Sefofu Se Kaela Tsela
Ke ne ka welwa ke sebetso dingwaga tse di lesome tse di fetileng, fa ke ne ke le masimologong a dingwaga tsa bo-20. Ke ne ke e ja maduo a go nwa thata le a dikgobololo tse dingwe tsa botsogo jwa me. Ke ne ka foufala gotlhelele. Ereka botshelo jwa me bo ne bo santse bo le bontsi fela fa pele ga me, ke ne ke a tle ke ipotse gore tota ke tla dirang ka jone.
Ka re ne re amegile ka ditiragalo tsa lefatshe le isagwe ya morwadia rona, mosadi wa me o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Lefa ke ne ke sa wela dibete pele, e ne ya re kgabagare ka kopanela mo dipuisanong. Ga go a ka ga re tsaya lobaka lo lo leele go lemoga gore seo re neng re se ithuta e ne e le boammaaruri, mme ka jalo ka 1978 re ne ra kolobediwa.
Ka bofefo fela keletso ya go abalana tumelo e ntšha e e sa tswang go bonwa e ne ya mphekeetsa. Ka thuso le kgothatso ya mosadi wa me, ke ne ka ithuta Mokwalo wa Difofu mo dikgweding di supa. Go ne ga ntlisetsa boipelo jo bogolo go tsamaya ka ntlo le ntlo le Basupi ba bangwe, ke bolela mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Mme, ke ne ke ka dirang gore ke kgone go tlhagafala thata mo tirong eno e e botlhokwa-tlhokwa?
Bibela ya Mokwalo wa Difofu e kgolo fela thata ebile e bokete; go e dirisa mo tirong ya go rera phatlalatsa go ne go ka se kgonagale gotlhelele. Kakantsho ya go tsenya lotshwao mo Bibeleng le go gopola ka tlhogo ditemana go ne go le molemo, mme go ne go lekanyeditswe. Mme he jaanong ka nna le kakanyo! Fa ke ne ke ka bona dipamphitshana tse di motlhofonyana tsa polaseteke ke ne ke ka thaepela mo go tsona ka Mokwalo wa Difofu boteng jwa lokwalo longwe lo longwe le ke batlang go lo dirisa. Ka go kgomaretsa dipampitshana tseno mo Bibeleng ya me ke ne ka kgona go lebisa dikwalong ka polaseteke fa ka nako e e tshwanang ke ne ke bala dilwalo ka dintlha tsa menwana ya me. Ke ne ka lekeletsa, mme ya dira sentle. Dithapelo tsa me tsa go atolosa bodihedi jwa me jwa Bokeresete di ne tsa arabiwa!—Bakolosa 4:3.
Jaaka kgono ya me ya go dirisa Bibela e ne e gola, tsholofelo ya me le yone fela jalo. Ka bofefo fela ke ne ke tsamaya ke le nosi ka ntlo le ntlo mo dikgaolong dingwe. Mo ngwageng e e fetileng, ke ne ka nna le boipelo jwa go direla jaaka mmulatsela (mmoledi wa nako e e tletseng wa Bogosi) le go tsamaisa dipuisano tse dintsi tsa Bibela mo magaeng.
Ereka jaana ke segofaditswe ka pono ya semoya, abo ke ipela jang ne go bo ke kgona go thusa ba bangwe bao ba santseng ba foufaletse mafoko a a molemo! (2 Bakorintha 4:4-6) Abo ke itumetse jang ne, go sa kgathalege bogole jwa me, go nna le seabe se se tletseng jalo mo go galaletseng Jehofa!—E anetswe.