Bapalami Ba Dipitse tse Nne—Sesupo
‘Mme ka leba, mme bonang, ga bo go le pitse e tshweu, le pitse e khunou, le pitse e ntsho, le pitse e tshetlha; mme yo o e palameng, leina la gagwè, ga twe, Loso; mme Bobipo a bo a na nae a mo setse morago.’—TSHENOLŌ 6:2-8.
1. Pele ga a ka nna fa fatshe fa tafoleng ya gagwe ya sefitlholo ka Phalane 2, 1914, ke eng seo mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society a neng a se dira kwa ntlong-kgolo kwa Brooklyn?
ENE E le ka Labotlhano, letsatsi la bobedi la kgwedi ya Phalane la ngwaga wa 1914. Mo ntlong ya bojelo ya badiri ba ntlo-kgolo ya Watch Tower Bible and Tract Society kwa 124 Columbia Heights, Brooklyn, New York, mo U.S.A., ga tsena mookamedi wa Mokgatlho. Nako e ne e ka nna ya bosupa mo mosong. Pele ga a ne a ka ya kwa tlhogong ya tafole e a nnang mo go yone ya bojelo, a ema-ema. Go gapa tlhokomelo e e tletseng ya maloko a lelapa la Bethele a a neng a ntse mo ditafoleng tsa bojelo, o ne a opa diatla. He, ka lentswe je le tlhamaletseng, o ne a lebisa tlhokomelo go mantswe a a bulang a mola wa temana 3 a pina ya setlhogo se se reng “Our King Is Marching On!” jaaka a fitlhelwa mo ditsebeng 162, 163 a kopelo ya Hymns of Millennial Dawn, a a reng, “Metlha ya Baditšhaba e fedile, le dikgosi tsa yone di feletswe ke nako ya tsone.” Mme he ya re morago a nna mo setilong sa gagwe sa ka metlha, go okamela thulaganyo ya letsatsi le letsatsi ya bodumedi ya sefitlholo sa lelapa la Bethele.
2. Ke go tloga leng go sa le pele mookamedi a neng a supela pele go ngwaga oo o o tshwailweng, mme o ne a letlelelwa go tshela go ya bokgakaleng jo bo kae mo thulanong eo ya lefatshe?
2 E ne ya re go sale gale ka ngwaga wa 1876, mo setlhogong seo a neng a se isa gore se gatisiwe go The Bible Examiner, mookamedi o ne supela pele go 1914 jaaka letsatsi leo ka lone “metlha ea Badichaba” e tla felang, ka matswela a a masisi go lefatshe lotlhe la setho. (Luke 21:24) Ka mo go gakgamatsang, ka nako eo mookamedi a neng a itsise lelapa la Bethele la Brooklyn gore Metlha ya Baditšhaba e fedile, ntwa ya ntlha ya lefatshe ya ditiragalo tsotlhe tsa setho e ne e setse e le mo letsatsing la yone la bo-66. Ka nako eo go ne go setse go dirilwe maikano a ntwa a le 14 ke batsayakarolo mo thulanong e e maswe-maswe eo kgatlhanong le mongwe go yo mongwe. Pele ga bokhutlo jwa kgogakgogano e e boitshegang eo ya go lwela bolaodi jwa lefatshe lotlhe le marekisetso a tsa papadi a lefatshe, merafe le mebuso-megolo e le 29 e ne ya kopanyelediwa mo thulanong eo e e neng e sa gopolege. Mookamedi wa Mokgatlho, yo o neng a bua mafoko a a tshwanelang ao, o ne a swa pele ga lefatshe la ga gabo, United States of North America, le tsenelela mo Ntweng ya Lefatshe I ka Moranang 6, 1917, go nna mothusanyi le Puso-kgolo ya Britani kgatlhanong le Maatla a Bogare jwa Yuropa.
3. Ke jang mookamedi a neng a otlelela botlhokwa jwa 1914, mme o ne a ka ikutlwa jang fa a ne a re. “Metlha ya Baditšhaba e fedile”?
3 Mookamedi wa Mokgatlho o ne a gatelela thata botlhokwa jo bogolo jwa 1914 mo ditokololong tsa makasine wa Tora ya Tebelo go tloga ka 1879 go ya pele, mme bogolo segolo mo bukeng ya The Time Is at Hand, e e neng ya gatisiwa ka 1889. Mme ka Phalane 2, 1914, o ne a etsetlhoko thata ditiragalo tsa bosheng tsa lefatshe mo ngwageng oo o o sa lebalesegeng go bona tshegetso ya boemo jwa gagwe jo bo tlhalositsweng phatlalatsa. O ne a ka ikutlwa a tlotlomaditswe, bobotlana ka tsela e, jaaka moithuti yo o kelotlhoko le botlhale wa tlhatlhamano ya metlha, kana thulaganyetso ya nako, wa Bibela, e e bolelang pele ka dinako le dipaka tsa Modimo.
4. Pele ga loso lwa gagwe mookamedi wa Mokgatlho o ne a setse a bone tshimologo ya go pagama ga ga mang, mme ke ka ntlha yang fa seno ka tshwanelo se ne se ka bidiwa “seshupō”?
4 Ka gone, pele ga loso lwa gagwe lwa tshoganyetso mo bosigong jwa Labobedi, ka Phalane 31, 1916, mookamedi wa Mokgatlho o ne a bone tshimologo ya bapalami ba bane ba dipitse tsa Tshenolō go tloga ngwageng eo Metlha ya Baditšhaba e neng e tla fela ka yone go ya ka tlhatlhamano ya metlha ya Bibela. Tshenolō, ke buka ya bofelo ya Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, tseo gantsi di bidiwang Testamente e Ntšha. Bapalami ba dipitse tse nne ba botlhokwa jo bogolo mo lefatsheng ka bophara, ka go bo ke karolo ya “seshupō” se se supang gore setho se fa kae mo lobakeng lwa nako. Go supa gore re mo go seo barutwa ba ga Jesu ba se biditseng “bokhutlō yoa lehatshe.” (Mathaio 24:3) Gore seo ke “seshupō” re go tlhalosediwa ke temana e e simololang ya ga Tshenolō, ko re balang ka gore: “Tshenolō ea ga Yesu Keresete, e Modimo o e mo neileñ, gore a e bontshè batlhanka ba gagwè, eboñ dilō tse di tla akohañ di dihala: me a roma moengele oa gagwè, a e bolèlèla Yohane motlhanka oa gagwè.”—Tshenolō 1:1.
5. Dithanolo tsa Bibela tse di farologaneng di farologana jang mmogo malebana le gore ditshwantsho tsa Tshenolō di neetswe jang, mme, go rurifatsa ketapele ya yone, Tshenolō e tletse ka eng?
5 Go palama ga bapalami ba dipitse tse nne go tlhomilwe mo go Tshenolō 6:1-8. Se se kgatlhisang, lemororo New World Translation e dirisa tlhaloso “a e mo neela ka ditshwantsho” mme ka gone e nyalana le ya ga Rotherham ya The Emphasised New Testament, tlhaloso ya “a supa” e dirisiwa ke King James Version, kana Authorized Version ya 1611, The Emphatic Diaglott ya ga Wilson le Young’s Literal Translation of the Holy Bible. Go rurifatsa mafoko ao a ketapele, buka ya bofelo ya Bibela, Tshenolō, e tletse fela ka ditshwantsho, dipapiso tse di supang dilo tse di botlhokwa fela thata mo hisitoring ya setho. Tseno di ne di tshwanelwa ke go diragala mo isagweng, ‘ka bofefo.’
Dipitse Tse Nne le Bapalami ba Tsone
6. Boitumelo jo bo boleletsweng pele mo go Tshenolō 1:3 bo boloketswe bomang go tsena mo go jone, mme goreng go ntse jalo?
6 Ga go na ditiragalo dipe tsa hisitori tse di ka supang gore dilo tseo di ne tsa diragala mo makgolong a dingwaga a a 18 morago ga loso lwa ga moaposetoloi Johane, mo e ka nnang ka 98 C.E., mme ka jalo, jaanong, tlhokomelo ya rona e tlhomama mo lekgolong la dingwaga la bo-20 C.E. Ka go dira jalo, re bona gore go saletse rona mo lekgolong leno la dingwaga le le kgatlhisang go tsena mo boitumelong joo moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng a neng a supela pele go jone, fa a ne a kwala ka gore: “Go segō eo o balañ, le ba ba utlwañ mahoko a polèlèlō pele e, ba ba ba boloka dilō tse di kwadilweñ mo go eōna: gonne lobaka lo atametse.” (Tshenolō 1:3) Gore re itumele a re tlhatlhobeng “seshupō” sa dipitse tse nne le bapalami ba tsone. A re baleng Tshenolō 6:1-8:
7. Go ne ga bonala eng fa Kwana ya Modimo a ne a bula sekano sa ntlha sa momeno o o neng o le mo seatleng sa gagwe?
7 “Me e rile Kwana [Jesu Keresete] a kanolola sekanō señwe mo go tse shupa [tsa momeno o o neng o le mo letsogong la gagwe], ka leba, ka ba ka utlwa setshedi señwe mo go tse nnè, se bua ka lencwe ekete ya tumō ea maru, sa re, Tla. Me ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le chweu, me eo o e pagameñ a bo a chotse bora: me a nèwa serwalō: me a cwa a henya, a ba a cwèlèla pele go henya.”
8. Moaposetoloi Johane o ne a elatlhoko eng fa go bulwa sekano sa bobedi sa momeno?
8 “Me e rile a kanolola sekanō sa bobedi, ka utlwa setshedi sa bobedi se re, Tla. Me ga cwa pitse e ñwe, e le pitse e khunou: me eo o e pagameñ a nèwa gore a tlosè kagishō mo lehatshiñ, le gore batho ba bolaanè: me a nèwa chaka e tona.”
9. Johane o ne a bona le go utlwang fa go bulwa sekano sa boraro?
9 “Me e rile a kanolola sekanō sa boraro, ka utlwa setshedi sa boraro, se re, Tla. Me ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le ncho; me eo o e pagameñ a bo a chotse selekanyō sa pègō ka seatla. Me ka utlwa ekete lencwe mo gare ga ditshidi tse nnè, le re, Seèlwanyana sa mabèlè ke tushiliñ, le dièlwanyana di le tharo tsa barele ke tushileñ; me u se ka u senya loukwane le boyalwa.”
10. Fa go bulwa sekano sa bone, Johane o ne a elatlhoko eng le go utlwa eng mo ponatshegelong?
10 “Me e rile a kanolola sekanō sa bonè, ka utlwa lencwe ya setshedi sa bonè, le re, Tla. Me ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le tshètlha; me eo o e pagameñ, leina ya gagwè, ga twe, Losho; me Bobipō a bo a na naè a mo setse moragō. Me ba nèwa taolō ea go re, lehatshe ha le kgaogañwa senè ba bolaeè kgaolō ea senè, ka chaka, le ka popamō, le ka losho, le ka dibatana tsa lehatshe.”
PITSE E TSHWEU LE MOPALAMI WA YONE
11-13. (a) Pitse e tshweu e tshwantshetsang, mme mopalami wa yone o tshwantshetsa motho wa mofuta mang? (b) Mopalami yoo o nyalana le mopalami ofe yo mopesalema a lebisitseng go ene, mme ke go mang Paulo, mo go Bahebera 1:8, 9, a dirisetsang mafoko ao a boperofeti?
11 Pitse e tshweu e ne e tshwantshetsa mopalami wa segosi, mong wa bogosi, motshodi yo o tshiamo le yo o phepa, a le bofefo mo motsamaong fela jaaka pitse ya sebele. Mopalami wa mofuta ono o o bofefo wa mosepele o ne o tshwantshetsa kgosi e e bosha go tlhongwa, ka go bo a ne a fiwa serwalo sa segosi. E ne e le kgosi ya ntwa, ka go bo a ne a tlhomeletse ka bora. Gape-gape, o ne a tswelela a fenya fa a ntse a palame, le eleng go fitlha go wa bofelo wa baganetsi ba Bogosi jwa gagwe go fitlhelela a mmaya tlase ga phenyo. E ne e tshwanetse go nna phenyo e e feletseng! Tumalanong le seo, o ne a fiwa tšhaka e telele, sediriswa sa segosi sa tlhabano. Ke mang he, yo o saleng a ntse a diragatsa boikarabelo jono, mo lekgolong la rona la dingwaga la bo-20? Ka phepafalo e ntse e le Kgosi e e tshwanang le e e diragatsang Pesalema 45, koo re balang ka gore:
12 “Pelo ea me e penologa ka kgañ e e monate: ke bua dilō tse ke di dihileñ kaga kgosi. . . Gatlha chaka ea gago kaha nokeñ ea gago, wèna senatla, kgalalèlō ea gago le borèna yoa gago. Me mo boreneñ yoa gago u pagamèlè pele ka go rañwa ke dilō, ka ntlha ea boamarure, le bopelonōlō, le tshiamō: me seatla sa gago se segolo se tla gu ruta dilō tse di boitshègañ. Mecwi ea gago e bogale; dichaba di wéla ha tlhatse ga gago; e mo peduñ ea baba ba kgosi. Setulō sa gago sa bogosi se nntse ka bosenabokhutlō le ka bosaeeñkae; thōbane ea bogosi yoa gago ke thōbane ea tekatekanyō. U ratile tshiamō, ua ila boikèpō: ke gōna ka mo Modimo, Modimo oa gago, o gu tloditseñ ka loukwane loa boitumèlō, go gu hetisa dilekane tsa gago.”—Ditemana 1-7.
13 Mo go Bahebera 1:8, 9 moaposetoloi Paulo o tsopola Pesalema 45:6, 7 mme a bo a dirisa mafoko a yone go Morwa Modimo, Jesu Keresete. Kwantle go tikatiko, he, mopalami wa pitse e tshweu yo o palameng ka phenyo e tshwanetse ya nna Jesu Keresete fa a ne a rwesiwa serwalo sa gagwe sa bogosi kwa legodimong kwa bofelong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914.
14. (a) Ke leng le jang Jesu a neng a palame a tsena mo Jerusalema jaaka ekete o ya go rwesiwa serwalo sa bogosi, mme e le tiragatsong ya boperofeti bofe? (b) Jesu o ne a etsa rraagwe mogolo ofe yo o tlotlegang ka go palama ga gagwe mo pakeng e e ntseng jalo?
14 Re gakologelwa nako ya fa Jesu Keresete a ne a pagame jaaka motlhophelwa-bogosi jaaka ekete o ya go rwesiwa serwalo sa bogosi kwa tempeleng mo Jerusalema. Ka nako eo o ne a sa palama pitse e tshweu e e lobelo. O ne a palama esela. Seno e ne e le tiragatsong ya boperofeti jwa ga Sekaria 9:9, e e balegang ka gore: “Itumèla thata, wèna morwadia Siona; thèla loshalaba, wèna morwadia Yerusalema: bōna, kgosi ea gago ee tla kwa go wèna: o tshiamō, o na le poloka; o boikokobeco, o palame esela, eboñ eselana ñwana oa esela.” Go dumalana le boperofeti jo, Jesu o ne a pagama phologolo e e bonolo fa a ne a a pagamela labofelo mo Jerusalema ka letsatsi la bo-10 la kgwedi ya Sejuda ya Nisane, 33 C.E., ka gone a ikisa jaaka Kwana ya Modimo ka letsatsi leo fela Bajuda ba neng ba lere kwana ya Tlolaganyo mo malapeng a bone go e baya koo go fitlhelela moletlo wa tlolaganyo ka Nisane 14. Ka go palama ka tsela e e ntseng jalo Jesu o ne a etsa rraagwe mogolo yo o neng a tlotlega, Solomone morwa Dafide. Fa Dafide a ne a tloga mo bogosing morago ga dingwaga tse 40 a ntse a le mo setilong sa bogosi sa Iseraele, o ne a dira gore Solomone a palame mmoulo o monamagadi fa a ya go rwesiwa serwalo sa bogosi. Mme he, morago ga Moperesiti yo Mogolo Sadoke a sena go mo tloletsa go tlhatlhama rraagwe, matshwititshwiti a Baiseraele ba ba neng ba le gone ba ne ba thela loshalaba, “A Modimo o bolokè kgosi Solomona.”—1 Dikgosi 1:33-40.
15. (a) Boitshwaro jwa bontsi e ne ya nna bofe fa Jesu a ne a tla a palame esela e namagadi a tsena mo Jerusalema? (b) Jerusalema e ne ya mo neela kamogelo ya mofuta mang, mme ka ntlha yang?
15 Jesu jaanong, o ne a tshwanetse gore a tshwarwe jang, fa malatsi a le mane pele ga Tlolaganyo, a ne a palame esela a fologela mo Thabeng ya Lotlhware go ya motseng wa dirwalo tsa bogosi? Matshwititshwiti a a neng a simolola go mo sala morago a ne a lemoga bokao jwa tiragalo go ya kafa dilo di neng di ntse ka teng mme ba ikutlwa gore e ne e le kgosi ya Bomesia e e solofeditsweng ya Iseraele. Ba ne ba tsholetsa dikala tsa makolane. Ba ne ba ala diaparo tsa bone fa fatshe gore a tsamae mo godimo ga tsone. “Me batho ba bantsi ba ba mo eteletseñ pele, le ba ba mo setseñ moragō, ba duduetsa, ba re, Hosana; Morwa Dafide: Go bakwè eo o tlañ ka leina [ja ga Jehofa]; Hosana, mo bogodimodimoñ.” (Mathaio 21:1-9) Tiragalo e e ntseng jalo e ne e tumile. Mme fa e le kaga Jerusalema ka boyone, e ne e le tlase ga tlhotlheletso ya baetapele ba bodumedi ba Sejuda ba ba neng ba seka ba kaelwa ke tiragatso ya boperofeti mo pele fela ga matlho a bone. Ka jalo Jerusalema a seka a mo neela kamogelo epe ya segosi.
16. Bagolwane ba tempele ba ne ba tshwara Jesu jang phapaanong le go tshwara ga bone bagwebi?
16 Fa Jesu a ne a ya kwa tempeleng; Moperesiti Mogolo Kaiafase o ne a seka a mo tlotsa go nna kgosi ya Bomesia e e ikemetseng ka nosi mo Pusong-kgolo ya Roma. Baperesiti ba ne ba letlelela bagwebi go dirisa dikarolo tsa tempele go tsweledisa kgwebo ya bone e e ba boelang, mme Jesu o ne a bontsha dinonofo tse di tshwanetseng tsa moperesiti yo mogolo ka go ba lelekela kwa ntle, mme a kgalemela ba ba neng ba gana ka go ba raya a re: “Go kwadilwe, ga twe, Ntlo ea me e tla bidiwa Ntlo ea thapèlèlō; me lona lo e ntshitse moñōbō oa dinokwane.” Bajuda ba ba foufetseng le ba ba tlhotsang ba ne ba tla kwa go ene kwa tempeleng, mme o ne a ba fodisa. Mme baperesiti ba bagolo le bakwadi ba ne ba bona se se neng se diragala molato, mme ba gana go mo amogela jaaka “Morwa Dafide” le go mo tlhoma jaaka mmusi yo o tshwanelang wa bogosi jwa Iseraele. Fa Jesu a ne a ba tlogela kwa tempeleng mme a bo a ya kwa Bethania, o ne a seka a dira jalo jaaka kgosi e e sa tswang go tlhongwa.—Mathaio 21:1-17.
17. Ponto Pilatwe o ne a bontsha jang kgatlhego mo boiphakong jwa ga Jesu jaaka kgosi, mme o ne a gataka dikeletso tsa ditlhgogo tsa baperesiti jang mabapi le bogosi jwa ga Jesu?
17 Malatsi a le mane moragonyana, fa Jesu a ne a eme fa pele ga molaodi wa Roma Ponto Pilatwe, Moditšhaba yono o ne a mmotsa gore a e ne e le kgosi. Jesu o ne a araba ka gore Bogosi jwa gagwe e ne e se karolo ya lefatshe leno le Pilatwe a neng a le wa lone. Mo ntlheng ya baperesiti ba bagolo ba ba neng ba re, “Ga re na kgosi epè ha e se Kaesare,” Pilatwe o ne a ntshetsa Jesu kwantle go ya go bapolwa kwa Gologotha. Lefa go le jalo Pilatwe o ne a ema ka tlhomamo mo go beeng fa godimo ga tlhogo ya ga Jesu mo koteng ya papolo sesupo: “YESU OA NASARETHA, KGOSI EA BAYUDA.”—Yohane 19:15, 19-22.
18. E nee le mo letsatsing lefe le le botlhokwa le Jehofa a neng a tsosa Morwawe mo baswing, mme mafoko a ga Jesu yo o tsositsweng fa a emelela e ne e le afe mo barutweng ba gagwe pele ga a tlhatlogela legodimong?
18 Go ne ga salela Modimo Mothatayotlhe, Jehofa, go tsosa Morwawe yo o bolaetsweng tumelo jaaka “motsalwa pele oa bashwi” ka Nisane 16, letsatsi leo ka lone Bajuda ba neng ba isa mabutswapele a go rojwa ga korong go Jehofa kwa tempeleng. (Tshenolō 1:5) Ka gone Kgosi ya isagwe e ne ya kgona go iponatsa kwa barutweng ba ba boikanyego ba gagwe mo go lone letsatsi leo. Malatsi a le masome mane moragonyana, pele ga a tlhatlogela gape kwa legodimong, o ne a ba raya a re: “Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ. Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō.”—Mathaio 28:18, 19; Lefitiko 23:10-12; 1 Bakorintha 15:20.
Go Wetsa Phenyo ya Gagwe
19. Ka gone Jesu o ne a kgonisiwa go diragatsa setshwantsho sefe sa boperofeti ka nako e e leng yone, mme o ile a nna kgosi ya mofuta mang fa e sale?
19 Ka gone Jesu o ne a kgonisiwa go diragatsa setshwantsho sa boperofeti sa go palama pitse e tshweu, a palame jaaka kgosi e e rwesitsweng serwalo go wetsa phenyo ya gagwe godimo ga baba botlhe ba gagwe mo legodimong le mo lefatsheng. (Tshenolō 6:1, 2) Fa e sale bokhutlo jwa “metlha ea Baditšhaba [e e laotsweng]” ka ngwaga wa 1914 C.E. ke Kgosi ya ntwa, a tlhomeletswe jaaka go ka twe ka bora go phololetsa baba ba gagwe ba le kgakala-kgakala. Tota-tota, e ne e le go Kgosi eno ya ntwa e go neng ga lebiswa mafoko a boperofeti a Pesalema 45:3-8:
20. Ke eng seo mafoko a a lebisitsweng go ene ke mopesalema a mmolelelang go se dira?
20 “Gatlha chaka ea gago kaha nokeñ ea gago, wèna senatla, kgalalèlō ea gago le borèna yoa gago. Me mo boreneñ yoa gago u pagamèlè pele ka go rañwa ke dilō, ka ntlha ea boamarure, le bopelonōlō, le tshiamō: me seatla sa gago se segolo se tla gu ruta dilō tse di boitshègañ. Mecwi ea gago e bogale; dichaba di wèla ha tlhatse ga gago; e mo peduñ ea baba ba kgosi. Setulō sa gago sa bogosi se nntse ka bosenabokhutlō le ka bosaeeñkae; thōbane ea bogosi yoa gago ke thōbane ea tekatekanyō. U ratile tshiamō, ua ila boikèpō: ke gōna ka mo Modimo, Modimo oa gago, o gu tloditseñ ka loukwane loa boitumèlō, go gu hetisa dilekane tsa gago. Diaparō tsa gago cotlhe di nkga mera, le aloe, le kasia; dileco tse di ditlhale di cwa mo matluñ a dinaka tsa ditlou a kgosi, di gu yesitse monate.”
21. (a) Re ka tlhomamisega jang gore mafoko a mopesalema a dira go Jesu Keresete yo o galaleditsweng? (b) Go tsepama ga gagwe ka tlhomamo mo go itebaganyeng le baba ba gagwe go otlelelwa jang go Pesalema 45:5?
21 Mo go Bahebera 1:8, 9 moaposetoloi Paulo o tsopola mo mafokong a Pesalema 45:3-8 mme a dirisetsa tsopolo ya one go Jesu Keresete, go tlhokomedisa jaanong mo boemong jwa gagwe jo bo tsholeditsweng thata. Seno se tlhomamisa sentle gore “kgosi” eo “bomorwa Kora” ba neng ba tlhotlhelediwa go lebisa go yone e ne e le Kgosi Jesu Keresete yo o neng a tlhongwa ka nako e e leng yone. (Bona mokwalo o o fa godimo ga Pesalema 45.) Metswi ya “bora” jwa gagwe e tla lebaganngwa le dipelo le tsa baganetsi ba Bogosi jwa gagwe ka go tsepa mo go tlhomameng go gaisa ga Baparathaia ba bogologolo, bao e neng e le ditswerere tsa go hula ka bora lefa ba ne ba palame dipitse.
22. (a) Ke mo karolong efe e nngwe ya Tshenolō koo mopalami yo wa pitse e tshweu a tshwantshediwang, mme tlase ga leina lefe? (b) Matlho a rona a segofadiwa jang ka go bona ponatshegelo efe, mme re arabela jang mo ponong e?
22 Mopalami wa pitse e tshweu yo o tlhalositsweng mo go Tshenolō 6:2 o itshupa a tshwana le mopalami wa pitse e tshweu e e tlhagang mo go Tshenolō 19:11-16. Mo tebisong eno ya morago leina la gagwe le bidiwa “Lehoko a Modimo,” mme mo seropeng sa gagwe o na le tlotla ya “KGOSI EA DIKGOSI, LE MORÈNA OA BARÈNA.” Fano o tshwantshediwa a le kwa setlhoeng sa kgalefelo ya gagwe ya baganetsi ba gagwe, fa a tla palamela pele ka phenyo ya bofelo-felo kwa “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” mo botlhabanelong jwa Hara-Magedona, kana mo Thabeng ya Megido. (Tshenolō 16:14-16; 19:17-21) Ka go sa bonale mo matlhong a batho, go tla bo go tla jaanong go bofiwa ga ga Satane Diabolo le badimona ba gagwe ka dingwaga tse di sekete mo go tswalelweng mo moleteng o o senang bolekeletso. (Tshenolō 20:1-3) Go sego matlho a rona go bona ka tumelo go palama ga Kgosi e e rweleng serwalo mo ‘pitseng e tshweu’ fa e sale bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. Ereka re itumediswa mo meweng ya rona ke go bona a fentse go tla go fitlha jaanong, re thela loshalaba, ‘Nna o patakele ka yone, wena mopalami wa segosi wa pitse e tshweu, go ya phenyong ya gago e e senang bolekane ka Hara-Magedona, tlotlomalong ya bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa Modimo, Monei wa “seshupō” se sa boperofeti.’
O Ka Araba Jang tse di Latelang:
◻ Bapalami ba dipitse ba simolotse leng go di palama?
◻ Ke tebelelo efe e e neng ya diragadiwa ka nako eo?
◻ Ke go palama gofe ga pele mo go neng ga dirwa ke mopalami wa ntlha, mme o ne a amogelwa jang?
◻ Tshenolō 6:1, 2; 19:11-16 le Pesalema 45:3-8 di bontsha jang boikaelelo jwa go palama ga bofelo ga mopalami yono?