kana go sa se dire.’ Kgatlhego ke ‘boemo jwa kgotsofalo; monate; boipelo,’ boikutlo jwa go itumela.
Ditlamego tsa Rona
Jaaka Jesu Keresete a bontshitse, ditlamego tsa rona le ditshwarego tsa pelepele ke tseo re nang le tsone tebang le Modiri wa rona, Jehofa Modimo. (Mareko 12:29, 30) Se segolo thata mo gareng ga maikaelelo a Modimo mo batlhankeng ba gagwe gompieno ke go neela bosupi ka leina la gagwe le Bogosi le go dira barutwa. (Isaia 43:10-12; Mathaio 10:7; 24:14; 28:19, 20) Go kgona go diragatsa ditlamego tseno ka tshwanelo, Bakeresete ba tshwanetse ba tswelela ka go bapala kitso ya Bibela, ka metlha ba kopanela le badumedi ka bone le go nnela ruri mo thapelong. Ka gone ditlamego tsa pele-pele tsa Mokeresete di akareletsa ditlamego tseno tse dingwe.—1 Timotheo 4:16; Bahebera 10:23-25; Baroma 12:12; Moreri 12:13.
Re na gape le ditlamego go baga-rona. Tseno gantsi ke tsa sebopego sa selefatshe, kana tsa mofuta wa boitshediso. Re ‘tshwanetse go bereka gore re bone go ka ja,’ ka go bo ga re a tshwanela go solofela go jeswa ke ba bangwe. Go a tshwanela gore re baakanyetse ka dilo tse di tlhokafalelang malapa a rona. Re tshwanetse ra obamela melao ya lefatshe, e e jaaka ditaelo tsa mesepele ya dikoloi, ebile re tshwanetse go duela makgetho a rona.—Baroma 12:17; 13:1-7; 2 Bathesalonia 3:10; 1 Timotheo 5:8.
Re na le ditlamego tebang le Modimo, ditlamego tsa malapa a rona, ditlamego tsa bangwe ka rona mme, ee, ditlamego tebang le rona. Ditlamego, ditlamego, ditlamego! A seno se raya gore ga go na nako kana sebaka sa go ipelela dikgatlhego tsa botho? Nnyaa, seno se raya fela gore re tshwanetse ra kganelela dikgatlhego mo boemong jwa tsone. Ga re a tshwanela go nna jaaka ba bantsi mo “metlheñ [eno] ea bohèlō,” batho ba eleng “barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.”—2 Timotheo 3:1, 4.
“Dikgatlhègō” Tse Di Ilediwang
Ka go baya dikgatlhego mo boemong jwa tsone, re tshwanetse ra lemoga gore dingwe tsa tsone di ka se letlanngwe le ditlamego tsa rona, ka go bo di sena sebaka mo matshelong a rona a Bokeresete. Gompieno go na le batho bao ba tlolang ka bomo melao ya tsa mesepele ya dikoloi, ba dira bogodu kana ba kopanyelediwa mo dibopegong tse dingwe tsa tlolo-molao fela ka ntlha ya “go ja monate” ga teng, kana jaaka ba tle ba bue, “go balola.” Ka phepafalo, ditiro tsotlhe tse di ntseng jalo ke “dikgatlhègō” tse di ilediwang.
Batho ba bangwe ba lelekisa dikgatlhego ka diokobatsi, ba nna makgoba a diokobatsi tse di papielang tlhaloganyo. Ba bangwe ba sa ntse ba kgatlhiwa ke go dirisa motsoko ka sebopego sengwe kana tsela e sele. Ditlwaelo tse di ntseng jalo gape di thulana le ditlamego tsa rona go Modimo le mongwe ka rona. Bakeresete ba tshwanetse go nna batho ba ba gololesegileng, ba tshwanetse ba nna le lorato lwa boagelani ebile ba gakololwa gore ba ‘intlafatse mo lesweng lengwe le lengwe la nama le la moya.’—2 Bakorintha 7:1; Mathaio 22:39; Baroma 6:6, 16; 13:10.
Kwantle ga pelaelo sebopego se se tlwaelegileng sa kgatlhego e e ilediwang e go itlhapedisiwang thata mo go yone gompieno ke eo ya go tlhakanela dikobo mo go sa letlelelwang. ‘Dikeletso tsa dikgatlhego tsa go itlhapedisa’ tsotlhe tse di ntseng jalo di thulana le ditlamego tsa rona go Modimo le go moagelani. (Yakobe 4:3; Diane 6:20-35) Re tshwanetse go tila eseng fela go tshwarega mo boitsholong jo bo maswe jwa kafa dikobong mme le gape go tshameka ka jone. Lebaka fela la gore dikgatlhego tse di ntseng jalo tse di ilediwang tsa boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong go bonala ekete go di dira gore di eletsege le go ipedisa, le eleng fela jaaka seaka se gwetlha ka gore: “Metse a a ucwiwañ a monate, le sengwè se se yèlwañ mo sephiriñ sea nateha.”—Diane 9:17.
Ke ka ntlha yang fa dikgatlhego tse di ntseng jalo di raela nama e e leofileng? Ka go bo “go akanya ga pelo ea motho go le boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.” Ka jalo Mokeresete o tshwanetse go ‘ikgoba mmele le go o baya mo taolong,’ le eleng fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a dira. (Genesise 8:21; 1 Bakorintha 9:27) Ga re a tshwanela go ineela mo dikgatlhegong tseno tse di leswe fa re eletsa kamogelo ya bomodimo.—1 Bakorintha 6:9-11.
Melao-metheo E E Laolang Go Ipelela Dikgatlhego
Go na le dikgatlhego tse dintsi tse di ka ipelelwang ke Bakeresete. Mme go di boloka mo boemong jwa tsone jo bo siameng go di ipelela ga tsone go tshwanetse ga ineela mo go kaelweng ke melaometheo ya boleng, bogolo, nako le ditshenyegelo. Go tshwantsha: Kwantle ga pelaelo kgatlhego eo e ipelelwang ka bontsi jo bogolo ebile gantsi e ipelelwa ke batho thata ke go ja. Go dira gore go natehe eleruri e ne e le bopelonomi jo bo lorato mo letlhakoreng ja Modimo. Natefo eno e ka bolelwa e papamadiwa ke molao-motheo wa gore ‘re jela go tshela, ga re tshelele go ja.’
Go phepafetse gore, ereka melao-metheo e tshwanetse go laola go ja ga rona, re tla batla go tlhopha dijo eseng fela tseo di itumedisang magalapa a rona mme e leng tse di re siametseng. Re tla batla gape gore re se Je bobe, re sa je go feta seo se re siametseng. Gape, re tshwanetse go elatlhoko nako ya rona. Go itsege sentle gore dijo tse dintsi di a tle di kgoreletsane le theetso e ntle le tiro e e matsetseleko a a kwa godimo. Le eleng fela jaaka moopedi yo o setswerere a se ketla a ja dijo tse di nonneng thata kana dijo tse dintsi thata pele a ka tsena mo khonsateng, le rona ga re a tshwanela go dira jalo pele fela re ka tshwara kabelo e e bokete kana go neela polelo ya Bibela. Tota, dijo tse di nonneng di ka nna tsa re kgoreletsa go ipelela polelo ya Bibela ya mongwe. Legale, ka batho ba go nang le dijo tse di ba ganang kana boIwetsi jwa sukiri, kana bao ba nonneng bobe, ba tshwanetse segolo bogolo ba elatlhoko melao-metheo eno ya boleng, bogolo le nako fa ba ipelela monate wa go ja. Gape he, ga re batle go nna botlhaswa mo go reng re senyegelwa go le kana kang, re feteletsa fa re duelela monate ono.
Kgatlhego e nngwe eo bantsi ba e ipelelang ke go lebelela dithulaganyo tsa thelebishene. Jaaka Bakeresete re batla go tlhomamisega gore dithulaganyo tseo re di lebelelang di a kgatlhisa le go nna phepa, fa go se jalo di bo di ruta. He gape, re tla batla go nna kelotlhoko ka bogolo, re sa senye dioura tse dintsintsi re lebeletse TV, mo eleng gore re tla tlhoka boroko jo bo lekanetseng kana re palelwe ke go diragatsa ka botlalo ditlamego tsa rona. Nako gape e tshwanetse ya akanyediwa, ka go bo re sa batle le ka motlha go lesa dithulaganyo tsa TV di kgoreletse go bona ga rona boikhutso jo bo tlhokafalang kana ditelekiso tseo tsa Bokeresete tse di jaaka go nna teng mo dipokanong tsa phuthego.
Seo se dirang mo go kgatlhegeleng go lebelela TV se dira ka maatla a magolo ka go tshwana mo dibaesekopong kana go nna teng mo ditiragalong tsa metshameko. Fa re tshwanetse ra bo re reeditse polelo ya Bibela le Bakeresete ka rona, ga go tshwanele eleruri go bo re le kwa setadiamong sengwe re lebeletse motshameko wa bolo, a ga go jalo? Le eleng gone go letlelela ga rona go rata mmino go dira gore re dire phoso e e tshwanang.
Re ka nna ra kgatlhwa thata ke go latela tiro nngwe ya go intsha bodutu. Mme le gape fano, re tshwanetse ra bontsha boikgapo mme re beye dilo tse e leng tsa botlhokwa kwa pele-pele. Go tweng fa e le gore tiro ya rona ya go intsha bodutu e re tlhakanya le batho ba ba bosula ba ba gogang ebile ba dirisa matlhapa? Kana go tweng fa e le gore tiro ya rona ya go intsha bodutu ke e e dirang ditshenyegelo tse dintsi, e gobatsa boitekanelo jwa rona kana e direla lelapa la rona matshwenyego? Fa e le gore go ntse jalo, a go tla bo go sa tshwanela go fetolela tiro ya rona ya go intsha bodutu go ya go e nngwe?
Mme le eleng fa tiro ya rona ya go intsha bodutu kana ya go intsha letsapa e sena dikarolo tse di belaetsang, re tshwanetse ra nna kelo tlhoko ra e baya mo boemong jwa yone. Monna yo o nyetseng o ka nna a bo a rata bolo-kolokotiso. Mme fa e le gore lelapa la gagwe le ka se ipelele bolo-kolokotiso le ene, e tla bo e le botlhale ebile go supa lorato fa a ka khutlela tiro eno. Le gone a ka se ye kwa kgaisanong ya bolo-kolokotiso fa e le gore seo se tla raya go tlhokomologa go nna gone kopanong ya Bokeresete. Tota, seo se leng boammaaruri ka bolo-kolokotiso, se dira ka maatla a a tshwanang mo ditirong tse dingwe tsa boitloso-bodutu tse di jaaka go itlhabisa phefo, go thuma kana go tsamaya ka mokoro.
Malatsi a boitapoloso a lebelelwa jaaka dipaka tsa boipelo. Mme, jaaka Bakeresete, fano le gone ga re batle go nna botlhaswa mabapi le boitshwaro jwa rona fela ka go bo re le gareng ga baeng kana re na le nako e ntsi thata. Kana gore re tla batla go bona mafelo a a rileng kana re etele mafelo mangwe a boitloso-bodutu fa seo se raya go re ga re ne re nna mo dikopanong tsa Basupi ba ga Jehofa.
Boipelo mo go Diragatseng Ditlamego
Ee, go ka nna le boipelo jo bogolo mo go diragatseng ditlamego. Lefa batho ba bantsi ba gopola gore ditlamego le dikgatlhego di a thulana, tota ga go a tshwanela gore go nne jalo. Lebaka ke gore re ka bona boipelo jo bogolo mo go diragatseng ditlamego tsa rona—fa e le gore re na le boikutlo jo bo tshwanetseng jwa mogopolo. Kwantle le pelaelo monna wa ntlha, Adame, o ne a ipelela fela thata go tlhokomela legae la gagwe, tshingwana e ntle ya seka-paka ya Edena. O tshwanetse gape a bo a ile a bona boipelo jo bogolo mo go tlwaelaneng le diphologolo tsotlhe mo tshingwaneng eo le go di taya maina. Mme fa Jehofa Modimo a ne a neela Adame mosadi Efa, boipelo le boitumelo tsa gagwe di ne tsa penologa, jaaka go bontshiwa ke Genesise 2:15, 18-23.
Monna o ka bona boipelo mo go direng tiro e e mosola, go sa kgathalege mofuta wa yone, fa e le gore o e leba jaaka tsela ya go itshedisa—go baakanyetsa ka tlotlego ene le lelapa la gagwe. Go tshwana fela ka mosadi yo o nang le boikutlo jo bo tshwanetseng jwa mogopolo. O ka bona boipelo jo bogolo mo go bolokeng legae la gagwe le le phepa le bothakga, a baakanyetsa lelapa la gagwe dijo tse di monate, le tse di otlang, le tse dingwe jalo.
Sekai se se gaisang segolo bogolo mo go boneng boipelo mo go diragatseng ditlamego se bonwa mabapi le Basupi ba ga Jehofa. Ba iponela boipelo jo bogolo ka go bala Bibela le go ithuta boammaaruri jo bosha. Mo go seno, ba ikutlwa jaaka mopesalema yo o neng a re: “Ke itumèla ka lehoko ya gago, yaka motho eo o bōnañ thopō e kgolo.”—Pesalema 119:162.
Basupi ba ga Jehofa ba bona gape boipelo ka go phuthega ga bone mmogo kwa dipokanong tsa bone tsa phuthego le dikopanong tse di tshwarwang ka metlha. Mo godimo ga moo, Bakeresete bano ba bona mafoko a ga Jesu a le boammaaruri: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” (Ditihō 20:35) Ka go tsamaya ka ntlo le ntlo ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, segolo bogolo ba a bo ba diragatsa tlamego e ba nang le yone fa pele ga Modimo le batho. Fa ba bona mongwe a iketleeleditse go reetsa le go tlotla Bibela le bone, segolo bogolo fa motho yono a itshupa a ‘lemoga tlhokafalo ya gagwe ya semoya,’ ba bona kgotsofalo ya boipelo mo tirong ya bone.—Mathaio 5:3.
Go Tlhokotsa Boikutlo jwa Rona jwa Tlamego
Ke eng seo se tla thusang go tlhokotsa boikutlo jwa rona jwa tlamego le go boloka dikgatlhego mo boemong jwa tsone jo bo tshwanetseng? Tshiamiso le go akanya di tla thusa. Ka motlhala, re tshwanetse ra itshupa go siama gore re tle re nne pelotshweu ka amaaruri. Eleruri, go tla bo go sa tshwanela go thusa ba bangwe go ya mo go reng re bo re amoge malapa a rona ditlhokafalo. Mme go akanya go dira gore re lemoge gore bokgakala jo ka jone re palelwang ke go diragatsa ditlamego tsa rona, ka bogolo jone joo re tla itirela phoso le go ikgobatsa ebile le ba bangwe. Ereka re se ketla re batla batho ba bangwe ba re gobatsa, re tshwanetse go tila go ba gobatsa.—Luke 6:31.
Segolo bogolo re tla thuswa ke lorato go baya tlamego kwa pele ga kgatlhego. Go rata Modimo go raya go boloka ditaolo tsa ona, go diragatsa ditlamego tsa rona malebana le Modimo. (1 Yohane 5:3) Lorato lwa moagelani wa rona lo tla re dira go re re tshwenyege ka ga gagwe, eseng fela ka borona.—1 Bakorintha 10:24.
Kwantle go pelaelo epe he, go na le sebaka sa kgatlhego mo matshelong a rona. Re ka bona boipelo jo bogolo mo go diragatseng ditlamego tsa rona. Mme gape, re ka ipelela dikgatlhego tse dingwe, fa re di laola mme re tila tseo di thulanang le ditlamego tsa rona. Ka jalo a re lebeng boleng, bogolo le ditshenyegelo tsa dikgatlhego tsa rona, ga mmogo le nako eo re e senyang mo go tsone. Seno tota, se raya go baya tlamego kwa pele ga kgatlhego.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Basupi ba ga Jehofa ba bona boipelo jwa mmatota mo go diragatseng tlamego ya bone ya go rera mafoko a a molemo