Fa Molekane A Le Boikanyologo
LETSHOGO le ne le phatlola pelo ruri. Banyalani ba ne ba na le ngwananyana, mme mosadi o ne a solofetse wa bobedi. Jaanong a lemoga gore monna wa gagwe o ne a mo logetse segwenegwene. O ne a dirile kgokafalo! Ka a ne a phatlogile pelo go feta ebile a tlhakane tlhogo, o ne a akabetse fela gore o tla dirang.
Ka maswabi, bothata jono ga se jo bo sa tlwaelegang. Dipego go tswa mafatsheng a a farologaneng di bontsha gore banyalani ba bantsi gompieno ga ba ikanyege go balekane ba bone mme ba tlisa mathata a a sisimosang mmele mo lenyalong la bone. Mokeresete o tshwanetse go itshwara jang fa a tla go lemoga gore molekane wa gagwe wa lenyalo o ile a ikanyologa?
Mo boemong jo bo ntseng jalo, mafoko a ga Jesu mo kgannyeng e a tshwanetse a tsewa tsia: “Le nna ke lo raea, ke re, Leha e le mañ eo o tla tlhalañ mosadi oa gagwè, ha e se ka ntlha ea boaka, me a nyala eo moñwe, o diha boaka.” (Mathaio 19:9) Seno se raya eng? Gore boaka (joo kafa tlhalosong ya Bibela bo akareletsang kgokafalo le boitsholo jo bo tlhabisang ditlhong jo bo sa siamang jwa kafa dikobong jaaka bosodoma) di ka senya lenyalo. Kafa Dikwalong, molekane yo o seng molato o na le tshwanelo ya go tlhala yo o molato mme a bo a nyala gape a sa leofe mo matlhong a Modimo.a
A mme molekane yo o seng molato o tshwanetse a latela tsela eno?
Sekao Sa Modimo Ka Bosone
Sekao go tswa metlheng ya Iseraele wa bogologolo se re thusa go araba seno. Moperofeti wa Modimo yo o neng a bidiwa Hosea o ne a nyala mosadi yo o neng a bidiwa Gomera a bile a ne a na le ngwana wa mosimane nae. Moragonyana Gomera, o ne a ikanyologa mme o ne a tshola bana ba babedi le banna ba bangwe. Ka jalo go bonala a ne a tlogela Hosea a batla dinyatsi tsa gagwe. Lefa go le jalo, Hosea o ne a bontsha tlhomogelo pelo e kgolo. E ne ya re morago a tsaya Gomera gape, le eleng lefa a ne a tshwanelwa ke go mo duelela madi gape. (Go bonala a ne a tlogetswe ke dinyatsi tsa gagwe mme a ne a wela mo lehumeng le mo botlhankeng.) Ka jalo go na le gore a gagamatse mosadi wa gagwe phogwana ka katlholo e e siameng, Hosea o ne a supa kutlwelo botlhoko.
Kutlwelo botlhoko eno ya ga Hosea e ne ya dirisiwa mo Bibeleng jaaka tshupo ya kgato e ebileng e le kgolo ya kutlwelo botlhoko ya mosadi yo o fosang. Jehofa Modimo o ne a tshwantsha botsalano jwa gagwe le Iseraele le joo jwa monna le mosadi. Mo pakeng nngwe o ne a re, “ke ne ke le monna oa bōnè.” (Yeremia 31:32) Mme jaaka mosadi wa ga Hosea, Baiseraele ba ne ba ikanyologa. Gangwe le gape ba ne ba obamela medimo ya maaka, ka gone ba dira kgokafalo ya semoya. (Hosea 6:10; 7:4) Ka molao o e leng wa gagwe, Modimo o ka bo o ile wa ba “tlhala,” a ba leleka. O ne a dirang?
Jaaka Hosea, o ne a supa fa a ikemiseditse go tsaya gape “mosadi” wa gagwe yo o fosang fa e le gore o ne a ka tlogela boitsholo jwa gagwe jo bo sa siamang jwa kafa dikobong. O ne a lebelela nako eo ka yone ‘bana ba Iseraele ba neng ba tla boa ka yone mme ba batle Jehofa Modimo wa bone eleruri, le Dafide kgosi ya bone: le go tla ka poifo mo go Jehofa le mo molemong wa gagwe mo metlheng ya morago.’—Hosea 3:5.
A Mokeresete o ka bontsha boitshwarelo jo bo lorato jo bo tshwanang go molekane wa gagwe yo o fosang?
Goreng O Nna Boutlwelo Botlhoko
Ee, ebile tota, ba bantsi ba ile ba go dira. Batho ba ba nyetseng (nyetsweng) bao ba dirang kgokafalo ba baya isagwe ya bone mo diatleng tsa balekane ba bone ba ba seng molato. Mme gantsi barumolwa bano ba ile ba fitlhela gore dipelo tsa bone di a itshwarela. Ke ka ntlha yang fa ba ile ba dira jalo?
Selo se le sengwe, ba ne ba gakologelwa gore lenyalo ke mpho e e tswang go Modimo mme ga e a tshwanelwa go nyerololwa ga motlhofo fela. Mme gape ba ne ba ka akanyetsa mo kutlwelo botlhokong e kgolo eo Modimo a e bontshitseng mongwe le mongwe wa rona mme ba gakologelwa gore go mo itumedisa go le kana kang fa re le boutlwelo botlhoko mo go ba bangwe. Jesu o ne a re: “Go segō ba ba kutwèlō botlhoko: gonne ba tla utlwèlwa botlhoko.”—Mathaio 5:7.
Kutlwelo botlhoko e ka kgonega, segolo bogolo fa yo o phoso a ikutlwa kwa botennye jwa pelo gore tota o molato mme ka boammaaruri a swabela phoso e a e dirileng. Mo kgannyeng e e ntseng jalo, molekane yo o seng molato o ka ikutlwa go le botlhokwa go Iwa kgatlhanong le bogalaka le tlhorego mme ka lorato a thuse moleofi go fetoga. Boitshwarelo jo bo ntseng jalo mo molekaneng yo o lorato bo ka thusa moleofi yo o ikwatlhaileng go lemoga go feta pele gore lenyalo la gagwe ke khumo e kgolo mme a ikemisetse go feta pele gore le ka motlha ga a ketla a le baya kotsing gape.
Gakologelwa gape, gore ka dinako tse dingwe—mme lefa go ka iwa kae ka metlha—kgokafalo ke lebaka la boemo jo bo sa itumediseng kwa lapeng. A mme seo se ka nna seipato sa kgokafalo? Legoka! Lefa go le jalo go lemoga gore boemo jo bo ntseng jalo bo ile jwa nna teng go ka thusa molekane yo o seng molato go bona gore go ka dirwang go thusa molekane yo o fositseng gore a se ka a tlhola a fapoga gape.
Ka sekai, monna o ka nna a senya nako yotlhe ya gagwe kwa mmerekong kana mo tirong nngwe e e botlhokwa. Ene ka boene o ka nna a ikutlwa a itumetse tota le go kgotsofala, mme go tweng ka mosadi yo o mo tlogelang kwa gae a amogilwe bolekane jwa gagwe?
Kgotsa o akanye ka kgang ya monna yo o neng a atisa go tla gae a lapile a tswa tirong mme a bo a fitlhela ntlo e sena sepe, go se dijo tse di apeilweng mme hipi ya dilwana tse di leswe di tletse ntlo yotlhe. Mosadi o ne a semeletse mo ditirong dingwe ka kwa ntle ga ntlo tse tota go neng go bonala di siame ebile di le botlhokwa, ka jalo matswela ya nna gore monna yono o ne a ikutlwa a tlhokomologilwe ebile a sa batlege. Ka jalo, o ne a lebisa tlhokomelo ya gagwe go mosadi yo mongwe. Fa kgang e ne e senoga, o ne a ikopela boitshwarelo mme a solofetsa gore ga a ketla a dira boleo jwa gagwe gape. Lefa go ntse jalo, mosadi o ne a rulaganyetsa go tswelela pele ka go mo tlhala, moo gone tota, a neng a na le tshwanelo ya go go dira, ka go bo monna wa gagwe o ne a leofile mo go maswe. A mme mosadi o ka bolela gore gotlhelele o ne a sena molato mo boemong jo bo maswe jwa lenyalo jo bo neng jwa gogela kwa boitsholong jo bo sa siamang?
Ka gone, ka ntlha ya lebaka le kana lele, Mokeresete o ka itlhophela go etsa Modimo ka sebele le go itshwarela molekane yo o fosang. Fa go ntse jalo, masego a magolo a ka nna teng. Masego afe?
Masego a Ba Ba Boutlwelo Botlhoko
Lwantlha, bantsi bao ba ileng ba itshwarela balekane ba bone ba ba boikanyologi, ba ba ikwatlhaileng ba ile ba kgona go lomaganya lenyalo gape mo boemong jo bo molemo. Monna, mosadi le bana ba ile ba kgona go ipelela botshelo jwa selegae gape ka boitumelo. Eleruri, ono ke mokgele wa go o lekela.
Gantsi yo o itshwaretsweng o anaanela molekane wa gagwe yo o seng molato ebile a le boutlwelo botlhoko mo go maswe. O ka nna a lemoga dinonofo tsa boikokobetso le lorato tse gongwe le ka motlha a neng a se ka a lemoga gore a di gone, segolo bogolo fa a tla go lemoga gore o tsentse molekane wa gagwe mo boitemogelong jo bo maswe go le kana kang.
Seno ke sone se se diragaletseng lelapa le le neng la umakwa kwa tshimologong ya setlhogo seno. Tota, mosadi o ne a utlwile botlhoko tota go tla go lemoga gore monna wa gagwe o ne a ikanyologa. O ne a na le lebaka la Dikwalo la go mo leleka le go khutlisa lenyalo. Lefa go ntse jalo, seno se ka bo se gogetse lelapeng le le senang rre le bodutu jwa mosadi yo o tlhadilweng.
Mo boemong jwa moo, o ne a bontsha kakanyetso ya ngwananyana wa gagwe le losea lo lo neng lo tla tla. Gape o ne a akanyetsa khutsafalo e kgolo ya monna wa gagwe mme a gakologelwa lorato lo pele ba neng ba na le lone. Ka jalo, o ne a ikgethela go etsa Jehofa Modimo le go itshwarela monna wa gagwe yo o ikwatlhaileng. Monna o ne a kgatlhwa ke seno fela thata. Ka thuso e e lorato go tswa mosading wa gagwe o ne a bona tekatekano gape le tlotlo ya lelapa la gagwe le balekane. Bothata jaanong e ne ya nna jwa nako e e fetileng. Lelapa leno le le itumetseng le kitlanye mme le berekela isagwe mmogo.
Go Dira Phetso ka Thapelo
Ga go ka tsela epe eo ka yone ditlolo kgatlhanong le molao wa Modimo di ka nyenyefadiwang. Bao ba ikanyologelang balekane ba bone ba lenyalo ba fela ba le molato fa pele ga ga Jehofa Modimo, Mosimolodi wa lenyalo la batho. Fa ba ka latlhegelwa ke lelapa la bone, ba tshwanetse ba lemoga gore seno ke ka ntlha ya sebe sa bone. Fa ba eletsa go shafatsa botsalano jwa bone le Modimo le go lebelela pele ka tsholofelo go ditsholofetso tse a re tsholetseng tsone, ba tshwanetse ba ikwatlhaya le go fetola go akanya ga bone gotlhelele le tsela ya bone ya boitsholo jo bo sa siamang—boo molekane wa bone o a ba itshwarela kana nnyaa.
Lefa go ntse jalo, go tlhala go se tsewe e le mo go tla itlelang fela. Fela jaaka Hosea a ne a itshwarela Gomera, mme Jehofa gangwe le gape a ne a itshwarela Iseraele wa mogokafadi kafa semoeng, balekane ba ba seng molato ba tshwanetse bobotlana ba akanyetsa, mme ba akanyetse ka thapelo, kgonego ya go boloka sebofo sa lenyalo. Eno e ka nna tsela ya go bontsha Mosimolodi wa lenyalo tlotlo, ga mmogo le ka gongwe go bula phatlha bakeng sa banyalani go ipelela boitumelo mo lenyalong la bone gape gape.
[Dintlha tse di kwa tlase]