Go Itsanye le Bakeresete Ba Pele
Paulo O Kwalela Bakorintha
BONTSI jwa rona re ipelela go romela le go amogela dikwalo. Eno ke tsela e e molemo ya go amana le ditsala le baratiwa ba ba kgakala. Dikwalo tseo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba di kwala di ne di kgatlha segolo bogolo. Mo dikwalong tseno, re bona mofuta wa lefatshe le ba neng ba tshela mo go lone le dikgatelelo tse ba neng ba lebane le tsone. Go bala dikwalo tse di ntseng jalo ke tsela e e molemo e ka yone o ka tlang wa itsanye le Bakeresete ba pele.
Ka sekai, dikwalo tse pedi tseo di bolokilweng mo Dibibeleng tsa rona tseo moaposetoloi Paulo a neng a di kwalela Bakeresete ba Korintha, mo Greece, di senola lefatshe le le tsabakelang ka go farologana ga batho le mathata. Mme di re thusa segolo bogolo go tlwaelana botoka le moaposetoloi Paulo, Mokeresete yo o tlhomologileng yo o neng a bulela tsela thero ya “mahoko a a molemō” mo dikarolong tse dintsi tsa Puso-kgolo ya Roma.
Paulo o ne a goroga mo Korintha ka ngwaga wa 50 C.E., dingwaga tse di lesome le bosupa fela morago ga loso lwa ga Jesu. Mo malatsing ao motse oo e ne e le borakanelo jwa ditiro di le dintsi. Ereka o ne o le mo lefelong le le siameng sentle, e ne e le bokopanelo jwa papadi e kgolo ebile e le kgogedi ya batho ba mebalabala ba ditso tsotlhe.
O ne o bile o le bokopanelo jwa lefatshe lotlhe jwa metshameko. Metshameko ya Isthmus, e e neng e tshwarelwa koo dingwaga dingwe le dingwe tse pedi, e ne e tsewa fela e le ya bobedi mo Metshamekong ya Olimpia. Mme rra motse oo o ne o tletse bodumedi. Korintha o ne a tumile segolo bogolo ka ntlha ya boineelo mo modimong wa sesadi wa Segerika ebong Aphrodite, le ka ntlha ya boitsholo jo bo sa siamang jo bo neng bo nyalanngwa le kobamelo ya gagwe. Tota, “Bokorintha” bo ne bo raya “go dira bohoahoega.”
Dikwalo
Go rera ga ga Paulo mo Korintha go ne ga tsosa kganetso ya ka metlha mo Bajudeng ba ba tlhogo e thata. Mme, e ne ya re a bona dipelo tse di arabelang, a nna koo. Ngwaga le sephatlo moragonyana, fa labofelo jaanong a tsamaya, go ne go na le phuthego e e tlhomilweng sentle ya Bakeresete koo. Dingwaga tse di ka nnang tharo moragonyana ga foo, Paulo o ne a kwala lokwalo lo jaanong re lo bitsang Bakorintha wa Ntlha.
Ke ka ntlha yang fa moaposetoloi a ile a kwala lokwalo? Selo se le sengwe, Bakorintha ba ne ba mo romeletse dipotso dingwe tse di neng di tlhoka go arabiwa. Mme se se botlhokwa bogolo segolo o ne a amogetse dikgang tse di tshwenyang go tswa Korintha. Dikgaogano, dithuto tse di phoso, ditlwaelo tse di leswe le banna ba ba mabela ba ne ba gomagometsa bomoya jwa phuthego e e sa leng potlana. Ka jalo Paulo o ne a kwala lokwalo lono lo lo nonofileng mme le le bothito e le gore a tle a baakanye dikgang. A Bakorintha ba ne ba arabela ka tshwanelo? Go ya bokgakaleng jo bo rileng, ee. Kwa tlase fela ga ngwaga moragonyana ga foo o ne a kwalela Bakorintha lokwalo lwa gagwe la bobedi; a ba akgolela boikutlo jwa bone jo bo botoka.
Ereka dikwalo tseno di ne di tlhotlheleditswe, ga di a siiwa ke lobaka. Melaometheo e e mo go tsone e sa ntse e ntse e dira. Ka jalo, bala dikwalo tseno ka kelotlhoko fa e le gore o batla go tlhaloganya boemo jwa Bokeresete ka lenyalo, kafa go ka rulaganngwang ka teng dipokano tsa kobamelo ya boammaaruri, molaomotheo wa botlhogo jo bo tshwanetseng jwa Bokeresete le tlhokego ya botlhe gore “[ba] itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.” (1 Bakorintha 1:10) Lokwalo lwa ntlha lo itsege thata, gape ka ntlha ya tlhaloso ya lone e ntle ya lorato le tshedimosetso ya lone e ntlentle ya go femela tsholofelo ya tsogo. (1 Bakorintha, dikgaolo 13 le 15) Mme, jaaka go setse go umakilwe go le pele, dikwalo tseno gape di re thusa go tlwaelana botoka le Bakeresete ba pele.
Batho
Bakeresete ba Korintha e ne e le batho ba mofuta mang? Bangwe e ne e le ba botshelo jwa Sejuda, go akareletsa le Kerisepo yo e neng e le mosimegi yo o okamelang wa sinagoge ya Sejuda fa Paulo a ne a goroga lwantlha mo Korintha. (Ditihō 18:8) Go ne gape go na le ba eseng Bajuda, bangwe ba bone e le ba pele ba neng ba kgonosetse tota mo boitsholong jo bo maswe thata jwa Sekorintha—1 Bakorintha 6:9-11.
Bangwe ba malata go bonala ba ne ba nna Bakeresete. Ga nna jalo le ka batlholagadi le ba ba sa nyalang (nyalwang), ga mmogo le bangwe ba ba nyetsweng (nyetseng) bao balekane ba bone ba neng ba sa amogela mafoko a a molemo. (1 Bakorintha 7:12-40) Ka mantswe a mangwe, fa re tlogela lobaka la nako le tsela ya botshelo, phuthego ya Bokeresete ya kwa Korintha ga go bonale e ne e farologana mo go kalo le diphuthego tse dintsi tsa gompieno tsa ditoropo-dikgolo.
Lefa go ntse jalo, badumedi kwa Korintha bontsi jwa bone ba ne ba le basha mo tumelong ya Bokeresete, mme seno se ne sa itshupa. Ba ne ba letlelela monna mongwe go tswelela a kopanela le bone le e eleng fa a ne a kopanyelediwa mo kamanong ya lenyalo la bo-losika le mmaagwe ka rraagwe. Ka gongwe ba ne ba gopola gore kgololesego ya Bokeresete e ne e dumelela selo se se ntseng jalo. Gape, mo boemong jwa gore ba nne kutlwano ba ne ba kgaogane ka makokonyana, ba sala morago batho go na le Jesu Keresete. Dipono tse di phoso di ne di bonwa ka tsela eo ba neng ba keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa, bangwe ba bone le eleng go tla ba tagilwe mo pakeng eo!—1 Bakorintha, dikgaolo 1, 5 le 11.
Go oketsa seo, badumedi bangwe ba Korintha ba ne ba isa Bakeresete ka bone kwa kgotleng ya ditsheko. Ba bangwe, ka gongwe ba ne ba tlhotlhelediwa ke botlhajana jwa Segerika, ba ne ba ruta gore go ne go sena selo se se jaaka tsogo. Mme bangwe ba ne ba le boikgantsho, “ba ikgogomositse,” go bonala fa ba ne ba ithaya ba re ba botoka ka tsela nngwe go na le phuthego yotlhe.—1 Bakorintha 4:18; 3:18; 6:1-8; 15:12.
A seo se utlwala jaaka mathata a mantsi? Tota, gone a ne a le teng. Mme, gakologelwa, Paulo o ne a sa tswa go simolola go rera mo Korintha dingwaganyana fela tse tlhano pelenyana. Go boammaaruri gore, Jehofa Modimo o ne a neela dineo tse di kgethegileng tsa moya go nonotsha phuthego, mme Bakorintha bone ba ne ba bontsha kgatlhego e e oketsegileng mo neong ya diteme, e le tshupo ya kgakgamatso go ba e seng Bakeresete ebile di sena mosola o o kalo mo go ageleleng phuthego. Ka jalo, Paulo o ne a ba kgothatsa gore ba tlhagolele neo ya boperofeti, eo e neng e tla direla mo go golo mo go ba nonotsheng semoeng.—1 Bakorintha 14:1-12.
Maikutlo a bontsi jwa Bakeresete ba Korintha a ne a se bosula. Ba ne ba romeletse Paulo dipotso, ka jalo go phepafetse fa ba ne ba batla go itse tsela e e siameng ya go dira dilo. Gape, Paulo o ne a ba akgola: “Kea lo baka ka lo tlo lo nkgopole mo diloñ cotlhe, me lo tshegeditse ditaeō, hèla yaka ke di lo neetse.” (1 Bakorintha 11:2) Mme e ne ya re a sena go kwala kgakololo e e nonofileng, bontsi go bonala bo ne jwa arabela ka potlako, “yaka lo hutsahadicwe kaha mokgweñ o o chwanetseñ poihōmodimo.” (2 Bakorintha 7:11) Mme bangwe ba ne ba tswelela ka go nna kgatlhanong le taolo ya ga Paulo.—2 Bakorintha 10:10; 11:4-6.
Dikao Tse Di Molemo
Go ralala dibuka batho ba ba farologaneng ba ntse ba itlhagisa. Paulo o umaka mongwe yo go tweng ke Sosethenese, yo e ka tswang e ne e le Mojuda yo o tumileng mo Korintha pele a nna Mokeresete. (1 Bakorintha 1:1; Ditihō 18:17) Maloko a ntlo ya ga Keloe, bao le bone e neng e le Bakorintha, ba ne ba begela Paulō seemo se se maswe seo se neng se gola mo phuthegong. A sekao se se molemo sa bopelokgale sa go dira se se siameng! (1 Bakorintha 1:11) Ba ntlo ya ga Setefanase, Bakeresete ba ntlha, koo, ba ne ba tshwaregile ba direla baitshepi—sekao se se molemo sa go tshola baeng. Setefanase, ga mmogo le Foretunato le Akaiko, Paulo o ba bua molemo mo phuthegong ya Bakorintha. “Cholanañ le ba ba nntseñ yalo,” a bolela jalo.—1 Bakorintha 16:18, 15, 17.
Go tswa foo ga nna le Apolose, motho yo o seleta mo puong le go gapa maikutlo. Paulo o ne a mo kopa gore a etele kwa Korintha, mme o ne a sa eletse go dira jalo ka nako eo. Ka gongwe o ne a na le ditshwarego tse dingwe, kana ka gongwe o ne a sa batle go kgothaletsa moya wa bolekoko o o neng wa gola ka leina la gagwe. (1 Bakorintha 16:12) Tito yo o ikanyegang, yo e neng e tla re moragonyana a emele Paulo mo Kereta, jaanong o ne a mo emetse mo Korintha mme a tlisa mafoko a a molemo kaga go fetoga ga boikutlo jwa bone. (Tito 1:5; 2 Bakorintha 7:14, 15; 12:18) Lekawana le le tlhomologileng Timotheo le ene o ne a le koo, gape. O ne a thusa mo go simolodiseng tiro ya boefangele mo Korintha, mme Paulo o ne a solofetse gore Timotheo o ne a tla boela koo ka bofefo. (1 Bakorintha 4:17; 16:10) Ee, setlhopha sa Bokeresete seo se tlhalosiwang mo dikwalong tseno se ne se tshwaregile, phuthego ya batho bao tota ba amegileng kaga go direla Modimo le go direlana.
Moaposetoloi Paulo
Mme yo o neng a tshwaregile go feta botlhe e ne e le moaposetoloi Paulo ka boene. Re mmona a rerela Bakorintha a le “mo bokoeñ, le mo poihoñ, le mo bogoloñ yoa thoromō,” a farologane gotlhe-gotlhe le jaaka bantsi ba gopola gore e ne e le segogotlo se se feteletseng. (1 Bakorintha 2:3) Go sa kgathalege mathata a bone a a masisi, re elatlhoko lorato lwa ga Paulo go Bakorintha. O ne a ba akgola mo a neng a ka kgona le go bontsha boipelo jwa gagwe fa a ne a utlwela kafa ba neng ba amogela kgakololo ya gagwe e e nonoflleng.—1 Bakorintha 4:14; 11:2; 2 Bakorintha 7:8-13.
Re tlhomogela Paulo pelo fa re bala kaga matshwenyego a a a bogileng mo bodiheding—go betswa, maeto a maleele, dikotsi, ga mmogo le “mutlwa mo nameñ,” ka gongwe botlhoko jo bogolo jwa matlho. (2 Bakorintha 12:7-10; 11:21-27) “Kwa ntlè ga dilō tse di kwa ntlè,” ga bolela jalo Paulo, “go na le mo go nkimèlañ ka malatsi aotlhe, ke raea tlhobaèlō kaga diphuthègō.” (2 Bakorintha 11:28) Bagolwane ba bantsi ba Bokeresete kwa ntle ga pelaelo ba tla mo tlhomogela pelo ka ntlha ya mathata a gagwe.
Mme Paulo o nea sa ngongorege. O ne a umaka dilo tse fela go femela taolo ya gagwe kgatlhanong le “baaposetoloi ba bagolo.” (2 Bakorintha 12:11-13) Tota, o ne a ipelela go itshokela matshwenyego a a ntseng jalo, ka go bo seno se ne sa papamatsa gore one a direla ka maatla a Modimo, eseng a gagwe. (2 Bakorintha 12:9, 10) Ka gone o tlhomile sekao se se molemo sa go dira ga tumelo.
Paulo o ne a raya Bakorintha a re: “Me ke gōna, kea lo rapèla, ka re, lo nnè baetsi ba me.” (1 Bakorintha 4:16) Le eleng gompieno, re tla bo re dira sentle go latela tlhagiso eno. Mme gore re kgone go etsa Paulo re tshwanetse go itsanye nae—tsela ya gagwe ya boikanyego, maikutlo a gagwe le meonelwa ya gagwe, le boineelo jwa gagwe go Modimo. Tsela e e molemo ya go dira seno ke go bala dikwalo tse pedi tseo a di kwaletseng Bakeresete mo Korintha. Goreng o sa simolole go dira jalo jaanong jaana?