“A O Ka Intshwarela Tswee-tswee?”
Gantsi potso e e ntseng jalo e raya gore o tsene yo mongwe ganong. Lefa o ka ne o ikemiseditse go mo sekegela tsebe ka metsotso e se mekae ya nako ya gago e e botlhokwa go reetsa kana go thusa mongwe, mpho ya gago e boammaaruri go le kae? A o intsha setlhabelo ga mmogo le nako ya gago?
Se mosimane wa setlhakana-tlhogo a neng a se bolela ka morutabana yo o neng a mo gapa se tlhalosa ntlha eno sentle. Mosimanyana o ne a re, “o ne a na le bana ba bangwe ba le mmalwa ba ba neng ba mo emetse go mmona, mme fa o na le ene koo, o ikutlwa jaaka ekete ke wena fela o le nosi mo lefatsheng yo a go tlhokomelang.”
Sekopololo ke seo he sa go fitlhelela batho—boikemisetso jwa go intsha setlhabelo gotlhe-gotlhe. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha boikemisetso jo bo ntseng jalo mo maitekong a gagwe a go thusa ba bangwe fa a ne a re: “Mo Bayudeñ ke ne ke nntse yaka Moyuda, gore ke tlè ke gapè Bayuda; mo go ba ba mo molaoñ, yaka ke le mo molaoñ, . . . Mo go ba ba senañ molaō, ke nntse yaka ke sena molaō, . . . Mo go ba ba bokōa ka nna bokōa, . . . Ke nntse ka nna dilō cotlhe mo bathuñ botlhe, e tle e re kgotsa ke bolokè bañwe ka mokgwa moñwe.”—1 Bakorintha 9:20-22.
Fa o iipha nako go thusa yo mongwe, a o akanya ka boleng ga mmogo le ka bogolo jwa nako?