Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ Ke eng se se tshwanetseng sa dirisediwa ditshwantshetso tsa sejo sa maitseboa sa Morena, mme ebile ditshwantshetso tseno di tshwanetse tsa tshwarwa jang?
Segopotso sa ngwaga le ngwaga sa Sejo sa Morena sa Maitseboa (Segopotso) ke keteko e le yosi eo Bakeresete go ya kafa dikwalong ba laetsweng go e tlhokomela. Jesu o ne a e simolodisa mo bosigong jwa Nisane 14, 33 C.E., morago ga go keteka Tlolaganyo ya Sejuda. Mo pele ga gagwe go ne go na le dijo tsa mefuta e e farologaneng tse di neng di dirisiwa mo sejong sa Tlolaganyo. Pego ya ga Luke e re:
“[Jesu] a tsaea senkgwè, me ea re a sena go leboga, a se ñathoganya, a se ba naea, a re, Se ke mmele oa me, o o ntshediwañ lona; dihañ mo, lo nkgopolè ka gona. Senwèlō le shōna, a se tsaea yalo, moragō ga go sena go yèwa, a re, Senwèlo se, ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me, eboñ a a chololèlwañ lona.”—Luke 22:19, 20.
Modimo o ne o laetse Bajuda go dirisa “senkgwe [dipapetlana] se se sa bedisiwañ” ka nako ya Tlolaganyo. (Ekesodo 12:8) Ka gone ‘borotho’ jo Jesu a neng a bo dirisa e ne e le dipapetlana tse di sa bedisiwang. Se ne se dirilwe ka bopi jwa korong jo bo sa lokwang ka letswai kana motswako ope o sele, ka go bo di ne di emela “senkgwè sa pogishō.”—Duteronome 16:3.
Basupi ba ga Jehofa gompieno ba dirisa “senkgwe” se se tshwanang. Mo makgetlong a mangwe di matzos tsa Sejuda di a rekwa le go dirisiwa, go dirwa ka kelotlhoko gore go bonwe di matzos tseo di sa dirwang ka metswako mengwe, e e jaaka dikwii, momela kana mae. Di matzos tse di sepapetla, tse di omileng, tse di sa lokwang di tshwanetse. Kana senkgwe se se sa bedisiwang se ka dirwa. Selekanyo se se botlana sa bopi jwa koronga se ka tswakanngwa le metsinyana. Setou seno se se nonilweng ka metsl go se kae se ka potokiwa bosesane mme se bo se besiwa mo lebeaneng le le besetsang (le tshasitswe go se go nene ka mafura) go fitlhelela senkgwe se oma se bo se kokoropana.
Go tweng ka setshwantshetso se sengwe? Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Bajuda ba ne ba amogetse tiriso ya beine mo sejong sa Tlolaganyo. Jesu o ne a bua ka “louñō loa mofine” lo lo neng lwa dirisiwa mo ketekong eo. (Luke 22:18) Batho bangwe ba iphaka gore Jesu o ne a sa bue ka mofine mme e leng ka matute a moretlwa a a sa tswakanngwang le sepe. Lefa go ntse jalo, matute a moretlwa fela ka boone a ka bo a se ka a nna fela a sa bela go tloga nakong ya thobo ya letlhabula go fltlhelela dikgakologo tsa Tlolaganyo, ka jalo Jesu o tshwanetse a bo a ne a raya mofine. Mofine wa moretiwa o mohibidu o ne o tla tshwanelwa go emela madi a ga Jesu. Ereka “madi a a tlhokègañ” a ga Keresete a ne a feletse ka botlalo, ka Segopotso go ne go tla bo go sa tshwanele go dirisa mofine o o tlhotlhilweng kana o o pharantsweng bojalwa, jaaka sherry, port le muscatel, kana mefine mengwe e e rileng “e e tswakilweng ka bojalwa.” (1 Petere 1:19) Lefa e le gore go ne go tla bo go tshwanetse go dirisa mofine o o nang le metswako kana ditlhatshana tse di latlhetsweng mo teng, jaaka vermouth le Dubonnet, kana mefine e mengwe e mentsi e e “rokolotsang mathe” kana “e e tsitsibosang.” Go na le moo, beine e khibidu e e sa tswakanngwang le sepe e e tshwanang le Chianti, Burgundy kana claret e tshwanetse, kana beine e khibidu e e itiretsweng mo gae e e sa lokwang, e sa tswakanngwang kana e sa pharanngwang sepe.
Bagolwane ba phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go rulaganyetsa go sa le pele go bona senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu, ba tlhomamisa go bona gore seo ba se bonang ke se se tshwanetseng. Mo malatsing a morago ga keteko ya Sejo sa Morena sa Maitseboa ga go tlhokafale gore go lejwe senkgwe se se setseng le beine jaaka tse di kgethegileng kana tse di itshepisitsweng, ka go bo di ntse e ntse e le dijo fela tse di tshwanang le dingwe le dingwe. Gape, ga go na lebaka la go beela keteko lebotlolo le le rileng la beine ngwaga le ngwaga, kwantle fela fa go le bokete go bona beine e e tshwanetseng he go ka dira gore go tshwanele.
Batho bangwe ba ba rileng, fa ba neeiwa ditshwantshetso tseno ka nako ya keteko ya Segopotso, ba ile ba itshwara jaaka ekete tseno di na le maatla a a kgethegileng. Ka sekai, batho bangwe ba ile ba inamisetsa ditlhogo tsa bone mo ditshwantshetsong kana ba di nkgankga. Seno ga se a tshwanela.
Ka nako ya keteko ya Sejo sa Morena sa Maitseboa, senkgwe le beine ke ditshwantshetso tsa mmele wa nama wa ga Jesu kana madi a gagwe a a tlhokegang. (Mathalo 26:26-28) Ka mo go tshwanetseng he, jaaka di fetisiwa, mongwe le mongwe o tshwanetse ka tlotlo a eletlhoko seo senkgwe le beine di se tshwantshetsang. Bao eleng bareetsi bao ba sa jeng ba ka fetisetsa poleiti kana galase mo mothong yo mongwe, ba gakologelwa segolo bogolo setlhabelo sa ga Jesu, seo se ka bipang dibe tsa rona mme sa dira gore go kgonagale go ka nna le tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—1 Yohane 2:2; 1 Bakorintha 11:23-26.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bopi jwa korong ke jone jo bo ka siamang, ka gobo ke jone joo Bajuda ba neng ba bo dirisetsa senkgwe se se sa bedisiwang. Mme fa go le bokete go ka bona bopi jwa korong, “senkgwe” se se sa bedisiwang se dirilwe ka raese, mabele kana bopi bongwe fela bo sele se ka dirisiwa.
■ A motho o tshwanetse a bua ka “dikgaolo” fa a kaya dikarolo tsa buka ya Bibela ya Dipesalema?
Bibela ka tlwaelo e arogantswe ka dibuka tse 66, Dipesalema e le nngwe ya tsone. Kgaolo ke karolo e kgolo ya buka nngwe le nngwe, ekane ke ya ditso, lokwalonyana kana le eleng buka ya Bibela. Ka gone he re tlwaetse go bua re re Genesise kgaolo 1, kgaolo 2, jalo le jalo. Ka lone lebaka leno dikarolo tse dikgolo tse di tlhomiIweng tse di 150 tsa buka ya Dipesalema di ka nna le tsone tsa lebisiwa jaaka dikgaolo.
Lefa go ntse jalo, lereo la Sekgoa “Psalms” le tswa go Greek “Septuagint,” leo le bitsang buka eo “Psalmoi.” Lereo leo la Segerikalie le lebisa go dipina tse di neng di opelwa ka diletso tsa mmino. Ka mo go phepafetseng mekwalo e e farologaneng ya poko eo e dirang buka ya rona ya Dipesalema kwa tshimologong e ne e opelwa, ka gongwe e patilwe ka harepe. Tota, “Webster’s New Collegiate Dictionary” e tlhalosa “pesalema” jaaka “pina e e boitshepo kana leboko le le neng le dirisiwa mo kobamelong; segolo bogolo: nngwe ya difela tsa se bibela tse di kokoantsweng mo Bukeng ya Dipesalema.”
Ka jalo, lefa gone go tla bo go se phoso kana go sa tshwanela go bua o re “Dipesalema kgaolo 100,” ka motlhala, go utlwala sentle le go tlhalosega sentle go bua re re “Pesalema 100” kana “pesalema ya bo-100.” Tota seo, ke ka mokgwa oo morutwa Luke a neng a dira ka gone fa a ne a kwala Ditihō, ka go bo o umaka polelo nngwe jaaka e e “mo pesalemeñ ea bobedi.”—Ditihō 13:33.