Pitse e Ntsho ya Leuba
“BŌNAÑ, ga bo go le pitse e le ncho; me eo o e pagameñ a bo a chotse selekanyō sa pègō ka seatla. Me ka utlwa ekete lencwe mo gare ga ditshidi tse nnè, le re, Seèlwanyana sa mabèlè ke tushiliñ, le dièlwanyana di le tharo tsa barele ke tushileñ; me u se ka u senya loukwane le boyalwa.”—Tshenolō 6:5, 6.
Ka mafoko ano a a rerisang, moaposetoloi Johane o tlhalosa wa boraro mo banneng ba bane ba ba palameng dipitse ba ga Tshenolo, yoo o pagameng pitse e ntsho ya leuba.a A o kile wa ipotsa gore go kalapa ga gagwe ka lobelo lo golo go tla diragala leng? O tshwanetse. Go bolela phetogo e kgolo e lefatshe leno le iseng le ke le e bone.
Bangwe ba ikutlwa gore mopalami yono wa pitse o tswa kgakala a ntse a raletse setho ka yone. Mme go boammaaruri gore hisitori e tletse ka ditiragalo tsa leuba go tswa fela kwa metlheng ya bo Aberahame le Josefe go tla mo leubeng le legolo thata le le neng la begwa go a feta otlhe, leo le neng la itaya China magareng ga 1878 le 1879. (Genesise 12:10; 41:54) Ditekanyetso tsa Ma-China a a suleng mo leubeng leo di tloga mo dimilioneng tse 9 go ya go tse 13.
Lefa go ntse jalo, pitse e ntsho le mopalami wa yone ga ba amane le ditlhaelo tsa dijo tsotlhe tse di mo ditsong. Ke ka ntlha yang go se jalo? Ka go bo mo ponatshegelong ya gagwe Johane o ne a bona pitse e ntsho e setse pitse e khunou ya ntwa morago, ga mmogo le mopalami wa pitse e tshweu a rwele serwalo. Mopalami yo ke Jesu Keresete, yo o sa tswang go tlhongwa jaaka Kgosi ebile a tswela pele go ya “a henya, a ba a cwèlèla pele go henya.” (Tshenolō 6:1, 2) Ka jalo, go kalapa ga pitse e ntsho le mopalami wa yone di tshwantshetsa ditlhaelo tsa dijo tseo di tlhokofaditseng lefatshe fa e sale Jesu a tlhongwa Kgosi ya Bogosi jwa Modimo.
Ponatshegelo ya banna ba dipitse ba ga Tshenolo e tshwana le polelo pele e e neng ya buiwa ke Jesu ka sebele. Mo lobakeng longwe o ne a bolelela pele ka botlalo sentle maemo ao mo lefatsheng a neng a tla tshwaya go tla ga gagwe jaaka Kgosi ya selegodimo e e sa bonaleng. Karolo ya polelo pele eo e ne ya re: “Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: me go tla nna meshwèle [ditlhaelo tsa dijo], le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe.”—Mathaio 24:3, 7.
Sesupo seno se diragadiwa leng? Ke leng, bogolo, monna wa pitse ya leuba a e pagamang go kgabaganya lefatshe? Dingwaga tse dintsi Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itsise gore ke mo losikeng lo lo boneng ngwaga wa 1914 lo lo neng lwa bona matswela a go feta ga monna wa pitse. A kutlwisiso ya bone e siame?
‘Ga go a nna jalo,’ bangwe ba ka bolela. ‘Aitsane, lefatshe le ntsha dijo tse dintsi go feta le eleng pele, abo re lebogela temo-thuo ya segompieno. Go na le makalana a a nyalanang le Merafe e e Kopaneng, a a jaaka Food and Agriculture Organization (FAO), ao a lekang go tlhomamisega gore mongwe le mongwe o bona se se lekaneng go ka se ja. Kwa ntle go moo, maemo a botshelo a tsholetsegile ka mo go gakgamatsang mo mafelong mangwe. Merafe e e jaaka Ennyelane, koo leuba le neng le tlwaelegile teng, ga se gantsi e tlhaelelwa ke dijo jaanong. Mafatshe a mantsi gompieno a ipelela boemo jwa go tshela mo go tlhabolotsweng go feta mo go kileng ga begwa. Re ka bolela jang gore losika lo go a feta otlhe ke lone le bogang matswela a pitse e ntsho ya leuba?’
Potso eo ke e kgatlhisang. Go boammaaruri gore setho go kgabaganya makgolo a dingwaga a ditiragalo se ne sa itshokela ditlhaelo tsa dijo. Moaposetoloi Johane le Jesu ka boene ba ne ba itse seo. Lefa go le jalo ba ne ba bolelela pele nako ya fa leuba le ne le tla ama lefatshe ka tsela e e tshwaegang bogolo. Ditlhaelo tseno tsa dijo di ne di tla tshwaega jang bogolo? Mme, ka ntlha ya letlotlo le legolo la dilo tse di bonalang la merafe e mentsi ya lefatshe la segompieno, a go na le lebaka la go dumela gore losika lo jaanong lo tshelang lo iponela ditlhaelo tsa dijo?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona puisano yotlhe ya banna ba bane ba dipitse le bokao jwa polelelo pele ya bone, tswee-tswee bona tokololo ya rona ya November 1, 1983.