LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 9/15 ts. 29-32
  • Go Sekaseka Tshenolō ka Kelotlhoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Sekaseka Tshenolō ka Kelotlhoko
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshenolo ea Simologa
  • Dinaka di Supa
  • Megotšana e Supa le Babelona o Mogolo
  • Buka ya Bibela ya bo 66—Tshenolō
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Melaetsa ya Baengele ya Motlha wa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Diponatshegelo Tse Di Kgatlhang Tota Tse Di Nonotshang Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Tshenolo—Karolo I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 9/15 ts. 29-32

Go Sekaseka Tshenolō ka Kelotlhoko

FA O ne o ka rulaganya dilo tseo di neng di ka go itumedisa, a o ne o tla tsenya gareng ga tsone buka ya Bibela ya Tshenolō?

Batho ka bontsi go bonala ba ka se dire jalo. Mme gone mongwe le mongwe yo o nang le kutlwisiso e se kae ya Tshenolō o ka dumalana le mafoko a moaposetoloi Johane mo tshimologong ya buka eno: “Go segō eo o balañ, le ba ba utlwañ mahoko a polèlèlopele e, ba ba ba boloka dilo tse di kwadilweñ mo go eōna.”—Tshenolō 1:3.

‘Mme tota go a nthatafalela gore ke tlhaloganye seo ke se balang mo go Tshenolō,’ gongwe o ka rialo. Lengwe la mabaka ke gore buka eo e kwadilwe ka puo ya tshwantshetso. Gore re e tlhaloganye, re tlhoka kitso ya Bibela ka kakaretso ga mmogo le ya ditirisano tsa Modimo le batho ba gagwe fa dingwaga di ntse di ya.

O ka nna wa bo o ile wa fitlhela sekgoreletsi se sengwe mo go utlwisiseng Tshenolō. E re ka jaana e tshotse diponatshegelo di le dintsi tse di farologaneng jaana kana ditshwantshetso tse di tlhalosang, batho ba le bantsi ba felela ba latlhegelwa ke tlhaloso yotlhe ya yone. Go tshwana ekete, ba tlhoma mogopolo mo ditlhareng tse di rileng mme ba palelwa ke go boela morago go ya go bona sekgwa sotlhe. Ka go gakologelwa seno, a re tlhatlhobisiseng buka ya Tshenolō ka tsela eo e bontshang kafa dikarolo tsa yone tse di farologaneng kana diponatshegelo di tshwaraganang mmogo. Ka motlhala, elatlhoko gore tlhomagano e le nngwe, jaaka dikano tse supa, e gogela tatelanong e nngwe, dinaka di supa. Setshwantsho se se mo tsebeng ya 30 se tshwanetse sa go thusa. Jaaka re ntse re tswelapele, re tla latlhela dikakgelo di sekae fela tsa phuthololo, mo go oketsegileng go le mo dibukeng tse di umakilweng fa tlase.a

Tshenolo ea Simologa

Buka ya Tshenolō e sebopegong sa lekwalo, le kwadilwe mo e ka nnang ka 96 C.E., ke moaposetoloi Johane; a le kwalela “diphuthègō tse shupa” mo Asia Minor, tseo di neng di emela phuthego yotlhe ya Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. (1:4) Ketapele (1:1-3) e kgetholola Modimo jaaka motswedi wa Tshenolō mme Jesu jaaka mosele wa yone. E tlhomamisetsa bao ba tla bolokang mafoko a polelelopele eo boitumelo.

Morago ga go umaka Jehofa le Jesu, moaposetoloi o a ipega a bo a supa gore seo se latelang se amana thata-thata le “letsatsi ya Morèna” (e sale ka 1914). O bona ponatshegelo ya go nna gone mo go galalelang ga ga Jesu yo o tsositsweng, yoo buka ya Tshenolō e neng ya neelwa Johane ka ene. Dikwalo ke tseo di tshwanetseng tsa kwalelwa diphuthego tse supa. (1:4–3:22) Ka go itse boemo jwa semoya jwa Bakeresete ba ba kopanyelediwang, Jesu o baakanyetsa ka kakgolo, kgakololo le tlhagiso. Seno se tshwanetse sa re neela ikanyo ya gore Modimo o nnile a thapisa bao ba tla nnang dikgosi kwa legodimong godimo ga lefatshe.

Fa a sena go bona Ene yo e leng mosele wa tshenolo, Johane se se latelang o nna le ponatshegelo ya Mokwadi wa yone. (4:1-11) Modimo o a galalela o bile o a boitshega, mo go tlhokang gore re mo kgatlhegele le go mo obamela. Go dikologa setilo sa bogosi sa Modimo go na le ditshedi tse di tshelang tseo di gatelelang dinonofo tsa gagwe. Bagolwane ba ba masome a mabedi le bone (Bakeresete bao ba busang kwa legodimong) botlhe ba obamela Mmopi le go supela gore dibopiwa tsotlhe di tshwanetse tsa dira se se tshwanang. Jehofa o na le lokwalo lo lo kannweng, mme ke mang yo o ka lo kanololang?—5:1-4.

Johane o bona Kwana, Jesu, a tsaya lokwalo. Kgaolo 5 e tlhalosa gore Keresete o na le tshwanelo ya tlotlo eno. Jalo re tshwanetse ra mo naya tlotlo le go kgatlhegela molaetsa o o mo lokwalong kaga boikaelelo jwa Modimo jo bo amang legodimo le lefatshe mo motlheng wa rona. Mo boemong jwa go bala lokwalo fela, Johane o lo bona lo le mo tirong. Keresete o simolola go bula dikano di supa.

Sa ntlha se senola Jesu jaaka mmusi wa kgosi yo o tswelelang a ya go wetsa phenyo ya gagwe. Sa bobedi go ya go sa bone di tshwantshetsa ka bapalami ba bangwe ba bane ba dipitse tsa ntwa e e sa tlwaelegang, leuba le loso (jaaka tseo re nnileng natso fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe I) tseo di feleleditseng bontsintsi mo Bobipong, lebitla. Ka go kanololwa ga sekano sa botlhano, go nna le tlhomamisetso ya gore Modimo o tla lehetsa Bakeresete ba ba bogisitsweng le go bolaiwa. Seo Johane a se bonang fa go kanololwa sekano sa borataro se bontsha gore go tla nna le diphetogo tsa selegodimo le tsa selefatshe le gore batho ba senka gore ba bipelwe go tla ga bogale jwa Modimo—6:1-17.

Mo lebakanyaneng lwa sekano sa bosupa se ise se kanololwe, Johane o bona tiro eo e nang le go dirwa pele ga Modimo a rebola diphefo tse di senyang tsa sepitla go tla. (7:1-17) Go wela ga tiro ya go kanela ba ba 144 000 go tshwanetse ga fitlhelelwa. (Moragonyana [14:1-3], e kaiwa e fitlheletswe.) Ka baengele go nama ba tshegeditse sepitla se se senyang go dumelela “boidiidi yo bogolo” go bona kamogelo ya Modimo le go mo obamela ga mmogo le ba ba 144 000. Jaanong go kanololwa sekano sa bosupa mme go nna le lobaka lo lokhutshwane lwa thapelo le ipaakanyetso ya seo se tla tlang.—8:1-6.

Dinaka di Supa

Baengele ba bane ba na le go letsa dinaka di supa. (Batlhanka ba Modimo ba selefatshe ba ne ba simolola go ntsha melaetsa ya katlholo kwa dikopanong tsa bone ka 1922-1928). Jalo he, fa go kanololwa dikano tse supa ka go tlhomagana, sa bofelo se atologela go nna ponatshegelo ya dilo tse dingwe tse supa, dinaka. Melaetsa e le metlhano e e utlwalang jaaka dinaka kaga dilo tsa phuthego ya ga Satane di a lediwa. Wa botlhano o kopanyeletsa petso ya bareri ba seka-tsie: e kaiwa e bile e le ya ntlha mo ditatlhegong tse tharo. Fa lonaka lwa borataro lo lediwa, go nna le puo e e reng go gololwe bao ba golegilweng ha Euferatese, koo go neng go le Babelona wa bogologolo. (Mo metlheng ya segompieno bangwe ba Bakeresete ba ne ba gololwa go tswa botshwarong jwa Babelona morago ga Ntwa ya Lefatshe I.) Ponatshegelo e bontsha gape ka dintwa tsa bapagami ba dipitse ba le 200 000 000.—8:7–9:21.

Go nna le sengwe se se tsenelelang pele ga lonaka lwa borataro; Johane o bona moengele a tshotse lokwalonyana lo lo jewang. (10:1-11) Moaposetoloi o utlwa gore mo metlheng ya go lediwa ga lonaka lwa bosupa bosaitsiweng jwa Modimo bo tlabo bo weditswe. Go tswa foo o tsaya lokwalo go lo ja a bo a bolelelwa tiro e nngwe gape ya go perofesa e e nang le go dirwa. O tshwanetse gape a lekanya tempele (ya semoya). Johane o bolelelwa kaga basupi bao ba neng ba perofesa ka nakwana (1914-1918), fa ba ile ba bolawa ke sebatana mme ya re morago ba tsoga gape. Elatlhoko gore go tlhagisiwa sebatana mme se ise se tlhalosiwe. Go emela botshelo ka dinao ga basupi go tla pele ga thoromo ya lefatshe mo Jerusalema wa botenegi, go khutlisa go lela ga lonaka lwa borataro le tatlhego ya bobedi.—11:1-14.

Fa lonaka lwa bosupa lo lela go ntshiwa kitsiso kaga Bogosi jo bo tlhomilweng (“tatlhègō ea boraro” mo babeng ba Modimo). Seno se felela ka pogiso e e galefileng go tswa merafeng. (11:15-19) Kgaolo e e latelang e tlhalosa ka botlalo ka mo go oketsegileng ka seo se diragetseng. Johane o bona mosadi yo o galalelang (phuthego ya Modimo ya selegodimo) a tsala ngwana ka pabalesego (Bogosi) go sa kgathalege kganetso ya ga Diabolo. Morago ga ntwa kwa legodimong, Satane o piriganyediwa mo lefatsheng, koo a fetang a bogisa masalela a Bakeresete ka ntlha ya boikanyego jwa bone. (12:1-17) Seno se neela tlhagiso kaga mmaba yo mogolo, Satane. Mme go tlhaga baba ba bangwe. Yo mongwe ke sebatana (phuthego ya sepolotiki ya ga Diabolo) se tswa mo lewatleng. Se tlhabana le Bakeresete, bao ka gone ba tla tlhokang bopelotelele le tumelo. (13:1-10) Sebatana se sengwe, sa dinaka di le pedi, seo se kgothaletsang gore go obamelwe setshwantsho sa sebatana sa lewatle, se emela sentle-ntle bokopano jwa Anglo-American jwa sepolotiki joo bo ileng jwa okamela lefatshe mo metlheng ya bosheng jaana.—13:11-18.

A baba bano ba tla ema-pele go kanelwa ga ba ba 144 000? Nnya! Johane o bona ba ba 144 000 ba opela mo Thabeng ya Siona ka boitumelo. (Gotlhe mono go santse go le kafa tlase ga lonaka lwa bosupa.) Go tswa foo baengele ba bararo segolo bogolo ba ntsha tlhagiso kaga mathata a a tlelang baba. Moengele yo mongwe o bolela gore Modimo o tla ntsha katlholo. Ka jalo, o laela ka go re: “Boihañ Modimo, lo o neè kgalalèlō.” Yo mongwe o itsise gore Babelona o Mogolo o ole. Wa boraro o solofetsa dipetso go bao ba obamelang sebatana kana setshwantsho sa sone. Baengele ba bangwe ba bolelelapele kaga thobo le bogatisetso ka Hara-magedona.—14:1-20.

Megotšana e Supa le Babelona o Mogolo

Morago ga dikatlholo tseno le dikitsiso tsa go sa le pele, Johane o bona baengele ba le bane ba tshotse dipetso di supa. (Tseno di kafa tlase ga go lediwa ga lonaka lwa bone; jalo, tatelano e nngwe e lomagana le e nngwe.) Go sa kgathalege pogiso, ba le bantsi ba tswa ba fentse mme ba opela dipako. Baengele ba bane ba tla thela ga megotšana e supa ga bogale, e le moo go supang pono ya Modimo ka maemo a a farologaneng a lefatshe le diphelelo, kana matswela, a boikutlo jwa gagwe jwa katlholelo. Jaaka ka lonaka lwa borataro, mogotšana wa borataro o kopanyeletsa Euferatese (Babelona). Go umakiwa gape ka go ‘phuthelwa kwa ntweng ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe’ (Hara-magedona), mme ga go a neelwa menangwana epe. Ka mogotšana wa bosupa lentswe la re, “Go hedile” mme Babelona o Mogolo oa reketlisiwa le go wa.—15:1–16:21.

Se se latelang Tshenolō e tlhalosa ka tshenyego ya Babelona wa segompieno, seo se gakololang ka Babelona wa bogologolo yo o neng a le motswedi wa bodumedi jwa maaka. Babelona o o mo go Tshenolō o tshwantshiwa le mosadi wa seaka yo o palameng sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se se ditlhogo di supa tseo di emelang dikgosi—kgosi ya boroba bobedi e tlholega mo go tse supa tse di tlileng pele. (Seno ka phepafalo se tlhalosa Kgolagano ya Merafe, e moragonyana e tseetsweng sebaka ke UN—tsotlhe di dirilwe ka merafe e le mentsi.) Moengele o bolela gore fa go ntse go ya dinaka tsa sesole di tla tlhabana le Kwana. Mme pele dinaka tse 10 di tla tlhanogela seaka le go se senya. (17:1-18) Batho ba kgothalediwa go tswa go Babelona o Mogolo pele ga seo se diragala. Morago ga a sena go senngwa, dikgosi le babapatsi ba tla mo lelela, mme legodimo lone le ipelela tshenyego ya gagwe e e feletseng le ya bofelo-felo. (18:1-24) Modimo o tshwanetse go bakelwa go bo a diragaditse katlholo eno. Ruri ke boitumelo segolo bogolo go monyadwi wa Kwana wa “baitshepi,” ka jaana a itshupile a fentse seaka.—19:1-10.

Jaanong ntwa ya Modimo le bao ba tlhabanang le Kwana e tsweledisiwa gape le go atolosiwa. Diphuthego tse di ganetsang le batho ba fitlha bofelong jwa bone. (19:11-21) Gotweng ka meya e e bosula? Satane ke ene yo o latelang ka go latlhelwa mo moleteng ka dingwaga tse di sekete. Mo lobakeng loo Keresete le ba ba 144 000 ba tla nna dikgosi le baperisiti ka tlhaloganyo e e kgethegileng. E tlolela ka bofefo kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete go bontsha kaga bokhutlo jo bo feletseng jwa ga Satane, ponatshegelo e bontsha go gololwa ga gagwe le botsuolodi jwa batho bangwe. Ka bobedi ba latlhelwa mo bodibeng jwa molelo. (20:1-10) Fa e boela morago go tlhalosa ditiragalo tsa dingwaga tse di sekete, ponatshegelo e bontsha baswi ba tsositswe le go atlholwa jaaka ba ba tshwanelwang ke botshelo jo bo sa khutleng kana ke tshenyego.—20:11-15.

Ereka jaana legodimo le legologolo le lefatshe di tshabile, Johane o bona legodimo je lesha le lefatshe, ga mmogo le masego ao tseno di a leretseng batho. O bona gape motse, e seng Babelona, mme e leng monyadwi wa ga Keresete. O boitshepo o bile o itekanetse, ka noka ya botshelo e elela mo go one. Go dirwa dipaakanyetso di le dintsi tsa botshelo jo bo itekanetseng. Tatelano ya diponatshegelo tsa Tshenolō e wela ka ponalo eno e e galalelang, ya bofelofelo ya phuthego e e busang ya tsamaiso e ntšha ya dilo.—21:1–22:7.

Johane o hupeditswe ke maikutlo mo a batlang le go obamela ene yo o neng a romilwe go fetisa ponatshegelo; mme o a kgalemelwa. Polelelopele ga e a tshwanela go kanelwa. Bautlwi ba yone ba tshwanetse ba laletsa ba bangwe go tsaya ‘metse a botshelo kwantle ga tuelo.’ Go se nne ope yo o tla oketsang kana go okotsolola lokwalo. Jesu o boa a gakolola babadi gape gore o tla ka bonako. Johane o a arabela le go digela ka go segofatsa baitshepi.—22:8-21.

Fa o leba mo tšhateng e e patang seno, a o ka re jaanong o tlhaloganya ga botoka seo Tshenolō e se tshotseng le kafa tse di moteng ga yone di lomaganang ka teng? Lefa go ntse jalo, go na le mo go oketsegileng mo go tlhokafalang. Re tshwanetse ra ithuta le go utlwisisa ka botlalo seo se kaiwang ke ditshwantsho le diponatshegelo mo bukeng eno e e tlhotlheleditsweng le go dirisa molaetsa wa yone mo botshelong jwa rona. He re tla bo re emetse masego, go akaretsa le boitumelo joo Johane a bo umakileng mo ditemaneng tse di simololang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Basupi ba ga Jehofa ba bona thuso e kgolo mo dithusong tse pedi tsa go ithuta Bibela tseo di tlotlang Tshenolō temana ka temana. “Babylon the Great Has Fallen!” God’s Kingdom Rules! (1963) le “Then is Finished the Mystery of God” (1969), tsoo-pedi di gone go bagatisi ba makasine o.

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Go kanololwa ga dikano di supa go gogela go lediweng ga dinaka di supa

Fa go lediwa dinaka tsa bofelo tse tharo, go bolelwa ditatlhego. Tatlhego ya boraro e gogela tatelanong ya megotšana e supa

Baengele ba supa ba thela ga megotšana ya bogale jwa Modimo, dipetso tse supa mo lefatsheng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela