‘Batla Kagiso mme O E Latelele’
1. (a) Re ka ‘batla kagiso mme ra e latelela’ jang mo lefatsheng leno le le thubakanyang? (b) Mo maemong a a lekang eleruri, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kokotlelela Jehofa ka tlhoafalo?
RE KA latela jang kgakololo ya ga moaposetoloi Petere, e e tsopotsweng fa godimo, ereka re dikanyeditswe ke lefatshe le le thubakanyang? Petere o araba, ka go re bolelela gore ‘lo fapoge bosula, lo dire molemo.’ Re tlhoka he, gore re dire maiteko a a natlafetseng go tla mo kamanong e e kagiso le Jehofa Modimo mo motheong wa tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu Keresete. Morago ga foo re latelela kagiso ka go latela ka tlhagafalo ditekanyetso tseo Modimo a di tlhomileng mo Lefokong la gagwe. “Gonne matlhō a ga Yehofa a mo basiamiñ, le ditsèbè tsa gagwè mo mekokotleloñ ea bōnè: me sehatlhōgō sa ga Yehofa se bihetse ba ba dihañ boshula.” (1 Petere 3:11, 12) Fa baikepi ba leka go re direla dilo tse di boshula, re ka kokotlelela Jehofa ka tlhoafalo. Re ka goeletsa kwa go ene ka leina gore a re thuse, jaaka fa gongwe o tlhasetswe ke sethubetsi kana modira-bosula mongwe.—Bapisa Duteronome 22:25-27.
2. Fa re thulane le thubakanyo, re ka tshwarelela tsholofelong efe e e neng ya tlhalosiwa ke Dafide?
2 Mo maemong a a thubakanyang ikanyo e e feletseng mo go Jehofa gantsi e nnile lebaka la popota la phalolo. Gangwe le gape, mosupi wa ga Jehofa o ile a segofadiwa ka go tshegeletsa tsholofelo e e neng ya bolelwa ke Dafide ka thapelo mo go Pesalema 18:46, 48: “Yehofa o tshedile; me a go bakwè lehika ya me; me a go godisiwè Modimo oa polokō ea me: O mphalodisa mo babeñ ba me: E, ua tlo u nkgoleletse godimo ga ba ba ncogologèlañ: ua tlo u nkgolole mo mothuñ eo o thubakañ.” Dimilione tseo tsa Basupi ba ga Jehofa bao gompieno ba lebelelang ka tumelo e e nonofileng tiragatsong ya tsholofetso ya Modimo gore “basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ” ba tlhomamisediwa gape gore “polokō ea basiami e cwa mo go Yehofa: ke èna kagō ea bōnè e e thata ea phemelō mo motlheñ oa khuduègō.”—Pesalema 37:29, 39.
3. (a) Duteronome 32:10 le Daniele 3:19-27 di re bontshang? (b) Ke eng se se supiwang ke mokgwa o Rahabe a neng a gololwa ka one, mme gape le wa mmulatsela wa segompieno?
3 E ka tswa maemo ke afe a a ka tlhagang mo lefatsheng leno le le thubakanyo, Jehofa o tla kgona ‘go boloka batho ba gagwe jaaka nyetse ya leitlho la gagwe.’ (Duteronome 32:10; Daniele 3:19-27) Ebile o ka kgona le eleng, fa a rata go dira jalo, go ka boloka ba gagwe go ralala matlhotlhapelo a a jaaka masetlapelo a nuclear. Seno se ne sa supelwa ka August 6, 1945, mo boitemogelong jwa motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa yo o neng a boga mo kgolegelong ya Hiroshima mo Japane. Mo mosong oo go tloga mo thulaganyong ya gagwe e e tlwaelegileng go ne ga mmaya mo boemong joo a neng a se ka a gobadiwa ke go thunya ga bomo ya atomo.a Bogolo jwa kgolegelo bo ne jwa leleanngwa le lefatshe, mme fela jaaka Rahabe a ne a falola tshenyego e e boifisang ya Jeriko, Katsuo Miura o ne a falola go kgautlhanngwa ga Hiroshima. (Yoshue 6:23, 24) O ne a leboga Jehofa fela thata, jaaka a ne a go tlhalosa morago, gore ‘o ne a thuntshiwa ka bomo ya atomo go tswa mo kgolegelong,’ e le gore a tle a senye dingwaga tse di setseng tsa botshelo jwa gagwe mo tirelong ya bobulatsela. (Bapisa Pesalema 116:15.) Ga go sepe se se ka retelelang Morena Modimo wa rona, “Modimo o mogolo, o o thata, Yehofa oa mashomōshomō, ke leina ya gagwè.”—Yeremia 32:17-19.
Atamelana Thata le Phuthego ya ga Jehofa
4. Isaia kgaolo 60 e tlhalosa jang boemo jwa phuthego ya Modimo mo nakong eno?
4 E le gore re tle re kgone go lebana le metlha eno e e thubakanyo, re tlhoka kaelo e e bonolo ya phuthego ya ga Jehofa ya seka-mmè. Fa e sale ka 1938 go ile ga nna le boemo jo bo tokafaditsweng jwa bolegodimo gareng ga batho ba Modimo, fela jaaka Jehofa a ne a bolelela pele ka gore: “Ke tla diha maōtlana a gago kagishō, le badihisi ba gago tshiamō. Go thubaka ga go ketla go tlhōla go utlwala mo lehatshiñ ya gago, leha e le chwahaco, kgotsa tshenyo mo teñ ga melelwane ea gago, u tla raea dithakō tsa gago leina, u re, Poloka, le dikgōrō tsa gago, u re, Pakō.” Kagiso le lorato Iwa tshiamo tseo ga jaanong di kgethololang phuthego ya ga Jehofa lefatshe ka bophara di ile tsa tlatseletsa fela thata tebang le gore “eo monnye” wa dikete di sekaenyana tsa baboledi ba Bogosi wa dingwaga tse 64 tse di fetileng a nne “morahe o o thata” o o nonofileng wa ba ba 2 477 000, ba ba gatelang pele go ralala dinaga tse 205 tsa lefatshe. Dipego tse di tswang mo tshimong di bontsha gore, jaaka re atamela “bokhutlō,” Jehofa o a “go akohisa mo motlheñ oa gōna.”—Isaia 60:17, 18, 22; Mathaio 24:14.
5. Jaaka go tlhalositswe mo go Dipesalema, ke eng se se bolokileng batho ba ga Jehofa ba nonofile lefa ba thulane le thubakanyo?
5 Bogolo jwa katologo eno bo diragetse matlho a phage a lebane lebane le thubakanyo, jaaka eo e neng ya itemogelwa ke Basupi ba ga Jehofa mo dikampeng tsa kgolegelo tsa ga Hitler le ka nako ya ditlhaselo tsa batlhasedi mo United States mo motlheng wa ntwa. Thubakanyo e tswelela go ntsifala mo dikgaolong di le dintsi tsa lefatshe. Mafatshe a se makae, fa e le gore go na le mangwe, ga a ise a itemogele thubakanyo e ntsi mo dingwageng tsa bosheng jaana jaaka go dirile Lebanon. Lefa go le jalo bakaulengwe ba rona koo ba ntse ba nonofile fela. Ke eng seo se ba tshwereng ba nonofile ga kalo? Ikanyo e e feletseng mo go Jehofa le boikemisetso jwa go tswelela ba kopanela mo dipokanong tsa bone le mo tirong e e tshwanang ya Bokeresete.—Pesalema 73:28; 149:1.
6. Re tshwanetse ra leba go nna gone ka metlha mo dipokanong jang, mme ka ntlha yang?
6 Seno se tshwanetse sa gatiseletsa mo go rona gore mo metlheng ya thubakanyo ga re a tshwanela go bakela go phuthega ga rona mmogo. (Bahebera 10:24, 25) Fa e le gore seno se tlhokafalela go ipeta pelo kgatlhanong le thubakanyo ya lefatshe la ga Satane, go a tlhokafala gape go bona nonofo ya go emelana le maano a a boferefere a ga Diabolo. Go nna gone ga rona ka metlha mo dipokanong go raya botshelo go rona!
7. (a) Satane o batla go faposa batho ba Modimo jang? (b) Satane o kgotletsa ka ditsela dife tse di kgethegileng moya wa thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang? (c) Re ka latelela kagiso jang, mme re lebile mokgeleng ofe?
7 Mo dipakeng tseno tse di bodiphatsa, Satane o batla go faposa batho ba Modimo ka gore ba nne “baithati, le barati ba madi, [le dilo tse di bonalang tse di tsabakelang tseo madi a di rekang], . . . barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1, 2, 4) Go na le go gopa moya wa ga Satane wa thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang, tseo di galalediwang ke dithulaganyo dingwe tse di rileng tsa TV, metshameko mengwe ya video le tse di tshwanang, abo go le botlhokwa jang ne gore re tswelele, ka thuto ya rona ya botho, tlhatlhanyo le dipokano tsa rona, go ikamogelela le go dirisa kitso ya boammaaruri e e rayang “botshelō yo bo sa khutleñ”!—Yohane 17:3; Bafilipi 1:9-11; Bakolosa 1:9-11.
Tshireletsego ya Rona E Kae?
8. (a) Batho ba bantsi ba lefatshe ba itshwara jang mo metlheng eno e e thubakanyang? (b) Ka go fa dikai, bontsha kafa tsela ya bone e seng botlhale ka gone?
8 Thubakanyo e tsenya poifo mo dipelong tsa batho ba ba mo ditoropong tse dikgolo tsa lefatshe. Go ya ka tlhotlhomiso ya bosheng jaana ya Gallup, diphesente tse 45 tsa Maamerika ba tshaba go tswela kwa ntle ba le nosi bosigo sekgala sa mmaele go tloga fa lapeng la bone. Bantsi ba tshola ditlhobolo. A mme eno ke tsela e Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetseng go e tsaya—go tlhabantsha thubakanyo e e ka nnang gone ka go ipaakanyetsa thubako? Dikotsi tse dintsi tse di kopanyeletsang “dibetsa tsa boiphemelo”—tseo bana ba bannye ba ileng ba bolaya ba bangwe—di tshwanetse tsa dira gore re eme go se go ne ne mme re ipotse gabedi gararo. Go itsege sentle gore sekgantshwane sa tlhobolo, fa a bona tlhobolo e nngwe, o tla fula—mme a fulela go bolaya. Ke sebaka sefe he seo ratlhobotswana yo o sa itseng sepe a ka tlholang a se bona!
9. Ke kae ebile ke jang Mokeresete a ka bonang tshireletsego?
9 Mokeresete o tla bona tshireletsego, eseng ka go tshola dibetsa, mme ka go ‘batla kagiso le go e latelela.’ (1 Petere 3:11) Ikanye Jehofa. Fa o ka pitlelelwa ke senokwane, dira gore go itsege gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Se ngakalelane le mongwe yo o go tshosetsang ka thubakanyo; mo neele dilo tse di bonalang tse a di batlang. Botshelo jwa gago bo botlhokwa go na le tseno. Fa o pitleletswe ebile o tshosetswa, goela kwa go Jehofa o kope thuso. Gakologelwa: “Leina ya ga Yehofa ke kagō e e godileñ e e thata: mosiami o sianèla mo go eōna, me a bolokège.”—Diane 18:10.
10. (a) Mabapi le boiphemelo, ditiragalo tse di mo go Esere kgaolo 8 le 2 Bakorintha kgaolo 11 di re bontshang? (b) Dipego tse di tswang Afrika le Ireland di re bolelelang kaga boeleele jwa go tshola dibetsa?
10 Lefa go ntse jalo, a ga go ne go nna le mabaka mangwe, jaaka go tsamaya mo kgaolong ya bo-seitaileng e e kotsi, koo Basupi ba ga Jehofa go ka nnang botoka fa ba tshotse dibetsa go iphemela? Karabo e e tlhamaletseng ke e e reng gotlhelele Nnya. (Bapisa Esere 8:21-23, 31; 2 Bakorintha 11:23-27.) Tsaya ka sekai balebedi ba rona ba ba etang mo nageng nngwe e e rileng ya Afrika. Mo dingwageng tsa bosheng jaana bakaulengwe bano gantsi ba ne ba patelesega go feta mo dikgaolong tsa dintwa fa ba ntse ba lekola diphuthego. Ka dinako tse dingwe ba ne ba kgogogelwa ke masole a dirukhutlhi kana ke masole a tsa itshireletso. Fa e le gore go ka bo go ile ga fitlhelwa dibetsa mo go bone se se ka bo se ba lopile matshelo a bone. Fa e se mo makgetlong a se makae fela, go itshupa ga bone jaaka Basupi ba ga Jehofa, ga mmogo le go tlhoka dibetsa tsa thubakanyo, ba ne ba kgona go ka fetela kwa ba yang gone. Go tshwana fela ka Ireland Bokone e e kgautlhantsweng ke ntwa, koo go ileng ga bolelwa gore “loso ke selo sa malatsi otlhe.” Boitlhaodi jwa Basupi ba ga Jehofa bo itsege sentle-ntle, mme jaaka barata kagiso ba bona tshireletsego mo dikgaolong tsa Makatoliki le tsa Maporosetanta ka go tshwana.
11. (a) Ke eng se se dirang gore go papamale gore Bakeresete ga ba a tshwanela go itlhomelela ka dibolao tse di kotsi? (b) Go ya ka Dikwalo, ikanyo ya rona e tshwanetse ya nna kae?
11 Dikwalo, di engwe nokeng ke maitemogelo a segompieno a Basupi ba ga Jehofa, di go papamatsa sentle gore ga go botlhale ka Mokeresete mongwe le mongwe go tshola, kana go nna mo legaeng ja gagwe kana mo mafelong mangwe, sethunya kana sebetsa sengwe se se kotsi go se dirisa kgatlhanong le batlhasedi kana ba ba re rumolang. (Isaia 2:4; 1 Petere 3:11) Yo o ipaakanyetsang thubakanyo o ipiletsa thubakanyo. Go na le moo, ikanyo e kgolo ya Mokeresete e tshwanetse ya nna mo go Jehofa, Modimo wa gagwe.—Pesalema 18:48; 140:1, 4; Diane 3:5-7.
12. (a) Ke ka ntlha yang, go ya ka Dikwalo, Bakeresete ba ka kopang tshireletso ya mapodisi? (b) A Mokeresete e ka re dilo di ile masweng le ka motlha a dirisa dibetsa, kana a itshegela mogodu?
12 Tumalanong le Baroma 13:1, 4, “babusi ba bagolo” ba lefatshe ba ka nna ba tlhoma mekgatlho e e rileng ya go boloka kagiso, jaaka mapodisi, bao kafa molaong ba tshwanetseng go sireletsa batho le dithoto tsa bone ka dibetsa. Ereka dithulaganyo tse di ntseng jalo tse di dumeletsweng ke Modimo di tlhalosiwa jaaka “modihedi oa Modimo, le mmusholosi mo go eo o dihañ boshula,” go tla bo go tshwanela ka Mokeresete go kopa le go amogela tshireletsego e e ntseng jalo mo mokgatlhong o o ntseng jalo. Mme lefa a ka go fitlhela go tlhokafala gore a iphemele ka boene kana baratiwa ba gagwe ka sengwe fela se se gaufi, ga a tshwanela go dirisa dibetsa. Lefa e le gone go ka itseela molao mo diatleng tsa gagwe. Mo dinageng tse dintsi ga go letlelelwe le eleng go tshola dibetsa go iphemela.—Mathaio 22:21; bapisa Ekesodo 22:2.
13. Ke ka ntlha yang fa Mokeresete a se ketla a dirisa matlhale a ntwa go iphemela?
13 Lefa go ntse jalo, fa e le go iphemela kwa bothokong fela, a Mokeresete a ka se ithuthuntshetse matlhale a ntwa, jaaka Kung fu ya Sechina? A go lemogiwe gore botlhale jono jo bo diphatsa thata jwa Botlhaba bo ne jwa simololwa dingwaga tse di fetang 1 400 ke baruti ba Mabuda ba Zen ba Shaolin Monastery kwa mekgokoloseng ya Songshan, nngwe ya dithaba tse di boitshepo tsa China. Go tswa motsweding ono wa sedumedi go ne ga tla gape matlhale a mangwe a ntwa a Sejapane—Bushido, mo tota tota go rayang, “Tsela ya Motlhabani.” Boradikitso ba bantsi ba matlhale a ntwa a judo, kendo le karate ba sa ntse ba ntse ba bona tlhotlheletso go tswa tlhatlhanyong ya sedumedi. Boikaelelo jwa karate ke go koafatsa motlhasedwi, moo go ka felelang ka kgobalo e kgolo kana loso. Eleruri, bao ba ikanyang mo go Jehofa ba ka se retologele kwa matlhaleng a ntwa go iphemela!—Diane 3:31.
14, 15. (a) Ke ka ntlha yang fa go tla bo go tshwanela ka Mokeresete go tsoma kana go bolaya diphologolo go ja? (b) Mme ke eng se se ka gogelang kwa goreng Mokeresete a se tshwanelegele ditshiamelo tse di kgethegileng, mme ka ntlha yang?
14 A go tla bo go tshwanela ka Mokeresete go tshola dibetsa ka boikaelelo jwa go tsomela diphologolo go ja? Fa e sale ka Morwalela, Modimo o dumeletse gore diphologolo di bolaelwe go jewa, lefa gone madi a tshwanetse go tshololelwa fa fatshe, eseng go jewa. (Genesise 9:3, 4; Duteronome 12:23-25) Fa ba letleletswe ke molao wa naga eo, Basupi bangwe ba boloka ditlhobolo go itshireletsa kgatlhanong le dibatana tsa naga kana go fula diphologolo. (Mathaio 22:21) Mo go bone seno e ka nna motswedi o o botlhokwa kana tsela ya bone ya go bona dijo. Mme le ka motlha a ope a se ka a akanya go re Jehofa o tla amogela go bolawa ga diphologolo fela e le jaaka motshameko, e le fela go kgatlhwa ke go bolaya—jaaka go ne go ntse ka “Bo-Nimerode” ba bogologolo le ba gompieno. Ereka “botshelō yoa nama ke madi,” ano a botlhokwa fela thata mo ponong ya ga Jehofa.b—Lefetiko 17:11, 14.
15 Fa e le gore palo e e rileng ya Basupi mo phuthegong ba ka tshwenngwa ke gore mongwe o tsomela diphologolo fela go kgatlhega, mme eseng go bona dijo, o ka nna a nna mo boemong jwa go sa amogele ditshiamelo tse di kgethegileng tsa tirelo, ka ntlha ya boemo jwa gagwe jo bo botlhaswa.—1 Timotheo 3:2.
16. Bagolwane ba ka thusa jang, mme go ka felela ka eng ka bao ba palelwang ke go latela kgakololo ya Dikwalo e e mo dirapeng 9 go ya go 15 tse di mo godimo?
16 Go tla nna se se tshwanang fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ganelela mo go tsholeng dibetsa kana go nna le dibetsa ka go itshireletsa kgatlhanong le batho, kana a ithuta matlhale a ntwa. Bagolwane ba semoya ba tshwanetse ba tsaya kgato ka bofefo go mo gakolola le go mo thusa go rarabolola boemo. (Mika 4:3) Ope fela yo o tla tswelelang ka go tshola dibetsa tsa botho kana dibetsa dingwe fela go itlhomelela go nna “moitei” o tla khutla go tshwanelegela ditshiamelo tse di kgethegileng mo phuthegong.—1 Timotheo 3:2, 3.
Tiriso ya Dibetsa mo Mmerekong wa Selegae
17. Ke ka ntlha yang fa bontsi jwa Basupi bo tila mmereko o o kopanyeletsang matlhale a ntwa kana go tshola dibetsa?
17 Fa e le gore mongwe o na le mmereko o o kopanyeletsang go tshola sebolao go se dirisa kgatlhanong le batho ba bangwe, kana fa e le gore go tlhokafala gore a bo a rutetswe matlhale a ntwa, a a jaaka judo le karate, o tshwanetse a dirang? Fa a dira phetso ya gagwe ya botho o tshwanetse go gakologelwa gore molatedi wa ga Keresete o tshwanela go latelela kagiso. (Baroma 12:17, 18) Ka ntlha ya se se umakilweng go Isaia 2:4, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba tila mmereko o o ntseng jalo. Lemororo mmereko ka boone e ka tlhola boikaelelo e le go sireletsa setšhaba (kana dithoto) tumalanong le Baroma 13:4, boitemogelo bo bontshitse gore ka metlha go nna le kotsi ya go nna molato wa madi ka go fedisa botshelo ka sebolao, ka kgobalo ya segakolodi sa motho, gongwe le eleng kotsi ya motho go ikgobatsa kana go ipolaya ka ntlha ya go ipusolosetsa. (Pesalema 51:14; bapisa Dipalō 35:11, 12, 22-25.) Eleruri go molemo go tila dikotsi tse di ntseng jalo ka go tlhopha mmereko oo go one di seng teng.
18. (a) Pono ya Mokeresete yo o godileng ka kitso e tla farologana jang le ya lefatshe? (b) Go boloka segakolodi se se phepafetseng, o ka leka go fetola dikgang jang?
18 Mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ bahiriwa ba bantsi ba lebeletswe go ka tshola sebetsa. Badisi ba banka kana ba tsa itshireletso, bomakatane ba dikago le mapodisi ba ka nna ba tlhokwa go re ba dire jalo go tshwarelela mo mmerekong wa bone. Mme go tweng ka Mokeresete yo o go tlhokafalang ka ene gore a ‘tlamele ba ga gabo’? (1 Timotheo 5:8) Pono ya gagwe e e thapisitsweng kafa Bibeleng e tla farologana le eo ya batho ba lefatshe, bao ba ikutlwang ba gololesegile go tshola ditlhabani tse di ntseng jalo le go di dirisa kafa ba ikutlwang ba kgona ka teng mo boemong jo bo diphatsa jo bo ka tlhagogang. (Baefesia 5:15-17) O tla batla go tila go nna molato wa madi, a gakologelwa pono ya ga Jehofa ka boitshepo jwa madi. (Genesise 9:6; Pesalema 55:23) Mokeresete yo o godileng ka kitso o tshwanetse go leka go batla mmereko o o senang dibetsa.c Basupi ba bangwe ka go bua le bahiri ba bone ba ile ba atlega ka go fetola tiro ba ya go eo e sa tsholeng sebolao.
19. Ke ditshiamelo dife tse mokaulengwe a ka se di tshwanelegeleng go fitlhelela phetogo e dirwa? (2 Bakorintha 13:11)
19 Jaaka lefatshe le tswelela pele go nna thubakanyo e e kana re ka se tlhole re tsaya mokaulengwe yo o tswelelang mo mmerekong o o tlhomelelang ka dibetsa jaaka yo o tlhomang sekao. O ka fiwa dikgwedi tse thataro go dira phetogo. Fa e le gore ga a dire phetogo, o tla bo a se mo boemong jwa go tshegetsa ditshiamelo tse di kgethegileng tsa tirelo le boikarabelo mo phuthegong.—1 Timotheo 3:2; Tito 1:5, 6.
A Rotlhe Re Lateleleng Kagiso
20. (a) Ke ka ntlha yang fa tsela ya kagiso e ka hakelwa? (b) Go sa kgathalege diteko tse di botlhoko, mme le eleng loso, matswela e tla nna afe go baboloka-bothokgami? (c) O ikanya mang?
20 Ka go latelela tsela ya kagiso Basupi ba ga Jehofa mo makgetlong a mantsi ba ile ba bona tshireletsego—mo mmeleng, mo boitsholong, mo semoyeng! Ka phepafalo tsela eno ya Dikwalo ke e e tshwanetseng go latelwa. Mo makgetlong a se makae a go nnileng le dikgobalo gareng ga Bakeresete ba ba ikanyegang, bopelokgale jwa bone jwa go sa tshabe loso bo ile jwa ba baya mo moleng wa tsogo ya ntlha. (Bahebera 11:36-40; Tshenolō 2:10) Ka dinako tse dingwe Jehofa o letlelela Satane go baya diteko tse di botlhoko godimo ga batho ba Gagwe, jaaka mo kgannyeng ya ga Jobe, lemororo matswela a mmoloka bothokgami yoo e ne ya nna a a itumedisang. (Yobe 1:18, 19; 42:12-15) Mme lefa go ka tlhagang mo metlheng eno e e thubakanyang, a le ka motlha re se kang ra suta mo bothokgaming jwa rona. A re ikanyeng mo Modimong. “Gonne matlhō a ga Yehofa a sianèla kwa le kwa mo lehatshiñ yeotlhe, go ipōnatsa ha a le thata ntlheñ ea batho ba dipelo tsa bōnè di leñ boitekanèlō mo go èna.”—2 Ditihalō 16:9.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona polelo e e tletseng, bona setlhogo se se reng “In the Mushroom Cloud,” ditsebe 17-19, Awake! ya September 8, 1954.
b Bona Awake!, March 22, 1976, ditsebe 18-20.
c Bona gape The Watch Tower, February 15, 1973, ditsebe 127, 128.
O ka araba jang tseno?
◻ Mo maemong otlhe a a gomagometsang thubakanyo, ke kae koo Mokeresete a tshwanetseng go baya ikanyo ya gagwe teng?
◻ Ke tsholegelo molemo efe e e nnang gone ka go atamalana thata le phuthego ya ga Jehofa le kgakololo ya yone?
◻ Ke ka ntlha yang go le boeleele go tshola dibetsa kana go ithuta matlhale a ntwa go iphemela ka one?
◻ Mabapi le mmereko o o batlang dibetsa, ke tsela efe e e hakelwang Bakeresete, mme ka ntlha yang?
[Lebokoso mo go tsebe 24]
Ntsifalo ya Thubakanyo—E Tla Felela Kae?
“Ntwa e e matlho mahibidu ya nuclear magareng ga United States le Soviet Union e ka felela ka loso lwa . . . diphesente tse di ka nnang 80 tsa baagi ba lefatshe.”—The Express, March 29, 1982, e e tserweng mo potsolotsong ya mopalamente wa California.
“E tla re ka go tlhakana tlhogo ga bone—Kotsi e tla nna gore baetapele ba bopolotiki, ba Soviet le ba Amerika . . . ba tla tlhotlheletsega go akanya gore ntwa ya nuclear e ka nna ya akanyediwa. Ntlha tota, ke gore, ntwa epe ya nuclear eo mabolokelo otlhe a dibetsa tsa nuclear kana karolo e kgolwane ya one; a Soviet le Amerika a ka dirisiwang, e ka senya gotlhelele sebaka sotlhe se se kwa Bokone sa lefatshe lotlhe.”—Dr. Frank Barnaby, mmatlisisi wa kagiso, December 26, 1982.
“Fa e le gore boipaakanyetso jwa ntwa ke lebaka la pele la go tlisa kagiso, he kagiso le ka motlha e ka bo e se ka ya solofediwa. Dimilione tsa bo-Hiroshima di koegetswe mo godimo ga lefatshe, mme ebile seno sesantse se ntse se sa thibele mongwe wa banni ba gone ba ba 4 200 000 000 go senya £115 ka ngwaga mo dibetseng.”—Andre Fontaine, Le Monde, e e neng ya gatisiwa gape go The Guardian, January 9, 1983.
“Mokwaledi Mogolo wa U.N. O Bolela Gore Matshosetsi a Ntwa ya Nuclear a a Gola—‘Tlhopho e magareng a dikokomana tse disha tsa dibetsa kana dikokomana tse di tlang tsa batho,’ a bolela jalo.”—The New York Times, February 16, 1983, e tsopola Mokwaledi Mogolo Javier Pérez de Cuéllar.
“Kokomana e ñwe e hetèla koñ, me go tle e ñwe; me lehatshe le nnetse rure ka bosakhutleñ.” “Gonne e tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna: E, u tla sekaseka helō ga gagwè ka tlhōahalō, me èna o tla ba a seeō. Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Moreri 1:4; Pesalema 37:10, 11.
[Lebokoso mo go tsebe 25]
Basupi ba ga Jehofa ba Itshokela Metlha ya Thubakanyo mo Tripoli, Lebanon
“Eleruri ba ne ba ralala dipaka tsa mathata mme ba se ka ba tlolwa ke pokano epe. Ba ne ba re bolelela gore e ne ya re ba ntse ba tshwere kopano ya bone ya kgaolo setlhopha sengwe sa batho ba le 117 se ne se phuthegetse kwa legaeng la mokaulengwe, mme ya re fa kgaitsadi wa bofelo a sena go tsena, bomo ya thunya fela fa lebating. Fa pokano e ntse e tsweletse dibomo tse dingwe le tsa seatla di ne tsa wela tikologong ya bone jaaka pula. Ba ne ba re supegetsa dipale tsa motlakase le dikago tse di mo tikologong tse di rathanthilweng ke marumo—mme ga go sepe se se neng sa itaya ntlo e ba neng ba le mo go yone!
“Malapa mangwe a le mabedi a ne a ipotsa gore a ke ke a ye kwa pokanong ka ntlha ya go thunya ga dibomo. Ba ne ba fetsa ka gore ba tsamaye fela, mme matshelo a bone a ne a bolokesega ka ntlha ya gore, fa ba ne ba le kwa pokanong, ntlo ya lelapa le lengwe e ne ya thuthuntshiwa ya ba ya senngwa gotlhe-gotlhe, mme e nngwe ya thuthuntshiwa ka marumo mo e leng gore go ne go se ope yo o neng a ka bo a falotse.
“Lelapa lengwe la Mosupi le le neng le nna kgaolong ya baganetsa-puso koo baema-nokeng ba puso ba neng ba tlhasela teng ba ne ba tla tsewa le go ya go bolawa. Mme mongwe wa losika yo o neng a se mo boammaaruring mme a le mo setlhopheng a utlwa ka ga se mme a fitlha kwa go bone pele ga lesomo le le bolayang le ka fitlha. O ne a ba tsaya a ba isa kwa diofising dikgolo tsa phathi ya teng koo ba neng ba tlhalosa ka boitlhaodi jwa Basupi, ba neela bosupi jo bo molemo mme ba gololwa. Maitemogelo ano a diragetse gangwe le gape.”—Jaaka go begile moeti.
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
A ke o tlhabantshe thubakanyo ka thubakanyo kana o ikanye mo go Jehofa?