LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 9/15 ts. 23-28
  • “Lo Nnè Bantlè”!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Lo Nnè Bantlè”!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa le Phuthego Ya Gagwe, ba Boitshepo le Bophepa
  • Bangwe ba Raetswe
  • Bothata Ke Eng?
  • Ilang Sotlhe se se Bosula!
  • Tlhagafalela Tlhokafalo ya Gago ya Semoya!
  • Dituelo tsa go Nna Phepa
  • Modimo o Rata Batho ba ba Phepa
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Batlhanka ba Modimo ba Tshwanetse go Nna Phepa
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • A O Nna O le Phepa ka Ditsela Tsotlhe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Nna Phepa mo Mogopolong le mo Mmeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 9/15 ts. 23-28

“Lo Nnè Bantlè”!

“Tsamaeañ, tsamaeañ lo cwè gōna, lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; tlogañ, lo cwè mo gare ga gōna: lo nnè bantlè, lona ba lo rweleñ diyana tsa ga Yehofa.”—ISAIA 52.11.

1, 2. (a) Ke mabaka afe ao a bontshang gore bophepa bo anaanelwa ke batho ka bontsi? (b) Ke ka ntlhayang fa bophepa jwa mmele bo le botlhokwatlhokwa?

“BOPHEPA ruri bo atamalane le bomodimo.” Ga bua jalo seane sa bogologolo. Ee, batho ba le bantsi ba anaanela bophepa jwa mmele. Ke sone seo mabenkele a rekisang melora, dibolaya-megare le dinkgisa-monate. Mme ebile ke sone seo re nang le matlhatswetso, ditirelo tsa phepafatso le maphata a go kgopha leswe. A re re, fa o ne o ka tsena mo lebenkeleng la dijo le lentle mme letsela la tafole le tladikegile, dikotlele di le leswe le motshodi wa dijo a apere mosese o o leswe! A o ka se sulafalelwe ke go ja? Kwantle ga pelaelo o ka dira ka go bo leswe le a tena.

2 Mme bophepa ga se kgang fela ya tsa kalafi. Leswe ke lone le itseng kwa malwetsi a mantsi a tswang teng. Go ya ka baitse bangwe ba tsa kalafi, go oketsega ga dingwaga tsa botshelo tsa batho ba segompieno thata-thata go nnile ka ntlha ya tswelelopele e e dirilweng mo go kgopheng leswe. Mo godimo ga moo, baitse ba tsa tlholego ya lefatshe ba tlhalosa gore boleswe jo bo dirwang ke kgotlelo bo bopela le gone go nna gone ga lotso lwa motho.

Jehofa le Phuthego Ya Gagwe, ba Boitshepo le Bophepa

3, 4. (a) Jehofa Modimo o leba jang boseng-phepa jwa moya? (b) Jaaka Modimo o o boitshepo, ke eng seo Jehofa a se tlhokang mo bathong ba gagwe?

3 Lefa bophepa jwa mmele bo le botlhokwa mo bathong ka bontsi, bophepa jwa moya bo bile bo botlhokwa ka mo go oketsegileng. Selo sa ntlha, bosengphepa jwa moya bo kgopisa Jehofa Modimo. Ke go tlhapatsa bogolo jwa gagwe jo bo boitshegang, tsuololo kgatlhanong le maemo a gagwe a tshiamo. Tota ruri, bo kaya go sa ikanyegeng go ene jaaka Motho. Boseng-phepa jwa semoya, e ka ne e le jwa tumelo ya motheo kana jwa boitsholo, bo a kgaoganya le go boduhatsa. Bo tlhakanya tlhogo mo go felelang ka loso. Ga go gakgamatse go bo Jehofa Modimo a bo ganetsa ka thata! Ke sone seo a neng a laela batho ba gagwe ba bogologolo, ebong Baiseraele a re: “Lo nnè boitshèpō; gonne Nna ke boitshèpō.” (Lefitiko 11:44, 45) Seo le sone, ke se se dirileng gore Modimo a batle gore batho ba gagwe ba ba neng ba golotswe go tswa Babelona go ya Jerusalema ba nne phepa, ba tshotse dijana tseo ba neng ba tla di dirisa mo kobamelong ya gagwe. Ka mafoko a a nang le botlhokwa jwa boperofeti le go Basupi ba ga Jehofa gompieno, Modimo o ne a bolela jaana: “Tsamaeañ, tsamaeañ lo cwè gōna, lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ: tlogañ, lo cwè mo gare ga gōna; lo nnè bantlè, lona ba lo rweleñ diyana tsa ga Yehofa.”—Isaia 52:11.

4 Jehofa Modimo o laela gore rona, jaaka basupi ba gagwe, re ipoloke re le phepa, ke go re, re le boitshepo le boitsheko, re le tshiamo re sena selabe. A eo ga se tsela ya kafa Jehofa ka boene a ntseng ka yone? Aitsane, nako le nako o nna a kaiwa jaaka “Moitshepi oa IseraeIa.” (Isaia 12:6; 29:19; 41:14; Yeremia 51:5) Mme, ka mo go tshwanelang, re bala mo go Tshenolō 4:8 jaana: “O boitshèpō, o boitshèpō, o boitshèpō, Morèna Modimo, Mothataeotlhe.”

5. (a) Malebana le boitshepo, ke eng seo se leng boammaaruri ka Jesu Keresete, baengele ba ba tshiamo, maatla a a dirang a Modimo le Lefoko la gagwe? (b) Ka jalo, ke taolo efe eo Jehofa Modimo a e tlhomelang batlhanka ba gagwe mono mo lefatsheng?

5 Mme gape, a le ene Morwa Modimo, Jesu Keresete, ga a bidiwe “Moitshepi oa Modimo”? (Yohane 6:69) A le bone badihedi ba Modimo ba selegodimo ga ba bidiwe “baengele ba ba boitshèpō”? (Mareko 8:38) A le one maatla a a dirang a Modimo ga a bidiwe moya o o boitshepo wa gagwe? A le lone Lefoko la Modimo ga le bidiwe ka tshwanelo “dikwalō tse di boitshèpō”? (2 Timotheo 3:15) Ka mo go phepafetseng he, jaaka Basupi ba ga Jehofa re tshwanetse le rona ra nna phepa le boitshepo, e leng fela jaaka fa re laelwa go 1 Petere 1:15, 16: “Me yaka eo o lo biditseñ a le boitshèpō, le lona lo nnè boitshèpō mo go tsheleñ goñwe le goñwe gotlhe ga lona: Ka go kwadilwe, ga twe, Lo nnè boitshèpō; gonne Nna ke boitshèpō.”

6. (a) Selo sa ntlha Bakeresete ba phepafadiwa jang? (b) Ke ka ntlhayang fa go patelesega gore batho ga Jehofa ba nne ba ntse ba le boitshepo e bile ba le phepa?

6 Ka ntlha ya boikwatlhao jwa rona, tshokologo le madi a a tsholotsweng a ga Jesu Keresete, re ile ra ntlahadiwa mo ponong ya Modimo. (1 Bakorintha 6:11; Tshenolō 7:14) Re tshwanetse ra boloka boemo jono fa re batla go tswelela re ntse re amogelwa ke Modimo. (Pesalema 15:1, 2) Mo godimo ga moo, re tshwanetse ra ipoloka re le phepa gore re tle re ikuele mo barating botlhe ba boammaaruri le tshiamo bao ba tshwentsweng ke boikepo, le maemo a a seng phepa ao ba a bonang mo lefatsheng. (Esekiele 9:4) Mme gape, go patelesega ka mo go feletseng gore re nne boitshepo le phepa gore re se kgopise lefa e le ope wa badumedi-ka-rona. Fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a gakolola Bakeresete ba Filipi a re: “Me ke lo rapèlèla mo, gore loratō loa lona lo totahalè bogolo bogolo mo kicoñ le mo temogoñ; Gore lo kè lo dumalanè le dilō tse di molemō: gore lo kè lo nnè peloephèpa le botlhoka sekgope, go ea go hitlha mo motlheñ oa ga Keresete.”—Bafilipi 1:9, 10; bapisa Mathaio 18:6.

Bangwe ba Raetswe

7, 8. (a) Ke eng seo se bontshang gore bangwe ga ba a lemoga botlhokwa jwa go ipoloka ba le phepa jaaka batlhanka ba Modimo? (b) Seno se otlela botlhokwa jwa tlhagiso efe?

7 Ka maswabi, bangwe ba bao ba neng ba kopanela le rona pele ba ile ba palelwa ke go ipoloka ba le phepa, ba le boitshepo, jaaka barwadi ba dijana tsa ga Jehofa. Ka jalo, ba ile ba lelekwa mo phuthegong ya Bokeresete ka mabaka a a farologaneng a Dikwalo. Bangwe ba ile ba kgalemelwa ka ntlha ya go palelwa ke go tshela ka melao-metheo ya Bibela. Gareng ga bano botlhe e nnile bana ba le palonyana ba badihedi ba ba tshwaetsweng, ga mmogo le balebedi le batlhanka ba bodihedi.

8 Ka phepafalo, go ya bokgakaleng jo bo rileng, bano botlhe ba ile ba wela mo seraing sa ga Satane. Ka go leka go rwala dijana tsa ga Jehofa ntswa ba sa ipoloke ba le phepa mo moyeng, ba ile ba tlhokomologa taelo e e go Isaia 52:11, mme seno ba seka ba se dira kwantle ga go bona kotlhao. (Bapisa Yobe 9:1-4.) Abo seno se nyalana jang le botlhokwa jwa tlhagiso e e fitlhelwang go 1 Bakorintha 10:12: “Eo o gopolañ, go re, o eme, a a itisè gore a se ka a wa.”

Bothata Ke Eng?

9. (a) Go nna o ntse o le phepa go lere kgwetlho ka ntlha ya baba bafe ba bararo? (b) Ke ka ntlhayang fa Satane le badimona ba gagwe ba le pōpō e e ntseng jalo Bakereseteng?

9 Ke ka ntlhayang fa go ipoloka o le phepa mo moyeng go lere kgwetlho jaana? Ke ka go bo re itebantse le baba ba le bararo ba ba nonofileng—Satane le badimona ba gagwe, phuthego ya gagwe e e bonalang le makoa a rona a nama e e leofileng. Santlha, go na le Satane le badimona ba gagwe. A ga ba leswe, a ga baa bola? Ee, eleruri. Badimona ba lebisiwa jaaka ‘mewa e e maswe.’—Mathaio 10:1.

10, 11. Ke eng seo se leng gone ka phuthego e e bonalang ya ga Satane seo se ketefaletsang Bakeresete go direla Modimo ka tsela e e boitshepo e bile e le phepa?

10 Sa bobedi, phuthego e e bonalang ya ga Satane ke mmaba wa rona. Kwantle ga pelaelo, mmuso wa gagwe wa lefatshe wa bodumedi o leswe mo moyeng. Mme le lone lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga thata ya gagwe. (1 Yohane 5.19; Tshenolō 16:13; 17:4; 18:2) Gore kobamelo ya rona e amogelege go Modimo, ka gone, re tshwanetse ra ‘ikilela gore re se mathwe gope ke lehatshe.’—Yakobe 1:27.

11 Go na le dilo di le dintsi tseo di ntshiwang mo dipampiring tsa dikgang tsa selefatshe, dimakasineng, dithulaganyong tsa thelebishene le dibaesekopong, tseo di seng phepa. Ka motlhala, sebopego sa dithulaganyo tsa thelebishene ka bontsi se ntse se nnela leswe kwa pele fa nako e ntse e feta. Dingwageng tse di fetileng, dibaesekopo tse di seng phepa di ne di welwa fela; gompieno ke tsone mmangmang. Dimakasine tsa boaka di ntse di runya jaaka dithuthuntshwane. Ruri, mo ‘metlheng eno ya bofelo’ re lebane le “dipaka tse di tlhokohatsañ.”—2 Timotheo 3:1-5.

12. Gore ba nne boitshepo, Bakeresete ba tshwanetse ba tlhabantshanya le mmaba ofe o o moteng ga bone?

12 Se se dirang gore go bo go nne le eleng bokete ka mo go oketsegileng ke ditshekamelo tsa rona tsa nama e e koafetseng. (Genesise 8:21; Baroma 5:12) Ka gone, rotlhe fela re tshwanetse ra kgaratlhela go dira se se siameng le go nna re ntse re le barwadi ba ba phepa ba dijana tsa ga Jehofa. (Baroma 7:13-25) Mme ke eng seo se tla re thusang go nna re le boitshepo le bophepa?

Ilang Sotlhe se se Bosula!

13. Sengwe sa dilo tsa ntlha tseo re tshwanetseng ra di ithuta ke sefe gore re tle re ipoloke re le phepa?

13 Gareng ga dilo tsa ntlha tseo re tshwanetseng ra di dira go nna re le boitshepo le bophepa jaaka ba ba “ratañ Yehofa” ke go ‘ila se se bosula.’ Ee, re tlhokana le go ‘bihela se se bosula.’ (Pesalema 97:10; Baroma 12:9) Dilo tse di bosula di tshwanetse tsa nna moila mo go rona, tsa re herosa sebete, go sa kgathalege gore di ka natefelela nama ya rona e e koafetseng ka nakonyana go le kana kang. Re tshwanetse gape ra nna ra ipolelela gore re tla welwa ke kgobalo fa re sa ipoloke re le phepa. (Bagalatia 6:7, 8) Mme gape, re tshwanetse ra gakologelwa kgobalo e e ka tlelang ba bangwe fa re dira dibe tse di masisi. Mo godimo ga tsotlhe, re tshwanetse ra ila le go tila gotlhe mo go bosula gore re tle re seka ra lere kgobo mo go Jehofa Modimo.

14. (a) Gore re ipoloke re le phepa mo boitsholong, re tshwanetse ra itisa kgatlhanong le eng? (b) Ke tlamego efe eo bokgaitsadi ba nang le yone mabapi le seno?

14 Gore re ipoloke re le phepa, re tshwanetse ra itisa gape kgatlhanong le dilo tse di etsang go nnela go nagana megopolo ya boitsholo jo bo sa siamang le go phora-phora batho bao e seng balekane ba rona ba lenyalo. Jaaka Paulo a ile a gakolola go 1 Timotheo 5:1, 2, banna ba Bakeresete ba tshwanetse go tsaya bokgaitsadia-bone ba bagolwane ba semoya jaaka bommaabo le basadi ba meroba jaaka bokgaitsadia-bone ba nama ka boitsheko jotlhe. Mme mo go seno sotlhe bokgaitsadia-rona le bone ba na le boikarabelo, ebong, go ‘ikgabisa ka diaparo tse di bori le tekano.’ (1 Timotheo 2:9, 10) Fa basadi ba iteba mo seiponeng, kwantle ga pelaelo ba a itse fa e le gore a moaparo wa bone le tebego di ikuela mo nameng. Bori bo fapane le bosenama jwa selefatshe.—Mika 6:8.

Tlhagafalela Tlhokafalo ya Gago ya Semoya!

15. Ke dikgato dife tse di tlhamaletseng tseo re tshwanetseng ra di tsaya gore re nne re le phepa?

15 Lefa go ntse jalo, go ila se se bosula, tota ke tsela fela ya go ganetsa go sa nneng boitshepo le bophepa. Re tshwanetse gape ra tsaya dikgato tse di tlhamaletseng. Re tshwanetse ka dinako tsotlhe ra nna re tlhagafaletse ditlhokafalo tsa rona tsa semoya. (Mathaio 5:3) Abo go le botlhokwa-tlhokwa jang ne gore ba ba “ratañ Yehofa” ba ikotle ka metlha ka Lefoko la gagwe! (Pesalema 119:105-112) Re tshwanetse ra tsenya kgakololo e ntle e e go Bafilipi 4:8 mo pelong, re tlatsa megopolo ya rona ka dilo tse di phepa le tse di agelelang. Se se ka thusang thata ke go tshwara dikwalo ka tlhogo le mafoko a dipina tsa Bogosi. Tseno he e tla re lefa re iketlile fela di boele mo mogopolong wa rona, kana go le bosigo fa re thantse.—Pesalema 63:6; 77:6.

16. Ke jang go kopana ga rona le bakaulengwe ba rona go ka thusang gore re nne boitshepo le go nna phepa?

16 Fa re tlhagafaletse ditlhokafalo tsa rona tsa semoya, re tla nna gone ka metlha mo dipokanong tsa phuthego, koo re ka tlhotlheletsanang mo loratong le mo ditirong tse dintle le tse di phepa. (Bahebera 10:23-25) Le eleng fela jaaka go ikopanya le ba ba bosula go ka re dira ba ba seng phepa, go ntse jalo le ka go ikopanya le ba ba molemo go ka re thusa go ipoloka re le phepa mo moyeng.—1 Bakorintha 15:33.

17. Ke ka ntlhayang fa thapelo e ka re thusa gore re nne re le phepa?

17 Se sengwe se se sa tshwanelang go tlodisiwa matlho ke thuso eo re e bonang mo thapelong. Re gakololwa gore re “nnèlè rure mo thapeloñ,” go ‘rapela ka go bisa go khutla.’ (Baroma 12:12; 1 Bathesalonia 5:17) Le ka motlha re se ka ra tshwarega thata mo re ka se rapeleng. A re rapeleleng botlhale, nonofo, moya o o boitshepo wa Modimo. Mme he, ka go dira kafa re neng re rapela ka gone, re tla ipelela “kagishō ea Modimo” eo e tla dibelang dipelo tsa rona le megopolo ya rona mme e bo e re kgonisa go nna re le boitshepo, re le phepa.—Bafilipi 4:6, 7.

18. Ke jang go nna re tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa go ka re thusang?

18 Go bua le ba bangwe kaga Bogosi jwa Modimo, re nna re tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa, ke thuso e nngwe gape e kgolo mo go nneng re le boitshepo ebile re le phepa. Ke ba le bantsi bao ba ileng ba kopanyelediwa mo boitshwarong jo bo sa siamang fa ba ntse ba le mo boiketlong, jaaka fa ba ile maitapolosong. Abo re na le sekai se se tlhagisang ka Kgosi Dafide! Ebu, go ne go le dikgakologo, nako ya fa dikgosi di a bong di ile kwa ntweng, mme Dafide ene a sala, a nyatsisa fela, jaaka go ka tualo! E ne ya nna gone fa a ileng a tsena mo bothateng le Betheshebe. (2 Samuele 11:1-4) Ka phepafalo he, re tshwanetse ra nna re itisitse ka metlha yotlhe fa e le gore re tla tswelela re le barwadi ba ba phepa ba dijana tsa ga Jehofa.

19. Ke ka ntlhayang fa boikgapo bo le botlhokwa thata jaana gore re ipoloke re le phepa?

19 Boikgapo bo botlhokwa-tlhokwa fa e le gore re batla gore Modimo a nne a re dirisetse go rwala dijana tsa gagwe. (Bagalatia 5:22, 23; 1 Bakorintha 9:27) Re tshwahetse ra laola megopolo ya rona le go dibela dipelo tsa rona, re gana thaelo lefa e ka nna efe, re bolaya ditshekamelo tsotlhe tsa go nnela ruri mo dilong tse di seng phepa. Jaaka Jesu a ile a go tlhalosa, re tshwanetse ra ikemisetsa go ikgonya leitlho kana go ikgaola letsogo kana lonao, ka tshwantshetso, fa di lebega di tla re kgopisa. (Mareko 9:43-48) Kgakololo e e molemo mo dintlheng tseno e neelwa ke Paulo go Baefesia 4:29–5:5.

20, 21. (a) Ke karolo efe eo go rata Jehofa Modimo go ka e dirang mo go re thuseng gore re nne re le phepa? (b) Ke jang lorato lwa rona mo bakaulengweng le ba bangwe lo ka re thusang go nna re le phepa mo moyeng?

20 Go rata Jehofa ke gone mo segolo bogolo go tla thusang go re boloka re le phepa. A ruri re ‘barati ba ga Jehofa’? A re anaanela gotlhe mo a go re diretseng? A boikemisetso jwa rona ke go tsamaya le ene, jaaka banna ba bogologolo ba ba ikanyegang ba ile ba dira? (Genesise 5:24; 6:9) Fa go ntse jalo, go rata Jehofa Modimo ka boikanyegi go tla re thusa gore re ipoloke re le boitshepo, re bile re le phepa. Ee, fa ruri re mo rata ka dipelo tsotlhe tsa rona, moya, tlhaloganyo le thata, re tla boifa go mo itumolola. Jalo he, jaaka “ba ba ratañ Yehofa” ekete le ka motlha re ka se ikgogonele kwa morago kana go iteseletsa go mathwa ke lefatshe kana ke ditshekamelo tsa rona tse di oleng.—Mareko 12:29, 30; Bahebera 10:38, 39.

21 Se sengwe gape se se thusang thata mo go nneng re le phepa le boitshepo ke, lorato lo lo peloephepa, lo lo seng bogagapa mo bakaulengweng ba rona. Fa ruri re kgatlhegela molemo wa bone wa semoya, re tla itisa gore re se ka ra ba kgopisa kana go ba dira gore ba ikutlwe ba se phepa ka ntlha ya puo ya rona e e seng phepa, ditebego tse di seng phepa, ka go phora-phora kana ka go tshwarega mo boitshwarong jo bo seng phepa. Gakologelwa gore, lorato “ga lo itumelele tshiamololō.” (1 Bakorintha 13:4, 6) Lorato lo lo seng pelotshetlha mo go Jehofa le mo go wa ga rona lo tla re thiba mo go leofeng mo dintlheng tseno. Lo tla re dira gore re nne le boikgapo, ‘lo direla dinao tsa rona ditsela tse di siameng.—Bahebera 12:13.

Dituelo tsa go Nna Phepa

22, 23. Dingwe tsa dituelo tseo rona ka borona re ka di amogelang ka go nna re le phepa ke dife?

22 Dituelo tsa go ipoloka re le phepa jaaka barwadi ba dijana tsa ga Jehofa ke dife? Gareng ga tseno ke “segakolodi se se molemō” le ‘pelo e e itshekileng.’ (1 Timotheo 1:5) Mogopolo o o wetseng ke tuelo e nngwe. Ka go ipoloka re le phepa mo moyeng, ga re kitla re utlwa botlhoko joo segakolodi se se bosula se bo lereng—go sa itumeleng, go tlhobaela boroko, poifo ya go upololwa kana go senolwa. Ee, ka gore re ipoloke re le phepa ga re kitla re nna baitimokanyi re leka go suba sengwe. Go gololesega mo dilong tse di ntseng jalo ruri ke tuelo e ntle.

23 Tuelo e nngwe ya go ipoloka re le boitshepo re bile re le phepa ke gore re tla nna le dikamano tse di molemo le bakaulengwe ba rona, malapa a rona ka sebele le mo go ba ba kwantle. Ga go kitla go nna mo segakoloding sa rona gore re ile ra kgopisa mongwe. Mme gape, ka go ipoloka re le phepa re tla kgona go agelelana ka lorato. (1 Bakorintha 8:1) Ka gone re tla itemogela boitumelo jo bogolwane jwa go aba, jwa go bo re tlatseleditse molemo wa semoya wa ba bangwe.—Ditihō 20:35.

24. Lebaka le legolo le bile le le molemo-lemo la go batla go ipoloka re le phepa jaaka batho ba ga Jehofa ke lefe?

24 Godimo ga tsotlhe, ka go ipoloka re le phepa jaaka barwadi ba dijana tsa ga Jehofa re tla ipedisa pelo ya Rraarona wa selegodimo mme ebile re tla mo kgonisa gore a fetole Satane yo o mo kgobang. (Diane 27:11) Ruri, ponong ya sotlhe seo Jehofa Modimo a se re diretseng, seno ke seo re se mo kolotang. Jalo jaaka basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, ekete rotlhe re ka ipoloka re le phepa, re le boitshepo, jaaka barwadi ba dijana tsa gagwe. Kgalaletsong ya Modimo, tlotlong le pakong, go ageleleng bakaulengwe ba rona le malapa a rona, le ponong ya poloko ya rona e e sa khutleng, a re ipolokeng re le phepa!

A O ka Gakologelwa?

◻ Ereka Jehofa a le boitshepo, ke eng seo a se tlhokang mo bathong ba gagwe?

◻ Lebaka la gobo bangwe ba ile ba seka ba nna ba le phepa jaaka batlhanka ba ga Jehofa le gatelela botlhokwa jwa tlhagiso efe e e neetsweng ke moaposetoloi Paulo?

◻ Ke baba bafe ba bararo bao ba lereng kgwetlho mo go nneng ga rona re le phepa mo moyeng?

◻ Gore re ipoloke re le phepa mo moyeng, ke dikgato dife tse di tlhamaletseng tseo re tshwanetseng go di tsaya?

◻ Ke jang go nna re tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa go re thusang go ipoloka re le phepa?

◻ Lebaka le legolo la gore re ipoloke re le phepa jaaka basupi ba ga Jehofa ke lefe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela