E Thusa Monna wa Gagwe
A o na le maloko mangwe a lelapa la gago a o ka ratang go a thusa semoeng? Ga jaanong go na le motswedi o o maatla wa thuso, jaaka go supilwe ke dikwalo tse di neng tsa amogelwa, jaaka le le latelang:
“Ke ne ke ka se kgone go itshokela boitumelo jwa me ka gope mabapi le buka e ntšha ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. E molemo fela thata mo ke neng ka ikutlwa ke tshwanela fela go kwala. Ke ne ka kolobediwa ka December 1981 mme ke ne ka anaanela buka eno fela thata ka bonna, tota. Mme monna wa me, yo o neng a kile a leka go sekegela dibuka tse dingwe tsebe mme a ile a seka a kgatlhega gotlhelele, o ntse a sekegela tsebe kgaolo e le nngwe mo e ka nnang bosigo bongwe le bongwe ebile o a e rata. Mokgwa wa go kwalwa ga yone o ikuela tota, o a utlwala, o kgatlhisa tota mo e leng gore o kgatlhegela fela thata go batla go itse gore kgaolo e nngwe e tshotseng! Ke lo leboga fela thata gape ka ntlha ya buka eno e e molemo.”
Mo e ka nnang ngwaga fela go setse go gatisitswe dikaelo tsa buka eno e ntšha di feta dimilione tse 12 ka dipuo tse di fetang 30. Itseele sekaelo sa gago mme o tla tlhaloganya gore ke eng e tumile mo go kana.
Tswee-tswee nthomeleleng, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 256, ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Ke rometse le R3.