LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 5/1 ts. 28-30
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Itsanye le Bakeresete Ba Pele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • A Neo ya go Bua ka Diteme Ke Karolo ya Bokeresete jwa Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Bua ka Diteme—A go Tswa Kwa Modimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Baebele ya Reng ka go Bua ka Diteme?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 5/1 ts. 28-30

Dipotso tse di Tswang go Babadi

▪ Ereka Jesu a rile Bakeresete “ga se ba lehatshe,” re tshwanetse ra dira jang mabapi le dikgang tsa tikologo e re nnang mo go yone kana dikgang tsa loago, jaaka ka go tlhokomela tikologo?

Ga se gore Bakeresete ga ba amege ka dikgang tse di tse di amang batho ba ba nnang le bone ka kakaretso, le eleng dikgang tse di jaaka kgotlelo kana go tlhokomela tikologo. Mme go ya bokgakaleng jo ba tla kopanyelediwang mo dilong tse di ntseng jalo go tshwanetse go tlhomamisiwa tumalanong le Dikwalo le tlamego ya bone ya pele go Modimo.

Jehofa o na le kamego e e tshwanetseng kaga pabalesego le botsogo jwa botlhe ka kakaretso, jaaka re ka bona mo melaong ya gagwe go Iseraele wa bogologolo. Ka sekai, o ne a kgothaletsa go re go thijwe diphologolo tsa mogae tse di neng di le kotsi, go khurumelwe mahuti aa atlhameng le go thekeletsa bopapetla jwa borulelo kwa godimo ga matlo go kganela dikotsi tsa go wa le go gobatsa batho ba ba kwa tlase. (Ekesodo 21:28-34; Duteronome 22:8) Kgatlhego ya gagwe mo botsogong jwa botlhe ka kakaretso e bonala mo melaong ya gagwe ya go tswalela balwetsi le go tlosiwa ga mantle, ao a neng a ka kgotlela metsi a a nowang le go anamisa bolwetsi. (Lefitiko 13:1-59; Duteronome 23:9-14) Fa e le kaga kgotlelo, le go tlhokomelwa ga meamuso ya tlholego le tikologo, Lefoko la Modimo le re bolelela gore o “tla senya ba ba senyañ lehatshe.”—Tshenolō 11:18.

Lefa go ntse jalo, go tshwanetswe go elwe tlhoko, gore Modimo ga o ise o ko o kaele batlhanka ba gagwe—Baiseraele kana Bakeresete—go sokologela mo dikgannyeng tseo. Bajuda ba ne ba sa bolelelwa gore ba bolole letsholo go ya merafeng e e ba dikologileng gore go tokafadiwe ditsela tsa go ntshiwa ga leswe kana botsogo jo bo botoka kana melao ya dikago. Lefa e le gore tshupo epe e gone ya gore bone (kana Bakeresete moragonyana) ba ne ba dira jalo kwa ba neng ba nna teng mo mafatsheng a mangwe. Gape, Modimo o ne wa re e ne e tla nna ENE yo o neng a tla tsaya kgato kgatlhanong le ba ba neng ba senya lefatshe; ga a ka a supa gore seno e ne e tla nna kamego e kgolo ya ‘batlhanka ba gagwe le baperofeti le baitshepi le bao ba boifang leina la gagwe, bannye le bagolo.’—Tshenolō 11:18.

Ka mo go utlwalang he, Bakeresete gompieno ba lemoga gore go na le dilo ga jaanong tse di ka nnang tsa ba tokafaletsa botshelo le batho ba ba ba dikologileng. Ga ba tsidifala fela ka ditlhokafalo tsa batho; go na le moo, ba anaanela le go tlhagolela moya wa go ‘tshola batho.’ (Bapisa Ditihō 28:2, 7-9; Mareko 7:24-30.) Seno se ka tlhotlheletsa tsela ya bone fa dikgang tse di rileng di tlhaga tse di kopanyeletsang go tokafadiwa ga metse ya bone. Ka sekai, batho mo tikologong ba ka ne ba kopiwa go ntsha maikutlo a bone kaga tlhokafalo ya dipone tse di oketsegileng tsa mmila le matshwao a ditsela, dikolo tse disha kana tsamaiso e e botoka ya metsi le didirisiwa tsa go tlosa leswe. Ka kakaretso ga go ketla go nna le phoso epe ka Mokeresete go ntsha maikutlo a gagwe kaga ditokofatso tse di ntseng jalo. O ka nna a ba a ikutlwa gore o ka saenela kopo kana topo e e ntseng jalo.

Mme Bakeresete ga ba a tshwanela go tlodisa matlho ntlha ya gore dikgang tse dikgolo tse di amang batho gantsi di fetoga dikgang tsa sepolotiki. Ditlhopha di simolola go tsaya ditsela tsa sepolotiki go tlisa diphetogo tse ba ikutlwang gore ka mmannete di botlhokwa thata. Kana lepolotiki lengwe (kana ntlhopheng) a tseeletsa kgang. He batho ka bongwe ba ipopa ka ditlhopha tsa sepolotiki kana ba dumelana le “babusi ba lehatshe yeno, ba ba cwañ lehèla hèla.” (1 Bakorintha 2:6, 8; Tshenolō 19:17, 18) Fa seo se ka diragala ka leloko lengwe la phuthego ya Bokeresete, o ka nna a ya bokgakaleng jwa gore le ka motlha a se tshwanele tlhaloso ya ga Jesu e e reng: “Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ.” Keresete o ne a supa ka papamalo kaga barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang jaana: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.”—Yohane 15:19; 17:16.

Go na le dikgang tse dingwe tse di ka neng di ise di nne tsa sepolotiki mo re nnang gone, kana tse batho ba di berekelang mo kgaolong eo kwantle go go di dira dipolotiki. Go thibela kgotlelo, go bolokwa ga metsi a le phepa le ditswa-mmung kana go sireletsa dikgaolo tsa dikgwa e ka nna dikgang tse di tshwanang le tseo. Mongwe o ka go bona molemo mo ditirong tse di ntseng jalo mme a ikutlwa gore go ntse jalo le ka Modimo. Lefa go le jalo ga re a tshwanela go lebala tiro e Jehofa a e laoletseng Bakeresete go tlhoma mogopolo mo go yone: Go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi, joo bo tla tlisang masego a a sa khutleng go didikadike tsa batho lefatshe ka bophara. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Go dira tiro eo go tla re sireletsa kgatlhanong le go etleetsa maiteko ao a gapileng maikutlo a ba le bantsi.

Lebaka ke gore maiteko ao a batho a ka se anamele kgakala le go nna le mosola wa go ya go ile jaaka go thusa batho go tlhagolela poifomodimo, e “e molemō kaga dilō cotlhe, ka e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ.” (1 Timotheo 4:8) Ee, le eleng go tswa ponong ya go dira kwantle go bogagapa, re ka dira molemo o mogolo ka go thusa batho go nna Bakeresete ba mmatota. Seo se ka ba thusa go tila ditiro tseo di ka gobatsang botsogo jwa bone. Re ka ba thusa go dirisa melao-metheo ya Bibela e le gore ba tle ba kgone go solegela metse ya bone molemo. Lefa go le jalo, jaaka lesego le legolo thata, maiteko a rona a tla ba kgonisa gore ba “chwarè botshelō yo e leñ botshelō rure.” (1 Timotheo 6:19) Melemo eo ba ka e amogelang e tla tlhomama bogolo thata go na le seo ba ka se itemogelang mo maikaelelong a tsa loago kana a metse. Mme fa e le kaga Bakeresete, go tlhokomela ga rona go sa tlosiwe mo tirong e Modimo o e re abetseng go tla bo go bontsha kutlo ya rona go Jehofa, ‘ene yo lelapa lengwe le lengwe le kolotang leina la gagwe,’ botsogo le ditebelelo tsa isagwe.—Baefesia 3:15.

▪ Ke ka ntlha yang Basupi ba ga Jehofa ba bolela gore go tla nna le Paradaise ya lefatshe mo isagweng ereka 2 Bakorintha 12:1-4 e tshwaraganya “paradaise” le ‘legodimo la boraro’?

Mokwalo o supa gore “paradaise” e e umakwang ke 2 Bakorintha 12:1-4 ga se paradaise ya sebele mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, dikarolo tse dintsi mo Bibeleng di supa gore Modimo o tla tsosolosa Paradaise ya sebele mo lefatsheng la rona.

Ntlha ke gore Paradaise ya ntlha e batho ba neng ba e itemogela e ne e le ya mmatota. Adame le Efa ba ne ba tshela mo phakeng e ntle, kana tshingwana, seo eleng sone tlhaloso ya motheo ya mafoko a Sebehera, Segerika le Seperesia ao a lebisang go paradaise. Ba ne ba na le tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng ka boitumelo le botsogo jo bo molemo mo Paradaiseng eo. Lefa go le jalo ba ne ba latlhegelwa ke Paradaise eo ya selefatshe fa ba ne ba tsuologa le go leofa, go gogela kwa goreng Modimo o ba leleke mo tshimong ya Edena.

Re iphitlhela he re le kae, ga jaanong le mo isagweng? Ga go na bosupi jwa gore polanete ya rona jaanong e fetolelwa go nna paradaise. Go na le moo, kgotlelo le tshenyego di totafetse. (Tshenolō 11:18) Lefa go ntse jalo, ga go gopolege gore boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe go nna Paradaise ya kgolokwe bo tla palelwa; seo a se simololang, o a se wetsa. Ka ntlha ya gona moo o ne a romela Morwawe go baakanyetsa ka thekololo, ka gone a baya motheo wa gore maleo a rona a itshwarelwe le gore bosaitekanelang jo re bo ruileng go tswa go Adame bo fenngwe. (1 Timotheo 2:5, 6; Baroma 5:18) Fa seo se fitlheletswe, batho ba tla ipelela se se neng sa tlhongwa fa pele ga ga Adame le Efa, botshelo jo bo sa khutleng. Kae?

Boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho e ne e le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise, mme boikaelelo jwa Modimo bo ka se palelwe kana jwa kgorelediwa. (Isaia 55:11) Ka jalo a re ka se lebelele pele gore boikaelelo joo jwa botshelo jo bo sa khutleng bo ipelelwe gone mono mo polaneteng ya Lefatshe, ka lefatshe ka nako eo le tla bo le tsosoloseditswe boemong jwa paradaise? Go na le ditshupo di le mmalwa mo Bibeleng gore eno ke pono e e tshwanetseng, gore thato ya Modimo e sa ntse e tla ‘dirwa mo lefatsheng jaaka e dirwa kwa legodimong.’ (Mathaio 6:10; Tshenolō 21:4, 5) Go bona puisano e e tletseng ya tshegetso ya Bibela ka seno, bona “A Bibela E Solofetsa Paradaise ya Selefatshe?” go “Tora ya Tebelo” ya April 15, 1984.

Lefa go le jalo, go tweng ka mafoko a ga moaposetoloi Paulo mo go 2 Bakorintha 12:1-4? O ne a bolela ka botlalo koo gore o ne a dirisana le “diponatshègèlō le ditshenolō tsa Morèna.” Mme go bonala fa e le ene a neng a amogela ponatshegelo e e kgethegileng kana pono e e akabatsang ka sengwe seo e neng e le sa isagwe go tloga nakong ya gagwe. O ne a bua ka go “phamolèlwa kwa Paradaisoñ.” Mme ereka a umaka gape le ‘legodimo la boraro,’ go bonala fa a ne a lebisitse go sengwe sa semoya, seo se farologanang le tshingwana ya paradaise ya sebele. Go ne go na le lebaka la ketapele la gore a dire seno.

Dipolelelo pele tse dintsi tsa dikwalo tsa Sehebera di bolelela pele gore Bajuda bao ba neng ba ile botshwarwa kwa Babelona ba ne ba tla busediwa mo lefatsheng la ga bone. Mo godimo ga gore ditshupo tsa lefatshe le boemo jwa tikologo ya sebele di ne di tla tokafala, dipolelelo pele tseno di ne tsa supa gore go ne go tla nna le phetogo mo bathong, Bajuda ba ba tsosolositsweng. Ka motlhala, Isaia o ne a kwala ka gore Jehofa o ne a tla ‘nonotsha marapo a bone, mme ba ne ba tla nna jaaka tshingwana e e neng e noswa sentle’ mme ba bidiwe “ditlhare tsa tshiamō, tse di tlhomilweñ ke Yehofa, gore a galalediwè.” (Isaia 58:11; 61:3; bapisa Pesalema 1:3.) Fa a ne a dirisa kakanyetso e e tshwanang ka lobaka lwa pele ga foo, Isaia o ne a kwala ka gore fa Baiseraele ba ne ba ikanyega go Jehofa ba ne ba tshwana le mofine wa gagwe, kana o o lemilweng ke ene; fa ba ikanyologa, e ne e le mefine e e ungwang masitlha a naga mme a ne a boloketswe go tshujwa, go bo go tlhoga lokhi le lorwana mo boemong jwa one.—Isaia 5:1-7.

Ka jalo, go na le lebaka la Bibela la go tlhaloganya ponatshegelo ya ga Paulo e e bonalang go 2 Bakorintha 12:4 go nna ka tsosoloso ya tlhogonolofalo ya semoya mo isagweng gareng ga baobamedi ba Modimo. Ene ka boene o ne a bolelela pele ka go tenega mo Bokereseteng jwa boammaaruri pele ga “ponatshègō” ya Morena. (Ditihō 20:29, 30; 2 Bathesalonia 2:3-8) Lefa go ntse jalo, joo e ne e se ketla e nna boemo jwa go ya go ile. Phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete, “temō ea Modimo, . . . kagō ea Modimo,” e ne e tla totafala gape mme e ntsifale. (1 Bakorintha 3:9) Re tlhaloganya gore eno ke yone paradaise e Paulo a neng a e bona mo ponatshegelong. Go lebisa ga gagwe go paradaise ya semoya e e ntseng jalo, legale, ga go ka tsela epe go tlosang ditsholofetso tsa Bibela ka Paradaise ya lefatshe e e atamelang, Paradaise e e tsosolositsweng tumalanong le boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa Modimo ka lefatshe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela