LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 6/1 ts. 9-13
  • Go Ipelela go Direla jaaka Jehofa A Rata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ipelela go Direla jaaka Jehofa A Rata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ithuta go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Boikaelelo jo Bosha mo Botshelong
  • Go Direla ka Nako ya Dingwaga tsa Pele ga Ntwa
  • Go Thapisediwa Tirelo ya Isagwe
  • Go Latedisa Thato ya ga Jehofa mo Masimong a Masha
  • Go Tswelela ka Boipelo go Dira Thato ya Bomodimo
  • Ke Bone Boitumelo jo Bogolo mo go Abeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Basupi ba ga Jehofa mo Lefatsheng Lotlhe—Puerto Rico
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • “Tsela ke E. Tsamayang ka Yone”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ke ne Ka Bona “yo Mmotlana” a Nna “Morafe o o Thata”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 6/1 ts. 9-13

Go Ipelela go Direla jaaka Jehofa A Rata

Jaaka go boletse Emil H. Van Daalen

MADUO a morago ga Ntwa ya Lefatshe I a ne a utlwiwa mo lefatsheng lotlhe. Kwelo tlase ya itsholelo ya 1929 e ne ya dira gore batho ba bantsi ba ipolaye ka ntlha ya go latlhegelwa ke madi a bone. Seno se ne sa latelwa ke leuba le le anameng, matsubutsubu a diphefo a a foufatsang, dipetso tsa lesogodi la tsie, thobo e e kwa tlase, ditlhotlhwa tse di kwa tlase tlase tsa leruo le mabele le tlhatlogelo godimo ya go tlhoka mmereko. Se se maswe go di feta tsotlhe, pōpō ya ntwa e nngwe e ne e kwetoga kgakalanyana. Ee, jaaka go boleletswe pele mo Bibeleng, ‘batho ba ne ba idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo godimo ga lefatshe.’—Luke 21:26.

Ka nako eo lelapa la rona le ne le nna mo polaseng e e mo botlhaba jwa South Dakota—batsadi ba me, barwa ba bone ba supa le morwadia bone. Mmè le Rre ba ne ba setse ba ile ba itemogela Ntwa ya Lefatshe I, mme ba ne ba latlhegelwa ke polase ebile ba ne ba leka gore ba itsosolose ka e nngwe. Ereka ba ne ba na le barwa ba bantsi ba ba kalo poifo ya ntwa e nngwe e ne ya ba dira gore ba hutsafale thata.

Go Ithuta go Dira Thato ya ga Jehofa

Ka nako eo ke ne ke sa itse sepe gore a polelo nngwe e e rileng ya mopesalema wa Bibela e ne e tla re ka bogolo e laole bontsi jwa botshelo jwa me. Ano e ne e le mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Dafide: “Ke itumèla thata go diha go rata ga gago, Modimo oa me.” (Pesalema 40:8) Seno se ne sa simolola morago koo ka 1932.

Ka ngwaga oo Edward Larson, morekisi yo o tsamayang a bapatsa, o ne a tla a supa dilwana tsa gagwe, melora le tse dingwe tse di tshwanang. Mme o ne a na le sengwe se se botlhokwa bogolo—molaetsa. O ne a re bolelela gore dikereke di ne di sa rute boammaaruri, gore Keresete o ne a busa jaaka Kgosi ya selegodimo, gore mafoko a a molemo a Bogosi a ne a tshwanelwa ke go rerwa mme e ne e tla re morago ga ntwa ya Modimo ya Aramagedona basiami ba ne ba tla ipelela botshelo jo bo sa khutleng.—Tshenolō 16:14, 16; 21:1-4.

Mmè, segolo bogolo, o ne a kgatlhega fela thata. Lelapa le le gautshwane le rona le lone le ne la kgatlhega thata. Ka jalo, ka bofefo fela go ne go na le malapa a le mararo, go kopanyeletsa le loo-rra Larson, ao a neng a “amogetse lehoko ka pelo e e etleetsegileñ, ba lotolotsa mo dikwaloñ.”—Ditihō 17:11.

Mo e ka nnang ka nako e e tshwanang Ralph Vittum, mmulatsela (mmoledi wa nako e e tletseng wa Bogosi) yo a neng a dirisa Model-T Ford e kgologolo, o ne a tsena mo jarateng ya rona. Batsadi ba me ba ne ba mo laleletsa gore o ka robala mo go rona ka lobakanyana fa a ne a santse a neela bosupi mo bathong ba kgaolo eo. Re ne re tle re nne go fitlhelela nako ya lesome le bobedi kana ya bongwe gare ga mpa ya bosigo fa a ne a tlhalosa boammaaruri ka ga Bogosi le go baya nyanyeng dithuto tsa kereke kaga dihele, Tharo-nngwe, go sa sweng ga moya le dithuto tse dingwe tsa motheo tsa maaka. Lemororo re ne re sena thuto ya Bibela e e tlhamaletseng, re ne re simolola go tlhaloganya boikaelelo jwa Modimo ka motho ebile re ne re ka dira thato ya bomodimo. Abo seo e ne e le kgololo le boipelo, segolo bogolo go batsadi ba me!

Kgabagare re ne ra kopana le Basupi ba bantsi. Ka gone re ne ra nwela mo phuthegong ya batlhanka ba ga Jehofa.

Boikaelelo jo Bosha mo Botshelong

Seno sotlhe se ne sa simolola fa ke ne ke le mogolwanyane mo sekolong se segolo. Ka 1934 ke ne ka simolola mo bodiheding jwa tshimo mme ke ne ka kolobediwa dingwaga tse pedi morago ga foo. Ka nako eo ya lobaka lo lo bokete Iwa leuba le matsubutsubu a a dithole, ke ne ka tlhola dibeke tse pedi ke neela bosupi mo kgaolong e e kwa thoko. Re ne re ikapeela dijo mme re bo re robala mo fatshe kana mo koloing, koo re neng re ka tswa re le gone kwa bofelong jwa letsatsi. Mme re ne re itumetse, re itse gore re ne re dira thato ya ga Jehofa.

Mo loetong leo segolo bogolo, re ne ra kopana le mosadi yo o neng a na le bukana ya Dividing the People. Mo go e baleng ga gagwe, o ne a lemoga molaetsa e le boammaaruri, a otara palo e kgolo ya dibukana tseno go tswa go Watch Tower Society mme a di abela baagelani ba gagwe le ditsala. O ne a nna mosupi yo o tlhagafetseng thata wa ga Jehofa.

Ka Phalane 1938 morwa-rre Arthur le nna re ne ra simolola bobulatsela. Re ne re dira segolo bogolo tshimo ya kwa magaeng mo botlhaba jwa South Dakota le bophirima jwa Minnesota. Moragonyana morwa-rre wa rona yo mongwe, Homer, le Mokaulengwe Carrol Tompkins ba ne ba kopanela le rona. Ka nako eo re ne re setse re na le ntlo e e gogwang ke koloi le dikoloi di le pedi. Re ne ra bereka tshimo ya Missouri, Louisiana le Iowa. E ne ya re re le mo Sioux city ka 1941, re ne ra amogela dikabelo tsa bobulatsela jo bo kgethegileng go ya Watertown, South Dakota.

Go Direla ka Nako ya Dingwaga tsa Pele ga Ntwa

Ntwa ya Lefatshe II e ne e ntse e tsweletse, mme makawana a ne a bilediwa bosoleng. Mme go ne go se ope wa rona yo o neng a ka ya ka ntlha ya boemo jwa rona jwa bodihedi jaaka bareri ba nako e e tletseng ba Bogosi. Se se ne sa tena balemi ba ba mo tikologong ya Watertown go bona makawana a mane a dingwaga tsa bosole ‘a senya nako ya bone ka go tsamaya ka ntlo le ntlo ka dibuka tsa Bibela’ fa barwa ba bone ba ne ba kopanyelediwa mo ntweng. Bosigo bongwe jwa Matlhatso re ne re le mo mmileng re neela dikgatiso tsa rona tsa Bibela fa bagolwane ba molao ba ne ba tla mme ba re isa kwa seteitšhaneng sa mapodisi. Ba ne ba re bolelela gore re ne re tla tshwanelwa ke go tlogela toropo mo dibekeng tse di ka nnang pedi kana go sa nneng jalo re tla tshwarwa. Ka tshwanelo, re ne ra tsaya kabelo ya rona e le e e tswang go Jehofa mme ka jalo ra ikutlwa jaaka baaposetoloi fa ba ne ba laolelwa gore ba emise go rera: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditihō 5:29.

Dibeke tse pedi moragonyana, jaaka re ne re tlogela ntlo ya rona ya mo polaseng re ya bodiheding jwa tshimo, mapodisi a ne a tla, mme ba re tshwara le go re latlhela mo kgolegelong. Bosigo joo ra-melao-mogolo wa toropo eo—yo o e neng e le motlhotlheletsi yo mogolo wa se sotlhe—o ne a re botsa bongwe ka bongwe, mme go re apaya ka dipotso moo go ne ga tswelela go fitlhelela ka makuku a naka tsa kgomo. Re ne ra kiba malatsi a mane mo kgolegelong. Ba ne ba re pega molato wa dilo di le dintsi, mme go pegwa molato mo go neng ga dirisiwa ka nako eo yotlhe go ya kwa Kgotleng-kgolo ya Ditsheko ya Puso e ne e le gore go tshwanetswe ga tsewa lekgetho thekiso la sente a le mongwe mo kgatisong nngwe le nngwe ya disente tse 25 e re neng re e neela batho mme re bo re duela puso. Kgotla Kgolo ya Ditsheko e ne ya laola ka gore ka ntlha ya mofuta wa tiro ya rona lekgetho le le ntseng jalo le ne le tla bo le se kafa molaong. Ka gone Jehofa o ne a re segofatsa ka phenyo, mme gompieno go na le phuthego e e golang ya Basupi ba ga Jehofa mo Watertown.

Go Thapisediwa Tirelo ya Isagwe

E ne e le 1942 jaanong. Ntwa e ne e gaketse tota, mme go ne go bonala go phepafetse gore go ne go na le tiro e ntsi lefa go le jalo go e dira tiragatsong ya mafoko a ga Jesu: “Ke gōna tsamaeañ lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè . . . , lo ba rutè.”—Mathaio 28:19, 20.

Barwa-rre ba babedi le nna re ne ra amogela ikopelo ya go nna mo tlelaseng ya ntlha ya Sekolo sa Gileade sa Bibela sa Watchtower. Akanya fela ka kgakgamalo le boipelo jwa rona! Re ne re le bomang go bo re ka segofadiwa ka tshiamelo e kgolo eno e e ntseng jalo? Re ne ra gakololwa gore gongwe re ka se tlhole re boela kwa magaeng a rona gape pele ga Aramagedona e fitlha. E ne e le nako ya go dira phetso. Mme go ne go na le karabelo e le nngwe fela: Go dira thato ya ga Jehofa e ne e le boipelo jwa rona. (Pesalema 40:8) Kwa ntle ga moo, senwelo sa rona se ne se tletse ebile se penologa fa re ne re tla go utlwa gore morwa-rre yo mongwe wa rona Leo le mosadi wa gagwe Eunice e tla bo e le baithuti ka rona. Seno se ne se tla dira gore ba le barataro ba rona ba ba tswang mo lelapeng le le lengwe ba ne ba tla bo ba le mo tlelaseng ya ntlha.

Morago ga dikgwedi tsa tao e e gakgamatsang thata, ke ne ka nna le tshiamelo ya go amogela thapiso e e kgethegileng mo Bethele mo Brooklyn, gammogo le barwa-rre ba babedi. Morago ga foo, re ne ra romelwa jaaka balebedi ba potologo. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go etela diphuthego tse di ntsi mo dikgaolong tsa Iowa le Nebraska. Kgabagare, kabelo ya me ya borongwa e ne ya amogelwa. E ne e le kwa Puerto Rico, le morwa-rre Leo, le mosadi wa gagwe Eunice le ntsalake Donald. Abo e ne e le lesego ruri! Bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa bo ne jwa bonala eleruri.

Go Latedisa Thato ya ga Jehofa mo Masimong a Masha

Re ne ra goroga mo Puerto Rico ka Mopitlo 13, 1944. He jaanong ga tla namane e tona ya teko. Re ne ra ikutlwa re le ditshoswanyane ebile re le nosi mo palong ya batho e e ka nnang 2 000 000. Kgono ya rona ya go utlwisisa le go bua Sepanishe e ne e lekanyeditswe fela thata! A re ne re tla e ngaparela thata? A tumelo ya rona e ne e lekanetse ebile e itsetsepetse sentle? A eleruri re ne re dumela gore e ne e le thato ya ga Jehofa go bo re le koo? Nako e ne e tla bolela.

Letsatsi la bobedi morago ga go goroga re ne ra ralala go neela bosupi go baagelani ba rona ka Sepanishe sa rona se se kgwetlhang, Ka bofefo fela poifo ya rona e ne ya nyelela jaaka batho ba ne ba bontsha bopelonolo le bopelotelele jo bogolo. Re ne ra kopana le bokgaitsadi ba babedi ba babulatsela ba ba neng ba setse ba le koo le bakaulengwe ba sekae le bokgaitsadi ba semoya mo Santurce le Arecibo. Ba ne ba ipela fela thata go tla go itse gore ba ne ba tlile go amogela thuso. Go tsamaisiwa ga dibuka go ne go le kwa godimo thata. Re ne ra bona kgatlhego e ntsi thata mo e leng gore go ne go sa kgonege go ithuta le botlhe bao ba neng ba eletsa go ithuta boammaaruri. Mo lokwalong, morago fela ga go goroga ga rona, ke ne ka kopa Watch Tower Society go romela barongwa ba ba oketsegileng mme ka bofefo fela re ne ra kopanela le barwa-rra a rona Arthur le Homer. Moragonyana, barongwa ba bantsi ba ne ba romelwa.

Ke ne ka romelwa mo metseng e megolo e le mentsi, seno se nneela sebaka sa go thusa palo e ntsi ya batho ba ba rileng go ithuta boammaaruri le go ineela go Jehofa. Boitemogelo jo bongwe jo bo tlhomologileng jo ke bo gakologelwang ke jo bo kopanyeletsang Susana Mangual, yo a neng a le mo dingwageng tsa bo-60. O ne a nna mo ntlong e e neng e agilwe difiti di roba bobedi (2,5 m) go tloga fa fatshe. Disetepisi di ne di isa kwa marulelong. E ne e le mogogi yo o padileng, a setse a na le lohuba lo lo botlhoko, ebile a ne a na le lobaka a sa tswe mo marulelong ao. Fa ke ne ke tsena koo, ka bofefo fela a bontsha kgatlhego, mme ka bofefo fela thuto ya Bibela ya tswelela. O ne a gatela pele thata mo boammaruring. Fa re ne re le mo tseleng ya go ya kwa kopanong ya Bokeresete, go pota ntlha e nngwe ya setlhake ka kwa, o ne a fetsa ka gore a tlogele go goga mme a kolobediwe. Fa re boela gae, Susana o ne a sa tlhole a nna fela mo ntlong mme o ne a tswela mo tirelong ya tshimo le bakaulengwe. Morago ga lobaka lo lo leele o ne a nna mmulatsela wa ka metlha.

Tiro e ne ya tswelela go gatela pele mo Puerto Rico go fitlhelela go ne go tlhokafala gore go nne le molebedi wa potologo wa ka metlha. Go ne ga bonala e le thato ya ga Jehofa gore ke ipelele tshiamelo eno, mme ka bonakonyana fela ka bo ke setse ke etela diphuthego, magae a barongwa le ditlhopha tse di kwa bothokong go kgabaganya Puerto Rico le Virgin Islands. Mme ka ntlha ya kgatelo pele ya tiro phetogo e nngwe e ne e itelekela.

Ka Ngwanatsele 1951 ke ne ka amogela lokwalo lo tswa kwa Mokgatlhong lo ntaleletsa gore ke nne molebedi wa lekala mo Cuba. Ke ne ke ka se dumele gotlhelele seno. Ke ne ke ka kgona jang go dirisana le tiro mo lekaleng le le neng le okametse baboledi ba Bogosi ba ba batlang ba nna 10 000? Lemororo ke ne ka ikutlwa ke sa tshwanelege boikarabelo jo, go ne ga bonala e le thato ya ga Jehofa, mme ka jalo ke ne ke tla leka.

Kwa ntle fela ga go amogela thuso ya ga Jehofa, bakaulengwe ba bane mo ofising ka bopelotelele ba ne ba dirisana le nna. Ke ne ka dira dingwaga tse pedi ka boitumelo koo mme ka tlwaelana le makgolo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya. Ba bantsi e santse e le ditsala tsa me tse dikgolo, mme ke ba akanya gangwe le gape.

Lefa go le jalo phetogo e nngwe e ne e tla tloga e goroga. Ka mabaka a Dikwalo ke ne ka ikopela gore ke busediwe kwa Puerto Rico, mme kopo e ne ya dumelwa. Morago ga go boela koo, ke ne ka kopiwa ke Mokgatlho go lebela tiro ya lekala koo, seo se neng se tla raya go dira dioura tse ditelele. Mme, gape, fa seno e ne e le thato ya ga Jehofa, seo e ne e le lebaka le le lekanetseng Iwa me go e amogela. Go ne go itumedisa go bo ke boetse kwa gareng ga barongwa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba Puerto Rico. Go ise go ye kgakala fela mongwe wa bokgaitsadi ba barongwa le nna re ne ra fetsa ka gore re ka direla Jehofa jaaka banyalani. Ka jalo ka Mopitlo 1959 Bettyjane Rapp o ne a nna Bettyjane Van Daalen. Re sa le re nyalane ka boitumelo nako kgolo ke eno.

Tiro ya go rera le go ruta e ne e tswelela pele mme lesego la ga Jehofa le ne le iponatsa. Lefa go le jalo, phetogo e nngwe e ne e itelekela.

Go Tswelela ka Boipelo go Dira Thato ya Bomodimo

Kwa tshimologong ya 1963 ke ne ka lalediwa go ya thutong ya Sekolo sa Gileade ya dikgwedi tse 10 ya balebedi ba lekala le bathusi ba bone. Ronald Parkin, yo o neng a le mo tlelaseng e e fa pele ga rona, o ne a tla sala a lebetse lekala fa ke seo. Kwa bofelong jwa thuto, Jehofa o ne a na le boikarabelo jo bongwe gape jwa me, joo jwa go tlhokomela tiro ya go rera ka Bogosi mo Bahama Islands.

Go direla mo Bahamas go ne ga itshupa e le boitemogelo jo bo gakgamatsang. Mosadi wa me le nna re ne ra fitlhela batho ba le botsalano, ba sekametse mo bodumeding ba bile ba le pelotelele. Ba ikemiseditse go senya nako e ntsi ba buisana ka Bibela. Maitemogelo ka kgatiso ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela a tla supa seno.

Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba neela buka eno mo tirong ya bone ya ntlo le ntlo, kgaitsadi wa dingwaga tse 76, fa a ne a le mmulatsela yo o thusang, o ne a tsamaisa dikaelo tse di fetang 100. Kgaitsadi yo mongwe, yo o neng a nna kwa bothokong mo setlhakeng se se kgakala o ne a amogela dikaelo tse 60 mme a di tsamaisa kgwedi e ise e bo e fele. Ee, batho ba Bahamas ba tseela Bibela kwa godimo thata.

Mo dingwageng tse 18 tse mosadi wa me le nna re di sentseng mo Bahamas, tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya gatela pele fela thata ka ntlha ya lesego la Rraarona wa selegodimo. Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe sentle mo ditlhakeng tseo, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ba molemo ba leka ka natla mo go batleng batho ba bangwe ba seka-dinku ba ba ikokobeditseng fa go santse go na le nako.

Ereka jaanong re direla mo Florida mo tirong ya go rera ka nako e e tletseng, re ka lebelela morago mo dingwageng tse di itumetseng tsa go galaletsa Modimo mo ditlhakeng tsa Caribbean. Re ile ra lemoga gore masego a a humileng ka metlha a nna gone ka go ineela kaelong ya moya wa Modimo. Eleruri, boitumelo jo bogolo—boipelo jwa ammaaruri—bo tla mo go direleng jaaka Jehofa a rata.

[Mmapa mo go tsebe 11]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Florida

ATLANTIC OCEAN

Bahama Islands

Puerto Rico

Virgin Islands

CARIBBEAN SEA

Cuba

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela